Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kopanngwa ke Lorato—Pego ya Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

Go Kopanngwa ke Lorato—Pego ya Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

Go Kopanngwa ke Lorato—Pego ya Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

GO NE go itumetswe tota kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jersey City, kwa New Jersey, U.S.A. Mo mosong wa October 3, 2009, batho ba feta 5 000 ba ne ba phuthegile ba tlile pokanong ya bo125 ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Batho ba bangwe ba le diketekete ba ne ba lebeletse thulaganyo eno le go e reetsa ka tiriso ya bidio e e neng e golagantse lefelo leno le dikago tse tharo tsa Bethele ya kwa United States le Bethele ya kwa Canada. Batho botlhe ba ba neng ba kopantswe ke go rata Jehofa, ba ba neng ba itumelela pokano eno e e tsereng diura di le tharo, ba ne ba le 13 235.

Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang e ne e le ene modulasetulo. O ne a simolola thulaganyo eno ka go rola khwaere ya maloko a Bethele e e neng ya opela dipina tse di tswang mo kopelong ya rona e ntšha. Khwaere eno e ne e opedisiwa ke leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang e bong David Splane, mme o ne a tlhalosa ka bokhutshwane kafa mmino o leng botlhokwa ka teng mo kobamelong e e itshekileng. Bareetsi ba ne ba lalediwa go opela dipina tse tharo tse disha kwa pokanong eo; khwaere e ne ya di opela pele e le yosi, go tswa foo e bo e di opela le bareetsi. Go ne go opelwa le khwaere mo pokanong eno e e kgethegileng fela; ga se mokgwa o o tshwanetseng go dirisiwa kwa diphuthegong le kwa dikopanong tsa potologo kgotsa tsa kgaolo.

Dipego Tse di Tswang Kwa Makaleng

Maloko a a etileng a Dikomiti tsa Makala a ne a naya dipego go tswa kwa makaleng a le matlhano. Kenneth Little o ne a bolela gore mo bogautshwaneng lekala la kwa Canada le tla bo le simolola go gatisa bontsi jwa dimakasine tse di yang kwa United States le Canada, mme seo se tla dira gore dikgatiso tse di dirwang ke lekala leo di oketsege go menagane makgetlho a le lesome. Gore tiro eno e dirwe, motšhine o o gatisang o ba sa tswang go nna le one o tla bereka diura di le 16 ka letsatsi.

Reiner Thompson o ne a bega ka tiro ya Bogosi kwa Dominican Republic, mme Albert Olih o ne a tlhalosa boemo jwa tiro ya rona kwa Nigeria. Emile Kritzinger go tswa Mozambique o ne a tlhalosa gore morago ga gore Basupi ba ga Jehofa koo ba bogisiwe ka masomesome a dingwaga, ba ne ba kwadisiwa semolao ka 1992. Dinaga tseno tsotlhe tse tharo di sa tswa go nna le koketsego e kgolo mo palong ya baboledi. Viv Mouritz wa lekala la Australia o ne a tlhalosa kafa tiro e gatelang pele ka teng kwa East Timor, e e tlhokometsweng ke bakaulengwe ba kwa Australia.

Dikomiti Tsa Setlhopha se se Laolang

Ka 1976, ditiro tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa simolola go okamelwa ke dikomiti tse thataro tsa Setlhopha se se Laolang. Moragonyana, maloko a setlhopha sa dinku tse dingwe a ne a tlhomiwa go nna bathusi. Jaanong go na le bathusi ba le 23. Go ne ga botsolodiwa ba le barataro ba bone. Dingwaga tsa bone ba le mo tirelong ya nako e e tletseng di 341 fa di kopantswe—palogare ya dingwaga di le 57 mongwe le mongwe wa bone.

Don Adams, yo o tlileng Bethele ka 1943, o ne a tlhalosa gore Komiti ya Baokamedi e bopilwe ka baokamedi ba dikomiti tse dingwe tse tlhano mme e tlhomamisa gore dikomiti tseno ka botlhano jwa tsone di dirisana sentle mmogo. Komiti eno e thusa fa go na le maemo a a masisi a tshoganyetso, dipogiso, dikgetsi tsa kgotlatshekelo, dikotsi tsa masetlapelo le dikgang tse dingwe tse di tlhokang go rarabololwa ka potlako tse di amang Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.

