Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Ke eng fa Mesia a ne a tshwanelwa ke go swa?

Loso lwa ga Jesu lo ne lo supa gore motho yo o itekanetseng a ka kgona go tswelela a na le boineelo jwa bomodimo le fa a ka lebana le diteko tse di setlhogo go le kana kang. Gape, o ne a duelela boleo jo bo ruilweng ke bana ba ga Adame, a dira gore ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—12/15, tsebe 22-23.

• Ke eng se se ka thusang motho go nwa bojalwa ka tsela e e tshwanetseng?

Thapelo le go ithuta Baebele di ka thusa. Go nna boikgapo, go dira se o se ikaeletseng, le go tlhopha ditsala tse di siameng go botlhokwa. Motho yo o tlhophang go nwa bojalwa o tshwanetse go ipeela selekanyo se a se kitlang a se feta mme a ithute go gana.—1/1, tsebe 7-9.

• Go nna le puisano e e molemo le bana go akaretsa eng?

Ga go akaretse fela go bua le bone, mme go akaretsa go botsa dipotso le go reetsa ka bopelotelele fa ba araba. Batsadi ba bantsi ba lemogile gore nako ya dijo e ba naya sebaka sa go nna le puisano e e molemo.—1/15, tsebe 18-19.

• E re ka Jehofa a itekanetse, a ka ikwatlhaya jang?

Ka dinako tse dingwe, Modimo o fetola maikutlo a gagwe ka batho. Ka sekai, gangwe le gape Baiseraele ba bogologolo ba ne ba tlogela Jehofa mme ba direla medimo e mengwe. Jehofa ga a ka a tlhola a ba sireletsa. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ikwatlhaela phoso ya bone mme ba kopa thuso kwa Modimong, o ne a fetola maikutlo a gagwe ka bone, kana a ‘ikwatlhaya.’ (Baatlh. 2:18)—2/1, tsebe 21.

• Ke maemo afe a mo go one go ka akanyediwang gore motho a kolobediwe gape?

Go ka akanyediwa fa e le gore ka nako ya fa a ne a kolobediwa o ne a dira dilo dingwe ka sephiri kgotsa a na le mokgwa mongwe o a ka bong a o kgaoletswe fa a ka bo a ne a setse a kolobeditswe.—2/15, tsebe 22.

• Ke diipato dife tse tharo tse di phoso tse bangwe ba di dirisang go buelela go sa ikanyege?

Bangwe ba bona go siame gore ba utswe ka gonne ba humanegile. Ba bangwe ba go buelela ka gore: “Mongwe le mongwe o a go dira.” Mme ba bangwe ba ba ileng ba sela dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo mme ba di ipolokela ba ile ba re, “fa o setse sengwe o ka se itseela.” Baebele ga e dumalane le dipe tsa diipato tseo.—3/1, tsebe 12-14.

• Mo setshwantshong sa ga Jesu sa korong le mefero, go jalwa ga peo e e molemo go tshwantshetsa eng?

Morwa motho, Jesu, o ne a baakanya tshimo ka nako e a neng a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng ka yone. Go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele, peo e e molemo e ne ya jalwa fa Bakeresete ba ne ba tlodiwa go nna bana ba Modimo, bana ba Bogosi.—3/15, tsebe 20.

• Korong ya tshwantshetso e go buiwang ka yone mo setshwantshong sa ga Jesu e tlisiwa jang mo ntlong ya ga Jehofa ya polokelo? (Math. 13:30)

Seo se diragetse ka lobaka lo lo rileng mo nakong ya bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. Bana ba ba tloditsweng ba Bogosi, korong ya tshwantshetso, ba tlisiwa mo ntlong ya ga Jehofa ya polokelo fa ba tlisiwa mo phuthegong e e tsosolositsweng ya Bokeresete, kana fa ba amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong.—3/15, tsebe 22.

• Ke mang yo o neng a dira tshwetso ya gore go tsenngwe dibuka dife mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika?

E ne e se lekgotla lengwe la kereke kana moeteledipele mongwe wa bodumedi. Go na le moo, Bakeresete ba boammaaruri, ba ba neng ba kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, ba ne ba lemoga gore mekwalo e tota e neng e tlhotlheleditswe e ne e le efe. Seno se dumalana le ntlha ya gore nngwe ya dimpho tsa kgakgamatso tsa moya tse di neng tsa newa batho mo masomeng a ntlha a dingwaga fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa e ne e le “temogo ya dipolelo tse di tlhotlheleditsweng.” (1 Bakor. 12:4, 10)—4/1, tsebe 28.