Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Godisang Keletso ya Lona ya go Direla Jehofa

Basha—Godisang Keletso ya Lona ya go Direla Jehofa

Basha—Godisang Keletso ya Lona ya go Direla Jehofa

“Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.”—MOR. 12:1.

1. Bana ba Baiseraele ba ne ba lalediwa go dira eng?

DINGWAGA di ka nna 3 500 tse di fetileng, moporofeti wa ga Jehofa e bong Moshe o ne a laela baperesiti le banna ba bagolwane ba kwa Iseraele a re: “Phutha batho, banna le basadi le ba bannye . . . , gore ba reetse le gore ba ithute, e re ka ba tshwanetse go boifa Jehofa Modimo wa lona le go tlhokomela go diragatsa mafoko otlhe a molao ono.” (Dute. 31:12) Ela tlhoko gore ke bomang ba ba neng ba laelwa gore ba phuthege go tla go obamela Modimo: banna, basadi le ba bannye. Ee, tota le bana ba bannye ba ne ba laelwa gore ba reetse, ba ithute ba bo ba ikobele kaelo ya ga Jehofa.

2. Jehofa o ne a bontsha jang gore o amega ka basha ba phuthego ya bogologolo ya Bokeresete?

2 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jehofa o ne a tswelela a bontsha gore o amega ka bana ba batho ba gagwe. Ka sekai, o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore mo go mangwe a makwalo a a neng a a romelela diphuthego a kwale le ditaelo tse di neng di lebane basha ka tlhamalalo. (Bala Baefeso 6:1; Bakolosa 3:20.) Basha ba Bakeresete ba ba neng ba dirisa kgakololo e e ntseng jalo ba ne ba tswelela ba anaanela Rraabone yo o lorato yo o kwa legodimong mme o ne a ba segofatsa.

3. Gompieno basha ba bontsha jang gore ba rata go direla Modimo?

3 A le gompieno basha ba lalediwa gore ba phuthege ba tle go obamela Jehofa? Ee! Ka jalo, batho botlhe ba Modimo ba a itumela fa ba bona basha ba bantsi jaana ba e leng batlhanka ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba latela kgakololo eno ya ga Paulo: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Baheb. 10:24, 25) Mo godimo ga moo, bana ba le bantsi ba dira le batsadi ba bone mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Math. 24:14) Mme ngwaga le ngwaga basha ba le diketekete ba bontsha gore ba rata Jehofa ka pelo yotlhe ka go kolobediwa ba bo ba bona masego a go nna barutwa ba ga Keresete.—Math. 16:24; Mar. 10:29, 30.

Amogela Taletso—Gone Jaanong

4. Basha ba ka amogela leng taletso ya Modimo ya gore ba mo direle?

4 Moreri 12:1 ya re: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” Lona basha lo tshwanetse gore lo bo lo na le dingwaga tse kae gore lo amogele taletso e e lorato ya gore lo obamele Jehofa le go mo direla? Dikwalo ga di bue dingwaga. Ka jalo, o se ka wa ikgogela morago, o akanya gore o monnye thata gore o ka reetsa Jehofa le go mo direla. Go sa kgathalesege gore o dingwaga di kae, o kgothalediwa go tsaya kgato ka bonako.

5. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba gatele pele semoyeng?

5 Ba le bantsi ba lona lo thusiwa ke motsadi a le mongwe kgotsa ke batsadi ba lona boobabedi gore lo gatele pele semoyeng. Ka jalo, lo tshwana le Timotheo wa metlha ya ditiragalo tsa Baebele. Fa a ne a sa le losea, o ne a rutiwa dikwalo tse di boitshepo ke mmaagwe e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise. (2 Tim. 3:14, 15) Batsadi ba gago ba tshwanetse ba bo ba go thapisa ka tsela e e ntseng jalo ka go ithuta Baebele le wena, go rapela le wena, go tsamaya le wena kwa dipokanong tsa phuthego le kwa dikopanong tse dikgolwane tsa batho ba Modimo, le go dira le wena mo bodireding jwa tshimo. Tota Jehofa ke ene a neileng batsadi ba gago boikarabelo jo bo botlhokwa jwa go go ruta ditsela tsa gagwe. A o anaanela kafa ba go ratang ka teng le kafa ba amegang ka wena ka teng?—Dia. 23:22.

