Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang lo Fenye Bosula” ka go Laola Bogale

“Nnang lo Fenye Bosula” ka go Laola Bogale

“Nnang lo Fenye Bosula” ka go Laola Bogale

“Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, . . . mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—BAR. 12:19, 21.

1, 2. Basupi bangwe ba ba neng ba le mo loetong ba ne ba tlhoma sekao sefe se se molemo?

SETLHOPHA sa Basupi ba ga Jehofa ba le 34 se ne se le mo loetong se ya kwa thulaganyong ya go neelwa ga ofisi ya lekala fa sefofane se ba neng ba se palame se ne se ba latsa nageng ka gonne go ne go na le bothata bongwe. Ba ne ba tshwanetse go ema ura e le nngwe fela ba tshela lookwane, mme ba ne ba felela ba eme diura di le 44 tse di lapisang kwa boemafofaneng jo bo kgakala le toropo, ba se na dijo le metsi a a lekaneng le fa e le matlwana a boithomelo. Bapalami ba bantsi ba ne ba galefa mme ba tshosetsa badiri ba kwa boemafofaneng joo. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi bone ba ne ba nna ba digile makgwafo.

2 Kgabagare Basupi bano ba ne ba goroga kwa ba neng ba ya teng mme ba kgona go nna teng mo karolong ya bofelo ya thulaganyo ya go neelwa ga lekala. Le fa ba ne ba lapile, ba ne ba sala morago ga thulaganyo gore ba itumelele botsala le bakaulengwe ba koo. Moragonyana ba ne ba utlwa gore batho ba ne ba lemogile sekao sa bone sa go nna pelotelele le go nna boikgapo. Mongwe wa bapalami o ne a raya badiri ba khampani ya difofane tseo a re: “Fa e ne e se ka Bakeresete ba ba 34 ba ba neng ba palame sefofane seno, go ka bo go nnile le dikhuduego kwa boemafofaneng.”

Go Tshela mo Lefatsheng la Batho ba ba Galefileng

3, 4. (a) Bogale bo amile batho jang le gone ka lobaka lo lo kae? (b) A Kaine a ka bo a ile a laola bogale jwa gagwe? Tlhalosa.

3 Mathata a botshelo mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo a ka galefisa batho. (Mor. 7:7) Gantsi bogale jono bo felela ka letlhoo le thubakanyo. Go faga dintwa fa gare ga dinaga tse di farologaneng e bile go na le dintwa tsa selegae, mme mathata a lelapa one a dira gore go nne le dikgotlhang mo magaeng a mantsi. Bogale jo bo ntseng jalo le thubakanyo ga di bolo go nna teng. Kaine, morwa wa leitibolo wa ga Adame le Efa, o ne a bolaya monnawe e bong Abele ka gonne a ne a mo galefetse ka ntlha ya lefufa. Kaine o ne a dira tiro eno e e maswe le fa Jehofa a ne a mo kopile gore a laole maikutlo a gagwe e bile a mo solofeditse gore o tla mo segofatsa fa a ka dira jalo.—Bala Genesise 4:6-8.

4 Le fa Kaine a ne a ruile bosaitekanelang, o ne a ka tlhopha go dira se se siameng mo kgannyeng eno. A ka bo a ile a ithiba gore a se ka a galefa. Ke gone ka moo a ileng a ikarabelela ka botlalo ka tiro e e maswe e a neng a e dirile. Le rona bosaitekanelang bo dira gore go nne thata go tila go galefa kana go dira ditiro dingwe ka gonne re galefile. Gape go na le mathata a mangwe a a masisi a a ngomolang pelo mo ‘dinakong tseno tsa mathata.’ (2 Tim. 3:1) Ka sekai, mathata a itsholelo a ka re gatelela mo maikutlong. Mapodise le mekgatlho e e thusang malapa ya re go phutlhama ga itsholelo ke gone go oketsang go phatloga ka bogale le tirisodikgoka mo malapeng.

5, 6. Re ka tshwaediwa ke boikutlo bofe jwa lefatshe malebana le go galefa?

