Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Letla Jehofa a go Botsa Dipotso?

A o Letla Jehofa a go Botsa Dipotso?

A o Letla Jehofa a go Botsa Dipotso?

GO NA le dipotso di le makgolokgolo tse di fitlhelelang pelo mo Baebeleng. E bile Jehofa Modimo ka boene o dirisa dipotso go ruta batho dithuto tsa botlhokwa. Ka sekai, Jehofa o ne a dirisa dipotso di le mmalwa fa a tlhagisa Kaine gore a tlogele mokgwa wa gagwe o o kotsi. (Gen. 4:6, 7) Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ne a ka botsa motho potso e le nngwe fela e bo e mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. Fa moporofeti Isaia a sena go utlwa Jehofa a botsa jaana: “Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?” o ne a araba a re: “Ke fano! Roma nna.”—Isa. 6:8.

Jesu, Morutisi yo Mogolo, le ene o ne a dirisa dipotso ka botswerere. Diefangele di na le dipotso di feta 280 tse Jesu a kileng a di botsa. Le fa ka dinako tse dingwe a ne a dirisa dipotso go tswala batho ba ba mo tshwayatshwayang diphoso molomo, gantsi boikaelelo jwa gagwe e ne e le go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba gagwe, a ba tlhotlheletsa go akanya ka kamano ya bone le Modimo. (Math. 22:41-46; Joh. 14:9, 10) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo, yo o kwadileng dibuka di le 14 tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, o ne a dirisa dipotso ka tsela e e tlhatswang pelo. (Bar. 10:13-15) Ka sekai, lekwalo le a neng a le kwalela Baroma le na le dipotso di le dintsintsi. Dipotso tsa ga Paulo di tlhotlheletsa batho ba ba balang dibuka tsa gagwe go anaanela “boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso!”—Bar. 11:33.

Dipotso tse dingwe di tlhoka gore motho a di arabe, mme tse dingwe di dira gore motho a akanyetse kwa teng. Mo Diefangeleng go na le dipotso tse dintsi tse Jesu a neng a di botsa tse di tlhokang gore motho a akanye. Nako nngwe Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo sebedisong sa Bafarasai le mo sebedisong sa ga Herode,” a raya boitimokanyi jwa bone le dithuto tsa bone tsa maaka. (Mar. 8:15; Math. 16:12) Barutwa ba ga Jesu ga ba a ka ba mo tlhaloganya mme ba ne ba simolola go ngangisana ka gore ba ne ba lebetse go tla ka senkgwe. Ela tlhoko tsela e Jesu a neng a botsa dipotso ka yone mo motlotlong o mokhutshwane o ba neng ba nna le one morago ga moo. “A ba raya a re: ‘Ke ka ntlha yang fa lo ngangisana ka kgang ya gore ga lo na dinkgwe? A ga lo ise lo lemoge mme lwa bona bokao? A dipelo tsa lona di kgwaraletse go ka tlhaloganya? “Le fa lo na le matlho, a ga lo bone; gape, le fa lo na le ditsebe, a ga lo utlwe?“ . . . A ga lo ise lo bone bokao?’” Dipotso tsa ga Jesu di ne di dira gore barutwa ba gagwe ba je marapo a tlhogo, ba akanye ka se tota mafoko a gagwe a se kayang.—Mar. 8:16-21.

“Mma ke go Botse”

Jehofa Modimo o ne a dirisa dipotso go thusa motlhanka wa gagwe Jobe gore a akanye sentle. Jehofa o ne a botsa Jobe dipotso di le dintsi go mo ruta gore ga a sepe fa a bapisiwa le Modiri wa gagwe. (Jobe, kga. 38-41) A Jehofa o ne a lebeletse gore Jobe a arabele nngwe le nngwe ya dipotso tseo kwa godimo? Ga go lebege jalo. Go lebega dipotso tse di jaaka “O ne o le kae fa ke thaya lefatshe?” di ne di diretswe gore Jobe a akanye le go mo tshikinya maikutlo. Mme le fa Jobe a sena go bodiwa dipotso tse dintsi jalo, o ne a sala a sena kgang. O ne a re fela: “Ke tla go fetola ke reng? Ke ipeile seatla mo molomong.” (Jobe 38:4; 40:4) Jobe o ne a tlhaloganya mme a ikokobetsa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa rute Jobe go ikokobetsa fela. Gape o ne a mo thusa go akanya sentle. Ka tsela efe?

