Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itshokela Diteko go Dirile Gore re Ikanye Jehofa Thata

Go Itshokela Diteko go Dirile Gore re Ikanye Jehofa Thata

Go Itshokela Diteko go Dirile Gore re Ikanye Jehofa Thata

Jaaka go boletse Ada Dello Stritto

Ke sa tswa go fetsa go kopololela temana ya letsatsi mo bukaneng e ke kwalelang mo go yone. Ke na le dingwaga di le 36, mme go ntsere diura di le pedi go kwala melanyana eo e se kae. Ke eng fa go ntsere lobaka jaana? Mmè o tla tlhalosa.—Joel

NNA le monna wa me re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa ka 1968. Fa re sena go nna le bana ba basimane ba ba itekanetseng ba le babedi e bong David le Marc, re ne ra nna le ngwana wa rona wa boraro wa mosimane e bong, Joel. O tshotswe pele ga nako ka 1973 kwa kokelong nngwe mo toropong ya Binche kwa Belgium, dikilometara di ka nna 60 kwa borwa jwa Brussels. O ne a le bokete jwa dikilogerama di le 1,7 fela. Fa ke tswa mo kokelong, Joel o ne a tshwanelwa ke go sala gore a kokotlegele.

Morago ga dibeke di se kae fa morwaarona a ntse a sa tokafale, nna le monna wa me e bong Luigi, re ne ra mo isa kwa ngakeng ya malwetse a bana. Fa ngaka e sena go tlhatlhoba Joel, e ne ya re: “Ke maswabi. Joel o lebega a na le makoa otlhe a bomogolowe ba se nang one.” Go ne ga nna tidimalo ka lobakanyana. Ka nako eo, ke ne ka lemoga gore mosimanyana wa rona o ne a lwala tota. Go tswa foo ngaka e ne ya tseela monna wa me kwa thoko mme ya mo raya ya re: “Ngwana wa lona o na le bolwetse jwa trisomy 21,” jo gape bo bidiwang Down syndrome (bolwetse jo bo bakang bogole mo tlhaloganyong le bogole ka kakaretso mo mmeleng). *

E re ka tlhaloso ya ngaka ya malwetse a bana e ne e re utlwisitse botlhoko, re ne ra dira tshwetso ya gore re ye kwa ngakeng e nngwe gape e e nang le bokgoni. O ne a tlhatlhoba losea lwa rona Joel ka kelotlhoko ka lobaka lo lo ka tshwarang ura a sa bue sepe. Nna le Luigi re ne re swegaswega re bona e kete o tsaya lobaka lo loleele thata. Kgabagare, ngaka e ne ya re leba mme ya re, “Ngwana wa lona o tla tlhoka thuso ya lona thata.” Go tswa foo o ne a bolela jaana ka bopelonomi: “Mme Joel o tla itumela ka gonne batsadi ba gagwe ba a mo rata!” Ke ne ka kuka Joel ka kelotlhoko ke tlalelane mme ra ya gae le ene. Ka nako eo o ne a na le dibeke di le robedi.

Re ne Ra Kgothadiwa ke Dipokano Tsa Bokeresete le Bodiredi

Fa Joel a sena go tlhatlhobiwa gape ke ba bongaka go ne ga fitlhelwa gore o na le bogole jo bongwe jo bo masisi jwa pelo le bokoa jo bo maswe jwa marapo. E re ka pelo ya gagwe e ne e le tona thata, e ne e gateletse makgwafo a gagwe mme seo se dira gore a tshabelelwe ke malwetse. Go ise go ye kae, fa Joel a na le dikgwedi di le nnè, o ne a tshwarwa ke mofuta mongwe wa bolwetse jwa makgwafo jwa bronchial pneumonia mme a tshwanelwa ke go boela kwa kokelong, kwa a neng a tlhaolwa mo balwetseng ba bangwe teng. Go mmona a lwala jalo go ne go re phatlola pelo. Re ne re eletsa e kete re ka mo tshola ra mo solasola, mme go ne ga feta dibeke di le lesome re sa letlelelwa le fa e le gone go mo kgoma tota. Se nna le Luigi re neng re ka se dira fela e ne e le go mo lebelela, go tlamparelana le go rapela.