5 Mo godimo ga moo, batho ba bantsi ba re kopanang le bone ke “baithati,” “ba mabela” e bile ba “bogale jo bo tshabegang.” Go motlhofo gore re tshwaediwe ke mekgwa eno e e maswe le gore e re galefise. (2 Tim. 3:2-5) Tota e bile, gantsi difilimi le dithulaganyo tsa thelebishene di dira gore go ipusolosetsa go lebege go siame le thubakanyo e lebege e le tsela e e siameng ya go rarabolola mathata. Gantsi mo dipolelong tsa thelebishene go dirwa gore babogedi ba swegaswege pelo go bona nako ya fa motho yo o bosula a tla bong “a di gama a sa di tlhapela”—gantsi a felela a bolawa setlhogo ke mogaka wa polelo eo.

6 Go leba dilo tse di ntseng jalo ga go rotloetse batho go dira dilo ka tsela ya Modimo, mme go rotloetsa “moya wa lefatshe” le wa mmusi wa lone yo o galefileng, e bong Satane. (1 Bakor. 2:12; Baef. 2:2; Tshen. 12:12) Moya oo o rotloetsa dikeletso tsa nama e e leofileng mme ga o tsamaisane gotlhelele le moya wa Modimo o o boitshepo le dinonofo tse o di tlhagisang. Eleruri, thuto nngwe ya konokono ya Bokeresete ke gore motho a se ka a ipusolosetsa fa a rumolwa. (Bala Mathaio 5:39, 44, 45.) Ka jalo, re ka dirisa jang dithuto tsa ga Jesu ka botlalo mo matshelong a rona?

Dikao Tse di Molemo le Tse di Bosula

7. Go ne ga direga eng fa Simeone le Lefi ba ne ba palelwa ke go laola bogale jwa bone?

7 Baebele e na le kgakololo e ntsi e e malebana le go laola bogale e bile e na le dikai tsa se se ka diregang fa re bo laola le fa re sa bo laole. Akanya ka se se neng sa direga fa bomorwa Jakobe e bong Simeone le Lefi ba ne ba ipusolosetsa mo go Shekema fa a sena go betelela kgaitsadiabone, Dina. Ba ne “ba utlwa botlhoko mo maikutlong . . . mme ba nna bogale thata.” (Gen. 34:7) Go tswa foo, barwa ba bangwe ba ga Jakobe ba ne ba tlhasela motse wa ga Shekema, ba o thopa mme ba isa basadi le bana botshwarwa. Ba ne ba sa dire seno sotlhe ka ntlha ya ga Dina fela mme gongwe gape ba ne ba se dira ka gonne ba ne ba sa batle go nyadiwa le go digwa seriti. Ba ne ba tsaya gore Shekema o ne a diretse bone le rraabone e bong Jakobe phoso. Mme Jakobe o ne a ikutlwa jang ka boitshwaro jwa bone?

8. Pego ya ga Simeone le Lefi e ruta eng ka go ipusolosetsa?

8 Tiragalo e e botlhoko e e diragaletseng Dina e tshwanetse ya bo e ne ya utlwisa Jakobe botlhoko thata; le fa go ntse jalo, o ne a kgala go ipusolosetsa ga bomorwawe. Simeone le Lefi ba ne ba leka go buelela se ba se dirileng ka gore: “A go na le motho ope yo o tshwanetseng go tshwara kgaitsadiarona jaaka seaka?” (Gen. 34:31) Mme kgang eo ga e a ka ya felela foo ka gonne e ne e sa itumedisa Jehofa. Dingwaga tse dintsi morago ga foo, Jakobe o ne a bolelela pele gore ka ntlha ya ditiro tsa thubakanyo le tsa tšhakgalo tsa ga Simeone le Lefi, ditlogolwana tsa bone di ne di tla gasama mo ditsong tsa Iseraele. (Bala Genesise 49:5-7.) Ee, e re ka ba ne ba sa laola bogale jwa bone seo ga se a ka sa itumedisa Modimo mmogo le rraabone.

