Go Itshokela go Tlhanogelwa ke Molekane wa Lenyalo
Go Itshokela go Tlhanogelwa ke Molekane wa Lenyalo
MARGARITA le monna wa gagwe e bong Raúl ba ne ba na le dingwaga di le dintsi ba direla Jehofa mmogo e le badiredi ba nako e e tletseng. * Mme nakwana fela fa ba sena go nna le ngwana wa bone wa ntlha, Raúl o ne a simolola go katoga Jehofa. Kgabagare, Raúl o ne a simolola go dira boitsholo jo bo sa siamang mme a kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. Margarita a re, “Fa dilo tseno tsotlhe di direga, ke ne ke utlwa e kete ke tlile go swa. Ke ne ke phatlogile pelo, mme ke sa itse gore ke dire eng.”
Fela fa Jane a sena go nyalwa, monna wa gagwe o ne a mo tlhanogela ka tsela e e farologaneng le eo. O ne a simolola go mo itaya. Jane a re: “Fa a ne a ntitaya lekgetlho la ntlha, ke ne ke gamaregile, ke tlhabilwe ke ditlhong e bile ke ikutlwa ke nyaditswe. O ne a nthapela gore ke mo itshwarele, mme go tswa foo ya nna mokgwa wa gagwe. Ke ne ke tsaya gore ka gonne ke le Mokeresete, ke ne ke tshwanetse go nna ke mo itshwarela ke bo ke lebala ka gone. Gape ke ne ke tsaya gore ke tla bo ke sa ikanyege fa nka bolelela mongwe ka bothata jwa rona—tota le bone bagolwane ba phuthego ya rona. Mokgwa ono wa gore a nne a ntitaya ke bo ke mo itshwarela o ne wa tswelela pele ka dingwaga tse dintsi. Nako eo
yotlhe ke ne ke ntse ke akanya gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se nka se dirang gore monna wa me a nthate. Fa a re tlogela kgabagare nna le ngwana wa rona wa mosetsana, ke ne ke ikutlwa ke paletswe, ke akanya gore nkabo ke buile sengwe kgotsa ke dirile sengwe gore lenyalo la rona le se ka la thubega.”Fela jaaka Margarita le Jane, o ka tswa o imetswe mo maikutlong, o na le mathata a itsholelo e bile o koafetse semoyeng ka gonne monna wa gago a go tlhanogetse. Kgotsa o ka tswa o le monna yo o ngomogileng pelo ka gonne mosadi wa gago a sa ikanyega. Kwantle ga pelaelo, re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ fela jaaka Baebele e boleletse pele. Boporofeti jono bo bontsha gore mo “metlheng ya bofelo,” malapa a tla nna le mathata, mme mo malapeng a mantsi lorato lwa tlholego lo tla fela gotlhelele. Bangwe ba tla latola gore ba direla Modimo ka ditiro tsa bone. (2 Tim. 3:1-5) Bakeresete ba boammaaruri le bone ba welwa ke mathata ano; ka jalo ke eng se o ka se dirang gore o itshoke fa o tlhanogetswe ke molekane?
Itebe Jaaka Jehofa a go Leba
Kwa tshimologong o ka nna wa fitlhela go le thata go dumela gore mongwe yo o mo ratang a ka go utlwisa botlhoko thata jaana. O ka nna wa ba wa simolola go ipega molato ka ntlha ya boleo jwa gagwe.
Mme o se ka wa lebala gore tota le monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ne a tlhanogelwa ke motho yo a neng a mo ikanya e bile a mo rata. Jesu o ne a tlhopha ditsala tsa gagwe tse di gaufiufi, e leng baaposetoloi, a sena go jela kgang eno marapo a tlhogo le go rapela ka yone. Ka nako eo, botlhe ba le 12 e ne e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Ka jalo, kwantle ga pelaelo Jesu o ne a utlwile botlhoko thata fa Judase a ne a “fetoga mooki.” (Luke 6:12-16) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a pega Jesu molato ka ntlha ya ditiro tsa ga Judase.
