Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Tlotla Batsofe?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Tlotla Batsofe?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Tlotla Batsofe?

FA THOKO ga lotshitshi lwa kwa California, kwa U.S.A., go na le setlhare se batho ba ratang go se tsaya dinepe thata. Setlhare seo se bidiwa Lone Cypress. Gatwe se na le dingwaga di feta 250 se le teng. Setlhare seo se sentle se se itsegeng ka gore se na le dingwagangwaga se itshoketse maemo a a farologaneng se ngokile kgatlhego ya batho ka ditsela di le mmalwa. Ka sekai, se tshegeditswe ka megala e mekima ya tshipi mme thito ya sone e ageletswe ka maje.

Setlhare seno sa Lone Cypress se ka dira gore re akanye ka Bakeresete ba ba tsofetseng ba re nang le bone, ba ba nang le boitshoko jo bo tlhomologileng. Tsela nngwe e e tlhomologileng e ba bontshang boitshoko ka yone ke ka go rera dikgang tse di molemo. Moporofeti Joele o ne a porofeta gore “bannabagolo” ba ne ba tla bolela molaetsa wa Baebele. (Joele 2:28-32; Dit. 2:16-21) Akanya fela ka diura tse dintsintsi tse batsofe bano ba di dirisang ka tlhoafalo ba thusa ba bangwe gore ba itse ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’! (Math. 24:14) Bangwe ba baboledi bano ba ba tsofetseng ba Bogosi ba na le dingwagangwaga ba itshoketse go bogisiwa kana mathata a mangwe. Fa e le gore setlhare sa cypress se tumile ka go itshokela maemo a a farologaneng mme se tshegeditswe ka maje le megala e mekima ya tshipi, batsofe ba re nang le bone ba tshwanelwa thata ke go tshwarwa ka tsela e e bontshang seriti le tlotlo!

Jehofa Modimo o ne a laela setšhaba sa gagwe sa bogologolo jaana: “O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng.” (Lefi. 19:32) Mo gare ga batlhanka ba ga Jehofa gompieno go na le dikao tse di molemo tsa batho ba ba ikanyegang ba ba nang le dingwaga tse dintsi ba “tsamaya le Modimo.” (Mik. 6:8) Fa ba ntse ba dirisa melaometheo ya Baebele, ruri botlhogoputswa jwa bone ke “serwalo sa bontle.”—Dia. 16:31.

Moaposetoloi Paulo o ne a laela Timotheo yo mmotlana jaana: “O se ka wa tshwaya monna yo mogolwane phoso mo go botlhoko.” Go na le moo, Timotheo o ne a tshwanetse gore a mo ‘rapele jaaka rraagwe’ le ‘basadi ba bagolwane jaaka bommaagwe.’ (1 Tim. 5:1, 2) Totatota, Timotheo o ne a tshwanetse gore a “nanoge” fa pele ga moriri o mosweu. Ka jalo, seno se bontsha sentle gore Jehofa o lebeletse gore tsela e re buang ka yone e bontshe tlotlo e e ntseng jalo.

Baroma 12:10 ya re: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” Ruri balebedi mo phuthegong ba tlotla Bakeresete ba ba tsofetseng. Mme rotlhe re tshwanetse go etelela pele mo go bontshaneng tlotlo.

Gone, ba lelapa ba na le boikarabelo jo bo kgethegileng jwa go tlhokomela batsadi ba bone, borraabonemogolo le bonkokoabone. Batho ba batlile ditsela tse ba ka tlhokomelang setlhare sa Lone Cypress ka tsone, mme ba ntse ba tsweletse ka go dira jalo. Ka jalo, ruri re tshwanetse go batla ditsela tsa go naya batsadi ba rona ba ba tsofalang le borraaronamogolo le bonkokoarona seriti. Ka sekai, go nna bareetsi ba ba molemo go tla re thusa gore re se ka ra tatalalela go dira dilo ka tsela ya rona re sa akanyetse maikutlo a bone.—Dia. 23:22; 1 Tim. 5:4.

Batsofe ba re nang le bone ba tlhwatlhwakgolo mo go Jehofa. Ga a ba latlhe. (Pes. 71:18) Modimo wa boammaaruri o a ba nonotsha gore ba tswelele ba mo direla ka boikanyego. E kete le rona re ka tswelela re thusa batsofe le go ba tlotla.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Fela jaaka setlhare sa “Lone Cypress” se tlhoka go tshegediwa, batsofe ba tlhoka go tshwarwa ka seriti le tlotlo

[Motswedi wa Setshwantsho]

American Spirit Images/age fotostock