9. Dafide o batlile a itetla go galefa leng?

9 Kgosi Dafide ene ga a ka a ipusolosetsa. O ne a bulegetswe ke ditshono tse dintsi tsa go ipusolosetsa, mme ga a ka a dira jalo. (1 Sam. 24:3-7) Le fa go ntse jalo, nako nngwe o ne a batla a itetla go galefa. Monna mongwe yo o humileng yo o neng a bidiwa Nabale o ne a omanya banna ba ga Dafide, le fa ba ne ba sireleditse matsomane a ga Nabale le badisa ba gagwe. Dafide o ne a batla a ipusolosetsa, gongwe ka gonne a ne a kgopisitswe ke tsela e banna ba gagwe ba neng ba tshwerwe ka yone. Fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le mo tseleng go ya go tlhasela Nabale le ba ntlo ya gagwe, lekau lengwe le ne la begela Abigaile, mosadi yo o botlhale wa ga Nabale ka se se neng se diragetse mme la mo kopa gore a tseye kgato. Gone fela foo, o ne a baakanya mpho e kgolo mme a ya go kgatlhantsha Dafide. O ne a kopa maitshwarelo ka boikokobetso ka ntlha ya go tlhoka maitseo ga ga Nabale mme a rapela Dafide a ikantse gore Dafide ke monna yo o boifang Jehofa. Dafide o ne a itharabologelwa mme a re: “Go bakwe wena yo o nthibetseng mo letsatsing leno gore ke se ka ka tsena mo molatong wa madi.”—1 Sam. 25:2-35.

Tsela ya Bokeresete ya go Dira Dilo

10. Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le go ipusolosetsa?

10 Se Simeone le Lefi ba se dirileng mmogo le se se diregileng fa gare ga ga Dafide le Abigaile se bontsha sentle gore Jehofa ga a rate bogale jo bo sa laolegeng le thubakanyo, mme o segofatsa batho ba ba dirang maiteko a go agisana le ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’ Mme, ‘fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe; gonne ka go dira seno o tla bo o koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe.’ Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—Bar. 12:18-21. *

11. Kgaitsadi mongwe o ne a ithuta jang go laola bogale?

11 Re ka dirisa kgakololo eo. Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ne a ngongorega mo mogolwaneng mongwe ka manejara wa gagwe yo mosha kwa tirong. O ne a re manejara yono ga a tshware batho sentle e bile ga a pelontle. Kgaitsadi yoo o ne a galefetse manejara yono e bile a batla go tlogela tiro. Mogolwane o ne a mo kopa gore a se ka a itlhaganelela go dira jalo. O ne a lemoga gore tsela e kgaitsadi yono a neng a galefa ka yone fa manejara a sa mo tshware sentle e ne e dirile gore dilo di nne maswe le go feta. (Tito 3:1-3) Mogolwane yono o ne a mmolelela gore le fa a ne a ka bona tiro e nngwe, o ne a ntse a tla tshwanelwa ke go fetola tsela e a itshwarang ka yone fa batho ba sa mo tshware sentle. O ne a mo gakolola gore a tshware manejara ka tsela e a neng a ka batla go tshwarwa ka yone, jaaka Jesu a re rutile. (Bala Luke 6:31.) Kgaitsadi yono o ne a dumela gore o tla leka go dira jalo. Go ne ga felela jang? Morago ga nako e e rileng, manejara o ne a simolola go mo tshwara sentle a ba a mo lebogela tiro ya gagwe.

