Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakaulengwe—Jalelang Moya Mme lo Kgaratlhe!

Bakaulengwe—Jalelang Moya Mme lo Kgaratlhe!

Bakaulengwe—Jalelang Moya Mme lo Kgaratlhe!

“Yo o jalelang moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng.”—BAGAL. 6:8.

1, 2. Mathaio 9:37, 38 e diragadiwa jang, mme seo se dira gore go tlhokege eng mo diphuthegong?

GOMPIENO dilo tse di ka se kang tsa tsamaya di lebalwa di diragala fa pele ga matlho a gago! Batho ba semeletse mo tirong e Jesu Keresete a boleletseng pele ka yone. Jesu o ne a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) Jehofa Modimo o araba dithapelo tse di ntseng jalo ka tsela e e iseng e ke e direge pele. Ka ngwaga wa tirelo wa 2009, palo ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e ne ya oketsega ka 2 031 mme ya nna 105 298. Ka kakaretso go ne ga kolobediwa batho ba le 757 letsatsi le letsatsi!

2 Koketsego eno e dira gore go tlhokege gore bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba etelele pele mo tirong ya go ruta le go disa letsomane mo diphuthegong. (Baef. 4:11) Fa e sale go tloga bogologolo, Jehofa o ntse a dira gore go nne le banna ba ba tshwanelegang gore ba tlhokomele dinku tsa gagwe, mme re tlhomamisegile gore o tla tswelela pele a dira jalo. Boporofeti jo bo mo go Mika 5:5 bo re tlhomamisetsa gore mo metlheng ya bofelo, batho ba ga Jehofa ba tla nna le “badisa ba le supa” le “dikgosana di le robedi,” mme seo se tshwantshetsa gore go tla nna le banna ba bantsi ba ba nang le bokgoni ba ba tla ba etelelang pele.

3. Tlhalosa gore ‘go jalela moya’ go kaya eng?

3 Fa e le gore o Mosupi wa ga Jehofa e bile o monna yo o kolobeditsweng, ke eng se se ka go thusang gore o batle go kgaratlhela go nna le maikarabelo mo phuthegong? Sengwe sa konokono se se ka go thusang ke gore o ‘jalele moya.’ (Bagal. 6:8) Go dira jalo go akaretsa go tshela ka tsela e e letlang moya o o boitshepo wa Modimo gore o go tlhotlheletse mo botshelong jwa gago. Ititeye sehuba gore o se ka wa ‘jalela nama.’ Itise gore dilo tse di jaaka go tlhaba kgobe ka mutlwa, go itapolosa le go intsha bodutu di se ka tsa fokotsa keletso ya gago ya go dira ka natla mo tirelong ya Modimo. Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ‘jalela moya,’ mme fa nako e ntse e ya, banna ba ba dirang jalo ba ka tshwanelega go nna le maikarabelo mo phuthegong. E re ka batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba tlhokega thata gompieno, setlhogo seno se itebagantse thata le banna ba Bakeresete. Ka jalo, bakaulengwe, re lo kgothaletsa go akanyetsa kgang eno ka thapelo.

Kgaratlhela Tiro e e Molemo

4, 5. (a) Banna ba ba kolobeditsweng ba rotloediwa gore ba kgaratlhele maikarabelo afe mo phuthegong? (b) Motho a ka kgaratlha jang?

4 Ga go itiragalele fela gore monna wa Mokeresete a nne molebedi. O tshwanetse go kgaratlhela “tiro [eno] e e molemo.” (1 Tim. 3:1) Seo se akaretsa go direla badumedi ka rona ka go ba tlamela ka se ba se tlhokang tota. (Bala Isaia 32:1, 2.) Monna yo o kgaratlhang a na le maitlhomo a a siameng o a bo a sa ikgodise. Go na le moo, o na le keletso ya go thusa ba bangwe ka bopelotshweu.

5 Motho o leka go tshwanelega go nna motlhanka wa bodiredi a bo a kgaratlhela tiro ya bolebedi ka go leka go nna le dinonofo tse di tlhalositsweng mo Dikwalong. (1 Tim. 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9) Fa e le gore o monna yo o ineetseng, ipotse jaana: ‘A ke nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera, le gone a ke thusa ba bangwe go dira jalo? A ke kgothatsa badumedi ka nna ka go amega ka bone go tswa pelong? A ke itsege ke le moithuti yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo? A ke tokafatsa tsela e ke akgelang ka yone? A ke dira ditiro tse ke di neilweng ke bagolwane ka tlhoafalo?’ (2 Tim. 4:5) Dipotso tse di ntseng jalo di tlhoka gore re di akanyetse sentle.

