Seabe sa Moya o o Boitshepo mo go Diragadiweng ga Boikaelelo Jwa ga Jehofa
Seabe sa Moya o o Boitshepo mo go Diragadiweng ga Boikaelelo Jwa ga Jehofa
“Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me . . . ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—ISA. 55:11.
1. Dira setshwantsho se se bontshang pharologanyo fa gare ga thulaganyo le boikaelelo.
AKANYA ka banna ba babedi ba ba ipaakanyetsang go tsaya mesepele ba tsamaya ka dikoloi. Yo mongwe o dira mmapa o o nang le tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang wa tsela e a tla tsamayang ka yone. Yo mongwe ene o tshwere ka tlhogo gore o tla tsamaya jang, mme gape o itse le ditsela tse dingwe tse dintsi tse di ka mo gorosang. O ipaakanyeditse go tsaya tsela e sele fa go ka tlhokega. Ka tsela nngwe ditsela tse di farologaneng tse banna bano ba babedi ba dirang dilo ka tsone di bontsha pharologanyo fa gare ga thulaganyo le boikaelelo. Go nna le thulaganyo go ka tshwantshiwa le go dira mmapa wa tsela o o nang le tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang mme boikaelelo bo ka raya go nna le mokgele o o akantseng ka one, mme o na le ditsela tse di farologaneng tsa go o fitlhelela.
2, 3. (a) Boikaelelo jwa ga Jehofa bo akaretsa eng, mme o ne a tsaya kgato jang fa Adame le Efa ba ne ba leofa? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re itse e bile re dira go dumalana le kafa boikaelelo jwa ga Jehofa bo diragadiwang ka teng?
2 Jehofa ga a na thulaganyo e e ka se fetogeng ya go dira thato ya gagwe, mme o na le boikaelelo jo bo ntseng bo diragala fa nako e ntse e feta. (Baef. 3:11) Boikaelelo jono bo akaretsa se a neng a se ikaeletse ka batho le lefatshe go tswa kwa tshimologong—gore lefatshe leno le fetolwe legae la paradaise kwa batho ba ba itekanetseng ba ka nnang teng ka kagiso le boitumelo ka bosakhutleng. (Gen. 1:28) Fa Adame le Efa ba leofa, Jehofa o ne a tsaya kgato ka go dira dithulaganyo tse di tlhomamisang gore boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwa. (Bala Genesise 3:15.) Maikaelelo a ga Jehofa e ne ya nna gore mosadi wa gagwe wa tshwantshetso a tshole “losika,” kgotsa Morwa, yo kgabagare a neng a tla senya Satane wa molotlhanyi a bo a fedisa bosula jotlhe jo a bo bakileng.—Baheb. 2:14; 1 Joh. 3:8.
3 Ga go na maatla ape kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng a a ka thibelang Modimo go diragatsa maikaelelo a gagwe. (Isa. 46:9-11) Ke eng fa re ka rialo? Ka gonne moya o o boitshepo wa ga Jehofa o na le seabe. Maatla ao a a sa palelweng ke sepe a tlhomamisa gore boikaelelo jwa Modimo ‘ruri bo tla atlega.’ (Isa. 55:10, 11) Re tshwanetse go nna re itse e bile re dira go dumalana le kafa boikaelelo jwa ga Jehofa bo diragadiwang ka teng. Go diragadiwa ga jone ke gone fela go ka dirang gore re bone botshelo mo isagweng. Mo godimo ga moo, go bona kafa Jehofa a dirisang moya o o boitshepo ka teng go nonotsha tumelo. Jaanong a re sekasekeng seabe sa moya oo mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa—mo nakong e e fetileng, gone jaanong le mo isagweng.
Seabe sa Moya o o Boitshepo mo Nakong e e Fetileng
4. Jehofa o ile a senola boikaelelo jwa gagwe jang kgato ka kgato?
4 Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, Jehofa o ne a senola boikaelelo jwa gagwe kgato ka kgato. Kwa tshimologong, kgang ya gore Losika lo lo solofeditsweng ke mang e ne e le ‘sephiri se se boitshepo.’ (1 Bakor. 2:7) Jehofa o ne a boa a umaka losika dingwaga di ka nna 2 000 moragonyana. (Bala Genesise 12:7; 22:15-18.) Jehofa o ne a naya Aborahame tsholofetso e e neng e tla diragadiwa ka tsela e kgolwane. Mafoko a a reng “ka losika lwa gago” a ne a bontsha sentle gore Losika e ne e tla bo e le motho, setlogolwana sa ga Aborahame. Re ka tlhomamisega gore Satane o ne a lebeletse ka kgatlhego tota fa kgang eno e ne e senolwa. Kwantle ga pelaelo Mmaba yoo o ne a batla fela go senya kgotsa go kgotlela losika lwa ga Aborahame mme ka jalo a kgoreletsa maikaelelo a Modimo. Mme seo se ne se ka se direge, ka gonne moya wa Modimo o o sa bonaleng o ne o dira. Ka ditsela dife?
