Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Hutsafatsa Moya o o Boitshepo wa ga Jehofa

O se Ka wa Hutsafatsa Moya o o Boitshepo wa ga Jehofa

O se Ka wa Hutsafatsa Moya o o Boitshepo wa ga Jehofa

‘Lo se ka lwa hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo, o lo tshwailweng ka one.’—BAEF. 4:30.

1. Jehofa o diretse dimilione tsa batho eng, mme ke eng se ba tshwanetseng go se dira?

JEHOFA o diretse batho ba le dimilionemilione ba ba tshelang mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego sengwe se se kgethegileng. O dirile gore ba kgone go atamalana le ene ka Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. (Joh. 6:44) Le wena o mongwe wa batho bano fa e le gore o ineetse mo Modimong e bile o tshela go dumalana le boineelo jwa gago. E re ka o kolobeditswe mo leineng la moya o o boitshepo, o tshwanetse go tshela go dumalana le moya oo.—Math. 28:19.

2. Re tla sekaseka dipotso dife?

2 Rona ba re ‘jalelang moya’ re apara botho jo bosha. (Bagal. 6:8; Baef. 4:17-24) Mme moaposetoloi Paulo o a re gakolola e bile o re tlhagisa gore re se ka ra hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo. (Bala Baefeso 4:25-32.) Jaanong re tla sekaseka kgakololo ya moaposetoloi yono ka kelotlhoko. Paulo o ne a kaya eng fa a ne a bua ka go hutsafatsa moya wa Modimo? Motho yo o ineetseng mo go Jehofa a ka dira selo se se ntseng jalo jang? Mme re ka tila jang go hutsafatsa moya wa ga Jehofa?

Se Paulo a Neng a se Kaya

3. O ka tlhalosa jang se se kaiwang ke mafoko a a mo go Baefeso 4:30?

3 Sa ntlha, ela tlhoko mafoko a ga Paulo a a mo go Baefeso 4:30. O ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo, o ka one lo tshwaetsweng letsatsi la go gololwa ka thekololo.” Paulo o ne a sa batle badumedi ka ene ba ba rategang ba tsenya bomoya jwa bone mo kotsing. Ba ne ba tshwailwe ka moya wa ga Jehofa, ‘ba tshwaetswe letsatsi la go gololwa ka thekololo.’ Moya o o boitshepo wa Modimo e ne e le letshwao e bile e sa ntse e le lone, kgotsa “sesupo [sa go sa le gale] sa se se tlang” mo batlodiweng ba ba ikanyegang. (2 Bakor. 1:22) Letshwao leo le bontsha gore ke ba Modimo e bile ba tla tshela kwa legodimong. Palo ya ba go tshwaiwa ga bone go tlhomamisitsweng e tla nna 144 000.—Tshen. 7:2-4.

4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tile go hutsafatsa moya wa Modimo?

4 Go hutsafatsa moya e ka nna yone kgato ya ntlha e e felelang ka gore botshelo jwa Mokeresete bo se ka jwa tlhola bo tlhotlhelediwa gotlhelele ke maatla a Modimo a a dirang. Se Dafide a neng a se bua fa a sena go leofa le Bathesheba se bontsha gore seo se ka direga. Dafide o ne a kopa Jehofa jaana a ikwatlhaya: “O se ka wa ntatlha wa ntlosa fa pele ga sefatlhego sa gago; mme, tsweetswee, o se ka wa tlosa moya wa gago o o boitshepo mo go nna.” (Pes. 51:11) Batlodiwa ba ba ‘ikanyegang go ya losong’ ke bone fela ba tla newang “serwalo” sa botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (Tshen. 2:10; 1 Bakor. 15:53) Bakeresete ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba tlhoka moya o o boitshepo gore ba nne ba ikanyega mo Modimong, mme ka jalo ba amogele mpho ya gagwe ya botshelo ka go bo ba na le tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete sa thekololo. (Joh. 3:36; Bar. 5:8; 6:23) Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go itisa gore re se ka ra hutsafatsa moya o o boitshepo wa ga Jehofa.

Mokeresete a ka Hutsafatsa Moya Jang?

5, 6. Mokeresete a ka hutsafatsa moya wa ga Jehofa jang?

