Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Batla Gore o ‘Babalesege Mme o Itekanele’

Jehofa o Batla Gore o ‘Babalesege Mme o Itekanele’

Jehofa o Batla Gore o ‘Babalesege Mme o Itekanele’

FA TIRAGALO e e kotsi go di feta tsotlhe tse di kileng tsa direga mo lefatsheng e simologa, Modimo Mothatayotlhe o tla tlhomamisa gore batho botlhe ba a ba amogelang ba a “falola.” (Joele 2:32) Mme boammaaruri ke gore Jehofa ga a bolo go batla go sireletsa batho. E re ka “[a] na le motswedi wa botshelo,” o tsaya batho botlhe ba le botlhokwa thata, ba tshwanelwa ke go sirelediwa.—Pes. 36:9.

Batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ba ikanyegang ba ne ba leba botshelo jaaka a bo leba. Go ya ka Genesise 33:18, Jakobe le ba lelapa la gagwe ba ne ba tsaya loeto lo lo kotsi mme ba goroga ‘ba babalesegile e bile ba itekanetse.’ Jakobe o ne a ikantse Jehofa gore a ba sireletse, mme gape o ne a dira dilo dingwe go sireletsa botlhe ba ba neng ba tsamaya le ene. (Gen. 32:7, 8; 33:14, 15) O ka tokafatsa pabalesego ya gago le ya ba bangwe ka go dirisa melaometheo ya Baebele. A re boneng kafa ntlha eno e ka thusang ka teng batho ba ba berekang mo dikagong tsa Diholo tsa Bogosi le mo ditirong tse di tshwanang le tseo, le ba ba dirang tiro ya namolo morago ga masetlapelo.

Pabalesego Go ya Ka Molao wa ga Moshe

Molao wa ga Moshe o ne o laela batho ba Modimo gore ba latele melao ya pabalesego. Ka sekai, fa Moiseraele a ne a aga ntlo o ne a tshwanetse go aga lobota lo lo thekeletsang, lo lo agiwang fa marulelo a felelang teng. Ka gonne gantsi batho ba ne ba rata go nna kwa godimo kwa marulelong a a sephara a matlo a bone, mabota a a thekeletsang a ne a ba sireletsa gore ba se ka ba wa. (1 Sam. 9:26; Math. 24:17) Fa go ne go ka direga kotsi ka gonne molao ono wa pabalesego o sa latelwa, Jehofa o ne a tsaya mong wa ntlo a le molato.—Dute. 22:8.

Melao e mengwe e e neng e le karolo ya Molao e ne e amana le dikgobalo tse di bakiwang ke diruiwa. Fa poo e ne e ka bolaya motho ka go mo tlhaba ka dinaka, mong wa yone o ne a tshwanetse go e bolaya gore batho ba bangwe ba sireletsege. Ka gonne o ne a ka se je nama ya yone kana a e rekisetsa ba bangwe gore ba e je, o ne a latlhegelwa thata fa a bolaya poo eo. Mme go ne go tla diragalang fa poo e ne e ka gobatsa motho mme mong wa yone a bo a sa nne a e disitse? Fa poo eo e ne e ka bolaya motho moragonyana, e ne e tla bolawa mmogo le mong wa yone. Molao oo o ne o dira gore mongwe le mongwe yo o seng kelotlhoko ka leruo la gagwe a tseye kgang eno masisi.—Ekes. 21:28, 29.

Gape Molao o ne o kgothaletsa gore didirisiwa di dirisiwe sentle. Baiseraele ba bantsi ba ne ba dirisa dilepe go rema dikgong. Fa tlhogo ya selepe e ne e ka somoga ka kotsi mme ya bolaya motho yo o emeng gaufi, motho yo o neng a rema o ne a tshwanetse go tshabela kwa motseng wa botshabelo. O ne a tshwanetse go nna koo go fitlha moperesiti yo mogolo a swa, mo go rayang gore go ne go ka direga gore motho yono yo o bolaileng motho ka phoso a kgaogane le ba lelapa la gagwe le legae la gagwe ka dingwagangwaga. Thulaganyo eo e ne e ruta setšhaba gore Jehofa o tsaya botshelo bo le boitshepo. Motho yo o neng a leba botshelo jaaka Modimo a bo leba o ne a tlhomamisa gore didirisiwa tsa gagwe di nna di le mo boemong jo bo siameng e bile o ne a di dirisa ka pabalesego.—Dipa. 35:25; Dute. 19:4-6.

Ka go tlhoma melao eo, Jehofa o ne a bontsha sentle gore o batla gore batho ba gagwe ba dire dilo ka pabalesego mo teng le kwa ntle ga magae a bone. Ba ba neng ba bolaya kana ba gobatsa ba bangwe, le fa e le ka phoso, ba ne ba ikarabelela mo go ene. Tsela e Jehofa a lebang kgang eno ya pabalesego ka yone ga e ise e fetoge. (Mal. 3:6) O sa ntse a batla gore batho ba nne kelotlhoko gore ba se ka ba ikgobatsa le go gobatsa ba bangwe. O batla gore re dire seno segolobogolo fa re aga kana re tsosolosa dikago tse di dirisediwang kobamelo ya gagwe ya boammaaruri.