Dan Molchan o ne a tlhalosa tiro ya Komiti ya Badiri, e e okametseng dithulaganyo tsa go tlhokomela maloko a le 19 851 a a mo lefatsheng lotlhe a malapa a Bethele ka go ba tlamela ka se ba se tlhokang le go ba tlhokomela semoyeng. David Sinclair o ne a tlhalosa kafa Komiti ya Kgatiso e okametseng ka teng go rekwa ga dilwana le didirisiwa tse di rekelwang makala. Go tswa foo Robert Wallen, yo o nang le dingwaga di ka nna 60 a direla mo Bethele, o ne a tlhalosa kafa Komiti ya Tirelo e okametseng tiro ya batho ba ga Jehofa ka teng mo tshimong le mo diphuthegong. William Malenfant o ne a tlhalosa ka bokhutshwane tiro e kgolo e Komiti e e Rutang e e dirang go baakanyetsa thulaganyo ya dikopano tse dikgolo. Kwa bofelong John Wischuk o ne a tlhalosa kafa Komiti ya Bakwadi e okametseng ka teng tiro ya go kwala tshedimosetso ka kelotlhoko le go e rulaganyetsa gore e gatisiwe mo dikgatisong tsa rona. *

Temana ya Ngwaga wa 2010 e Bua ka Lorato

Dipuo tse tharo tse di latelang di ne tsa newa ke maloko a Setlhopha se se Laolang. Gerrit Lösch o ne a simolola ka potso e e reng, “A o batla go ratiwa ke batho ba bangwe?” O ne a tlhalosa gore lorato ke sengwe sa konokono se batho ba se tlhokang mme rotlhe re tshela sentle fa re ratiwa. Re teng ka ntlha ya lorato ka gonne Jehofa o tlhotlheleditswe ke lorato lwa bopelotshweu gore a re bope. Lebaka la konokono la go bo re rera e bile re ruta ke ka gonne re rata Jehofa.

Ga re bontshe baagelani ba rona fela lorato lo lo laolwang ke melaometheo mme re lo bontsha le baba ba rona. (Math. 5:43-45) Bareetsi ba ne ba kgothalediwa go sekaseka tsela e Jesu a bogileng ka yone ka ntlha ya rona, a kgwathisiwa, a sotliwa, a kgwelwa mathe a bo a tlhabiwa. Mme le fa go ntse jalo, o ne a rapelela masole a a neng a mmapola. A seno ga se dire gore re mo rate le go feta? Go tswa foo Mokaulengwe Lösch o ne a itsise temana ya ngwaga ya 2010: 1 Bakorintha 13:7, 8, ‘Lorato lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.’ Re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mmogo le go rata le go ratiwa ka bosakhutleng.

A o Felelwa ke Lookwane?

Samuel Herd o ne a simolola polelo ya gagwe ka setshwantsho. A re re tsala nngwe e go pega mo koloing gore lo tseye mosepele wa dikilometara di le 50. Fa o ntse o le fa thoko ga gagwe, o lemoga gore lenaka le le supang selekanyo sa lookwane le bontsha gore lookwane lo a fela. O bolelela tsala ya gago gore lookwane lo tloga lo fela. O go raya a re o se ka wa tshwenyega; go sa ntse go setse dilitara di ka nna nnè mo tankeng. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae lookwane lo a fela. Go ka go thusa ka eng go tsamaya ka koloi e e ka felelwang ke lookwane nako nngwe le nngwe o bo o gaelelwa mo nageng? Ruri go botoka go nna o tladitse tanka ka lookwane! Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, re tshwanetse go nna re tladitse tanka ka lookwane, lo lo tshwantshetsang kitso ya rona ka Jehofa.

Ka jalo, re tshwanetse go tshela lookwane lo lo lekaneng ka metlha. Re ka dira jalo ka ditsela di le nnè. Sa ntlha, ka go ithuta re le rosi, re itlwaetsa Baebele ka go e bala letsatsi le letsatsi. Ga re a tshwanela go bala mafoko fela mme re tshwanetse go tlhaloganya se re se balang. Sa bobedi, re tshwanetse go dirisa maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ka botlalo. A beke le beke re tlatsa tanka kgotsa re thothetsa go se kae fela? Sa boraro, re tshwanetse go ithuta le phuthego le go nna gone kwa dipokanong. Sa bonè, re tshwanetse go tlhatlhanya re sa itewe tsebe ke sepe, re akanya ka ditsela tsa ga Jehofa. Pesalema 143:5 ya re: “Ke gakologetswe malatsi a bogologolo; ke tlhatlhantse ka tiro ya gago yotlhe.”

