Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bona Tapologo mo Dilong Tsa Semoya

Bona Tapologo mo Dilong Tsa Semoya

Bona Tapologo mo Dilong Tsa Semoya

“Rwalang jokwe ya me . . . , mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.”—MATH. 11:29.

1. Modimo o ne a dira thulaganyo efe kwa Thabeng ya Sinai, mme ka ntlha yang?

FA KGOLAGANO ya Molao e ne e tlhomiwa kwa Thabeng ya Sinai, e ne e akaretsa thulaganyo ya Sabata ya beke le beke. Jehofa o ne a laela setšhaba sa Iseraele jaana a dirisa mmueledi wa gagwe e bong Moshe: “O dire tiro ya gago malatsi a le marataro; mme mo letsatsing la bosupa o emise, gore poo ya gago le esele ya gago di tle di ikhutse le gore morwa lelata la gago le moagi wa moeng ba tle ba itapolose.” (Ekes. 23:12) Ka gonne Jehofa a ne a akanyetsa batho ba ba neng ba latela Molao, o ne a rulaganyetsa ka lorato gore batho ba gagwe ba nne le letsatsi la go ikhutsa gore “ba tle ba itapolose.”

2. Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo jang ke go boloka Sabata?

2 A Sabata e ne e le letsatsi fela la go ikhutsa? Nnyaa, e ne e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya Baiseraele fa ba obamela Jehofa. Go boloka Sabata go ne go dira gore ditlhogo tsa malapa di nne le nako ya go ruta ba malapa a tsone gore “ba boloke tsela ya ga Jehofa ya go dira tshiamo.” (Gen. 18:19) Gape go ne go naya malapa le ditsala nako ya go kopana gore ba akanye ka ditiro tsa ga Jehofa le go itumelela botsalano. (Isa. 58:13, 14) Sa botlhokwa le go feta, Sabata e ne e tshwantshetsa nako e batho ba tla lapologelwang ka yone ka tsela ya mmatota ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. (Bar. 8:21) Mme go tweng ka motlha wa rona? Bakeresete ba boammaaruri, ba ba ratang ditsela tsa ga Jehofa, ba ka bona tapologo e e ntseng jalo kae le gone jang?

Bona Tapologo ka go Kopanela le Bakeresete ba Bangwe

3. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba thusana jang, mme go ne ga felela jang?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa phuthego ya Bokeresete a re ke “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Tim. 3:15) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba thusana ka go kgothatsana le go agana ka lorato. (Baef. 4:11, 12, 16) Fa Paulo a ne a le kwa Efeso, o ne a etelwa ke maloko a phuthego ya kwa Korintha, mme seo se ne sa mo kgothatsa. Ela tlhoko gore loeto loo lo ne lwa ama Paulo jang. O ne a re: “Ke ipelela go nna gone ga ga Setefanase le Foretunato le Akaiko . . . gonne ba lapolositse moya wa me.” (1 Bakor. 16:17, 18) Ka tsela e e tshwanang, fa Tito a ne a ya kwa Korintha a ya go direla bakaulengwe ba koo, Paulo o ne a kwalela phuthego eo a araba lekwalo la bone, a re: “Moya wa gagwe o lapolositswe ke lona lotlhe.” (2 Bakor. 7:13) Le gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba bona tapologo ya mmatota fa ba kopane le Bakeresete ba bangwe mme ba agana.

4. Dipokano tsa phuthego di re lapolosa jang?

4 O itse go ya ka se o tlholang o se iponela gore dipokano tsa phuthego di itumedisa tota. Fa re le kwa go tsone re a ‘kgothatsana, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe.’ (Bar. 1:12) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ga se batho ba re itsaneng le bone fela, ba re se nang kamano e e atamalaneng le bone kana ba re kopanang le bone fela gangwe le gape. Ke ditsala tsa mmatota, batho ba re ba ratang le ba re ba tlotlang. Re a itumela e bile re gomotsega tota fa re kopanela mmogo le bone ka metlha kwa dipokanong.—File. 7.

