Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bona Tshireletsego mo Gare ga Batho ba Modimo

Bona Tshireletsego mo Gare ga Batho ba Modimo

Bona Tshireletsego mo Gare ga Batho ba Modimo

“Ke tla go baka mo phuthegong e kgolo.”—PES. 35:18.

1-3. (a) Ke eng se se ka gogelang Bakeresete bangwe mo seemong se se kotsi semoyeng? (b) Batho ba Modimo ba ka bona kae tshireletsego?

FA JOE le mosadi wa gagwe ba le mo malatsing a boikhutso, ba ne ba thuma ka ditšhupu tse di thusang go hema mo lewatleng le le kwa boboatsatsi le le tletseng ditlhapi tsa mebalabala le tsa bogolo jo bo sa tshwaneng. Ba ne ba tsenelela kwa tlasenyana go ya go bogela bontle jwa boalo jwa lewatle. Fa ba setse ba tsenelela kwa teng ga lewatle mosadi wa ga Joe o ne a mo raya a re, “E kete re tsenela kwa teng thata.” Joe o ne a mo araba a re, “Se tshwenyege. Ke a itse gore ke dirang.” Joe o gopola gore moragonyana fela ga foo, o ne a ipotsa go re, ‘Kante ditlhapi di feletse kae?’ O ne a tsitsibana mmele fa a lemoga lebaka. Tlhapi e kgolo e e bidiwang shaka e ne e tla e lebagane le ene e tswa mo botennyeng jwa lewatle. Go ne go se na sepe se a ka se dirang. Fa shaka eo e ne e le sekgala se e ka nnang metara fela go tswa fa go ene, e ne ya ikela go sele mme ya nyelela.

2 Mokeresete a ka gogelwa ke dilo tse di kgatlhang tsa tsamaiso ya ga Satane ya dilo—boitlosobodutu, tiro, dithoto—mo a sa lemogeng gore o ntse a tsenelela kwa teng mo metsing a a kotsi ka tsela ya tshwantshetso. Joe, yo e leng mogolwane wa Mokeresete, a re: “Tiragalo eo e ne ya dira gore ke akanye ka batho ba re itsalanyang le bone. Thuma fa go babalesegileng e bile go le monate gone, ke gore, mo phuthegong!” O se ka wa thuma go ela kwa metsing a a boteng—kwa o ka iphitlhelang o le kgakala le phuthego e bile o le mo kotsing. Fa o ka iphitlhela o le koo, boela kwa go sireletsegileng teng, ntle le go senya nako. E seng jalo, o ka nna mo kotsing ya go komediwa ka tsela ya semoya.

3 Gompieno, lefatshe ke lefelo le le kotsi mo Bakereseteng. (2 Tim. 3:1-5) Satane o itse gore o saletswe ke nako e khutshwane, mme o ikemiseditse go kometsa ba ba sa ntshang matlho dinameng. (1 Pet. 5:8; Tshen. 12:12, 17) Le fa go ntse jalo, rona re ka bona tshireletsego. Jehofa o neile batho ba gagwe lefelo le le sireletsegileng la semoya—phuthego ya Bokeresete.

4, 5. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka isagwe ya bone, mme ka ntlha yang?

4 Lefatshe ga le re sireletse go le kalo—e ka tswa e le ka tsela ya mmatota kgotsa mo maikutlong. Batho ba le bantsi ba dumela gore ga ba a sireletsega ka gonne go na le bokebekwa, thubakanyo, mathata a tikologo le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa. Batho botlhe ba lebana le mathata a botsofe le bolwetse. Mme ba ba nang le ditiro, magae, madi a a lekaneng le botsogo jo bo botoka ba ipotsa gore ba tla tswelela ba na le tsone ka lobaka lo lo kae.