6. Ke eng sa konokono se se ka thusang motho gore a tshwanelege go newa maikarabelo mo phuthegong?

6 Tsela e nngwe e motho a ka tshwanelegang ka yone gore a newe maikarabelo mo phuthegong ke gore a ‘thatafadiwe mo mothong yo a leng ene mo teng ka maatla ka moya wa [Modimo].’ (Baef. 3:16) Motho ga a nne motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete ka go tlhophiwa gore a nne mo maemong ao. Motho a ka newa maikarabelo ano fela fa a godile semoyeng. O ka gola jang semoyeng? Tsela nngwe ke gore o ‘nne o tsamaya ka moya’ e bile o leka go nna le dinonofo tsa leungo la one. (Bagal. 5:16, 22, 23) Fa o ntse o bontsha gore o na le dinonofo tsa semoya tse di tlhokegang gore o newe maikarabelo a mangwe, le fa o ntse o dirisa kgakololo ya kafa o ka tokafatsang dilo ka teng, ‘botswelelopele jwa gago bo tla bonatshega mo bathong botlhe.’—1 Tim. 4:15.

Go Tlhokega Moya wa go Intsha Setlhabelo

7. O tshwanetse go dira eng gore o direle ba bangwe?

7 Gore o direle ba bangwe o tshwanetse go dira ka natla e bile o tshwanetse go nna le moya wa go intsha setlhabelo. E re ka balebedi ba Bakeresete e le badisa ka tsela ya tshwantshetso, ba tshwenyega thata ka mathata a letsomane. Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a neng a amiwa ka teng ke maikarabelo a gagwe a bodisa. O ne a raya badumedi ka ene ba kwa Korintha a re: “Ka ntlha ya pitlagano e kgolo le tlalelo e e mahehe ya pelo ke ne ka lo kwalela ka dikeledi tse dintsi, e seng gore lo tle lo utlwisiwe botlhoko, mme gore lo itse lorato lo ke nang le lone segolobogolo mo go lona.” (2 Bakor. 2:4) Go bonala sentle gore Paulo o ne a tsenya marapo dinameng fa a dira tiro ya gagwe.

8, 9. Naya dikai tse di mo Baebeleng tse di bontshang kafa banna bangwe ba neng ba thusa ba bangwe ka teng.

8 Moya wa go intsha setlhabelo ga e bolo go nna letshwao la batho ba ba dirang ka natla go thusa batlhanka ba ga Jehofa. Ka sekai, re ka se akanye Noa a raya ba bangwe ba ntlo ya gagwe a re: ‘Lo mpolelele fa araka e fedile ke tla tla.’ Moshe ga a ka a raya Baiseraele ba ba neng ba le kwa Egepeto a re: ‘Ke tla kopana le lona kwa Lewatleng le Lehibidu. Lona lo tla bona gore lo goroga jang koo.’ Joshua ga a ka a re: ‘Lo mpolelele fa dipota tsa Jeriko di wa.’ Mme Isaia ga a ka a supa mongwe o sele a bo a re: ‘Ke yole! Roma ene.’—Isa. 6:8.

9 Motho yo o re tlhometseng sekao se se molemo thata ka go letla moya wa Modimo gore o mo tlhotlheletse ke Jesu Keresete. O ne a amogela kabelo ya gagwe ya go nna Morekolodi wa batho ka go rata. (Joh. 3:16) A lorato lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo ga lo a tshwanela go re tlhotlheletsa gore le rona re intshe setlhabelo jaaka ene? Fa mongwe yo o sa bolong go nna mogolwane ka lobaka lo loleele a tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone ka letsomane, o ne a re: “Mafoko a Jesu a neng a a raya Petere—disa dinkunyana tsa me—a ntlhotlheletsa tota. Fa dingwaga di ntse di feta, ke ile ka lemoga kafa go bua mafoko a sekae a a lorato kgotsa go dira sengwe se sennye se se bontshang bopelonomi go ka kgothatsang motho yo mongwe ka teng. Ke itumelela tiro ya bodisa fela thata.”—Joh. 21:16.

10. Ke eng se se ka tlhotlheletsang banna ba Bakeresete gore ba etse sekao sa ga Jesu ka go direla ba bangwe?

10 Banna ba ba kolobeditsweng ba ba mo phuthegong ba tshwanetse gore fa ba dirisana le letsomane la Modimo, ba nne le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Jesu, yo o neng a re: “Ke tla lo lapolosa.” (Math. 11:28) Fa banna ba Bakeresete ba na le tumelo mo Modimong e bile ba rata phuthego, seo se ba tlhotlheletsa gore ba kgaratlhele tiro eno e e molemo, ba sa akanye gore go dira jalo ke namane e tona ya tiro. Mme go tweng fa motho a sa ikutlwe a tlhotlheletsega go kgaratlhela go tshwanelegela maikarabelo mo phuthegong? A mokaulengwe a ka tlhagolela go nna le keletso ya go direla mo phuthegong?