5. Re ka lapolosana jang kwa dikopanong?

5 Dikopano tsa rona tsa ngwaga le ngwaga le tsone di a re lapolosa. Dikopano tseno ga di re neye fela metsi a a nayang botshelo a boammaaruri go tswa mo Lefokong la Modimo, Baebele, mme gape di re naya tshono ya go ‘pitlologa’ ka go tsalana le ba bangwe. (2 Bakor. 6:12, 13) Mme go tweng fa re le ditlhong kana re fitlhela go le thata go simolola botsala le batho ba re sa ba itseng? Tsela nngwe ya go tlwaelana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ke ka go ithaopa kwa dikopanong. Fa kgaitsadi mongwe a sena go ithaopa go thusa kwa kopanong ya ditšhabatšhaba, o ne a re: “Ke ne ke sa itse batho ba bantsi kwa kopanong fa e se ba lelapa la me le ditsala di le mmalwa fela. Mme fa ke ne ke thusa ka go phepafatsa, ke ne ka itsane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi! Go ne go le monate tota!”

6. Tsela e nngwe ya go bona tapologo fa re le mo malatsing a boikhutso ke efe?

6 Baiseraele ba ne ba tlhola ba ya kwa Jerusalema kwa meketeng e meraro ya ngwaga le ngwaga ba ya go obamela teng. (Ekes. 34:23) Gantsi ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela masimo le mabenkele a bone mme ba tsamaye ka maoto mo ditseleng tse di lorole ka malatsi a mantsi. Le fa go ntse jalo, go tlhatlogela kwa tempeleng go ne go dira gore ba nne le “boipelo jo bogolo” fa batho ba ba tlileng ba ne ba “isetsa Jehofa pako.” (2 Ditir. 30:21) Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi gompieno le bone ba lemogile gore go tsamaya le ba malapa a bone ba etela kwa Bethele, e leng dikago tse di gaufi tsa makala a Basupi ba ga Jehofa, go ba leretse boipelo jo bogolo. A lo ka etela kwa Bethele mo lekgetlhong le le latelang fa lo le mo malatsing a boikhutso?

7. (a) Dikokoano tsa go itlosa bodutu di ka solegela molemo jang? (b) Ke eng se se ka dirang gore kokoano e itumedise mme e kgothatse?

7 Go kopana le ba lelapa le ditsala kwa dikokoanong tsa go itlosa bodutu le gone go a kgothatsa. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” (Mor. 2:24) Dikokoano tsa go itlosa bodutu di a re lapolosa mme gape di nonotsha lorato lo re ratang Bakeresete mmogo le rona ka lone fa re ntse re ba itse botoka. E le gore dikokoano tsa go itlosa bodutu di itumedise mme di kgothatse, go molemo go dira gore di se ka tsa nna le batho ba bantsi le go tlhomamisa gore di okamelwa ka tsela e e tshwanetseng, segolobogolo fa go na le bojalwa.

Bodiredi bo a Lapolosa

8, 9. (a) Bontsha gore molaetsa o Jesu a neng a o bolela o farologana jang le wa bakwadi le Bafarasai. (b) Re solegelwa molemo jang fa re ruta ba bangwe dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele?

8 Jesu o ne a tlhagafetse mo bodireding, mme o ne a kgothatsa barutwa ba gagwe gore le bone ba dire jalo. Seno se bonala mo mafokong ano a a neng a a bua: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) Molaetsa o Jesu a neng a o ruta o ne o lapolosa tota; e ne e le “dikgang tse di molemo.” (Math. 4:23; 24:14) O ne o farologane thata le melao e e bokete e Bafarasai ba neng ba imetsa batho ka yone.—Bala Mathaio 23:4, 23, 24.

9 Fa re bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi, re ba lapolosa ka tsela ya semoya, mme gape re dira gore dithuto tse di tlhwatlhwakgolo tsa Baebele di nwelelele mo megopolong le mo dipelong tsa rona. Mopesalema o ne a bua jaana go tshwanela: “Bakang Jah, gonne go molemo go leletsa Modimo wa rona pina; gonne go monate.” (Pes. 147:1) A o ka oketsa boipelo jo o nnang le jone fa o baka Jehofa ka go bolelela baagelani ba gago ka ene?

10. A katlego ya rona mo bodireding e ikaegile fela ka gore batho ba amogele molaetsa wa rona? Tlhalosa.

10 Ke boammaaruri gore mo dikarolong tse dingwe tsa tshimo batho ba amogela dikgang tse di molemo go feta mo go tse dingwe. (Bala Ditiro 18:1, 5-8.) Fa e le gore o nna mo lefelong le mo go lone batho ba bantsi ba sa amogeleng molaetsa wa Bogosi, leka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse o kgonang go di fitlhelela mo bodireding. Gakologelwa gore maiteko a o tswelelang pele o a dira go bolela leina la ga Jehofa, ga se a lefela. (1 Bakor. 15:58) Gape, ga se gore katlego ya gago e ikaegile fela ka gore batho ba amogele dikgang tse di molemo. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla dira gore batho ba ba dipelo di siameng ba newe tshono ya go utlwa molaetsa wa Bogosi.—Joh. 6:44.