5 Gape batho ba le bantsi ga ba kgone go sireletsega mo maikutlong. Ka maswabi, boidiidi jwa batho ba ba neng ba solofetse gore fa ba tsena mo lenyalong ba bo ba nna le malapa ba tla bona kagiso le kgotsofalo, ba iteile sefololetse. Fa go tliwa mo dilong tsa semoya, batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ba ile ba sala ba akabetse e bile ba tlhakane tlhogo, ba ipotsa gore a tota ba newa kaelo e e molemo. Seo se bakwa thata ke boitshwaro jo bo sa siamang jwa baeteledipele ba bodumedi le dithuto tsa bone tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Ka jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore ga go na sepe se ba ka se dirang fa e se fela gore ba ikanye saense kgotsa bomolemo le botlhale jwa batho ba bangwe. Mme ga go gakgamatse go bo batho ba re tshelang le bone ba ikutlwa ba sa sireletsega gotlhelele kgotsa ba tlhopha fela gore ba se ka ba akanya thata ka isagwe ya bone.

6, 7. (a) Ke eng se se dirang gore go nne le pharologanyo mo tseleng e batho ba ba direlang Modimo le ba ba sa mo direleng ba lebang dilo ka yone? (b) Re tlile go tlotla ka eng?

6 A bo batho ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba leba dilo ka tsela e e farologaneng jang le e ba ba seng mo go yone ba di lebang ka yone! Le fa rona batho ba ga Jehofa re tshwanelwa ke go lebana le mathata a a tshwanang le a baagelani ba rona ba lebanang le one, rona re itshwara ka tsela e e farologaneng gotlhelele fa a re wela. (Bala Isaia 65:13, 14; Malaki 3:18.) Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele e re naya tlhaloso e e kgotsofatsang ya gore ke ka ntlha yang fa batho ba le mo maemong a ba leng mo go one, mme seo se dira gore re kgone go lepalepana le mathata a botshelo. Ka ntlha ya seo, ga re tlhobaele mo go feteletseng ka isagwe. Go nna baobamedi ba ga Jehofa go re sireletsa mo dikakanyong tse di sa siamang le tse di sa tsamaisaneng le Dikwalo, mo boitsholong jo bo sa siamang, le mo ditlamoragong tsa dilo tse di ntseng jalo. Ka jalo, maloko a phuthego ya Bokeresete a nna le thitibalo e ba bangwe ba se nang yone.—Isa. 48:17, 18; Bafil. 4:6, 7.

7 Go na le dikai tse di ka re thusang go akanya ka tshireletsego e batho ba ba direlang Jehofa ba nang le yone fa ba bapisiwa le ba ba sa mo direleng. Dikai tseno di ka re tlhotlheletsa go sekaseka tsela e re akanyang ka yone le mekgwa ya rona mme re bone gore a re ka dirisa kgakololo ya Modimo go feta pele, e re ka e diretswe go re sireletsa.—Isa. 30:21.

“Dinao Tsa Me di Ne di Batlile di Fapoga”

8. Batlhanka ba ga Jehofa ga ba bolo go tshwanelwa ke go dira eng?

8 Fa e sa le go tloga bogologolo, batho ba ba neng ba batla go direla Jehofa le go mo ikobela ba ile ba leka go tila go tsalana thata le ba ba neng ba sa batle go mo direla. Ee ruri, Jehofa o ne a boletse gore go ne go tla nna le bobaba fa gare ga baobamedi ba gagwe le balatedi ba ga Satane. (Gen. 3:15) E re ka batho ba Modimo ba latela ka tlhomamo melaometheo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng, ga ba itshware jaaka batho ba bangwe. (Joh. 17:15, 16; 1 Joh. 2:15-17) Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go dira jalo. Tota le bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba a tle ba belaele gore a ruri go botlhale go tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo.

9. Tlhalosa bothata jo mokwadi wa Pesalema 73 a neng a lebane le jone.

9 Mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa yo o neng a ipotsa gore a o dirile ditshwetso tse di siameng e ne e le mokwadi wa Pesalema 73, yo gongwe e neng e le mongwe wa ditlogolwana tsa ga Asafe. Mopesalema yono o ne a botsa gore ke ka ntlha yang fa gantsi baikepi ba lebega ba atlega, ba itumetse, ba humile, fa bangwe ba ba lekang go direla Modimo bone ba lebana le diteko le mathata.—Bala Pesalema 73:1-13.

