Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basadi, Ke Eng fa lo Tshwanetse go Ikobela Botlhogo?

Basadi, Ke Eng fa lo Tshwanetse go Ikobela Botlhogo?

Basadi, Ke Eng fa lo Tshwanetse go Ikobela Botlhogo?

“Mosadi . . . tlhogo ya gagwe ke monna.”—1 BAKOR. 11:3.

1, 2. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a reng malebana le thulaganyo ya ga Jehofa ya botlhogo le go bo ikobela? (b) Go tla arabiwa dipotso dife mo setlhogong seno?

JEHOFA o tlhomile thulaganyo e moaposetoloi Paulo a e umakileng fa a ne a re, “tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete” le fa a ne a re, “Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakor. 11:3) Mo setlhogong se se fetileng go umakilwe gore Jesu o ne a tsaya go ikobela Tlhogo ya gagwe, Jehofa Modimo, e le tshiamelo e bile go itumedisa mme go umakilwe le gore tlhogo ya banna ba Bakeresete ke Keresete. Keresete o ne a le pelonomi, a le bonolo, a le kutlwelobotlhoko e bile a akanyetsa batho ba bangwe fa a dirisana le bone. Banna mo phuthegong ba tshwanetse go itshwara jalo fa ba dirisana le batho ba bangwe, segolobogolo fa ba dirisana le basadi ba bone.

2 Mme go tweng ka basadi? Tlhogo ya bone ke mang? Paulo o ne a re: “Mosadi . . . tlhogo ya gagwe ke monna.” Basadi ba tshwanetse go leba jang mafoko ano a a tlhotlheleditsweng? A molaomotheo o o mo mafokong ano o a dira le fa monna e le motho yo o sa dumeleng? A go ikobela botlhogo jwa monna go kaya gore mosadi o tshwanetse go nna a didimetse fela, mme ga a tshwanela go bua sepe mo lelapeng fa go dirwa ditshwetso? Mosadi o ikamogelela pako jang?

“Ke Tlile go mo Direla Mothusi”

3, 4. Ke eng fa thulaganyo ya botlhogo e solegela molemo mo lenyalong?

3 Thulaganyo ya botlhogo e simolotswe ke Modimo. Fa Adame a sena go bopiwa, Jehofa Modimo o ne a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.” Fa Efa a sena go bopiwa, Adame o ne a itumeletse thata go nna le mopati le mothusi mo a neng a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” (Gen. 2:18-24) Adame le Efa ba ne ba na le tsholofelo e e molemolemo ya go nna batsadi ba lotso lotlhe lwa batho ba ba itekanetseng, ba ba neng ba tla tshelela ruri ba itumetse mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe.

4 Ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga batsadi ba rona ba ntlha, boemo joo jo bo molemolemo jwa kwa Edene bo ne jwa fela. (Bala Baroma 5:12.) Mme thulaganyo ya botlhogo e ne ya tswelela e ntse e le teng. Fa thulaganyo ya botlhogo e ikobelwa sentle, e tlisa melemo e megolo le boitumelo mo lenyalong. Seo se felela ka gore banyalani ba ikutlwe ka tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone malebana le go ikobela Tlhogo ya gagwe, Jehofa. Pele ga Jesu e nna motho, o ne a “itumela fa pele ga [ga Jehofa] ka dinako tsotlhe.” (Dia. 8:30) Ka ntlha ya bosaitekanelang, banna ga ba tlhole ba kgona go nna ditlhogo tse di sa direng diphoso, le basadi ga ba kgone go ikoba ka botlalo. Le fa go ntse jalo, fa banna le basadi ba tswelela ba leka go dira sotlhe se ba ka se kgonang, thulaganyo eno ya botlhogo e dira gore batho ba kgotsofale thata mo lenyalong kafa go ka kgonegang ka teng mo metlheng eno.