5, 6. Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe jang go sireletsa batho ba Losika lo neng lo tla tswa mo go bone?
5 Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go sireletsa batho ba Losika lo neng lo tla tswa mo go bone. O ne a raya Aberame (Aborahame) a re: “Ke nna thebe ya gago.” (Gen. 15:1) Mafoko ao a ne a ka se wele fa fatshe. Ka sekai, akanya ka se se ileng sa diragala mo e ka nnang ka 1919 B.C.E. fa Aborahame le Sara ba ne ba thibeletse ka nakwana kwa Gerare. Abimeleke, kgosi ya kwa Gerare, o ne a tsaya Sara a re o mo dira mosadi wa gagwe, a sa itse gore Sara e ne e le mosadi wa ga Aborahame. A Satane e ne e le ene a laolang dilo ba sa lemoge, a leka go thibela Sara gore a se ka a tshola losika lwa ga Aborahame? Baebele ga e tlhalose. Mme gone e re bolelela gore Jehofa o ne a tsaya kgato. O ne a tlhagisa Abimeleke mo torong gore a se ka a ama Sara.—Gen. 20:1-18.
6 Ga go a ka ga felela foo. Jehofa o ne a namola Aborahame le ba lelapa la gagwe ka makgetlho a le mmalwa. (Gen. 12:14-20; 14:13-20; 26:26-29) Ka jalo mopesalema o ne a ka bolela jaana ka Aborahame le ditlogolwana tsa gagwe: “[Jehofa] ga a ka a letlelela motho ope go ba tsietsa, mme o ne a kgalemela dikgosi ka ntlha ya bone, a re: ‘Lo se ka lwa ama batlodiwa ba me, e bile lo se ka lwa dira baporofeti ba me sepe se se bosula.’”—Pes. 105:14, 15.
7. Jehofa o ne a sireletsa setšhaba sa Iseraele ka ditsela dife?
7 Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go sireletsa setšhaba sa bogologolo sa Iseraele, se Losika lo lo solofeditsweng lo neng lo tlile go tsholelwa mo go sone. O ne a dirisa moya wa gagwe go naya Baiseraele Molao o o neng wa thusa gore kobamelo ya boammaaruri e tswelele pele wa ba wa sireletsa Bajuda gore kamano ya bone le Modimo e se ka ya senyega le gore ba sireletsege mo boitsholong le mo mmeleng. (Ekes. 31:18; 2 Bakor. 3:3) Mo metlheng ya Baatlhodi, moya wa ga Jehofa o ne wa naya banna bangwe maatla a gore ba golole Baiseraele mo babeng ba bone. (Baatlh. 3:9, 10) Mo makgolong a dingwaga pele Jesu, yo e leng karolo ya ntlha ya losika lwa ga Aborahame, a tsholwa, moya o o boitshepo o tshwanetse wa bo o ile wa thusa go sireletsa Jerusalema, Bethelehema le tempele—tse di neng di tla nna le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jo bo malebana le Jesu.
8. Ke eng se se bontshang gore moya o o boitshepo o ne o na le seabe ka tlhamalalo mo botshelong le mo bodireding jwa Morwa Modimo?