5 Rona Bakeresete ba ba ineetseng, re ka tila go hutsafatsa moya. Re ka kgona go dira jalo fa re ‘nna re tsamaya e bile re tshela ka moya,’ ka gonne fa re dira jalo re ka se fekeediwe ke dikeletso tse di sa siamang tsa nama e bile re ka se nne le mekgwa e e bosula. (Bagal. 5:16, 25, 26) Mme seo se ka fetoga. Re ka hutsafatsa moya wa Modimo ka selekanyo se se rileng ka go itetla gore ka bonya ka bonya, gongwe re sa lemoge, re iphitlhele re dira ditiro tse di kgalwang mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya.

6 Fa re ka tswelela pele re sa dire go dumalana le kaelo ya moya o o boitshepo, re tla bo re o hutsafatsa, e bile re hutsafatsa Jehofa, Monei wa moya oo. Fa re sekaseka Baefeso 4:25-32, re tla bona gore re tshwanetse go itshwara jang, mme go dira jalo go ka re thusa go tila go hutsafatsa moya wa Modimo.

Kafa re ka Tilang go Hutsafatsa Moya ka Teng

7, 8. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bua boammaaruri.

7 Re tshwanetse go bua boammaaruri. Go ya ka Baefeso 4:25, Paulo o ne a kwala jaana: “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe, ka gonne re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.” E re ka re utlwana jaaka “ditokololo tsa mongwe go yo mongwe,” ruri ga re a tshwanela go nna maferefere kgotsa go leka go timetsa badumedi ka rona ka boomo, ka gonne seo se tshwana fela le go ba aketsa. Batho bape ba ba ka tswelelang ba dira jalo ba ka felela ba se na kamano epe le Modimo.—Bala Diane 3:32.

8 Mafoko le ditiro tsa tsietso di ka senya kutlwano ya phuthego. Ka jalo, re tshwanetse go nna jaaka moporofeti yo o ikanyegang e bong Daniele, yo batho ba bangwe ba neng ba sa bone sepe se se boikepo mo go ene. (Dan. 6:4) Gape re tshwanetse go nna re gopotse kgakololo e Paulo a neng a e naya Bakeresete ba ba solofetseng go tshela kwa legodimong ya gore, mongwe le mongwe yo e leng tokololo ya “mmele wa ga Keresete” ke tokololo ya ba bangwe botlhe e bile o tshwanetse go nna a le seoposengwe le balatedi ba bangwe botlhe ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ba buang boammaaruri. (Baef. 4:11, 12) Fa e le gore re solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise, le rona re tshwanetse go bua boammaaruri, ka jalo re dira gore bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe ba nne seoposengwe.

9. Ke eng fa go le botlhokwa gore re latele kgakololo e e mo go Baefeso 4:26, 27?

9 Re tshwanetse go ganetsa Diabolo, re sa mo neye sebaka sa go koafatsa bomoya jwa rona. (Jak. 4:7) Moya o o boitshepo o re thusa go ganetsa Satane. Ka sekai, re ka dira jalo ka go itisa gore re se ka ra galefa mo go feteletseng. Paulo o ne a kwala jaana: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baef. 4:26, 27) Fa go direga gore re galefe ka lebaka lengwe le le utlwalang, go rapelela mo pelong ka yone nako eo go ka re thusa go nna le “moya o o ritibetseng,” ka jalo re bontsha boikgapo mo boemong jwa go dira sengwe se se ka hutsafatsang moya wa Modimo. (Dia. 17:27) Ka jalo a re se ka ra nna re galefile mme ra naya Satane sebaka sa go re tlhotlheletsa go dira sengwe se se bosula. (Pes. 37:8, 9) Tsela nngwe e re ka mo ganetsang ka yone ke ka go rarabolola dikgotlhang ka bonako go dumalana le kgakololo ya ga Jesu.—Math. 5:23, 24; 18:15-17.

10, 11. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go utswa kgotsa go dira ka go sa ikanyege?

10 Ga re a tshwanela go ineela mo thaelong epe ya go utswa kgotsa go sa ikanyege. Paulo o ne a kwala jaana malebana le bogodu: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.” (Baef. 4:28) Fa Mokeresete yo o ineetseng a ka utswa, tota o tla bo a “gobolola leina la Modimo.” (Dia. 30:7-9) Tota le fa motho a humanegile seo ga se reye gore o tshwanetse go utswa. Batho ba ba ratang Modimo le baagelani ba bone ba itse gore ga go na lebaka lepe le le utlwalang la go utswa.—Mar. 12:28-31.