5. Ke eng fa banyalani ba tshwanetse go tsaya kgakololo e e mo go Baroma 12:10 tsia?

5 Gore lenyalo le atlege, go botlhokwa thata gore banyalani ba dirise kgakololo eno ya Dikwalo e e newang Bakeresete botlhe: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Bar. 12:10) Gape monna le mosadi ba tshwanetse go leka ka natla gore ba ‘nne pelonomi mongwe go yo mongwe, ba le pelotlhomogi ka bonolo, ba itshwarelana ba gololesegile.’—Baef. 4:32.

Fa Molekane E le Yo o Sa Dumeleng

6, 7. Matswela e ka nna afe fa mosadi wa Mokeresete a ikobela monna wa gagwe yo o sa dumeleng?

6 Go tweng fa molekane wa gago wa lenyalo e se motlhanka wa ga Jehofa? Gantsi, monna e a bo e le ene yo o sa dumeleng. Fa go ntse jalo, mosadi wa gagwe o tshwanetse go mo tshwara jang? Baebele e naya karabo: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.”—1 Pet. 3:1, 2.

7 Lefoko la Modimo le bolelela mosadi gore a nne a ikobela monna wa gagwe yo o sa dumeleng. Boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo bo ka tlhotlheletsa monna wa gagwe go batla go itse gore ke eng se se dirang gore a itshware sentle jalo. Ka ntlha ya seo, monna a ka nna a batla go itse se mosadi wa gagwe wa Mokeresete a se dumelang mme kgabagare a amogela boammaaruri.

8, 9. Mosadi wa Mokeresete a ka dirang fa monna wa gagwe yo o sa dumeleng a sa tseye kgato epe le fa a bona boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo?

8 Mme go tweng fa monna yo o sa dumeleng a sa tseye kgato epe le fa a bona boitshwaro jwa mosadi wa gagwe jo bo molemo? Baebele e kgothaletsa mosadi yo o dumelang go bontsha dinonofo tsa Bokeresete ka metlha, le fa go dira jalo go ka nna thata jang. Ka sekai, 1 Bakorintha 13:4 ya re: “Lorato lo pelotelele.” Ka jalo, go tla bo go le molemo gore mosadi wa Mokeresete a tswelele a itshwara “ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo, ka bopelotelele,” a itshokela boemo joo ka lorato. (Baef. 4:2) Ka thuso ya maatla a Modimo a a dirang—moya wa gagwe o o boitshepo—go a kgonega go bontsha dinonofo tsa Bokeresete le mo maemong a a thata.

9 Paulo o ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafil. 4:13) Moya wa Modimo o thusa molekane wa Mokeresete gore a kgone go dira dilo tse dintsi tse a neng a ka se kgone go di dira kwantle ga one. Ka sekai, fa molekane wa motho a mo tshwara makgwakgwa, a ka raelesega go ipusolosetsa. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolelela Bakeresete botlhe jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” (Bar. 12:17-19) Ka tsela e e tshwanang 1 Bathesalonika 5:15 e re gakolola jaana: “Tlhokomelang gore ope a se ka a busolosa go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa yo mongwe botlhoko le ene, mme ka metlha lwelang go direlana se se molemo le go direla ba bangwe botlhe se se molemo le bone.” Fa re thusiwa ke moya wa ga Jehofa o o boitshepo, re kgona go dira dilo tse re neng re ka se kgone go di dira ka maatla a rona fela. A bo go tshwanela gore re rapelele moya wa Modimo o o boitshepo gore o re thuse fa re tlhaelang teng!

10. Jesu o ne a itshwara jang fa ba bangwe ba ne ba sa mmuise sentle kana ba sa mo tshware sentle?

10 Jesu o tlhomile sekao se se tlhomologileng fa a ne a dirisana le batho ba ba neng ba sa mmuise sentle kana ba sa mo tshware sentle. Temana ya 1 Petere 2:23 ya re: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” Re kgothalediwa go etsa sekao sa gagwe se se molemo. O se ka wa galefa fa ba bangwe ba sa itshware sentle. Jaaka Bakeresete botlhe ba gakololwa, o nne ‘pelotlhomogi ka bonolo, o le boikokobetso mo mogopolong, o sa duele go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola.’—1 Pet. 3:8, 9.