Tlhagolela Keletso ya go Rata go Direla

11. Motho a ka tlhagolela jang keletso ya go direla ba bangwe?

11 Fa e le gore o ntse o sa kgaratlhele go nna le maikarabelo mo phuthegong ka gonne o inyatsa, go ka nna molemo gore o rapelele moya o o boitshepo. (Luke 11:13) Moya wa ga Jehofa o tla go thusa go lwantsha maikutlo ape a go inyatsa a o ka tswang o na le one. Keletso ya go direla e tswa kwa Modimong ka gonne moya wa ga Jehofa ke one o tlhotlheletsang mokaulengwe go kgaratlhela go nna le maikarabelo, o bo o mo naya maatla a go dira tirelo e e boitshepo. (Bafil. 2:13; 4:13) Ka jalo, go a tshwanela go kopa Jehofa gore a go thuse go nna le keletso ya go amogela maikarabelo mo phuthegong.—Bala Pesalema 25:4, 5.

12. Motho a ka dira jang gore a nne le botlhale jo a bo tlhokang go sikara maikarabelo a a a neilweng?

12 Mokeresete a ka nna a swetsa ka gore a se ka a kgaratlhela maikarabelo mo phuthegong ka gonne a akanya gore go tlhokomela letsomane go a lapisa e bile ke namane e tona ya tiro. Kgotsa a ka nna a akanya gore ga a na botlhale jo a bo tlhokang go sikara maikarabelo ao. Fa go ntse jalo, a ka bona botlhale ka go ithuta Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka tlhoafalo. A ka nna a ipotsa a re, ‘A ke ipha nako ya go ithuta Lefoko la Modimo, le gone a ke rapelela botlhale?’ Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jak. 1:5) A o dumela mafoko ao a a tlhotlheleditsweng? Fa Solomone a sena go rapela, Modimo o ne a mo araba ka go mo naya “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang” e e neng e mo thusa go lemoga se se molemo le se se bosula fa a atlhola. (1 Dikg. 3:7-14) Ee gone, se se neng sa diragalela Solomone se ne se sa tlwaelega. Mme le fa go ntse jalo re ka tlhomamisega gore Modimo o tla naya banna ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong botlhale gore ba tlhokomele dinku tsa gagwe sentle.—Dia. 2:6.

13, 14. (a) Tlhalosa kafa Paulo a neng a amiwa ka teng ke “lorato lo Keresete a nang le lone.” (b) “Lorato lo Keresete a nang le lone” lo tshwanetse go re ama jang?

13 Selo se sengwe se se ka re thusang gore re nne le keletso ya go direla ba bangwe ke go akanya thata ka sotlhe se Jehofa le Morwawe ba se re diretseng. Ka sekai, akanya ka 2 Bakorintha 5:14, 15. (E bale.) Ke eng fa go ka twe “lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela”? Lorato lo Keresete a lo bontshitseng ka go re swela go dumalana le thato ya Modimo lo logolo thata mo e leng gore fa re ntse re lo anaanela, lo re ama dipelo. Lorato lwa ga Keresete lo ne lo tlhotlheletsa Paulo. Lo ne lo mo thibela gore a se ka a dira ka bopelotshetlha e bile lo mo thusa go dira gore boikaelelo jwa gagwe jo bogolo e nne go direla Modimo le batho ba ba mo phuthegong le ba ba seng mo go yone.

14 Go tlhatlhanya ka lorato lo Keresete a ratang batho ka lone go dira gore re nne le kanaanelo. Ka ntlha ya seo, re lemoga gore tota go tla bo go sa tshwanela gore re nne re ‘jalele nama’ ka go latelela mekgele ya bopelotshetlha le go tshelela go ikgotsofatsa fela. Mo boemong jwa moo, re dira diphetogo mo matshelong a rona gore tiro e Modimo a re e neileng e tle pele. Re tlhotlheletsega go ‘nna batlhanka’ ba bakaulengwe ba rona ka ntlha ya lorato. (Bala Bagalatia 5:13.) Fa re itsaya re le batlhanka ba ka boikokobetso ba direlang batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa ba ba ineetseng, re tla ba tshwara ka seriti le ka tlotlo. Ee, ruri re ka se nne le moya wa go tshwayatshwaya diphoso o o rotloediwang ke Satane.—Tshen. 12:10.

Lelapa le Tshwanetse go Dirisana Mmogo

15, 16. Maloko a lelapa a ka thusa jang gore rre a tshwanelege go tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane?

15 Fa mokaulengwe e le monna yo o nyetseng yo o nang le bana, go sekasekiwa seemo sa lelapa la gagwe fa go akanyediwa gore a o tshwanelega go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane. Ee ruri, go tlhomiwa ga gagwe go ikaegile thata ka seemo sa bomoya sa lelapa la gagwe le gore le itsege jang. Seno se gatelela botlhokwa jwa gore lelapa le eme rre nokeng fa a ntse a leka go direla phuthego e le motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane.—Bala 1 Timotheo 3:4, 5, 12.