6. (a) Go ya ka Pesalema 110:3, Jehofa o itumedisiwa ke mofuta ofe wa kobamelo? (b) Jaanong re tla sekaseka eng?

6 Le fa go ntse jalo, fa lona basha lo ntse lo gola, Jehofa o batla gore lo “iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone,” fela jaaka Timotheo a ne a dira. (Bar. 12:2) Fa o dira jalo, o tla nna le seabe mo ditirong tse di dirwang mo phuthegong, e se ka gonne batsadi ba gago ba batla o di dira, mme e le ka gonne o batla go dira thato ya Modimo. Fa o direla Jehofa ka pelo e e ratang, O tla itumela. (Pes. 110:3) Mme o ka bontsha jang gore o batla go godisa keletso ya gago ya go reetsa Jehofa le go ikobela kaelo ya gagwe? Re tla sekaseka ditsela tse tharo tsa botlhokwa tse o ka dirang seo ka tsone. Tsone ke go ithuta, go rapela le boitshwaro jwa gago. A re sekasekeng nngwe le nngwe ya tsone.

Itse Jehofa e le Motho wa Mmatota

7. Jesu o ne a tlhoma sekao jang ka go ithuta Dikwalo, mme ke eng se se neng sa mo thusa go dira jalo?

7 Tsela ya ntlha e o bontshang ka yone gore o batla go godisa keletso ya gago ya go direla Jehofa ke ka go bala Baebele letsatsi le letsatsi. O ka bona se o se tlhokang semoyeng mme wa nna le kitso e e tlhwatlhwakgolo ya Baebele fa o bala Lefoko la Modimo ka metlha. (Math. 5:3) Jesu o re tlhometse sekao. Nako nngwe fa a ne a na le dingwaga di le 12, batsadi ba gagwe ba ne ba mo fitlhela mo tempeleng, “a ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” (Luke 2:44-46) Fa Jesu a ne a sa le ngwana, o ne a setse a rata Dikwalo e bile a di tlhaloganya. Ke eng se se neng sa mo thusa go dira jalo? Kwantle ga pelaelo o thusitswe thata ke mmaagwe e bong Marea le rraagwe yo a mo godisitseng e bong Josefa. E ne e le batlhanka ba Modimo ba ba neng ba ruta Jesu ka Modimo go tloga boseeng.—Math. 1:18-20; Luke 2:41, 51.

8. (a) Batsadi ba tshwanetse go simolola leng go jala lorato lwa go rata Lefoko la Modimo mo baneng ba bone? (b) Anela maitemogelo a a tlhomamisang gore go thapisa bana go tswa boseeng go botlhokwa.

8 Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba ba boifang Modimo gompieno ba lemoga kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba jale keletso ya go itse boammaaruri jwa Baebele mo dipelong tsa bana ba bone go tloga fela e sale masea. (Dute. 6:6-9) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Rubi o ne a dira fela jalo fa a sena go tshola morwa wa gagwe wa leitibolo, Joseph. Letsatsi le letsatsi o ne a mmalela Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele. Fa a ntse a gola, o ne a mo thusa go tshwara ditemana dingwe ka tlhogo. A Joseph o ne a solegelwa molemo ke thapiso eno? Fela fa a sena go ithuta go bua, o ne a kgona go anela dipolelo di le dintsi tsa Baebele ka mafoko a gagwe. Mme fa a na le dingwaga di le tlhano, o ne a naya polelo ya gagwe ya ntlha mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

