“Tshwanelo ya Ngwana ya go Rutiwa ka Modimo”
“Tshwanelo ya Ngwana ya go Rutiwa ka Modimo”
KA December 9, 2008, Setheo sa Ditshwanelo Tsa Bana [Academy for the Rights of the Child] sa kwa Sweden se ne sa tshwara pokano e e kgethegileng ya setlhogo se se reng “Tshwanelo ya Ngwana ya go Rutiwa ka Modimo.” Batho ba bantsi ba ba neng ba ntsha maikutlo a bone e ne e le ba ba emelang Kereke ya Sweden, ditumelo tse dingwe tse di ipitsang tsa Bokeresete, tsa Boiselamo le batho ba e seng ba bodumedi mme ba kgatlhegela tsela e batho ba tshelang ka yone.
Mongwe wa dibui tseno ke moruti yo o ileng a re: “Tota motho ga a ka ke a tlhalosa sentle ka botlalo kafa dipego tsa Baebele di ka thusang bana thata ka teng gore ba itse ka Modimo.” Mafoko a a mo ditemaneng tsa Baebele a ka thusa bana jang gore ba itse ka Modimo?
Moruti yono o ne a re: “Ditemana tse di mo dipegong tseno di naya bana dilo tse ba ka akanyang le go tlhatlhanya ka tsone.” O ne a bua ka “kgang ya ga Adame le Efa, Kaine le Abele, Dafide le Goliathe, go tsholwa ga ga Jesu, Sakaio wa mokgethisi, setshwantsho sa morwa sesinyi, le sa Mosamarea yo o molemo.” O ne a re tseno ke “dingwe tsa dipego tse di ka kaelang tsela e [ngwana] a akanyang ka yone mo dikgannyeng tse di botlhokwa mo botshelong jwa motho, tse di jaaka boferefere, go itshwarela ba bangwe, tetlanyo, letlhoo, boitsholo jo bo sa siamang, go baakanya ditirisano le ba bangwe, lorato lwa bokaulengwe lo lo seng pelotshetlha.” O ne a oketsa jaana: “Ditemana tseno di na le dikao tse motho a ka di etsang mo botshelong jwa gagwe, dilo tse a ka kgonang go di dira mo botshelong jwa gagwe.”
Gone ke boammaaruri gore ke selo se se molemo go kgothaletsa bana go bala Baebele. Le fa go ntse jalo, a mme gone bana ba ka kgona go tswelela ba “akanya le go tlhatlhanya” ka se ba se balang mo Dikwalong le go dira ditshwetso tse di siameng?
Tota le bagolo ba tlhoka go tlhalosediwa ditemana dingwe tsa Dikwalo. Ka sekai, Baebele e re bolelela ka monna mongwe yo o neng a sa kgone go tlhaloganya dilo tsa bomodimo sentle ka go “akanya le go tlhatlhanya.” Monna yoo e ne e le modiredimogolo mongwe wa Moethiopia. O ne a bala boporofeti jwa ga Isaia mme a sa tlhaloganye bokao jwa jone. E re ka a ne a batla go tlhaloganya molaetsa wa moporofeti yono, o ne a dumela gore morutwa Filipo a mo tlhalosetse. (Dit. 8:26-40) Moethiopia yoo ga se ene fela yo o neng a tlhoka go thusiwa gore a tlhaloganye Dikwalo. Rotlhe fela—segolobogolo bana—re tlhoka go tlhalosediwa ditemana dingwe tsa Baebele.
Baebele e re tlhagisa jaana: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” (Dia. 22:15) Bana ba tlhoka go kaelwa le go gakololwa, mme batsadi ba bone ba na le boikarabelo jwa go ba ruta dilo tse di amanang le boitsholo le dilo tsa bomodimo tse di theilweng mo Baebeleng le mo go se se rutwang kwa dipokanong tsa Bokeresete. Bana ba na le tshwanelo ya go thapisiwa jalo. Go tloga fela ba sa le bannye ba tlhoka go thusiwa gore ba nne le motheo o o nonofileng o o theilweng mo Baebeleng gore ba nne le kitso ka Modimo mme e nne “batho . . . ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.”—Baheb. 5:14.