Mo nakong eo e e botlhoko, re ne ra tswelela pele re ya dipokanong tsa phuthego le David yo o neng a na le dingwaga tse 6 le Marc wa dingwaga tse 3. Fa re le kwa Holong ya Bogosi re ne re ikutlwa e kete re mo diatleng tse di lorato tsa ga Jehofa. Fa re le koo, re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re ne re ikutlwa re kgona go latlhela mekgweleo ya rona mo go Jehofa, mme re ne re ikutlwa re ritibetse ka selekanyo se se rileng. (Pes. 55:22) Tota le baoki ba ba neng ba tlhokometse Joel ba ne ba akgela gore ba ne ba lemoga kafa go ya dipokanong tsa Bokeresete go neng go re thusa ka teng gore re se ka ra fekeediwa ke maikutlo.

Mo nakong eo, gape ke ne ka kopa Jehofa gore a mphe maatla a go ya tirelong ya tshimo. Mo boemong jwa go nna fela kwa gae ke lela, ke ne ke batla go bua le batho ba bangwe ke ba bolelela gore ke ka ntlha yang fa ke nonotshiwa ke go ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore go tla nna le lefatshe le le se nang malwetse. Nako le nako fa ke kgona go nna le seabe mo bodireding, ke ne ke dumela gore Jehofa o arabile dithapelo tsa me.

“Go a Gakgamatsa!”

A bo re ne re itumetse jang ne ka letsatsi le kgabagare Joel a neng a tswa mo kokelong ka lone ra ba ra kgona go mo isa gae! Mme mo letsatsing le le latelang, boitumelo jwa rona bo ne jwa fela. Bolwetse jwa ga Joel bo ne jwa etegela ka bonako, mme ra tshwanelwa ke go mo potlakisetsa gape kwa kokelong. Fa dingaka di sena go mo tlhatlhoba, di ne tsa re: “Joel a ka se tshele lobaka lo lo fetang dikgwedi tse thataro.” Dikgwedi di le pedi morago ga foo, fa a ne a na le dikgwedi di ka nna robedi, go ne go lebega e kete dingaka di ne di nepile ka gonne seemo sa ga Joel se ne se nnela maswe kwa pele. Ngaka nngwe e ne ya nna le rona fa fatshe mme ya re raya ya re: “Ke maswabi. Ga go na sepe se re ka tlholang re se dira go mo thusa.” Go tswa foo o ne a re: “Mo seemong se a leng mo go sone, Jehofa ke ene fela a ka mo thusang.”

Ke ne ka boela mo phaposing e Joel a neng a robaditswe mo go yone. Le fa ke ne ke lapile mo maikutlong le mo mmeleng, ke ne ke ititeile sehuba gore nka se tloge fa thoko ga bolao jwa gagwe. Bokgaitsadi ba le mmalwa mo phuthegong ba ne ba refosana go nna le nna ka gonne Luigi o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela basimane ba rona ba babedi ba bagolwane. Go ne ga feta beke. Mme ka tshoganyetso Joel o ne a ema pelo. Baoki ba ne ba tabogela mo phaposing mme go ne go se na sepe se ba ka se dirang go mo thusa. Morago ga metsotswana e se kae, mongwe wa bone o ne a buela kwa tlase a re, “O re tlogetse . . . ” Ke ne ke feletswe ke maatla mme ka thubega ka selelo ka tswa mo phaposing eo. Ke ne ka leka go rapela Jehofa, mme tota ke ne ke sa kgone go tlhalosa kutlobotlhoko e ke neng ke le mo go yone. Go ne ga feta metsotso e le 15, mme go tswa foo mooki o ne a mpitsa a re, “Joel o a tsoga!” O ne a ntshwara ka letsogo mme a re, “Tla, o ka mmona jaanong.” Fa ke boela kwa go Joel, pelo ya gagwe e ne e simolotse go itaya gape! Ka bonako fela batho ba bantsi ba ne ba utlwa gore o tsogile. Baoki le dingaka ba ne ba tla go mmona, mme ba le bantsi ba ne ba re, “Go a gakgamatsa!”

O Tsaya Kgato e e Gakgamatsang Fa a Na le Dingwaga di le Nnè

Mo dingwageng tsa ntlha tsa botshelo jwa ga Joel, ngaka ya malwetse a bana e ne e tlhola e re raya e re, “Joel o tlhoka go ratiwa thata.” E re ka nna le Luigi re ne ra bona ka fa Jehofa a neng a re tlhokometse ka lorato ka teng fa Joel a sena go tsholwa, le rona re ne re batla go bontsha morwa wa rona lorato. Re ne ra nna le ditshono tse dintsi tsa go mmontsha lorato loo ka gonne o ne a tlhoka thuso ya rona mo dilong tsotlhe tse a neng a di dira.