Gone ke boammaaruri gore gone jaanong ga go na molekane ope wa lenyalo yo o se nang diphoso. Balekane boobabedi ba tla dira diphoso. Mopesalema mongwe yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala mafoko ano a a boammaaruri: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pes. 130:3) Balekane boobabedi ba tshwanetse go etsa Jehofa ka go itshwarelana diphoso.—1 Pet. 4:8.
Le fa go ntse jalo, “mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Bar. 14:12) Fa molekane wa lenyalo a nna le mokgwa wa go bua puo e e sotlang kgotsa wa go itaya molekane wa gagwe, molekane yo o dirang jalo ke ene a tshwanetseng go ikarabelela mo go Jehofa. Jehofa o kgala tirisodikgoka le puo e e kgobang, ka jalo le ka motlha go ka se nne le lebaka le le utlwalang la go tshwara molekane wa gago jalo ka tsela e e bontshang gore ga o mo rate le e e mo tlontlololang. (Pes. 11:5; Baef. 5:33; Bakol. 3:6-8) E bile tota, fa Mokeresete a nnela go phatloga ka bogale, a sa ikwatlhaye e bile a sa tlogele mokgwa oo, o tshwanetse go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Bagal. 5:19-21; 2 Joh. 9, 10) Molekane wa lenyalo ga a tlhoke go ikutlwa a le molato fa a begela bagolwane boitshwaro jono jo bo sa tshwaneleng Bakeresete. Ee ruri, Jehofa o utlwela batho ba ba sotliwang jalo botlhoko.
Fa molekane wa lenyalo a dira boaka, ga a leofele molekane yo o se nang molato fela, mme o leofela le Jehofa. (Math. 19:4-9; Baheb. 13:4) Fa e le gore molekane yo o se nang molato o ntse a leka go tshela ka melaometheo ya Baebele, ga a tlhoke go ikutlwa a le molato fa molekane wa gagwe a mo tlhanogetse ka go dira boaka.
Gakologelwa gore Jehofa o itse kafa o ikutlwang ka teng. O itlhalosa e le monna yo e leng mong wa setšhaba sa Iseraele, mme Lefoko la gagwe le na le ditemana tse dintsi tse di amang maikutlo tse di bontshang kafa a neng a utlwa botlhoko ka teng fa setšhaba seo se ne se dira boaka ka tsela ya semoya. (Isa. 54:5, 6; Jer. 3:1, 6-10) Tlhomamisega gore Jehofa o bona dikeledi tse o di tshololang fa e le gore molekane wa gago wa lenyalo o go tlhanogetse ka tsela nngwe. (Mal. 2:13, 14) Jehofa o a itse gore o tlhoka go gomodiwa le go kgothadiwa.
Kafa Jehofa a Nayang Kgomotso ka Teng
Tsela nngwe e Jehofa a nayang kgomotso ka yone ke ka phuthego ya Bokeresete. Jane o ne a bona kgomotso jalo. A re: “Molebedi wa potologo 1 Bakorintha 7:15. Ditemana tseo tsa Baebele le mafoko a gagwe a bopelonomi di ne tsa nkimolola go ikutlwa ke le molato mme tsa dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo.” *
o ne a etela phuthego ya rona ka nako ya fa ke ne ke kotlomane pelo tota. O ne a itse gore ke ne ke tshwenyegile go le kana kang mo maikutlong fa monna wa me a sena go ntlhala. O ne a ipha nako ya go nthusa go akanya ka ditemana tse di jaakaMargarita, yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, le ene o ne a lemoga gore Jehofa o re naya thuso ka phuthego ya Bokeresete. A re: “Fa ke ne ke bona gore monna wa me o ne a sa ikwatlhaye, ke ne ka tsaya bongwanake ka fudugela kwa toropong e nngwe. Fa ke goroga koo, ke ne ka kgona go bona diphaposi tse pedi tse nka di hirang. Mo letsatsing le le latelang, ke ne ke phutholola dikgetsi tsa rona ke le mo mahutsaneng a magolo fa go kokota mongwe fa kgorong. Ke ne ke akanya gore e ka tswa e le mong wa ntlo e re e hirileng, yo o neng a nna mo ntlong e e mabapi. Ke ne ka gakgamala fa ke fitlhela e le kgaitsadi yo o neng a ithutile Baebele le mmè a bo a thusa lelapa la rona go itse boammaaruri. O ne a sa solofela go mphitlhela foo mme o ne a tlile mo ntlong eo ka gonne a ithuta Baebele le mong wa ntlo e ke neng ke e hirile. Ke ne ka ikutlwa ke wela dibete tota mme ka fekeediwa ke maikutlo. Ke ne ka mo tlhalosetsa seemo sa me, mme ra lela mmogo. Gone fela foo o ne a rulaganya gore re kgone go ya dipokanong mo letsatsing leo. Phuthego e ne ya re amogela ka diatla tsoopedi, mme bagolwane ba ne ba dira dithulaganyo tsa go nthusa gore ke tlhokomele lelapa la me semoyeng.”
Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng
Ee ruri, maloko a phuthego ya Bokeresete a ka thusa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, jaanong Margarita o ne a tshwanetse go batla tiro. Lelapa lengwe mo phuthegong le ne la ithaopela go mo salela le bana fa ba tswa sekolong, fa go tlhokega.
Margarita a re: “Se ke se anaanelang thata ke fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ithaopela go tsamaya le nna le bongwanake mo bodireding jwa tshimo.” Fa maloko a phuthego a thusa ba bangwe jalo, a thusa go “rwalelana mekgweleo” mme ka jalo a diragatsa “molao wa ga Keresete.”—Bagal. 6:2.
Batho ba ba bogang ka ntlha ya maleo a ba bangwe ruri ba anaanela thuso ya mofuta ono. Monique, yo monna wa gagwe a neng a mo tlogela ka sekoloto sa didolara di le 15 000 le bana ba le banè ba a neng a tshwanetse go ba godisa, a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya ba ne ba mpontsha lorato tota. Ga ke itse gore nkabo ke kgonne jang kwantle ga thuso ya bone. Ke akanya gore Jehofa o mphile bakaulengwe ba ba molemo tota, ba ba ileng ba dira ka natla go thusa bongwanake. Ke itumeletse go bona Mar. 10:29, 30.
bongwanake ba gola semoyeng fa ba ne ba thusiwa jalo. Fa ke ne ke tlhoka kgakololo, bagolwane ba ne ba nthusa. Fa ke ne ke tlhoka mongwe yo nka buang le ene, ba ne ba ntheetsa.”—Gone ke boammaaruri gore tsala e e lorato e tla lemoga fa e se nako e e siametseng go tlotla ka kgang e e utlwisitseng yo mongwe botlhoko. (Mor. 3:7) Margarita a re: “Gantsi ke ne ke itumelela go tlotla le bokgaitsadi ba ba mo phuthegong ya me e ntšha ka tiro ya go rera, dithuto tsa rona tsa Baebele le bana ba rona—ke ne ke batla re tlotla ka sengwe le sengwe fela kwantle ga mathata a me. Ke ne ka itumelela gore ba ne ba ntetla gore ke lebale ka tse di fetileng mme ba nthusa go simolola botshelo sesha.”
Ithibe Gore O se Ka wa Ipusolosetsa
Ka dinako tse dingwe o ka nna wa se ka wa nna le maikutlo a gore ke wena o dirileng gore molekane wa gago a leofe, mme o ka nna wa tenwa ke gore o boga thata jaana ka ntlha ya diphoso tsa gagwe. Fa o letla maikutlo ano gore a gole, a ka dira gore o se ka wa tlhola o ikemisetsa go nna o ikanyega mo go Jehofa jaaka pele. Ka sekai, o ka nna wa raelesega go batla ditsela tsa go ipusolosetsa mo molekaneng wa gago yo o sa ikanyegang.
