Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

E re ka Jehofa a iletsa kobamelo ya medingwana, ke ka ntlha yang fa a ne a se ka a otlhaela Arone go dira namane ya gouta?

Fa Arone a ne a dira namane ya gouta, jaaka go kwadilwe mo go Ekesodo kgaolo 32, o ne a tlola molao wa Modimo o o malebana le kobamelo ya medingwana. (Ekes. 20:3-5) Ka ntlha ya seo, “Jehofa o ne a tukela [Arone] bogale mo a neng a batla a mo nyeletsa; mme [Moshe a] kokotlelela le Arone ka nako eo.” (Dute. 9:19, 20) A mokokotlelo wa monna yo o siameng e bong Moshe o ne wa nna le “maatla a magolo” mo kgannyeng ya ga Arone? (Jak. 5:16) Ee. Go lebega Jehofa a ne a araba thapelo ya ga Moshe mme a se ka a otlhaya Arone ka ntlha ya mokokotlelo oo le ka ntlha ya mabaka a mangwe a ka nna mabedi.

Go lebega lebaka le lengwe e ne e le ka gonne Arone a ne a sa bolo go direla Jehofa ka boikanyegi. Fa Moshe a ne a laelwa gore a ye kwa go Faro mme a ntshe Baiseraele kwa Egepeto, Jehofa o ne a tlhoma Arone gore a pate Moshe a bo a nne mmueledi wa gagwe. (Ekes. 4:10-16) Banna bano ba babedi ba ne ba nna kutlo mme ba ya kwa kgosing ya Egepeto gantsintsi mme ba tshwanelwa ke go lebana le bopeloethata jwa ga Faro. Ka jalo, fa Arone a sa ntse a le kwa Egepeto, o ne a itirela leina le lentle la go direla Jehofa ka boikanyegi le ka nitamo.—Ekes. 4:21.

Akanya le ka ditiragalo tse di feletseng ka gore Arone a dire namane ya gouta. Moshe o ne a le kwa Thabeng ya Sinai malatsi a le 40. Fa “batho ba bona gore Moshe o ne a tsaya nako e telele go fologa mo thabeng,” ba ne ba rotloetsa Arone gore a ba direle modingwana. Arone o ne a dumela mme a dira sefikantswe sa namane ya gouta. (Ekes. 32:1-6) Le fa go ntse jalo, dilo tse Arone a neng a di dira moragonyana ga moo di bontsha gore tota ene mo pelong ya gagwe o ne a sa dumalane le kgang eno ya go obamela medingwana. Go lebega a ne a ineela mme a dira se batho ba neng ba se batla. Ka sekai, fa Moshe a ne a fedisa kobamelo ya medingwana ka tsela e e tshikinyang maikutlo, bomorwa Lefi botlhe—go akaretsa le Arone—ba ne ba ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa ba nitame. Go ne ga bolawa batho ba le 3 000 ba ba neng ba di goga kwa pele mo kobamelong eo ya medingwana.—Ekes. 32:25-29.

Go tswa foo Moshe o ne a raya batho a re: “Lo leofile ka boleo jo bogolo.” (Ekes. 32:30) Ka jalo, Arone e ne e se ene fela a leng molato mo phosong eo. Ene mmogo le setšhaba sotlhe ba ne ba solegelwa molemo ke bopelotlhomogi jo bogolo jwa ga Jehofa.

Morago ga tiragalo ya namane ya gouta, Jehofa o ne a laela gore Arone a tlhomiwe go nna moperesiti yo mogolo. Modimo o ne a raya Moshe a re: “O apese Arone diaparo tse di boitshepo o bo o mo tlotse o mo itshepise, mme a ntirele e le moperesiti.” (Ekes. 40:12, 13) Go lebega Jehofa a ne a itshwarela Arone phoso ya gagwe. Arone o ne a ema kobamelo ya boammaaruri nokeng go tswa pelong, e ne e se setsuolodi se se obamelang medingwana.