Mo dingwageng tsa ntlha tse supa tsa botshelo jwa ga Joel, re ne re diragalelwa ke dilo tse di tshwanang ngwaga le ngwaga. Fa gare ga October le March, o ne a tlhaselwa ke malwetse ka go latelana, mme re ne re tshwanelwa ke go nna re mo isa kwa kokelong gangwe le gape. Mme gape ke ne ke leka go ipha nako e ntsi kafa nka kgonang ka teng ke na le barwa ba rona David le Marc. Le bone ba ne ba thusa Joel thata gore a gatele pele—mme ga nna le diphelelo tse di gakgamatsang. Ka sekai, dingaka di le mmalwa di ne di re boleletse gore Joel o ne a se kitla a kgona go tsamaya. Mme letsatsi lengwe fa Joel a na le dingwaga di le nnè, morwa wa rona e bong Marc, o ne a re, “Tla tlhe, Joel, bontsha Mama gore o ka kgona go tsamaya!” Ke ne ka gakgamalela go bona Joel a tsaya dikgato tsa gagwe tsa ntlha! Re ne re itumetse, mme re ne ra rapela mmogo jaaka lelapa re leboga Jehofa go tswa pelong. Ka dinako tse dingwe, tota le fa Joel a ne a kgona go dira sengwe se sennye fela se a neng a ntse a sa se kgone, ka metlha re ne re mo akgola ka lorato.

Go mo Ruta ka Modimo go Tswa Boseeng go Nna le Matswela

Nako le nako fa go kgonega, re ne re tsamaya le Joel kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Re ne re mo sireletsa mo megareng e e neng e ka mo lwatsa motlhofo ka go mo tsenya mo kolotsaneng ya bana e e kgethegileng e e kgaramediwang e e neng e khurumetswe ka polasetiki e e bonaletsang. Le fa go ntse jalo, tota le fa a khurumeditswe ka polasetiki eo, o ne a itumelela go nna mo phuthegong.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ne ba re kgothatsa, ba re bontsha lorato e bile ba re ema nokeng. Mokaulengwe mongwe o ne a rata go re gopotsa mafoko a a mo go Isaiah 59:1: “Bona! Seatla sa ga Jehofa ga se a khutshwafala thata mo se ka se kang sa boloka, le tsebe ya gagwe ga e a nna boima thata mo e ka se kang ya utlwa.” Mafoko ao a a kgothatsang a ne a re thusa gore re ikanye Jehofa.

Fa Joel a ntse a gola, re ne ra leka go dira gore a tseye go direla Jehofa go le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. Nako le nako fa re bulegelwa ke tshono, re ne re tlotla le Joel ka ga Jehofa ka tsela e e neng e tla dira gore a rate Rraagwe yo o kwa legodimong. Re ne ra rapela Jehofa gore a segofatse maiteko a rona gore thuto ya bomodimo e re neng re e mo neile e nne le matswela a a molemo.

Fa Joel a tsena mo dingwageng tsa bolesome, re ne ra itumelela go lemoga gore o ne a rata go bolelela batho ba a kopanang le bone boammaaruri jwa Baebele. Nako nngwe fa Joel a na le dingwaga di le 14, a ntse a sidilega morago ga karo e kgolo, ke ne ka itumela thata fa a ne a mpotsa a re, “Mama, a nka naya ngaka e e neng e nkara buka ya Tshelela Ruri?” Dingwaga di se kae moragonyana, Joel o ne a tshwanelwa ke go ariwa gape. Re ne re itse sentle gore a ka nna a swa fa a ariwa. Pele Joel a ariwa, o ne a naya dingaka lekwalo le re neng re mo thusitse go le kwala. Le ne le tlhalosa gore o ikutlwa jang ka go tshelwa madi. Ngaka e ne ya botsa Joel ya re, “A mme o dumalana le lekwalo le?” Joel o ne a araba jaana a sa etsaetsege, “Ee, Ngaka.” Re ne re le motlotlo tota ka tsela e morwa wa rona a neng a ikanya Mmopi ka yone le kafa a neng a ititeile sehuba ka teng go Mo itumedisa. Badiri ba mo kokelong ba ne ba re ema nokeng tota, mme re ne ra anaanela seo thata.

Joel o Gatela Pele mo Boammaaruring

Fa Joel a na le dingwaga di le 17, o ne a tshwantshetsa boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing. Ruri re ka se lebale letsatsi leo! Re ipela thata fa re bona a ntse a gatela pele mo boammaaruring. Fa e sale ka nako eo, tsela e a ratang Jehofa ka yone le e a tlhoafaletseng boammaaruri ka yone ga e a fokotsega. E bile Joel o rata go raya mongwe le mongwe yo a kopanang le ene a re, “Boammaaruri ke botshelo jwa me!”