Le fa Jobe e ne e le “monna yo o se nang molato e bile a thokgame,” ka dinako tse dingwe mafoko a gagwe a ne a bontsha gore ga a lebe dilo sentle, mme Elihu o ne a lemoga seo a ba a kgalemelela Jobe go “bolela fa moya wa gagwe o siame go na le Modimo.” (Jobe 1:8; 32:2; 33:8-12) Ka jalo, dipotso tsa ga Jehofa gape di ne di thusa Jobe go tlhaloganya dilo sentle. Modimo o ne a bua le Jobe go tswa mo sefefong a re: “Ke mang yono yo o fifatsang kgakololo ka mafoko a a se nang kitso? Ikgatlhe lotheka, tsweetswee, jaaka monna yo o nonofileng, mma ke go botse, mme o nkitsise.” (Jobe 38:1-3) Go tswa foo Jehofa o ne a dirisa dipotso go mmontsha botlhale le maatla a gagwe a a se nang bolekanngo a a bonalang mo ditirong tsa gagwe tse di gakgamatsang. Go lemoga seno go ne ga thusa Jobe gore a ikanye go feta le fa e le leng pele tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone le e a dirang dilo ka yone. A bo Jobe a ne a diragalelwa ke sengwe se se gakgamatsang jang ne—go bodiwa dipotso ke Modimo Mothatayotlhe ka boene!

Kafa re ka Letlang Jehofa Gore a re Botse Dipotso ka Teng

Go tweng ka rona? A le rona re ka solegelwa molemo ke dipotso tse di kwadilweng mo Baebeleng? Ee ruri! Fa re letla dipotso tseno gore di dire gore re eme go se nene mme re akanye, re ka solegelwa molemo thata semoyeng. Dipotso tse di fatang maikutlo tse di mo Lefokong la Modimo di thusa gore le nne le matswela. Eleruri “lefoko la Modimo . . . le naya maatla . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Le fa go ntse jalo, fa re batla go solegelwa molemo thata re tshwanetse go lebisa dipotso tseo mo go rona, re dira jaaka e kete Jehofa o botsa rona dipotso tseo. (Bar. 15:4) A re sekasekeng dikai dingwe.

“A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a tle go dira se se siameng?” (Gen. 18:25) Aborahame o ne a botsa Jehofa potso eno e e sa tlhokeng karabo ka nako ya fa Modimo a ne a atlhola Sodoma le Gomora. Aborahame o ne a bona go ka se kgonege gore Jehofa a dire tshiamololo—a bolaye basiami mmogo le baikepi. Potso ya ga Aborahame e bontsha gore o ne a na le tumelo e e nonofileng ya gore Jehofa o tshiamo.

Gompieno bangwe ba ka nna ba fopholetsa mo dikgannyeng tse di amanang le dikatlholo tse di tlang tsa ga Jehofa, jaaka gore ke mang yo tota a tla falolang Haramagedona kgotsa ke mang yo o tla tsosiwang. Mo boemong jwa go itewa tsebe ke dikakanyo tse di ntseng jalo, re ka gopola potso ya ga Aborahame. Go tsaya Jehofa e le Rraarona yo o molemo yo o kwa legodimong le go ikanya tshiamiso le kutlwelobotlhoko ya gagwe ka tsela e e feletseng, jaaka Aborahame a ne a dira, go re thusa gore re se ka ra senya nako le maatla a rona re tshwenyega go sa tlhokege, re nna le dipelaelo tse di kgobang marapo e bile re ngangisana ka tsela e e se nang mosola.

“Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?” (Math. 6:27) Fa Jesu a ne a bua le boidiidi jo bogolo jo mo go jone go neng go na le barutwa ba gagwe, o ne a botsa potso eno go bontsha kafa ba tlhokang ka teng go ipaya mo diatleng tse di lorato tsa ga Jehofa. Mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo go na le dilo tse dintsi tse re ka tlhobaelang ka tsone, mme go tlhoma mogopolo mo go tsone go ka se lelefatse botshelo jwa rona kgotsa ga bo tokafatsa.

Nako le nako fa re ikutlwa re tlhobaela ka maemo a rona kgotsa ka batho ba re ba ratang, go ikgopotsa potso ya ga Jesu go ka re thusa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Go ka re thusa gore re tlogele go tshwenyega le go akanya dilo tse di sa itumediseng tse di ka re lapisang mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo mmeleng. Jaaka Jesu a ile a re tlhomamisetsa, Rraarona yo o kwa legodimong, yo o fepang dinonyane tsa legodimo e bile a apesa dijalo tsa naga, o itse sentle gore re tlhoka eng.—Math. 6:26-34.