11 Paulo ga a umake fela se re sa tshwanelang go se dira; o tlhalosa le se re tshwanetseng go se dira. Fa re tshela e bile re tsamaya ka moya o o boitshepo, re tla dira ka natla gore re kgone go tlhokomela ba malapa a rona mme re nne le “sengwe se [re ka] se abelang mongwe yo o tlhokang.” (1 Tim. 5:8) Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba beela madi kwa thoko gore ba thuse bahumanegi, mme Judase Isekariota wa mooki o ne a itseela mangwe a madi ao. (Joh. 12:4-6) Ruri o ne a sa kaelwe ke moya o o boitshepo. Rona ba re kaelwang ke moya wa Modimo re “itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe,” fela jaaka Paulo a ne a dira. (Baheb. 13:18) Ka jalo re tila go hutsafatsa moya o o boitshepo wa ga Jehofa.

Ditsela Tse Dingwe Tse re ka Tilang go Hutsafatsa Moya ka Tsone

12, 13. (a) Jaaka go bontshitswe mo go Baefeso 4:29, re tshwanetse go tila puo e e ntseng jang? (b) Re tshwanetse go bua puo e e ntseng jang?

12 Re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re buang ka yone. Paulo o ne a re: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.” (Baef. 4:29) Le fano gape, moaposetoloi ga a umake fela se re sa tshwanelang go se dira; o re bolelela gore re tshwanetse go dira eng. Fa re tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo, re tla tlhotlheletsega go bua ‘lefoko le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.’ Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go letla “lefoko le le bodileng” le tswa mo molomong wa rona. Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “bodileng” le a tle le dirisiwe go kaya leungo le le senyegileng, tlhapi kgotsa nama e e senyegileng. Fela jaaka dijo tse di ntseng jalo di re ferosa sebete, re tlhoa puo e Jehofa a reng e maswe.

13 Re tshwanetse go bua ka tsela e e nang le seriti, ya bopelontle, ‘e e lokilweng ka letswai.’ (Bakol. 3:8-10; 4:6) Batho ba tshwanetse go lemoga gore re farologane le ba bangwe fa ba utlwa se re se buang. Ka jalo a re thuseng batho ba bangwe ka go bua se se “molemo go aga.” Mme e kete re ka nna le maikutlo a a tshwanang le a mopesalema yo o neng a opela a re: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa Lefika la me le Mogolodi wa me.”—Pes. 19:14.

14. Go ya ka Baefeso 4:30, 31, re tshwanetse go latlha eng?

14 Re tshwanetse go latlha kgakalo, tšhakgalo, puo ya go kgoba le bosula jotlhe. Fa Paulo a sena go re tlhagisa gore re se ka ra hutsafatsa moya wa Modimo, o ne a kwala jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.” (Baef. 4:30, 31) E re ka re sa itekanela, rotlhe re tshwanetse go dira ka natla gore re laole dikakanyo tsa rona le ditiro tsa rona. Fa re ka itetla go nna le “kgakalo . . . ya letlhoo le bogale le tšhakgalo,” re tla bo re hutsafatsa moya wa Modimo. Go ka nna jalo le fa re ka nna re bolokile sekgopi fa mongwe a re diretse phoso, ra mo tlhoa, mme ra gana go agisana le ene. Fa re ka tlhokomologa kgakololo ya Baebele, re ka simolola go nna le mekgwa e e ka felelang ka gore re leofele moya mme seo se ka re tlisetsa ditlamorago tse di botlhoko.

15. Fa re diretswe phoso nngwe, re tshwanetse go dira eng?

15 Re tshwanetse go nna pelonomi, go nna kutlwelobotlhoko le go itshwarela ba bangwe. Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baef. 4:32) Tota le fa re utlwisitswe botlhoko thata ke phoso e mongwe a re e diretseng, re tshwanetse go mo itshwarela, fela jaaka Modimo a re itshwarela. (Luke 11:4) A re re modumedi ka rona o buile sengwe se se sa siamang ka rona. Re ya kwa go ene re ya go leka go rarabolola bothata. O ikwatlhaya tota a bo a kopa maitshwarelo. Re a mo itshwarela, mme re tshwanetse go dira se se fetang seo. Lefitiko 19:18 ya re: “O se ka wa ipusolosetsa le fa e le go tshwara bomorwa batho ba gaeno ka pelo; mme o rate mongwe ka wena jaaka o ithata. Ke nna Jehofa.”