Fa Joel a tloga a wetsa dingwaga tsa bolesome, o ne a ithuta go bala le go kwala. E ne e se kgetsi e potlana. Go ne go itumedisa tota nako le nako fa a kgona go kwala lefokonyana lengwe. Fa e sa le ka nako eo, o simolola letsatsi lengwe le lengwe ka go sekaseka temana ya letsatsi go tswa mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. Morago ga moo, o tsaya matsapa a kopololela temana ya letsatsi mo go nngwe ya dibukana tsa gagwe tse a kwalelang mo go tsone, tse jaanong e leng motlobo wa dibukana!

Ka malatsi a dipokano, Joel o tlhomamisa gore re ya kwa Holong ya Bogosi go sale gale ka gonne o batla gore a bo a le koo nako e sale teng gore a kgone go amogela ka lorato botlhe ba ba tsenang mo holong. Fa re le kwa dipokanong, o itumelela go akgela le go thusa go dira dipontsho. Gape o thusa go tsamaisa dimaekerofouno e bile o dira le ditiro tse dingwe. Beke le beke, fa botsogo jwa gagwe bo mo letla, o tsamaya le rona mo tirong ya go rera. Ka 2007 phuthego e ne ya itsisiwe gore Joel o ne a tlhomilwe go nna motlhanka wa bodiredi. Re ne ra rothisa dikeledi tsa boitumelo. A masego a magolo go tswa kwa go Jehofa!

Re Kgona go Bona Gore Jehofa O a Re Thusa

Ka 1999 re ne ra nna le mathata a mangwe gape. Koloi ya rona e ne ya thulwa ke mokgweetsi yo o kgweetsang botlhaswa, mme Luigi o ne a gobala fela thata. O ne a tshwanelwa ke go kgaolwa leoto le lengwe mme gape o ne a dirwa dikaro tse dintsi tse di masisi mo mokokotlong. Le fano gape, ka go ikanya Jehofa, re ne ra bona kafa Jehofa a nonotshang batlhanka ba gagwe ba ba tlhokang thuso ka teng. (Bafil. 4:13) Luigi o sa ntse a golafetse, le fa go ntse jalo, re leka gore seo se se ka sa re kgoba marapo. E re ka a sa kgone go dira tiro ya boitshediso, o na le nako e ntsi ya go tlhokomela Joel. Seno se thusa gore ke nne le nako e e oketsegileng ya go dira ditiro tsa bomodimo. Luigi le ene o kgona go nna le nako e e oketsegileng ya go tlhokomela lelapa la rona le phuthego ka dilo tsa semoya, mme o sa ntse a direla e le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane.

E re ka re le mo maemong ano a a sa tlwaelegang, re na le nako e ntsi ya go nna mmogo re le lelapa. Fa nako e ntse e feta, re ithutile go fetofetoga le maemo le gore re se ka ra solofela dilo tse di ka se kang tsa direga. Fa re ikutlwa re kgobegile marapo, re rapela Jehofa re mmolelela maikutlo a rona. Ka maswabi, fa bana ba rona ba basimane e bong David le Marc ba sena go gola ba bo ba tswa mo gae, ba ne ba simolola go tlogela go direla Jehofa. Re solofela gore ba sa ntse ba tla boela kwa go Jehofa.—Luke 15:17-24.

Fa dingwaga di ntse di feta, re bone kafa Jehofa a re emeng nokeng ka teng e bile re ithutile go ikaega ka ene le fa go ka tlhaga bothata bofe. Re rata mafoko ano a a mo go Isaia 41:13 thata: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’” Go itse gore Jehofa o re tshwere ka seatla go a re gomotsa. Ee ruri, re ka bua re tlhomamisegile gore go itshokela diteko go dirile gore re ikanye Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Trisomy 21 ke bokoa jo motho a tsholwang ka jone jo bo dirang gore a golafale tlhaloganyo. Gantsi dikarolo tsa sele tse di bidiwang di-chromosome di tla ka bobedi ka bobedi, mme masea a a tsholwang a na le bolwetse jwa trisomy a nna le di-chromosome tse tharo mo diseleng dingwe. Bokoa jwa trisomy 21 bo ama e e bidiwang chromosome 21.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Joel a na le mmaagwe e bong Ada

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ada, Joel le Luigi

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Joel o itumelela go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi kwa Holong ya Bogosi