9. Ke ka ntlha yang fa go bala Baebele le go tlhatlhanya ka se o se balang go le botlhokwa?

9 E le gore lona basha lo gatele pele semoyeng, lo tshwanetse go dira gore go bala Baebele letsatsi le letsatsi e nne mokgwa o lo tla tswelelang pele ka one mo dingwageng tsotlhe tsa lona tsa bosha le fa lo setse lo le bagolo. (Pes. 71:17) Go bala Baebele go ka go thusa jang gore o gatele pele? Ela tlhoko se Jesu a neng a se bua fa a rapela Rraagwe: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri.” (Joh. 17:3) Ee ruri, fa o ntse o nna le kitso e e oketsegileng ka Jehofa, o tla mo itse sentle go feta pele gore ke Motho wa mmatota mme o tla mo rata le go feta. (Baheb. 11:27) Ka jalo, nako le nako fa o bala karolo nngwe ya Baebele, dirisa tshono eo go ithuta mo gontsi ka Jehofa. Ipotse jaana: ‘Pego eno e nthuta eng ka Jehofa ka boene? Ditemana tseno tsa Baebele di bontsha jang gore Modimo o a nthata e bile o amega ka nna?’ Fa o ipha nako gore o tlhatlhanye ka dipotso tse di ntseng jalo, seo se tla go thusa go ithuta kafa Jehofa a akanyang ka teng le kafa a ikutlwang ka teng le se a batlang gore o se dire. (Bala Diane 2:1-5.) Fela jaaka Timotheo yo mmotlana, o tla ‘tlhotlhelediwa go dumela’ se o se ithutang mo Dikwalong, mme o tla tlhotlheletsega go obamela Jehofa ka pelo e e ratang.—2 Tim. 3:14.

Kafa Thapelo e Godisang Lorato lo o Ratang Jehofa ka Lone

10, 11. Thapelo e go thusa jang go godisa keletso ya gago ya go direla Modimo?

10 Thapelo ke tsela ya bobedi e e ka go thusang go godisa keletso ya gago ya go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Pesalema 65:2 ya re: “Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.” Tota le ka nako ya fa setšhaba sa Baiseraele se ne se na le kgolagano le Jehofa, batho ba ba neng ba tla mo tempeleng ya gagwe mme e se ba setšhaba seo ba ne ba ka mo rapela. (1 Dikg. 8:41, 42) Modimo ga a tlhaole. Batho ba ba ikobelang melao ya gagwe ba ka tlhomamisega gore o tla ba reetsa. (Dia. 15:8) Ruri “batho ba nama yotlhe” ba akaretsa le lona basha.

11 O a itse gore batho ba tshwanetse go kgona go buisana sentle gore ba nne le botsala jwa mmatota. O tshwanetse wa bo o rata go tlotla le tsala ya gago e kgolo o mmolelela se o se akantseng, se o amegileng ka sone le kafa o ikutlwang ka teng. Ka tsela e e tshwanang, fa o rapela dithapelo tse di tswang pelong, o buisana le Mmopi wa gago yo Mogolo. (Bafil. 4:6, 7) Bua le Jehofa jaaka e kete o bulela motsadi yo o lorato kgotsa tsala e kgolo mafatlha. E bile, tsela e o rapelang ka yone e bontsha gore o ikutlwa jang ka Jehofa. O tla lemoga gore fa botsala jwa gago le Jehofa bo ntse bo nonofa, dithapelo tsa gago di tla nna le bokao go feta pele.

12. (a) Ke ka ntlha yang fa dithapelo tse di nang le bokao e se go tlhomaganya mafoko fela? (b) Ke eng se se tla go thusang go lemoga gore Jehofa o gaufi le wena?