8 Moya o o boitshepo o ne o na le seabe ka tlhamalalo mo botshelong le mo bodireding jwa ga Jesu. O ne wa dira mo popelong ya lekgarebane Marea mme wa dira sengwe se se iseng se ko se tsamaye se direge pele ga foo le fa e le morago ga foo. O ne wa dira gore mosadi yo o sa itekanelang a ime a bo a tshole Morwa yo o itekanetseng, yo o neng a sa amiwe ke katlholo ya loso. (Luke 1:26-31, 34, 35) Moragonyana moya oo o ne wa sireletsa Jesu fa a ne a le losea gore a se ka a swa a sa le monnye. (Math. 2:7, 8, 12, 13) Fa Jesu a ne a na le dingwaga di ka nna 30, Modimo o ne a mo tlotsa ka moya o o boitshepo, a mo tlhoma gore a nne moruaboswa wa setulo sa bogosi sa ga Dafide a ba a mo roma gore a rere. (Luke 1:32, 33; 4:16-21) Moya o o boitshepo o ne wa naya Jesu maatla a go dira dikgakgamatso, go akaretsa go fodisa balwetse, go fepa boidiidi jwa batho le go tsosa baswi. Ditiro tseo tse di gakgamatsang e ne e le maoko fela a masego a re ka a lebelelang mo nakong e e tlang mo pusong ya ga Jesu.
9, 10. (a) Go ne go bonala jang gore moya o o boitshepo o ne o dira mo barutweng ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Go ne ga senolwa eng se sesha malebana le go diragadiwa ga boikaelelo jwa ga Jehofa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?
9 Go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E., Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go tlotsa karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame, ba bontsi jwa bone e neng e se ditlogolwana tsa ga Aborahame. (Bar. 8:15-17; Bagal. 3:29) Go ne ga bonala gore moya o o boitshepo o ne o dira mo barutweng ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga, mme o ne o ba thusa gore ba kgone go rera ka tlhoafalo e bile o ba naya maatla a gore ba dire ditiro tse dikgolo. (Dit. 1:8; 2:1-4; 1 Bakor. 12:7-11) Ka dimpho tseo tsa kgakgamatso moya o o boitshepo o ne wa senola sengwe se sesha malebana le tsela e Jehofa a neng a tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka yone. Jehofa o ne a sa tlhole a dirisa thulaganyo ya kobamelo e e neng e sa bolo go nna teng ka makgolokgolo a dingwaga ya go obamela kwa tempeleng kwa Jerusalema. Jaanong o ne a dirisa phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Fa e sale ka nako eo, Jehofa o ntse a dirisa phuthego eo ya batlodiwa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.
10 Go sireletsa, go fa maatla, go tlotsa—tseno ke ditsela di se kae fela tse Jehofa a neng a dirisa moya o o boitshepo ka tsone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. Mme go tweng ka motlha wa rona? Jehofa o dirisa moya wa gagwe jang gompieno go diragatsa boikaelelo jwa gagwe? Re tshwanetse go itse, ka gonne re batla go dira go dumalana le moya. Ka jalo, a re sekasekeng ditsela di le nnè tse Jehofa a dirisang moya wa gagwe ka tsone gompieno.
Seabe sa Moya o o Boitshepo Gompieno
11. Ke eng se se bontshang gore moya o o boitshepo o thusa batho ba Modimo go nna phepa, mme o ka bontsha jang gore o letla moya ono gore o go tlhotlheletse?
11 Sa ntlha, moya o o boitshepo o thusa batho ba Modimo go nna phepa. Batho ba ba nang le seabe mo boikaelelong jwa ga Jehofa ba tshwanetse go nna phepa mo boitsholong. (Bala 1 Bakorintha 6:9-11.) Batho bangwe ba ba nnang Bakeresete ba boammaaruri ba kile ba bo ba dira boitsholo jo bo sa siamang jo bo jaaka kgokafalo, boaka le bosodoma. Dikeletso tse di tsalang ditiro tsa boleo di kgona go nwelelela thata mo mothong. (Jak. 1:14, 15) Le fa go ntse jalo, batho bao ba ile ba ‘tlhapisiwa,’ go bontsha gore ba dirile diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa bone gore ba itumedise Modimo. Ke eng se se dirang gore motho yo o ratang Modimo a kgone go fenya maikutlo a a mo tlhotlheletsang go diragatsa dikeletso tse di sa siamang? Temana ya 1 Bakorintha 6:11 ya re ke “moya wa Modimo wa rona.” Fa o nna o le phepa mo boitsholong, o bontsha gore o letla moya gore o dire mo botshelong jwa gago.
12. (a) Go ya ka ponatshegelo ya ga Esekiele, Jehofa o etelela phuthego ya gagwe pele jang? (b) O ka bontsha jang gore o dira go dumalana le moya?