A ga Ba a Tshwanela go Bua Sepe?

11. Basadi bangwe ba Bakeresete ba tlile go nna le tshiamelo efe e kgolo?

11 A fa mosadi a ikobela botlhogo jwa monna wa gagwe go raya gore ga a tshwanela go bua sepe mo lelapeng, ka dilo tse di amang lelapa kgotsa ka dikgang tse dingwe? Nnyaa le e seng. Jehofa o neile banna le basadi ditshiamelo tse dintsi. Akanya fela ka tshiamelo e kgolo e batho ba ba 144 000 ba tlileng go nna le yone ya go nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong ba eteletswe pele ke Keresete fa a tla bo a busa lefatshe leno! Go na le basadi mo palong eo. (Bagal. 3:26-29) Go bonala sentle gore Jehofa o neile basadi seabe se segolo mo thulaganyong ya gagwe.

12, 13. Naya sekai se se bontshang gore basadi ba ne ba porofeta.

12 Ka sekai, mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, basadi ba ne ba porofeta. Joele 2:28, 29 e ne ya bolelela pele jaana: “Ke [tla] tshololel[a] moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. . . . Mo malatsing ao ke tla tshololela moya wa me le mo batlhankeng le mo malateng.”

13 Mo barutweng ba ka nna 120 ba ga Jesu ba ba neng ba phuthegile kwa phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., go ne go na le basadi mmogo le banna. Setlhopha seo sotlhe se ne sa tshololelwa moya wa Modimo. Ka jalo, Petere o ne a ka nopola se moporofeti Joele a neng a se boleletse pele mme a se dirisa mo banneng le mo basading ka go tshwana. Petere o ne a re: “Seno ke se se neng sa buiwa ka moporofeti Joele, ‘Modimo a re: “Mme mo metlheng ya bofelo ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta . . . ; le e leng mo batlhankeng ba me le mo malateng a me ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo metlheng eo, mme ba tla porofeta.”’”—Dit. 2:16-18.

14. Basadi ba ne ba na le seabe sefe mo go anamiseng tumelo ya Bokeresete bogologolo?

14 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, basadi ba ne ba na le seabe se segolo mo go anamiseng tumelo ya Bokeresete. Ba ne ba rerela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo e bile ba ne ba dira dilo tse di amanang le tiro eo ya go rera. (Luke 8:1-3) Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a bitsa Febe a re ke “modiredi wa phuthego e e mo Kenkerea.” Mme fa Paulo a ne a romelela badirimmogo le ene ditumediso, o ne a umaka basadi ba le mmalwa ba ba ikanyegang, go akaretsa “Teraefina le Teraefosa, basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng.” Gape o ne a umaka “Peresise moratwa wa rona, gonne o ne a dira ditiro tsa bonatla di le dintsi mo Moreneng.”—Bar. 16:1, 12.

15. Basadi ba na le seabe sefe mo go anamisiweng ga tumelo ya Bokeresete mo motlheng wa rona?

15 Mo motlheng wa rona, bontsi jwa batho ba ba fetang dimilione di le supa ba ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe ke basadi ba dingwaga tse di farologaneng. (Math. 24:14) Bontsi jwa bone ke badiredi ba nako e e tletseng, barongwa, le maloko a malapa a Bethele. Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Jehofa ka boene o ntsha lefoko; basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.” (Pes. 68:11) Mafoko ao a itshupile a le boammaaruri tota! Jehofa o anaanela seabe se basadi ba nang le sone mo go boleleng dikgang tse di molemo le mo go diragadiweng ga maikaelelo a gagwe. Go bo a batla gore basadi ba Bakeresete ba ikobe ruri ga go reye gore o batla gore ba didimale fela ba se ka ba bua sepe.