Kobamelo ya Lelapa e a Lapolosa

11. Jehofa o neile batsadi maikarabelo afe, mme ba ka a diragatsa jang?

11 Batsadi ba ba boifang Modimo ba tshwanetse go ruta bana ba bone ka Jehofa le ka ditsela tsa gagwe. (Dute. 11:18, 19) Fa e le gore o motsadi, a o beela nako kwa thoko gore o rute bana ba gago ka Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong? Jehofa o aba dijo tsa semoya ka dibuka, dimakasine, dibidio le ditheipi gore a go thuse gore o diragatse maikarabelo ano a botlhokwa le gore o kgone go thusa lelapa la gago ka se le se tlhokang.

12, 13. (a) Malapa a ka solegelwa molemo jang ke Kobamelo ya Lelapa? (b) Batsadi ba ka dirang go tlhomamisa gore thuto ya lelapa e a lapolosa?

12 Gape setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se dirile dithulaganyo tsa gore go nne le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. Ano ke maitseboa a a beelwang kwa thoko beke le beke gore go tshwarwe thuto ya lelapa ya Baebele. Malapa a mantsi a lemogile gore thulaganyo eno e dirile gore ba atamalane ba bo ba ratane thata, e bile e nonotshitse kamano ya bone le Jehofa. Batsadi ba ka dira eng go tlhomamisa gore kobamelo ya bone ya lelapa e lapolosa semoyeng?

13 Ga go tlhokege gore nako ya Kobamelo ya Lelapa e nne nako e e lapisang pelo, e e masisi thata. Re obamela “Modimo yo o itumetseng,” mme o batla gore re itumelele kobamelo ya rona. (1 Tim. 1:11; Bafil. 4:4) Go nna le maitseboa a mangwe a mo go one re tlotlang ka dithuto tsa botlhokwa tse di mo Baebeleng go itumedisa tota. Batsadi ba ka dirisa mekgwa e e farologaneng ya go ruta, ba ruta ka bokgoni le ka botswerere. Ka sekai, batsadi bangwe ba ne ba naya ngwana wa bone wa mosimane yo o nang le dingwaga di le lesome, e bong Brandon, kabelo ya go bua ka setlhogo se se reng “Ke Eng fa Jehofa A ne A Dirisa Noga Gore e Emele Satane?” Kgang eno e ne e tlhola e tshwenya Brandon ka gore o rata dinoga, mme o ne a sa rate kgang ya gore di amanngwa le Satane. Ka dinako tse dingwe malapa mangwe a tshameka diterama tsa Baebele, tse mo go tsone mongwe le mongwe mo lapeng a tshamekang karolo nngwe, a balang karolo ya gagwe mo Baebeleng, kana a tshamekang tiragalo nngwe. Mekgwa eno ya go ruta e a itumedisa mme gape e dira gore bana ba nne le karolo e le gore melaometheo ya Baebele e ame dipelo tsa bone. *

Tila Dilo Tse Di ka Go Imelang

14, 15. (a) Ke jang batho ba bantsi ba ikutlwang ba gateletswe mo maikutlong e bile ba sa sireletsega le go feta mo metlheng eno ya bofelo? (b) Re ka nna ra lebana le mathata afe a mangwe?

14 Batho ba bantsi ba gateletswe mo maikutlong e bile ba ikutlwa ba sa sireletsega le go feta mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Ba le bantsintsi ga ba bereke e bile ba na le mathata a mangwe a itsholelo. Le batho ba ba berekang gantsi ba na le boikutlo jwa gore madi a ba a amogelang a tswa ka diphatlha tsa menwana, mme ga a solegele malapa a bone molemo go le kalo. (Bapisa le Hagai 1:4-6.) Go lebega ba dipolotiki le baeteledipele ba bangwe ba sa tlhole ba itse gore ba direng fa ba ntse ba leka go lwantsha borukutlhi le dilo tse dingwe tse di bakang bosula. Batho ba bantsi ba kgobiwa marapo ke diphoso tsa bone.—Pes. 38:4.