10. Ke ka ntlha yang fa dikgang tse mopesalema a buileng ka tsone di le botlhokwa mo go wena?

10 A o kile wa iphitlhela o ipotsa dipotso tse di tshwanang le tse mopesalema a di kwadileng? Fa go ntse jalo, ga go na lebaka la gore o ikutlwe o le molato mo go feteletseng kgotsa o akanye gore tumelo ya gago e a koafala. Aitsane, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa, go akaretsa le bangwe ba Jehofa a ba dirisitseng go kwala Baebele, ba ne ba na le dikakanyo tse di ntseng jalo. (Jobe 21:7-13; Pes. 37:1; Jer. 12:1; Hab. 1:1-4, 13) Ruri botlhe ba ba eletsang go direla Jehofa ba tshwanetse go akanya thata ka karabo ya potso eno le go dumalana le yone: A go direla Modimo le go mo ikobela ke sone selo se se molemolemo se re ka se dirang? Potso eo e amana le kgang e Satane a e tsositseng kwa tshimong ya Edene. E amana thata le kgang ya bolaodi jwa Modimo jwa lobopo lotlhe. (Gen. 3:4, 5) Ka jalo rotlhe re tshwanetse go sekaseka kgang e mopesalema a buileng ka yone. A re tshwanetse go tswela pelo baikepi ba ba ikgantshang, ba go lebegang dilo di ba tsamaela sentle mo botshelong? A re tshwanetse go “fapoga” mme ra tlogela go direla Jehofa re bo re ba etsa? Seo ke sone tota se Satane a ka ratang re se dira.

11, 12. (a) Mopesalema o ne a fenya dipelaelo tsa gagwe jang, mme seno se re ruta eng? (b) Ke eng se se go thusitseng gore o lebe dilo ka tsela e mopesalema a feletseng a di leba ka yone?

11 Ke eng se se neng sa thusa mopesalema go fenya dipelaelo tsa gagwe? Le fa gone a ile a dumela gore o batlile a fapoga tshiamo, o ne a fetola tsela e a lebang dilo ka yone fa a tsena “mo lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo”—ke gore, fa a simolola go kopanela le batho ba semoya mo motlaaganeng kgotsa mo tempeleng ya Modimo a bo a akanya ka boikaelelo jwa Modimo. Go tswa foo mopesalema o ne a bona sentle gore tota ga a batle go diragalelwa ke se se diragalelang baikepi. O ne a kgona go bona gore tsela e ba tshelang ka yone le ditshwetso tsa bone di ne di baya botshelo jwa bone “mo lefelong le le boreledi.” Mopesalema o ne a lemoga gore ruri botlhe ba ba tlogelang Jehofa ba ya go dira boitsholo jo bo maswe ba tla fedisiwa ka “letshogo la tshoganyetso,” mme Jehofa o tla thusa ba ba mo direlang. (Bala Pesalema 73:16-19, 27, 28.) Kwantle ga pelaelo le wena o bone gore mafoko ao a boammaaruri. Batho ba bantsi ba ka rata go itshelela fela jaaka ba rata ba se na sepe le molao wa Modimo, mme ba ka se tile ditlamorago tse di maswe tsa go dira jalo.—Bagal. 6:7-9.

12 Re ithuta eng gape mo go se se diragaletseng mopesalema? O ne a bona tshireletsego le botlhale mo gare ga batho ba Modimo. O ne a simolola go akanya sentle fa a ya kwa lefelong le Jehofa a neng a obamelwa kwa go lone. Le gompieno fela jalo, re ka bona bagakolodi ba ba botlhale mme ra bona dijo tse di molemo tsa semoya kwa dipokanong tsa phuthego. Go a utlwala he, go bo Jehofa a bolelela batlhanka ba gagwe gore ba nne gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa ba le koo ba tla ikutlwa ba kgothetse mme ba tla tlhotlheletsega go dira ka botlhale.—Isa. 32:1, 2; Baheb. 10:24, 25.