12. Ke eng fa go nna le dikgotlhang le Bakeresete mmogo le rona go ka re utlwisa botlhoko thata?

12 Re ka nna ra se ka ra gakgamala fa re nna le mathata a a ntseng jalo le mongwe yo o seng mo phuthegong ya Bokeresete. Re itse gore gantsi dilo ga di re tsamaele sentle mo tsamaisong ya ga Satane e bile re tshwanetse go leka ka natla gore re se ka ra itetla go galefisiwa ke badirabosula. (Pes. 37:1-11; Mor. 8:12, 13; 12:13, 14) Le fa go ntse jalo, fa re nna le mathata le mokaulengwe kana le kgaitsadi, seo se ka re utlwisa botlhoko thata. Mosupi mongwe o ne a re: “Bothata jo ke neng ke na le jone fa ke ne ke tsena mo boammaaruring e ne e le go tlhaloganya gore batho ba ga Jehofa ba dira diphoso.” Re dule kwa lefatsheng le le se nang lorato, le le sa kgathaleleng batho, re solofela gore botlhe mo phuthegong ba tla tshwarana ka bopelonomi jwa Bokeresete. Ka jalo, fa Mokeresete mmogo le rona, segolobogolo yo o nang le maikarabelo mo phuthegong, a dira sengwe se se bontshang go se akanyetse kana a itshwara ka tsela nngwe e e seng ya Bokeresete, seo se ka re utlwisa botlhoko kana sa re galefisa. Re ka nna ra botsa jaana, ‘Go tla jang gore dilo tse di ntseng jaana di direge mo bathong ba ga Jehofa?’ Boammaaruri ke gore dilo tsa mofuta oo di diregile le mo gare ga Bakeresete ba ba tloditsweng mo metlheng ya baaposetoloi. (Bagal. 2:11-14; 5:15; Jak. 3:14, 15) Re tshwanetse go itshwara jang fa re diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo?

13. Ke eng fa re tshwanetse go rarabolola dikgotlhang e bile re ka dira seo jang?

13 Kgaitsadi yo o sa tswang go umakiwa a re: “Ke ne ka ithuta go rapelela mongwe le mongwe yo o nkgopisang. Seno se a thusa ka metlha.” Jaaka re setse re badile, Jesu o ne a re ruta go rapelela ba ba re bogisang. (Math. 5:44) Ka jalo, re tshwanetse go rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le go feta! Fela jaaka rre a batla gore bana ba gagwe ba ratane, Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba utlwane. Re lebile pele go tshela mmogo ka kagiso ka bosakhutleng, mme Jehofa o re ruta go dira jalo gone jaanong. O batla gore re dirisane sentle mmogo fa re ntse re dira tiro ya gagwe ya botlhokwa. Ka jalo, a re rarabololeng mathata kana re ‘tlhokomologe’ ditlolo mme re nne re le seoposengwe. (Bala Diane 19:11.) Go na le gore re katogele kgakala le bakaulengwe ba rona fa re nna le dikgotlhang le bone, re tshwanetse go thusana go nna mo gare ga batho ba Modimo, re sireletsegile mo “mabogong a bosakhutleng” a ga Jehofa.—Dute. 33:27, American Standard Version.

Go Nna Bonolo mo go Botlhe go Nna le Matswela a a Molemo

14. Re ka lwantsha jang tlhotlheletso ya ga Satane ya go baka dikgaogano?

14 E le gore Satane le madimona a gagwe ba re thibele go rera dikgang tse di molemo, ba tshwaregile thata ka go leka go senya kutlwano mo malapeng a a itumetseng le mo diphuthegong. Ba leka go baka dikgaogano, ka gonne ba itse gore dikgaogano di senya kutlwano. (Math. 12:25) Fa re lwantsha tlhotlheletso ya bone e e bosula, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo eno ya ga Paulo: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.” (2 Tim. 2:24) Gakologelwa gore ga re lwe “le madi le nama, mme . . . [re lwa] le mephato ya meya e e boikepo.” Gore re fenye ntwa eno, re tshwanetse go apara diaparo tsa ntwa tsa semoya, go akaretsa “iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso.”—Baef. 6:12-18.

15. Re tshwanetse go dirang fa re tlhaselwa ke batho ba ba kwa ntle ga phuthego?

15 Baba ba ga Jehofa ba tlhasela batho ba gagwe ba ba ratang kagiso setlhogo. Bangwe ba baba bano ba tlhasela Basupi ba ga Jehofa ka go ba utlwisa botlhoko mo mmeleng. Ba bangwe ba re senya leina mo makwalodikgannyeng kana kwa dikgotlatshekelong. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba nne ba itse gore seo se tla direga. (Math. 5:11, 12) Re tshwanetse go dirang fa go nna jalo? Le ka motlha ga re a tshwanela go ‘busetsa bosula ka bosula,’ ka se re se buang kana ka se re se dirang.—Bar. 12:17; bala 1 Petere 3:16.

16, 17. Phuthego nngwe e ne ya lebana le boemo bofe jo bo thata?