12 Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore thapelo e e nang le bokao ga se go tlhomaganya mafoko fela. E akaretsa maikutlo a gago a a kwa tengteng. Fa o rapela, bontsha gore o rata Jehofa, o a mo tlotla e bile o mo ikantse ka tsela e e feletseng. Fa o ntse o lemoga kafa Jehofa a arabang dithapelo tsa gago ka teng, o tla kgona go lemoga go feta le fa e le leng pele gore “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.” (Pes. 145:18) Ee, Jehofa o tla atamalana le wena, a go nonotsha gore o ganetse Diabolo mme o dire ditshwetso tse di tshwanetseng mo botshelong.—Bala Jakobe 4:7, 8.

13. (a) Go nna tsala ya Modimo go ne ga thusa kgaitsadi mongwe jang? (b) Go nna tsala ya Modimo go go thusa jang go fenya kgatelelo ya balekane?

13 Ela tlhoko kafa Cherie a nonotshitsweng ka teng ke go nna le kamano e e gaufi le Jehofa. Fa a le kwa sekolong se segolwane o ne a newa dikgele ka gonne a ne a dira sentle mo dithutong tsa sekolo le mo metshamekong. Fa a fetsa sekolo, o ne a newa basari e e neng e tla mo thusa gore a tswelele pele ka thuto e e kwa godimo. Cherie a re: “Ke ne ke eletsa go amogela basari eno, mme bakatisi ba metshameko le baithuti ka nna ba ne ba leka thata go ntlhotlheletsa gore ke e tseye.” Le fa go ntse jalo o ne a lemoga gore fa a batla go tswelela pele ka dithuto o ne a tla tshwanelwa ke go dirisa nako e ntsi thata a ithuta le go ikatisetsa metshameko—a bo a sala a se na nako e a ka direlang Jehofa ka yone. Cherie o ne a dirang? A re: “Fa ke sena go rapela Jehofa, ke ne ka gana basari eo mme ka simolola go nna mmulatsela wa ka metlha.” Gone jaanong o setse a na le dingwaga di le tlhano e le mmulatsela. A re: “Ga ke ikwatlhaye. Ke itumedisiwa ke go itse gore ke dirile tshwetso e e ipedisang Jehofa. Ruri fa o baya Bogosi jwa Modimo kwa pele, o tla okelediwa dilo tse dingwe tsotlhe.”—Math. 6:33.

Boitshwaro jo bo Siameng bo Bontsha Gore o “Phepa mo Pelong”

14. Ke ka ntlha yang fa boitshwaro jwa gago jo bo molemo bo le botlhokwa mo matlhong a ga Jehofa?

14 Tsela ya boraro e o ka bontshang ka yone gore o direla Jehofa ka pelo e e ratang ke tsela e o itshwarang ka yone. Jehofa o segofatsa basha ba ba nnang ba le phepa mo boitsholong. (Bala Pesalema 24:3-5.) Samuele yo mmotlana o ne a gana go etsa boitsholo jo bo sa siamang jwa bomorwa Eli yo e neng e le Moperesiti yo Mogolo. Jehofa o ne a etse tlhoko boitshwaro jo bo molemo jwa ga Samuele. Pego ya Baebele ya re: “Mo nakong eno yotlhe mosimane Samuele o ne a ntse a golela pele e bile a ratega mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.”—1 Sam. 2:26.

15. Mangwe a mabaka a gore o nne o na le boitshwaro jo bo molemo ke afe?

15 Re tshela mo lefatsheng le le tletseng batho ba e leng baithati, ba ba mabela, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, ba ba ratang menate go na le go nna barati ba Modimo—e leng mengwe ya mekgwa e Paulo a neng a e umaka. (2 Tim. 3:1-5) Ka jalo go ka se nne motlhofo gore o tswelele o itshwere sentle o ntse o nna mo gare ga batho ba ba bosula jaana. Le fa go ntse jalo, nako le nako fa o dira se se siameng mme o gana go dira dilo tse di bosula, o supa gore o mo letlhakoreng la ga Jehofa mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. (Jobe 2:3, 4) Gape o itumedisiwa ke go itse gore o dira tumalanong le mafoko a ga Jehofa fa a ikuela jaana ka lorato: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Dia. 27:11) Mo godimo ga moo, go itse gore Jehofa o a go amogela go tla godisa keletso e o nang le yone ya go mo direla.