Tlhopha Ditsala Tsa Gago ka Botlhale

13-15. (a) Dina o ne a diragalelwa ke eng, mme seo se bontsha eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go itsalanya le Bakeresete ka rona go re sireletsa?

13 Morwadia Jakobe e bong Dina ke sekai sa mongwe yo o neng a tsena mo mathateng a a masisi ka gonne a ne a tsalana le batho ba lefatshe. Pego ya Genesise e e buang ka ene e re bolelela gore o ne a tlwaetse go etela makgarebe a Bakanana gaufi le kwa lelapa la ga bone le neng le nna teng. Bakanana ba ne ba sa tshele go ya ka melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo e baobamedi ba ga Jehofa ba neng ba tshela ka yone. Mo boemong jwa moo, baithutamarope ba lemogile gore mekgwa ya Bakanana e ne ya felela ka gore naga ya bone e tlale ka kobamelo ya medingwana, boitsholo jo bo sa siamang, kobamelo e e makgapha ya tlhakanelodikobo le thubakanyo. (Ekes. 23:23; Lefi. 18:2-25; Dute. 18:9-12) Gakologelwa gore go tsalana ga ga Dina le batho bano go ne ga felela jang.

14 Monna mongwe wa motse oo e bong Shekema, yo o neng a tlhalosiwa e le yo o “tlotlegang thata mo go botlhe ba ntlo ya ga [rraagwe],” o ne a bona Dina, “a mo tsaya a lala le ene a mmetelela.” (Gen. 34:1, 2, 19) A matlhotlhapelo! A o akanya gore Dina o ne a kile a tlelwa ke mogopolo wa gore a ka diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo? Gongwe o ne a ipatlela fela go tsalana le basha ba mo motseng, ba a neng a akanya gore ba itshiametse fela. Le fa go ntse jalo, Dina o ne a sa leba dilo sentle gotlhelele.

15 Pego eno e re ruta eng? Gore re ka se tsalane le batho ba ba sa dumeleng mme re bo re solofela gore go ka se nne le ditlamorago dipe tse di bosula. Dikwalo tsa re “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakor. 15:33) Kafa letlhakoreng le lengwe, go itsalanya le batho ba ba dumelang se wena o se dumelang, ba ba tshelang ka melao e e siameng ya boitsholo e o tshelang ka yone, e bile ba rata Jehofa jaaka wena go tla go sireletsa. Ditsala tse di molemo jalo di tla go kgothaletsa go dira ditshwetso tse di botlhale.—Dia. 13:20.

“Lo Tlhapisitswe Lwa Nna Phepa”

16. Moaposetoloi Paulo o ne a reng ka bangwe ba phuthego ya kwa Korintha?

16 Phuthego ya Bokeresete e thusitse batho ba le bantsi gore ba intlafatse ka go latlha mekgwa e e leswafatsang. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela phuthego ya Bakorintha lekwalo la gagwe la ntlha, o ne a akgela ka diphetogo tse Bakeresete ba koo ba neng ba di dirile gore ba tshele go dumalana le melao ya Modimo. Bangwe e ne e kile ya bo e le bagokafadi, baobamedi ba medingwana, baakafadi, basodoma, magodu, matagwa, jalo le jalo. Paulo o ne a ba raya a re: “Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa.”—Bala 1 Bakorintha 6:9-11.

17. Go tshela ka melao ya Baebele go fetotse matshelo a batho ba le bantsi jang?

17 Batho ba ba se nang tumelo ga ba na melaometheo e e molemo e e ka ba kaelang. Ba itlhophela tsela e ba tla tshelang ka yone kgotsa ba ka nna ba latela fela maitsholo a a sa siamang a batho ba ba tshelang mo gare ga bone, fela jaaka bangwe ba Bakorintha bale ba bogologolo ba ne ba dira pele ga ba nna badumedi. (Baef. 4:14) Le fa go ntse jalo, kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo le maikaelelo a gagwe e na le maatla a go tokafatsa matshelo a batho botlhe ba ba dirisang Dikwalo mo matshelong a bone. (Bakol. 3:5-10; Baheb. 4:12) Batho ba le bantsi ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete gompieno, ba ka go bolelela gore pele ba ithuta melao e e siameng ya ga Jehofa le go e dirisa, ba ne ba sa itshware sentle. Mme ba ne ba sa kgotsofala e bile ba sa itumela. Ba ne ba bona kagiso fela fa ba sena go simolola go kopanela le batho ba Modimo ba bo ba tshela go dumalana le melaometheo ya Baebele.