“Basiami ba Tla Phatsima”

John Barr o ne a baya polelo ya boraro e bile e le ya bofelo, e e neng e tlhalosa setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mefero. (Math. 13:24-30, 38, 43) Setshwantsho seo se bua ka “nako ya thobo” e ka yone “bana ba bogosi” ba phuthiwang mme mefero e bo e tlhaolwa gore e fisiwe.

Mokaulengwe Barr o ne a tlhalosa sentle gore tiro ya go phutha e ne e ka se tswelele pele fela e sa fele. O ne a umaka Mathaio 24:34, e e reng: “Kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” O ne a bala mafoko ano gabedi: “Re tlhaloganya Jesu a ne a raya gore go ne go tla nna le nako e ka yone batlodiwa ba ba boneng go simolola ga sesupo ka 1914 ba neng ba tla bo ba tshela ka nako e le nngwe le batlodiwa ba ba tshotsweng moragonyana ba ba tla bonang go simologa ga pitlagano e kgolo.” Ga re itse ka tlhomamo gore lobaka lwa “kokomana eno” lo loleele go le kana kang, mme lo akaretsa ditlhopha tseno tse pedi tse ka nako nngwe di a bong di tshela mo lobakeng lo le longwe lwa nako. Le fa batlodiwa ba sa lekane ka dingwaga, ba ba mo ditlhopheng tseno tse pedi tse di bopang kokomana ba a bo ba tshela ka nako e le nngwe mo nakong e e rileng ya metlha ya bofelo. A bo go gomotsa jang go itse gore batlodiwa ba babotlana ba ba tshelang nako e le nngwe le batlodiwa ba ba godileng ba ba lemogileng sesupo fa se ne se simologa ka 1914, ba ka se swe botlhe pele pitlagano e kgolo e simologa!

“Bana ba bogosi” ba emetse tuelo ya bone ya kwa legodimong ka tlhoafalo e kgolo, mme rotlhe re tshwanetse go nna re ikanyega, re phatsima go ya bokhutlong. A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go bona “korong” e phuthiwa mo motlheng wa rona!

Morago ga pina e e konelang, Theodore Jaracz wa Setlhopha se se Laolang o ne a rapela thapelo e e tswalang. Pokano ya ngwaga le ngwaga e nnile thulaganyo e e kgothatsang tota!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Fa o batla go bona tlhaloso ya ditiro tse di dirwang ke dikomiti tse thataro tsa Setlhopha se se Laolang, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2008, tsebe 29.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

SEKOLO SA BAGOLWANE

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]

Kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga, Anthony Morris, leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a itsise gore bagolwane ba diphuthego ba tla tswelela pele ba thapisiwa. Sekolo sa bagolwane ba kwa United States se ne sa simolola kwa tshimologong ya 2008 kwa lefelong la thuto kwa Patterson, New York. Setlhopha sa bo72 se ne se sa tswa go wetsa dithuto, mme go ne go setse go thapisitswe bagolwane ba le 6 720. Go sa ntse go na le tiro e ntsi. Kwa United States fela, go na le bagolwane ba ba fetang 86 000. Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go tshwarwe sekolo se sengwe kwa Brooklyn, New York, go simolola ka December 7, 2009.

Balebedi ba ba etang ba le banè ba ne ba tla thapisiwa kwa Patterson ka dikgwedi di le pedi gore e nne batlhatlheledi. Go tswa foo ba ne ba tla isiwa kwa Brooklyn go ya go ruta, mme go ne go tla thapisiwa ba bangwe ba le banè. Morago ga moo bano ba ne ba tla ruta kwa sekolong se se kwa Brooklyn, mme setlhopha sa ntlha sa ba banè se ne se tla ya go ruta kwa Diholong Tsa Dikopano le kwa Diholong Tsa Bogosi. Go ne go tla nna go dirwa fela jalo go fitlha go na le batlhatlheledi ba le 12 ba ba rutang dikolo di le thataro ka Seesemane beke le beke kwa United States. Go tswa foo batlhatlheledi ba le banè ba ne ba tla thapisiwa gore ba rute ka Se-Spain. Sekolo seno ga se emisetse Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi se se ntseng se le teng; boikaelelo jwa sone ke go thusa bagolwane go gatela pele semoyeng. Makala a a mo lefatsheng lotlhe a tla simolola go tshwara dikolo kwa Diholong Tsa Dikopano le kwa Diholong Tsa Bogosi ka ngwaga wa tirelo wa 2011.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Pokano ya ngwaga le ngwaga e ne ya simolola ka go opelwa ga dipina tse di tswang mo kopelong ya rona e ntšha, “Opelelang Jehofa”