Re Tshwanetse go Ntsha Matlho Dinameng

16. Naya sekai se se bontshang gore re ka nna ra tlhoka go dira diphetogo dingwe gore re se ka ra hutsafatsa moya wa ga Jehofa.

16 Tota le fa re le rosi, re ka raelesega go dira sengwe se se sa itumediseng Modimo. Ka sekai, a re re mokaulengwe o ntse a reetsa mmino o o sa siamang. Kgabagare o tshwenngwa ke segakolodi ka gonne a sa latela kgakololo ya Baebele e e mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) A ka nna a rapela ka bothata jono mme a gopola mafoko a ga Paulo a a mo go Baefeso 4:30. O ititeile sehuba gore a se ka a dira sepe se se ka hutsafatsang moya wa Modimo, mme o swetsa ka gore go tloga jaanong o tla tila mmino o o sa siamang. Jehofa o tla segofatsa se mokaulengwe yono a se dirang. Ka jalo, a re nneng re itisitse gore re se ka ra hutsafatsa moya wa Modimo.

17. Go ka diragalang fa re sa ntshe matlho dinameng le go rapela ka metlha?

17 Fa re sa ntshe matlho dinameng mme ra rapela ka metlha, re ka iphitlhela re na le mokgwa o o seng phepa kgotsa o o phoso o o ka hutsafatsang moya. E re ka moya o o boitshepo o dira gore re nne le dinonofo tse di dumalanang le tsela e Rraarona yo o kwa legodimong a lebang dilo ka yone, moya ono o ka hutsafadiwa—sengwe se le ka motlha re sa batleng go se dira. (Baef. 4:30) Bakwadi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba leofa ka go bolela gore Jesu o ne a dira dikgakgamatso ka maatla a ga Satane. (Bala Mareko 3:22-30.) Baba bao ba ga Keresete ba ne ba ‘tlhapatsa moya o o boitshepo’ mme ka jalo ba dira boleo jo bo sa itshwarelweng. E kete le ka motlha re ka se iphitlhele re le mo seemong seo!

18. Re ka itse jang gore ga re a dira boleo jo bo sa itshwarelweng?

18 E re ka re sa batle go dira boleo jo bo sa itshwarelweng le fa e ka nna ka tsela epe fela, re tshwanetse go gopola se Paulo a neng a se bua kaga go se hutsafatse moya. Mme go tweng fa re dirile phoso e e masisi? Fa re ikwatlhaile mme re thusitswe ke bagolwane re ka swetsa ka gore Modimo o re itshwaretse le gore ga re a leofela moya o o boitshepo. Mo godimo ga moo, ka thuso ya Modimo, re ka tila go hutsafatsa moya gape ka tsela epe fela.

19, 20. (a) Dingwe tsa dilo tse re tshwanetseng go di tila ke dife? (b) Re tshwanetse go ititaya sehuba gore re dire eng?

19 Modimo o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go rotloetsa batho ba gagwe gore ba nne le lorato, boitumelo le kutlwano. (Pes. 133:1-3) Ka jalo, re tshwanetse ra itisa gore re se ka ra hutsafatsa moya ka go seba ba bangwe kgotsa ka go bua dilo tse di ka digang seriti sa badisa ba ba tlhomilweng ka moya. (Dit. 20:28; Jude 8) Mo boemong jwa moo, re tshwanetse go rotloetsa kutlwano le go tlotlana mo phuthegong. Ruri ga re a tshwanela go kgothaletsa gore go nne le makoko mo bathong ba Modimo. Paulo o ne a kwala jaana: “Ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lotlhe lo bue ka tumalano, le gore go se nne le dikgaogano mo go lona, fa e se gore lo nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.”—1 Bakor. 1:10.

20 Jehofa o a rata e bile o kgona go re thusa go tila go hutsafatsa moya wa gagwe. A re tsweleleng pele re rapelela gore re newe moya o o boitshepo mme re ititeye sehuba gore re se ka ra o hutsafatsa. E kete re ka nna re ‘jalela moya,’ re latela kaelo ya one ka tlhoafalo gone jaanong le ka bosakhutleng.

O ka Araba Jang?

• Go hutsafatsa moya wa Modimo go kaya eng?

• Motho yo o ineetseng mo go Jehofa a ka hutsafatsa moya wa Modimo jang?

• Re ka tila jang go hutsafatsa moya o o boitshepo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Rarabolola dikgotlhang ka bonako

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Tsela e o buang ka yone e tshwantshediwa sentle ke maungo afe?