16. Kgaitsadi mongwe o ne a ipedisa pelo ya ga Jehofa jang?

16 Fa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Carol a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a tshela go dumalana le melaometheo ya Baebele fa a ne a tsena sekolo mme bangwe ba ne ba lemoga kafa a itshwereng sentle ka teng. Go ne ga diragala eng? Carol o ne a sotliwa ke bana ba a neng a tsena le bone mo tlelaseng ka gonne segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele se ne se sa mo letle gore a keteke malatsi a boikhutso le meletlo ya bosetšhaba. Ka dinako tseo, o ne a tle a nne le tshono ya go tlhalosetsa ba bangwe dilo tse a di dumelang. Dingwaga di le dintsi moragonyana, Carol o ne a amogela karata e a neng a e kwaletswe ke mongwe yo a kileng a tsena le ene mo tlelaseng, a re: “Ga ke bolo go batla go go kwalela ke go leboga. Ke ne ka lemoga boitshwaro jwa gago jo bo molemo le sekao sa gago jaaka mosha wa Mokeresete, mmogo le bopelokgale jwa gago fa go tliwa mo kgannyeng ya go keteka malatsi a boikhutso. O Mosupi wa ntlha wa ga Jehofa yo ke neng ka kopana le ene.” Sekao sa ga Carol se ne sa kgatlha motho yono yo a neng a tsena le ene mo tlelaseng thata mo e leng gore moragonyana o ne a simolola go ithuta Baebele. Mo karateng e a neng a e kwaletse Carol o ne a mmolelela gore o ne a na le dingwaga di feta 40 e le Mosupi yo o kolobeditsweng! Fela jaaka Carol, lona basha ba lo tshelang go dumalana le melaometheo ya Baebele ka bopelokgale gompieno, lo ka rotloetsa batho ba ba peloephepa gore ba simolole go ithuta ka Jehofa.

Basha ba ba Bakang Jehofa

17, 18. (a) O ikutlwa jang ka basha ba phuthego ya lona? (b) Basha ba ba boifang Modimo ba tla nna le isagwe e e ntseng jang?

17 Rotlhe ba re leng mo phuthegong ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe re itumelela go bona diketekete tsa basha ba ba tlhoafetseng ba ba nang le seabe mo kobamelong ya boammaaruri! Basha bano ba godisa keletso ya bone ya go obamela Jehofa ka go bala Baebele letsatsi le letsatsi, ka go rapela le ka go itshwara ka tsela e e dumalanang le thato ya Modimo. Basha bano ba ba tlhomang sekao ba itumedisa batsadi ba bone le batho botlhe ba ga Jehofa.—Dia. 23:24, 25.

18 Mo isagweng, basha ba ba ikanyegang ba tla nna bangwe ba batho ba ba tla falolelang mo lefatsheng la Modimo le lesha le a le solofeditseng. (Tshen. 7:9, 14) Ka nako eo ba tla bona masego a magolo fa ba ntse ba tswelela pele ba anaanela Jehofa, mme ba tla kgona go mmaka ka bosakhutleng.—Pes. 148:12, 13.

A o Ka Tlhalosa?

• Basha ba ka nna le seabe jang mo kobamelong ya boammaaruri gompieno?

• Fa o batla go solegelwa molemo ke go bala Baebele, ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tlhatlhanya?

• Thapelo e go thusa jang gore o atamalane le Jehofa?

• Boitshwaro jo bo molemo jwa Mokeresete bo na le diphelelo dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A o itlwaeditse go bala Baebele letsatsi le letsatsi?