“A motho o ka gogobela molelo mo sehubeng sa gagwe mme diaparo tsa gagwe tsa se ka tsa sha?” (Dia. 6:27) Dikgaolo tsa ntlha tse robongwe tsa buka ya Diane di na le dipolelo tse dikhutshwane tsa rre yo o nayang morwawe kgakololo e e botlhale. Potso e e nopotsweng fa godimo e bua ka ditlamorago tse di botlhoko tsa boaka. (Dia. 6:29) Fa re iphitlhela re tshameka ka maikutlo a batho ba bangwe a lorato kgotsa re na le dikeletso dingwe tse di phoso tsa tlhakanelodikobo, potso eno e tshwanetse go re tlhagisa fa re akanya ka yone. Tota motho a ka ipotsa potso eno nako le nako fa a raelesega go dira sepe fela sa boeleele. A bo e gatelela molaomotheo ono wa Baebele sentle jang ne: ‘O roba se o se jalang’!—Bagal. 6:7.

“Wena o mang o atlholang motlhanka wa ntlo wa motho yo mongwe?” (Bar. 14:4) Fa Paulo a ne a kwalela Baroma, o ne a tlotla ka mathata a a neng a le teng mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga. E re ka Bakeresete bangwe ba ne ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng, ba ne ba rata go tshwaya ditshwetso tsa badumedi ka bone diphoso mmogo le tsela e ba dirang dilo ka yone. Potso ya ga Paulo e ne ya ba gopotsa gore ba amogelane mme ba letle Jehofa gore e nne ene a atlholang.

Le gompieno, batho ba ga Jehofa ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re kopantse go nna setlhopha se se utlwanang sa batho. A re dira gore kutlwano eo e nne e le teng? Fa e le gore re tlwaetse go itlhaganelela go tshwaya mokaulengwe wa rona phoso ka sengwe se a se dirang ka ntlha ya segakolodi sa gagwe, a bo go ka nna molemo jang ne go ipotsa potso e e fa godimo ya ga Paulo!

Dipotso di Dira Gore re Atamalane le Jehofa

Dikai tseno tse di mmalwa di bontsha kafa dipotso tse di mo Lefokong la Modimo di leng maatla ka teng. Go sekaseka gore potso nngwe le nngwe e ne e bodiwa mo maemong afe go ka re thusa go dirisa dipotso tseo mo matshelong a rona. Mme fa re ntse re bala Baebele, re tla bona dipotso tse dingwe tse di mosola.—Bona lebokose le le mo go tsebe 14.

Fa re letla gore dipotso tse di fatang maikutlo tse di mo Lefokong la Modimo di re ame, seo se tla re thusa go dira gore megopolo le dipelo tsa rona di tsamaisane le ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo. Fa Jehofa a sena go botsa Jobe dipotso, Jobe o ne a dumela a re: “Ke utlwile kaga gago ka magatwe, mme jaanong leitlho la me le a go bona.” (Jobe 42:5) Ee, jaanong Jobe o ne a setse a tsaya Jehofa e le motho wa mmatota, jaaka e kete o mmona ka matlho. Moragonyana morutwa Jakobe o ne a tlhalosa ntlha eno jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jak. 4:8) A re letleng gore karolo nngwe le nngwe ya Lefoko la Modimo, go akaretsa dipotso tse di mo go lone, e re thuse go gola semoyeng le go “bona” Jehofa sentle go feta pele!

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Go ipotsa dipotso tseno go ka go thusa jang go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone?

▪ “A Jehofa o natefelwa ke ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo jaaka a natefelwa ke go utlwiwa ga lentswe la ga Jehofa?”—1 Sam. 15:22.

▪ “Yo o bopang leitlho, a ga a kgone go leba?”—Pes. 94:9.

▪ “A ke kgalalelo gore batho ba ipatlele kgalalelo ya bone?”—Dia. 25:27.

▪ “A go siame go bo o tuka bogale?”—Jona 4:4.

▪ “Motho o tla solegelwa molemo ke eng fa a ka gapa lefatshe lotlhe mme a latlha moya wa gagwe?”—Math. 16:26.

▪ “Ke mang yo o tla re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete?”—Bar. 8:35.

▪ “Ke eng se o nang le sone se o neng wa se ka wa se amogela?”—1 Bakor. 4:7.

▪ “Lesedi le na le kabalano efe le lefifi?”—2 Bakor. 6:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jobe o ne a ithuta eng mo dipotsong tsa ga Jehofa?