16 Jehofa o a itumela fa maloko a lelapa la Bokeresete a dirisana mmogo. (Baef. 3:14, 15) Mokaulengwe yo e leng tlhogo ya lelapa o tshwanetse go nna tekatekano gore a kgone go dira maikarabelo a phuthego le go okamela ba ntlo ya gagwe “ka mokgwa o o siameng.” Ka jalo, go botlhokwa gore mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi a ithute Baebele le mosadi wa gagwe le bana ka nako ya Kobamelo ya Lelapa ya beke le beke gore botlhe ba solegelwe molemo. O tshwanetse go dira le bone ka metlha mo bodireding jwa tshimo. Ka jalo, go botlhokwa gore maloko a lelapa a dirisane mmogo le tlhogo ya lelapa.

A o Tla Direla Gape?

17, 18. (a) Fa mokaulengwe a sa tlhole a tshwanelegela maikarabelo mangwe, go ka tlhokega gore a dire eng? (b) Go ka nna molemo gore mokaulengwe yo o kileng a nna mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi a lebe dilo jang?

17 Gongwe o kile wa bo o le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi mme jaanong ga o tlhole o le ene. O rata Jehofa e bile o ka tlhomamisega gore o sa ntse a go kgathalela. (1 Pet. 5:6, 7) A o ne wa bolelelwa gore o tlhoka go dira diphetogo dingwe? Iketleetse go dumela fa o le phoso mme o leke go tokafatsa ka thuso ya Modimo. O ikele tlhoko gore o se ka wa tenega. Nna botlhale mme o lebe dilo sentle. Mokaulengwe mongwe yo e neng e le mogolwane ka dingwaga di le dintsi mme a tlogedisiwa maikarabelo ao o ne a re: “Ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla tswelela ke ya dipokanong, ke ya tirelong ya tshimo e bile ke bala Baebele fela jaaka ke ne ke dira fa ke ne ke sa ntse ke le mogolwane, mme ke kgonne go dira fela jalo. Ke ne ka ithuta go nna pelotelele ka gonne ke ne ke akantse gore go ne go tla tsaya ngwaga kgotsa tse pedi fela gore ke busediwe maikarabelo a ke neng ke na le one, mme go ne ga tsaya dingwaga di ka nna supa pele nka nna mogolwane gape. Mo lobakeng loo, kgothatso e ke neng ka e newa ya gore ke se ka ka lapa mme ke tswelele ke kgaratlhela go tshwanelega gape e ne ya nthusa fela thata.”

18 Fa e le gore o mokaulengwe yo o mo seemong se se sa tswang go tlhalosiwa, o se ka wa kgobega marapo. Akanya kafa Jehofa a segofatsang bodiredi jwa gago le lelapa la gago ka teng. Aga lelapa la gago semoyeng, etela ba ba lwalang, mme o kgothatse ba ba bokoa. Mo godimo ga tsotlhe, tswelela pele o anaanela tshiamelo e o nang le yone ya go baka Modimo le go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. *Pes. 145:1, 2; Isa. 43:10-12.

Itshekatsheke Sesha

19, 20. (a) Banna botlhe ba ba kolobeditsweng ba rotloediwa go dira eng? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Gompieno balebedi le batlhanka ba bodiredi ba tlhokega go feta le fa e le leng pele. Ka jalo re rotloetsa banna botlhe ba ba kolobeditsweng gore ba sekaseke maemo a bone sesha mme ba ipotse jaana: ‘Fa e le gore ga ke motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane, ke ka ntlha yang fa ke se ene?’ Letla moya wa Modimo gore o go thuse go leba dilo sentle mo kgannyeng eno ya botlhokwa.

20 Botlhe mo phuthegong ba tla solegelwa molemo fa badumedi ka bone ba dira maiteko a a molemo ka go ithontsha dilo dingwe. Fa re dira ditiro tsa bopelonomi le tsa bopelotshweu, re bona boitumelo jo bo tlisiwang ke go direla ba bangwe le go jalela moya. Le fa go ntse jalo, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, ga re a tshwanela go hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo. Re ka tila seo jang?

[Ntlha e e kwa tlase]

O ka Araba Jang?

• Boporofeti jo bo mo go Mika 5:5 bo re tlhomamisetsa eng?

• Tlhalosa gore moya wa go intsha setlhabelo o akaretsa eng.

• Motho a ka dira jang gore a nne le keletso ya go direla ba bangwe?

• Go botlhokwa go le kana kang gore lelapa le dirisane mmogo gore rre a tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

O ka bontsha jang gore o kgaratlhela go nna le maikarabelo mo phuthegong?