18. Mosha mongwe o ne a diragalelwa ke eng, mme seo se supa eng?

18 Kafa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba mo nakong e e fetileng ba ileng ba tlhopha go tlogela ‘metsi a a sireletsegileng’ a phuthego ya Bokeresete, jaanong ba ikwatlhaela tshwetso eo fela thata. Kgaitsadi mongwe, yo re tla mmitsang Tanya, a re o “godile a itse boammaaruri ka selekanyo se se rileng,” mme e rile a na le dingwaga di le 16, a tlogela phuthego mme a “ineelela dithaelo tsa lefatshe.” Dingwe tsa diphelelo tsa gone e ne ya nna gore a ime a sa ikaelela a bo a senye mpa. Jaanong a re: “Dingwaga tse tharo tse ke di ntseng kwa ntle ga phuthego di ntlogetse ka matsadi a a sa foleng a maikutlo. Sengwe se le jaanong se sa ntseng se ntlhora boroko ke gore ke ipolaetse ngwana yo ke neng ke mo imile. . . . Ke batla go bolelela mosha mongwe le mongwe yo o eletsang e kete a ka ‘ikutlwisa’ lefatshe le fa e le ka nakwana fela ke re: ‘O se ka wa ba wa leka!’ Kwa tshimologong go ka utlwala go le monate, mme kwa bofelong e nna mahutsana fela. Lefatshe le go tsholetse matlhotlhapelo fela. Ke a itse. Ke tswa teng. Nna mo phuthegong ya ga Jehofa! Ke yone fela tsela ya go bona boitumelo.”

19, 20. Phuthego ya Bokeresete e naya tshireletso efe, mme jang?

19 Akanya fela gore go ne go ka diragalang ka wena fa o ne o ka tlogela phuthego e e sireletsegileng ya Bokeresete. Batho ba le bantsi ga ba batle le go akanya ka botshelo jo bo se nang mosola jo ba neng ba bo tshela pele ba amogela boammaaruri. (Joh. 6:68, 69) Fa o nna o le gaufi le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete, o ka tswelela pele o sireletsegile mo mathateng le mo mahutsaneng a a anameng mo lefatsheng la ga Satane. Fa o tsalana le bone e bile o ya dipokanong tsa phuthego ka metlha, seo se tla nna se go gopotsa botlhale jwa melao ya ga Jehofa e e siameng mme se tla go kgothatsa gore o tshele ka yone. O na le mabaka a a utlwalang a go ‘baka Jehofa mo phuthegong e kgolo,’ fela jaaka mopesalema a ne a dira.—Pes. 35:18.

20 Gone ke boammaaruri gore, ka mabaka a a farologaneng, Bakeresete botlhe ba a tle ba ikutlwe ba goga bokete mme go lebega go le thata gore ba ka tswelela e le Bakeresete ba ba ikanyegang. Ba ka nna ba tlhoka fela go bontshiwa tsela e ba tshwanetseng go e tsaya. O ka dirang—wena le ba bangwe botlhe mo phuthegong—go thusa badumedi ka wena fa ba le mo maemong ao? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa kafa o ka ‘nnang o gomotsa e bile o aga’ bakaulengwe ba gago ka teng.—1 Bathes. 5:11.

O ka Araba Jang?

• Re ka ithuta eng mo dilong tse di diragaletseng mokwadi wa Pesalema 73?

• Se se diragaletseng Dina se re ruta eng?

• Re ka bona jang tshireletsego mo phuthegong ya Bokeresete?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Thuma fa go babalesegileng teng; nna mo phuthegong!