12 Sa bobedi, Jehofa o dirisa moya wa gagwe go etelela phuthego ya gagwe pele gore e ye kwa a batlang e ya teng. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e tshwantshiwa le koloi ya selegodimo e Esek. 1:20, 21) A re gopoleng gore phuthego ya ga Jehofa e na le dikarolo tse pedi, e nngwe e kwa legodimong mme e nngwe e mo lefatsheng. Fa e le gore karolo e e kwa legodimong e kaelwa ke moya o o boitshepo, le e e mo lefatsheng e tshwanetse ya bo e kaelwa ke one. Fa ka metlha o ikobela kaelo e o e newang ke karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya Modimo, o bontsha gore o tsamaisana le koloi ya ga Jehofa ya selegodimo e bile o dira go dumalana le moya wa gagwe o o boitshepo.—Baheb. 13:17.
e ntseng e tswelela pele e diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa e sa thibelwe ke sepe. Ke eng se se tlhotlheletsang koloi eno gore e tseye tsela e e rileng? Ke moya o o boitshepo. (13, 14. (a) “Kokomana eno” e e umakilweng ke Jesu ke bomang? (b) Naya sekai se se bontshang gore moya o o boitshepo o re thusa go tlhaloganya dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. (Bona lebokose la setlhogo se se reng “A o Tsamaisana le Lesedi le le Ntseng le Oketsega?”)
13 Sa boraro, moya o o boitshepo o re thusa go tlhaloganya dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. (Dia. 4:18) “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ga a bolo go nna a dirisa makasine ono go senola dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele kgato ka kgato. (Math. 24:45) Ka sekai, akanya ka tsela e re tlhaloganyang ka yone gore “kokomana eno” e e umakilweng ke Jesu ke bomang. (Bala Mathaio 24:32-34.) Jesu o ne a bua ka kokomana efe? Setlhogo se se reng “Go Nna Gone ga ga Keresete—Go go Ama Jang?” se ne sa tlhalosa gore Jesu o ne a sa bue ka baikepi mme o ne a bua ka barutwa ba gagwe, ba ba neng ba tla tloga ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. * Balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng, ba lekgolo la ntlha la dingwaga le ba motlha wa rona, e ne e tla nna bone ba ba bonang sesupo ba bo ba lemoga bokao jwa sone, e leng gore Jesu “o gaufi fa dikgorong.”
14 Tlhaloso eno e re ama jang? Le fa re sa kgone go lekanya ka tlhomamo gore lobaka lwa “kokomana eno” lo loleele go le kana kang, re tshwanetse go gopola dilo di le mmalwa ka lefoko “kokomana”: Gantsi le kaya batho ba dingwaga tse di sa tshwaneng ba ba a bong ba tshela mo lobakeng lo le longwe lwa nako; ga se lobaka lo loleele mo go feteletseng; mme go na le mo lo felelang teng. (Ekes. 1:6) Mme re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu fa a bua ka “kokomana eno”? Re a tlhaloganya a kaya gore go ne go tla nna le nako e ka yone batlodiwa ba ba boneng go simolola ga sesupo ka 1914 ba neng ba tla bo ba tshela ka nako e le nngwe le batlodiwa ba ba tshotsweng moragonyana ba ba tla bonang go simologa ga pitlagano e kgolo. Kokomana eo e ne ya nna le tshimologo, mme kwantle ga pelaelo e tla nna le bokhutlo. Go diragadiwa ga dikarolo tse di farologaneng tsa sesupo go bontsha sentle gore pitlagano eo e tshwanetse ya bo e le gaufi. Fa o tswelela o tshela ka tsela e e bontshang gore dinako di kgabagantse e bile o nna o disitse, o bontsha gore o tsamaisana le lesedi le le ntseng le phatsimela pele e bile o latela kaelo ya moya o o boitshepo.—Mar. 13:37.
15. Ke eng se se bontshang gore moya o o boitshepo ke one o re fang maatla a go rera dikgang tse di molemo?
15 Sa bonè, moya o o boitshepo o re fa maatla a go bolela dikgang tse di molemo. (Dit. 1:8) Fa e ne e se ka one, ke eng se se neng se ka thusa gore dikgang tse di molemo di rerwe mo lefatsheng lotlhe? Akanya fela. O ka tswa o le mongwe wa batho ba ka ntlha ya go nna ditlhong mo go feteletseng kgotsa boboi ba kileng ba akanya ba re, ‘Ruri nka se kgone go rera ka ntlo le ntlo!’ Mme jaanong o dira ka tlhoafalo mo tirong eo. * Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ntse ba tsweletse ka tiro ya go rera le fa ba ganediwa kgotsa ba bogisiwa. Moya o o boitshepo wa Modimo ke one fela o ka re fang maatla a go fenya dikgoreletsi tse dikgolo le go dira dilo tse re neng re ka se kgone go di dira ka maatla a rona. (Mik. 3:8; Math. 17:20) Fa o nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera, o bontsha gore o latela kaelo ya moya oo.
