Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela Pele o Thapisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga

Tswelela Pele o Thapisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga

Tswelela Pele o Thapisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga

ABO go kgatlha jang go bona motho yo o ikatisitseng mmele gore a nne mojiminasi yo o setswerere a ntse a menaganya e bile a otlolola mmele wa gagwe ka bothakga! Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba thapise bokgoni jwa bone jwa go akanya fela jaaka mojiminasi a thapisa mmele wa gagwe.

Fa moaposetoloi Paulo a kwalela Bahebera, o ne a re: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang [jaaka mojiminasi] ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Baheb. 5:14, ntlha e e kwa tlase go NW.) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera gore ba thapise bokgoni jwa bone jwa go akanya fela jaaka mojiminasi yo o thapisitsweng a katisa mesifa ya gagwe? Re ka thapisa jang bokgoni jwa rona jwa go lemoga?

“Lo Tshwanetse Lo ka Bo lo Le Barutisi”

Fa Paulo a ne a tlhalosa maemo a ga Jesu e le “moperesiti yo mogolo kafa mokgweng wa ga Melekisedeke,” o ne a kwala jaana: “Re na le mo gontsi go go bua ka ene [Jesu] le mo go thata go tlhalosiwa, e re ka lo kabetse ditsebe mo go utlweng ga lona. Gonne, eleruri, le mororo lo tshwanetse lo ka bo lo le barutisi ka ntlha ya nako, gape lo tlhoka mongwe go lo ruta go tswa kwa tshimologong dilo tsa tshimologo tsa ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo; mme lo ntse jaaka ba ba tlhokang mashi, e seng dijo tse di tiileng.”—Baheb. 5:10-12.

Go lebega Bakeresete bangwe ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa gatela pele mo dilong tse ba di tlhaloganyang mme ka jalo ba sa gatela pele semoyeng. Ka sekai, go ne go le thata gore ba amogele lesedi le le neng le ntse le oketsega malebana le Molao le go rupa. (Dit. 15:1, 2, 27-29; Bagal. 2:11-14; 6:12, 13) Bangwe ba ne ba fitlhela go le thata go tlogela dingwao tse di malebana le Sabata ya beke le beke le Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga. (Bakol. 2:16, 17; Baheb. 9:1-14) Ka jalo Paulo o ne a ba kgothaletsa gore ba thapise bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore ba kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang mme gape a ba bolelela gore ba ‘gagamalele kwa go goleng sentle.’ (Baheb. 6:1, 2) Kgakololo ya gagwe e tshwanetse ya bo e ile ya tlhotlheletsa bangwe gore ba akanye ka tsela e ba neng ba dirisa bokgoni jwa bone jwa go akanya ka yone mme gongwe ya ba thusa gore ba gatele pele semoyeng. Go tweng ka rona?

Thapisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga

Re ka thapisa bokgoni jwa rona jwa go akanya jang gore re gole semoyeng? Paulo o ne a re ‘ka go bo dirisa.’ Fela jaaka bajiminasi ba ba thapisang mesifa le mebele ya bone gore ba kgone go otlolola mebele ya bone ka bothakga le ka tsela e e raraaneng, re tshwanetse go thapisa bokgoni jwa rona jwa go akanya gore re kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang.

John Ratey, yo e leng porofesa ya kalafi ya malwetse a tlhaloganyo kwa Harvard Medical School [Sekolo sa Kalafi sa Harvard] a re: “Sengwe se se molemolemo se o ka se direlang boboko jwa gago ke go bo thapisa.” Go ya ka Gene Cohen, motsamaisi wa Center on Aging, Health and Humanities [Setheo sa Tsa Botsofe le Botsogo] kwa Yunibesithing ya George Washington, “fa re leka go dira dilo tse di bokete ka tlhaloganyo ya rona, disele tsa boboko di tlhoga di-dendrite tse disha, mme seo se dira gore go nne le ditshono tse di oketsegileng tsa go fetisa tshedimosetso go tswa diseleng dingwe go ya go tse dingwe.”