Basadi ba Babedi ba ba Neng ba Ntsha Maikutlo a Bone

16, 17. Sekao sa ga Sara se bontsha jang gore ga go a lebelelwa gore basadi ba nne fela ba didimetse ba sa bue sepe mo lelapeng?

16 Fa e le gore Jehofa o naya basadi ditshiamelo tse dintsi, a banna ga ba a tshwanela go rerisana le basadi ba bone pele ga ba dira ditshwetso tsa botlhokwa? Ba tla bo ba dira ka botlhale fa ba dira jalo. Baebele e umaka ditiragalo di le mmalwa tse mo go tsone basadi ba ba nyetsweng ba neng ba bua kana ba dira sengwe banna ba bone ba sa ba kopa go ntsha maikutlo a bone. Akanya ka dikai tse pedi.

17 Sara, mosadi wa ga Aborahame yo e neng e le tlhogo ya lotso, o ne a tlhola a mo raya a re a kobe mosadi wa gagwe wa bobedi le morwawe ka gonne ba se na maitseo. “Seno sa itshupa se sa itumedise gotlhelele mo go Aborahame,” mme e seng mo Modimong. Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “O se ka wa letla sepe se Sara a nnang a se go raya gore se se ka sa go itumedisa kaga mosimane le kaga lelata la gago. Reetsa lentswe la gagwe.” (Gen. 21:8-12) Aborahame o ne a ikobela Jehofa, a reetsa Sara, mme a dira se Sara a neng a se kopa.

18. Abigaile o ne a dirang ka bogagagwe?

18 Gape akanya ka Abigaile, mosadi wa ga Nabale. Fa Dafide a ne a tshaba ka ntlha ya ga Kgosi Saulo yo o lefufa, o ne a thibelela gaufi le matsomane a ga Nabale ka lobakanyana. Go na le gore Dafide le banna ba gagwe ba itseele dipe tsa dithoto tse dintsi tsa monna yono yo o humileng, ba ne ba di tlhokomela. Le fa go ntse jalo, Nabale “o ne a le bogale e bile a le bosula mo ditirong tsa gagwe,” mme o ne a “kgalema” banna ba ga Dafide “a goa.” E ne e le ‘monna yo o se nang molemo wa sepe,’ e bile ‘e ne e le seeleele.’ Fa banna ba ga Dafide ba ne ba kopa dijo ka tlotlo, Nabale o ne a gana go di ba naya. Abigaile o ne a dirang fa a ne a utlwa ka se se diragetseng? O ne a “potlaka a tsaya dinkgwe di le makgolo a mabedi le dinkgo di le pedi tse dikgolo tsa beine le dinku di le tlhano tse di baakantsweng le dilekanyo tsa sea di le tlhano tsa mabele a a gadikilweng le dikuku di le lekgolo tsa morara o o swabisitsweng le dikuku di le makgolo a mabedi tsa difeige tse di kgobilweng” a di naya Dafide le banna ba gagwe a sa bolelela Nabale. A se Abigaile a neng a se dirile se ne se siame? Ee. Baebele ya re: “Jehofa a itaya Nabale, mme a swa.” Moragonyana Dafide o ne a nyala Abigaile.—1 Sam. 25:3, 14-19, 23-25, 38-42.

‘Mosadi yo o Ikamogelelang Pako’

19, 20. Ke eng se tota se dirang gore mosadi a tshwanelwe ke pako?

19 Baebele e akgola mosadi yo o dirang dilo ka tsela ya ga Jehofa. Buka ya Baebele ya Diane e baka “mosadi yo o nang le bokgoni,” e re: “Tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya dikorale kgakala. Pelo ya mong wa gagwe e mo ikantse, mme ga go tlhaele poelo epe. O mo duetse ka molemo, mme e seng bosula, malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” Gape, “o butse molomo wa gagwe ka botlhale, mme molao wa bopelonomi jwa lorato o mo lolemeng lwa gagwe. O tlhokometse tse di diragalang mo ntlong ya gagwe, mme ga a je senkgwe sa botshwakga. Bomorwawe ba nanogile ba mmolela a itumetse; mong wa gagwe o a nanoga, mme o a mmaka.”—Dia. 31:10-12, 26-28.