Seabe sa Moya o o Boitshepo mo Isagweng
16. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe ka nako ya pitlagano e kgolo?
16 Mo isagweng Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo ka ditsela tse di gakgamatsang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Sa ntlha, akanya ka kgang ya tshireletso. Jaaka re bone, mo nakong e e fetileng Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go sireletsa batho bangwe mmogo le setšhaba sotlhe sa Iseraele. Ka jalo, re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore o tla dirisa one moya o o maatla oo go sireletsa batho ba gagwe ka nako ya pitlagano e kgolo e e tlang. Ga re tlhoke go fopholetsa gore tota Jehofa o tla re tlhokomela jang ka nako eo. Go na le moo, re ka leba pele kwa isagweng re na le tsholofelo, re itse gore go ka se direge gore Jehofa a palelwe ke go bona batho ba ba mo ratang e bile moya wa gagwe o o boitshepo o ka se retelelwe ke go fitlha kwa go bone.—2 Ditir. 16:9; Pes. 139:7-12.
17. Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo jang mo lefatsheng le lesha?
17 Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo jang mo lefatsheng le lesha le le tlang? Moya oo ke one o tla dirang gore go kwalwe memeno e mesha e e tla bulwang ka nako eo. (Tshen. 20:12) Memeno eo e tla bo e na le eng? Go bonala e tla bo e na le tshedimosetso e e feletseng e e tswang kwa go Jehofa ya se re tshwanetseng go se dira ka nako ya dingwaga tse di sekete. A o lebile pele go bala se se tla bong se kwadilwe mo memenong eo? Re letile lefatshe leo le lesha ka tlhologelelo e kgolo. Ga re kgone le go akanya gore go tla bo go ntse jang go tshela ka nako eo e e monate fa Jehofa a tla bo a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le batho ba ba mo go lone.
18. O ititeile sehuba go dira eng?
18 A le ka motlha re se ka ra lebala gore ruri boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo ntseng bo diragala bo tla atlega, ka gonne o bo diragatsa a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo—maatla a magolo go gaisa otlhe mo lobopong. Le wena boikaelelo joo bo a go ama. Ka jalo, ititeye sehuba gore o tla nna o kopa Jehofa gore a go neye moya wa gagwe mme o o letle gore o go kaele. (Luke 11:13) Fa o dira jalo, o ka nna le tsholofelo ya go tshela jaaka Jehofa a ne a ikaeletse gore batho ba tshele—go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 13 Bona makasine wa Tora ya Tebelo, wa February 15, 2008, tsebe 21-25.
^ ser. 15 Fa o batla go bona sekai sa mongwe yo o neng a fenya go nna ditlhong mo go feteletseng mme a tlhoafala mo bodireding, bona makasine wa Tora ya Tebelo, wa September 15, 1993, tsebe 19.
A o A Gakologelwa?
• Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo ka ditsela dife mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele gore boikaelelo jwa gagwe bo diragadiwe?
• Jehofa o dirisa moya wa gagwe jang gompieno?
• Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe jang mo isagweng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Lebokoso mo go tsebe 10]
A o Tsamaisana le Lesedi le le Ntseng le Oketsega?
Jehofa o tswelela pele a thusa batho ba gagwe go tlhaloganya dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Diphetogo dingwe tse di gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ke dife?
▪ Setshwantsho sa ga Jesu sa sebediso se tlhalosa thuto efe e e rutang ka sengwe se se molemo malebana le go nna morutwa? (Math. 13:33)—July 15, 2008, tsebe 19-20.
▪ Go tlhophiwa ga Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong go fela leng?—May 1, 2007, tsebe 30-31.
▪ Go obamela Jehofa “ka moya” go kaya eng? (Joh. 4:24)—July 15, 2002, tsebe 15.
▪ Ba boidiidi jo bogolo ba direla mo lolwapeng lofe? (Tshen. 7:15)—May 1, 2002, tsebe 30-31.
▪ Go kgaoganngwa ga dinku le dipodi go diragala leng? (Math. 25:31-33)—October 15, 1995, tsebe 18-28.