15 Bakeresete ba boammaaruri le bone ba welwa ke mathata a tsamaiso ya ga Satane ya dilo. (1 Joh. 5:19) Ka dinako tse dingwe, barutwa ba ga Keresete ba ka nna ba lebana le mathata a mangwe gape fa ba ntse ba leka ka natla gore ba nne ba ikanyega mo go Jehofa. Jesu o ne a re: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Joh. 15:20) Le fa go ntse jalo, le fa re “bogisiwa,” ga “re a phuaganngwa.” (2 Bakor. 4:9) Ke eng fa go ka tualo?

16. Ke eng se se ka re thusang go nna re itumetse?

16 Jesu o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.” (Math. 11:28) Fa re dumela ka botlalo mo thekololong ya ga Keresete, re ipaya mo diatleng tsa ga Jehofa ka tsela ya tshwantshetso. Fa re dira jalo, re nna le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakor. 4:7) “Mothusi,” moya o o boitshepo wa Modimo, o nonotsha tumelo ya rona fela thata gore re kgone go itshokela diteko le dipitlagano mme gape o re thusa gore re nne re itumetse.—Joh. 14:26; Jak. 1:2-4.

17, 18. (a) Re tshwanetse go itisa gore re se ka ra nna le moya ofe? (b) Go dira gore menate e e se nang mosola e nne yone ya konokono mo botshelong go ka felela ka eng?

17 Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tshwanetse go itisa gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ka tsela e e feteletseng ke moya wa lefatshe leno wa go iwa ke menate kwa tlhogong. (Bala Baefeso 2:2-5.) Fa re sa itise, re ka nna ra raelwa ke “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Joh. 2:16) Kana re ka nna ra dira phoso mme ra dumela gore go ineela mo dikeletsong tsa nama go tla re lapolosa. (Bar. 8:6) Ka sekai, batho bangwe ba dirisa diokobatsi e bile ba nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, ba leba ditshwantsho tse di hepisang, ba tshameka metshameko e e kotsi, kana ba dira ditiro tse di farologaneng tse di seng kafa molaong, e le fa ba leka go ijesa monate. Satane o dirisa “maano a boferefere” gore a timetse batho ka go ba bontsha tsela e e seng yone ya go bona tapologo.—Baef. 6:11.

18 Gone ke boammaaruri gore ga go na sepe se se phoso ka go ja, go nwa le go itlosa bodutu ka tsela e e siameng, fa dilo tseno di sa fetelediwe. Le fa go ntse jalo, ga re letle dilo tseo gore e nne tsone tsa konokono mo matshelong a rona. Go botlhokwa gore re nne tekatekano re bo re nne boikgapo, segolobogolo mo metlheng eno e re tshelang mo go yone. Dilo tsa botho tse re ratang go di dira di ka re imela mo re ka felelang re le “ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng malebana le kitso e e boammaaruri ya Morena wa rona Jesu Keresete.”—2 Pet. 1:8.

19, 20. Re ka bona tapologo ya mmatota jang?

19 Fa re tshela go dumalana le melao ya ga Jehofa, re tlhaloganya gore menate ya lefatshe leno ke ya nakwana. Moshe o ne a itse seo, mme le rona re a se itse. (Baheb. 11:25) Boammaaruri ke gore go dira thato ya ga Rraarona yo o kwa legodimong, ke gone go dirang gore re lapologelwe ka tsela ya mmatota, re nne re itumetse mme re kgotsofale.—Math. 5:6.

20 E kete re ka tswelela re bona tapologo mo dilong tsa semoya. Fa re dira jalo, re “gan[a] boikepo le dikeletso tsa selefatshe . . . fa re sa ntse re letetse tsholofelo e e itumedisang le ponatshego e e galalelang ya Modimo yo mogolo le ya Mmoloki wa rona, Keresete Jesu.” (Tito 2:12, 13) Ka jalo, a re ititeyeng sehuba gore re tla nna re rwele jokwe ya ga Jesu ka go ikobela taolo le kaelo ya gagwe. Fa re dira jalo, re tla itumela tota e bile re tla lapologelwa!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se se ka dirwang gore thuto ya lelapa e nne monate mme e rute, bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1990, tsebe 1-2.

O ka Araba Jang?

• Batho ba ga Jehofa ba bona tapologo jang gompieno?

• Bodiredi bo re lapolosa jang, rona le ba re buang le bone?

• Ditlhogo tsa malapa di ka dirang go tlhomamisa gore kobamelo ya bone ya lelapa e a lapolosa?

• Ke dilo dife tse di ka re imelang semoyeng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Fa re rwala jokwe ya ga Jesu, re lapologelwa ka ditsela tse dintsi