20 Ke eng se tota se dirang gore mosadi a tshwanelwe ke pako? Diane 31:30 ya re: “Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.” Go boifa Jehofa go akaretsa go ikobela thulaganyo ya Modimo ya botlhogo ka go rata. “Mosadi . . . tlhogo ya gagwe ke monna” fela jaaka “tlhogo ya monna mongwe le mongwe [e le] Keresete” mme “Keresete . . . ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.”—1 Bakor. 11:3.

Anaanela Mpho ya Modimo

21, 22. (a) Banyalani ba Bakeresete ba na le mabaka afe a go anaanela mpho ya Modimo ya lenyalo? (b) Ke eng fa re tshwanetse go tlotla dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa taolo le botlhogo? (Bona lebokose le le mo tsebe 17.)

21 Banyalani ba Bakeresete ba na le mabaka a mantsi a go leboga Modimo! Ba ka nna seoposengwe e le banyalani ba ba itumetseng. Ba tshwanetse gore segolobogolo ba leboge Modimo ka ntlha ya mpho e e molemo ya lenyalo ka gonne e ba naya sebaka sa go tshela mmogo le go tsamaya le Jehofa. (Ruthe 1:9; Mik. 6:8) Ene—ka gonne e le Mosimolodi wa lenyalo—o itse sentle gore go tlhokega eng gore batho ba itumele mo lenyalong. Fa o dira dilo ka tsela ya gagwe ka metlha ‘boipelo jwa ga Jehofa e tla nna kago ya gago e e thata’ le mo lefatsheng leno la gompieno le le tletseng mathata.—Neh. 8:10.

22 Monna wa Mokeresete yo o ratang mosadi wa gagwe jaaka a ithata o tla nna tlhogo e e bonolo, e e akanyetsang. Mosadi wa gagwe yo o boifang Modimo o tla ratega tota, ka gonne o tla mo ema nokeng e bile o tla mo tlotla ka tlotlo e e boteng. Sa botlhokwa le go feta, lenyalo la bone le le itumetseng le tla tlotla Modimo wa rona yo o tshwanelwang ke pako, Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Jehofa o tlhomile thulaganyo efe ya botlhogo le go bo ikobela?

• Ke eng fa banyalani ba tshwanetse go tlotlana?

• Mosadi yo o dumelang o tshwanetse go tshwara monna wa gagwe yo o sa dumeleng jang?

• Ke eng fa banna ba tshwanetse go rerisana le basadi ba bone pele ga ba dira ditshwetso tsa botlhokwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 17]

Ke Eng fa o Tshwanetse go Tlotla Taolo?

Jehofa o rulagantse gore go nne le thulaganyo ya taolo le botlhogo mo gare ga dibopiwa tse di botlhale. O dirile jalo gore dibopiwa tsa moya le batho ba solegelwe molemo. Seno se ba naya sebaka sa go dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela le go tlotla Modimo ka go mo direla ka kutlwano ba le seoposengwe.—Pes. 133:1.

Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ikobela bolaodi le botlhogo jwa ga Jesu Keresete. (Baef. 1:22, 23) Ka gonne Jesu a ikobela bolaodi jwa ga Jehofa, kgabagare “Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.” (1 Bakor. 15:27, 28) A bo go tshwanela jang ne gore batho ba ba ineetseng mo Modimong ba ikobele thulaganyo ya botlhogo mo phuthegong le mo lelapeng! (1 Bakor. 11:3; Baheb. 13:17) Fa re dira jalo re tla solegelwa molemo ka gonne Jehofa o tla re amogela e bile o tla re segofatsa.—Isa. 48:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Thapelo e ka thusa mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete go bontsha dinonofo tse di molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa o anaanela seabe se basadi ba nang le sone mo ditirong tsa Bogosi