Pabalesego Kwa Mafelong a Kago

Re tsaya go aga le go tsosolosa Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano le dikago tsa makala e le tshiamelo e kgolo. Re ikutlwa jalo le ka tiro e re e dirang mo matsholong a namolo morago ga masetlapelo. Ka metlha re tshwanetse go dira tiro ya rona ka botswerere ka gore fa re ka nna botlhaswa, le fa re dira ditiro tse dinnye fela, re ka ikgobatsa le go gobatsa ba bangwe. (Mor. 10:9) Eleruri, fa re itlwaetsa go bereka ka pabalesego, re ka tila dikgobalo.

Baebele ya re: “Bontle jwa makau ke maatla a bone, mme bontlentle jwa bannabagolo ke botlhogoputswa jwa bone.” (Dia. 20:29) Go dira ditiro tse di bokete go tlhoka maatla a bosha. Mme babereki ba ba tlhogoputswa—ba ba nang le maitemogelo mo ditirong tsa kago—ba dira tiro ya go feleletsa ka diatla le ka didirisiwa. Mme batho ba jaanong ba setseng ba godile ba kile ba bo ba dirisa maatla a bone a bosha go dira tiro e e bokete. Fa e le gore o sa tswa go nna moithaopi, ela tlhoko tsela e badiri ba ba nang le maitemogelo ba berekang ka yone, mme o dire se ba go laelang gore o se dire. Fa o iketleeditse go ithuta, bakaulengwe ba ba nang le nako e telele ba dira tiro ya kago ba tla go ruta dilo tse dintsi. Tseno di akaretsa tsela e e babalesegileng ya go dirisa dilo tse di kotsi le go tsholetsa dilo tse di bokete. Ka jalo o tla kgona go bereka sentle, o babalesegile e bile o itumetse.

Batho ba ba berekang mo mafelong a kago ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng ka dinako tsotlhe. Maemo a fetoga ka bonako. O ka fitlhela go na le khuti mo pele e neng e seyo gone. Bangwe ba o berekang le bone ba ka tswa ba sutisitse llere, lepolanka kana kgamelo ya pente. Fa o sa tlhoma mogopolo mo go se o se dirang, o ka iphitlhela o gobetse. Gantsi melao ya pabalesego e laela gore babereki ba ba mo lefelong la kago ba dirise dilo tsa go itshireletsa. Digalase tsa go sireletsa sefatlhego, lekarapa le ditlhako tse di siametseng go bereka di ka go sireletsa mo dikotsing tse dintsi mo lefelong la kago. Mme o ka sireletsega fela fa o dira gore dilo tseo di nne di le mo boemong jo bo siameng e bile o di dirisa.

Le fa didirisiwa tse dintsi di ka lebega di le motlhofo go di dirisa, fa o batla go di dirisa ka pabalesego le ka botswerere o tshwanetse gore o thapisiwe le gore o itlwaetse go di dirisa. Fa o sa itse go dirisa sedirisiwa sengwe se o tlhokang go se dirisa, bolelela mokaulengwe yo o okametseng tiro. O tla rulaganya gore o rutiwe go se dirisa. Go nna boingotlo, kana go itse gore go na le dilo dingwe tse o ka se kgoneng go di dira, ke nonofo e e molemo. Tota e bile, go tla go thusa gore o se ka wa ikgobatsa kana wa gobatsa ba bangwe mo lefelong la kago.—Dia. 11:2.

Mo ditirong tsa kago, batho ba bantsi ba gobadiwa ke go wa. Pele ga o palama llere kana sekafole, tlhomamisa gore di babalesegile e bile di mo boemong jo bo siameng. Fa e le gore o tlile go bereka o palame sekafole kana o tlile go bereka kwa marulelong, o ka nna wa tshwanelwa ke go itshireletsa ka go apara lebante le le bofelelwang mo sengweng, kana go ka bewa dithibedi mo marulelo a felelang teng go go sireletsa gore o se ka wa wa. Botsa mookamedi wa tiro fa o na le dipotso malebana le go bereka o palame kwa godimo. *

E re ka palo ya batho ba ba direlang Jehofa e oketsega mo lefatsheng lotlhe, go tlhokega gore go agiwe Diholo tsa Bogosi le mafelo a mangwe a a dirisediwang kobamelo ya boammaaruri. Batho ba ba okamelang tiro kwa mafelong a go agiwang Diholo tsa Bogosi le dikago tse di tshwanang le tseo kwa go one ba neilwe maikarabelo a go sireletsa dinku tsa ga Jehofa tse di tlhwatlhwakgolo tse ba di okametseng. (Isa. 32:1, 2) Fa e le gore o neilwe tshiamelo ya go okamela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago kwa lefelong la kago, le ka motlha o se ka wa lebala botlhokwa jwa pabalesego. Tlhomamisa gore lefelo leo le nna le le phepa e bile le sa tlala ka dilo tse dintsi tse di sa tlhokegeng. Thusa ba ba tlhokang go gakololwa malebana le go bereka ba babalesegile, mme o dire jalo ka bopelonomi e bile o sa potapote. O se ka wa dumela gore babereki ba babotlana ka dingwaga kana ba ba se nang maitemogelo ba tsene mo mafelong a a ka nnang kotsi. Bonela pele gore ke dikotsi dife tse batho ba ba berekang ba ka lebanang le tsone mme o ba thuse gore ba ipaakanyetse go bereka ka pabalesego. Gakologelwa gore mokgele wa rona ke go wetsa kago go se na ope yo o gobetseng.