16 Le fa Diabolo a ka re tlisetsa mathata a mofuta mang, re ka naya bosupi sentle fa re ‘fenya bosula ka molemo.’ Ka sekai, phuthego nngwe kwa setlhaketlhakeng sengwe sa Pacific e ne e hirile holo gore e e dirise ka Segopotso. Fa baeteledipele ba kereke nngwe ya mo lefelong leo ba utlwa ka seo, ba ne ba bolelela maloko a kereke ya bone gore ba phuthegele kwa holong eo go tla go tshwara tirelo ka nako e Segopotso se neng se tlile go simolola ka yone. Le fa go ntse jalo, ramapodise o ne a laela baeteledipele ba kereke gore ba sutele Basupi gore ba dirise holo ka nako eo. Mme fa nako eo e fitlha, holo e ne e tletse ka maloko a kereke mme ba simolola tirelo ya bone.

17 Fa mapodise a ne a ipaakanyetsa go ba ntsha ka dikgoka mo holong, moruti wa kereke o ne a tla kwa go mongwe wa bagolwane mme a mmotsa a re: “A lo na le sengwe sa botlhokwa se lo tlileng go se dira mo maitseboeng ano?” Mokaulengwe o ne a mmolelela ka Segopotso, mme monna yoo o ne a re: “Ehe, ke ne ke sa itse!” Gone foo, lepodise le ne la mo raya la re: “Mme re lo boleletse mo mosong ono!” Moruti yono o ne a leba mogolwane ka monyenyo wa boferefere a bo a re: “Lo tla dirang jaanong? Holo e tletse ka batho. A lo tlile go raya mapodise lo re a re leleke?” O ne a dirile ka boferefere gore go lebege e kete Basupi ke bone ba ba kgoreletsang! Bakaulengwe ba rona ba ne ba tlile go dirang?

18. Bakaulengwe ba ne ba dira eng fa ba ne ba rumolwa, mme go ne ga felela jang?

18 Basupi ba ne ba dumela gore kereke e tswelele ka tirelo ya yone ka metsotso e le 30, mme morago ga yone bakaulengwe ba ne ba tla tswelela ka thulaganyo ya Segopotso. Tirelo ya kereke e ne ya feta nako e e neng e beilwe, mme fa maloko a kereke a sena go tswa mo holong, thulaganyo ya Segopotso e ne ya simolola. Mo letsatsing le le latelang, puso e ne ya tlhoma setlhopha sa batho gore ba batlisise gore tota go ne go diragetseng. Fa setlhopha seo se sena go utlwa sotlhe se se neng se diregile, se ne sa laela baeteledipele ba kereke gore ba dire kitsiso ya gore motho yo o neng a bakile mathata e ne e le moruti wa kereke, e seng Basupi. Setlhopha seno gape se ne sa leboga Basupi ba ga Jehofa ka go bo ba ile ba nna pelotelele le fa ba ne ba le mo boemong jo bo thata. Maiteko a Basupi ba neng ba a dirile go ‘agisana le batho botlhe’ a ne a atlega.

19. Ke eng se sengwe se se ka thusang gore re nne ka kagiso le ba bangwe?

19 Selo se sengwe sa konokono se se ka thusang gore re nne ka kagiso le ba bangwe ke go bua ka bopelontle. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore go bua ka bopelontle ke eng le gore re ka dirang gore re kgone go bua jalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Fa go buiwa ka “magala a a tukang” go buiwa ka mokgwa wa bogologolo wa go nyerolosa manya ka go gotsa molelo fa godimo le kafa tlase ga one go ntsha tshipi mo go one. Go bontsha batho ba ba sa re tshwareng sentle bopelonomi go ka ba nolofatsa mme ga dira gore ba bontshe dinonofo tse di molemo.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng fa batho gompieno ba le bogale jaana?

• Ke dikai dife mo Baebeleng tse di bontshang diphelelo tsa go laola bogale kana tsa go sa bo laole?

• Re tshwanetse go dirang fa Mokeresete yo mongwe a re kgopisa?

• Re tshwanetse go dirang fa re tlhaselwa ke batho ba ba kwa ntle ga phuthego?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Simeone le Lefi ba ne ba itharabologelwa—mme ba dirile jalo ba sena go galefa

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go nna pelonomi go ka nolofatsa ba bangwe