Fa o lemoga gore maikutlo a a ntseng jalo a ntse a gola mo teng ga gago, akanya ka sekai sa ga Joshua le Kalebe. Banna bano ba ba ikanyegang ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba ye go tlhola Lefatshe le le Solofeditsweng. Ditlhola tse dingwe di ne di tlhaela tumelo mme tsa faposa batho gore ba se ka ba ikobela Jehofa. E bile bangwe ba Baiseraele ba ne ba batla go kgobotletsa Joshua le Kalebe ka maje fa ba ne ba leka go kgothaletsa setšhaba gore se nne se ikanyega. (Dipa. 13:25–14:10) Ka ntlha ya se Baiseraele ba se dirileng, Joshua le Kalebe ba ne ba patelesega go kgarakgatshega mo nageng dingwaga di le 40, e se ka ntlha ya phoso ya bone, mme e le ka ntlha ya phoso ya ba bangwe.
Le fa Joshua le Kalebe ba ka tswa ba ile ba kgobega marapo, ga ba a ka ba letla maleo a bomorwarraabone gore a ba galefise. Ba ne ba tlhoma mogopolo thata mo go direleng Jehofa. Morago ga go nna dingwaga di le 40 mo nageng, bone mmogo le Balefi ba ne ba duelwa ka gore ba sale ba tshela mo kokomaneng eo mme ba letlelelwa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.—Dipa. 14:28-30; Josh. 14:6-12.
Ditiro tsa molekane wa gago yo o sa ikanyegeng di ka nna tsa dira gore o boge ka lobaka lo loleele. Lenyalo la gago le ka nna la thubega, mme o ka nna wa tshwenyega mo maikutlong wa ba wa nna le mathata a madi moragonyana. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa go itetla go ngomoga pelo mo go feteletseng, gakologelwa gore Jehofa ke ene a itseng se a tla se dirang ka batho ba ba itlhokomolosang melao ya gagwe ka boomo, fela jaaka a ile a otlhaya Baiseraele ba ba se nang tumelo kwa nageng.—Baheb. 10:30, 31; 13:4.
O ka Kgona go Itshoka!
Mo boemong jwa go itetla gore o fekeediwe ke maikutlo a a sa siamang, dira gore o nne o akantse dikakanyo tsa ga Jehofa. Jane a re: “Go reetsa ditheipi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! go ne ga nthusa go itshoka. Dipokano le tsone di ne tsa nnonotsha thata. Go nna le seabe ka tlhoafalo kwa dipokanong go ne ga dira gore ke se ka ka nna ke akantse ka mathata a me. Tiro ya go rera le yone e ne ya nthusa. Ke ne ka nonotsha tumelo ya me ka go thusa ba bangwe gore ba nne le tumelo mo go Jehofa. Mme go nna ke amegile ka batho ba ke ithutang Baebele le bone go ne ga nthusa gore ke nne ke akantse ka dilo tse di botlhokwa thata.”
Monique, yo o umakilweng fa godimo, a re: “Ke kgonne go itshoka ka gonne ke ya dipokanong ka metlha e bile ke ya tirelong ya tshimo nako le nako fa ke kgona. Maloko a lelapa la me a atamalane e bile a atamalane le phuthego. Matshwenyego a me a nthusitse go lemoga makoa a me. Ke wetswe ke diteko, mme ke kgona go itshoka ka thuso ya ga Jehofa.”
Le wena o ka itshokela diteko tse di ntseng jalo. Le fa go tlhanogelwa ke molekane go le botlhoko, leka go dirisa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—Bagal. 6:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.
^ ser. 13 Fa o batla go bona tlhaloso e e oketsegileng malebana le tsela e Baebele e lebang go kgaogana le tlhalo ka yone, bona buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” tsebe 125-130, 219-221.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Batho ba ba tlogetsweng ke balekane ba bone ba lenyalo ba anaanela batho ba ba ba thusang mo bodireding jwa tshimo