Kafa Lorato lo Thusang ka Teng

Go aga Diholo tsa Bogosi mmogo le dikago tse dingwe tse di dirisediwang kobamelo ya boammaaruri go akaretsa go dira ditiro tse di ka nnang kotsi. Ka jalo, batho ba ba dirang mo dikagong tse di ntseng jalo ba tshwanetse go nna kelotlhoko. Fa o ikobela melaometheo ya Baebele, o latela kaelo e o e newang malebana le tiro, o dira ditshwetso tse di molemo, o tla tila dikotsi mme o tla sireletsa badirimmogo le wena gore le bone ba se ka ba gobala.

Ke eng se se dirang gore re tseye pabalesego e le botlhokwa thata jaana? Ke lorato. Ee, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo re tlhotlheletsa gore re tseye botshelo bo le botlhokwa thata, fela jaaka a bo tsaya. Mme go rata batho go re thusa gore re se ka ra nna botlhaswa mme ra dira sepe se se ka ba gobatsang. (Math. 22:37-39) Ka jalo, a re direng bojotlhe jwa rona gore batho ba ba berekang kwa mafelong a rona a kago ba ‘babalesege mme ba itekanele.’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Bona lebokose la setlhogo se se reng “Kafa Dillere di ka Dirisiwang ka Teng ka Pabalesego,” mo tsebe 30.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 30]

Kafa Dillere di ka Dirisiwang ka Teng ka Pabalesego

Mo ngwageng mongwe bosheng jaana badiri ba feta 160 000 ba ne ba gobala ka ntlha ya go wa mo dillereng kwa United States. Mo godimo ga moo, ba ka nna 150 ba ne ba tlhokafala fa ba sena go wa jalo. Go sa kgathalesege gore o nna kae kana o bereka kae, go na le dikakantsho fano tse di ka go thusang gore o tile go wa mo llereng.

◇ O se ka wa dirisa llere e e reketlang kana e e senyegileng, e bile o se ka wa leka go baakanya llere e e ntseng jalo. A e tlhatlhamololwe.

◇ Dillere tsotlhe di na le bokete jo bo rileng jo di ka kgonang go bo rwala. Tlhomamisa gore bokete jwa gago jwa mmele mmogo le jwa dithulusu le didirisiwa tsa gago ga bo fete jo llere e o tlileng go e dirisa e ka kgonang go bo rwala.

◇ Emisa llere mo lefelong le le lekalekanang, le le sa reketleng. O se ka wa e baya mo sengweng se se sa itsetsepelang, jaaka mo godimo ga sekafole kana mo godimo ga dikgamelo le mabokose.

◇ Ka metlha tlhatloga kgotsa fologa llere o e lebile.

◇ O se ka wa nna kgotsa wa ema mo godimo ga direpodi tse pedi tsa bofelo tsa llere epe fela.

◇ Fa llere e dirisediwa go palama kana go fologa marulelo, e tshwanetse go feta marulelo a e ikaegileng ka one ka mmetara o ka nna mongwe. Dira gore maoto a llere a se ka a relela ka go a bofelela fa fatshe kana ka go kokotela lepolanka fa pele ga one. Fa o sa kgone go dira jalo gore llere e itsetsepele, kopa mongwe gore a e tshegetse fa o ntse o e palame. Bofa llere kwa godimo gore e se ka ya nnela go sutela kafa thoko.

◇ O se ka wa dirisa direpodi tsa llere go tshegetsa lefelo le le goletsegileng la mapolanka le go berekelwang mo go lone.

◇ Fa o otlolola matsogo le maoto fa o bereka o palame llere, o ka dira gore e se ka ya itsetsepela. Tila go otlolola matsogo le maoto jalo ka gonne go kotsi. Sutisa llere nako le nako fa go tlhokega gore e nne gaufi le fa o berekelang teng.

◇ Fa o tshwanelwa ke go bereka o palame llere e e fa pele ga kgoro e e tswetsweng, baya letshwao le le tlhagisang fa kgorong eo mme o e lotlele. Fa o sa kgone go e lotlela, baya motlhokomedi fa go yone gore a tlhagise batho ba ba batlang go feta.

◇ Llere e tshwanetse go palangwa ke motho a le mongwe fela ntle le fa e diretswe go palangwa ke batho ba babedi. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 33 Lenaane le le nang le dikgakololo tse dingwe tse di malebana le go dirisa dillere le mo makasineng wa Tsogang! ya August 8, 1999, tsebe 22-24 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Molao wa ga Moshe o ne o laela gore marulelo a a sephara a agelelwe ka lobota lo lo thekeletsang