Ka jalo go tla bo go le botlhale go thapisa bokgoni jwa rona jwa go akanya le go oketsa kitso e re nang le yone ka Lefoko la Modimo. Fa re dira jalo, re tla kgona go dira ‘thato ya Modimo e e itekanetseng.’—Bar. 12:1, 2.

Tsaya Matsapa Gore o Nne le Keletso ya “Dijo Tse di Tiileng”

Fa re batla go ‘gagamalela kwa go goleng sentle,’ re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A tsela e ke tlhaloganyang dithuto tsa Baebele ka yone e a tokafala? A ba bangwe ba ntsaya ke le motho yo o godileng semoyeng?’ Mmè o itumelela go siela ngwana wa gagwe mashi le go mo jesa dijo tsa bana fa a sa ntse a le losea. Mme akanya fela gore o tla tshwenyega go le kana kang fa dingwaga di ntse di feta mme ngwana a sa je dijo tse di tiileng. Ka tsela e e tshwanang, re itumelela go bona motho yo re ithutang Baebele le ene a gatela pele go fitlha a ineela a bo a kolobediwa. Mme go tweng fa motho yoo a sa gatele pele semoyeng morago ga moo? A seo se ka se kgobe marapo? (1 Bakor. 3:1-4) Morutisi o solofela gore fa nako e ntse e ya morutwa yo mosha le ene o tla ruta ba bangwe.

Gore re dirise bokgoni jwa rona jwa go lemoga go dira ditshwetso tse di molemo, re tshwanetse go tlhatlhanya mme seo se tshwanetse go tseelwa matsapa. (Pes. 1:1-3) Ga re a tshwanela go letla dilo tsa go itlosa bodutu, tse di jaaka go lebelela thelebishene kgotsa dilo tse re di dirang go fetisa nako, tse di sa tlhokeng gore re dirise tlhaloganyo thata, di re kgoreletsa go akanya ka dilo tsa botlhokwa. E le gore re tokafatse bokgoni jwa rona jwa go akanya, go botlhokwa gore re tseye matsapa a gore re nne le keletso ya go ithuta Baebele le dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” re bo re kgotsofatsa keletso eo. (Math. 24:45-47) Mo godimo ga go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ipalela Baebele, go botlhokwa gore re beele kwa thoko nako ya go nna le Kobamelo ya Lelapa le go ithuta dikgang tse di farologaneng tsa Baebele re tsenelela kwa teng.

Molebedi mongwe yo o etang kwa Mexico e bong Jerónimo a re o ithuta makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo fela fa o goroga. Gape o ipha nako ya go ithuta a na le mosadi wa gagwe. Jerónimo a re: “Re itlwaeditse go bala Baebele mmogo letsatsi le letsatsi, mme re dirisa dithuso tse di jaaka boroutšhara jwa ‘Lefatshe le le Molemo.’” Mokeresete mongwe yo o bidiwang Ronald a re ka metlha o tsamaisana le thulaganyo ya phuthego ya mmalo wa Baebele. Gape o na le thulaganyo ya go ithuta ka dikgang tse di rileng a le esi ka lobaka lo loleejana. Ronald a re: “Thulaganyo eno e dira gore ke nne ke lebile pele kwa nakong e e latelang ya go ithuta.”

Rona re dirang? A re ipha nako e e lekaneng ya go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo? A re thapisa bokgoni jwa rona jwa go akanya e bile re tokafatsa tsela e re dirang ditshwetso ka yone re dirisa melaometheo ya Baebele? (Dia. 2:1-7) E kete re ka ipeela mokgele wa go nna batho ba ba godileng semoyeng, ba ba nang le kitso le botlhale tse batho ba ba thapisitseng bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore ba farologanye se se siameng le se se sa siamang ba nang le tsone!

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Re thapisa bokgoni jwa rona jwa go akanya ‘ka go bo dirisa’