Dira Bojotlhe Jwa Gago mo Thobong e Kgolo ya Semoya
Dira Bojotlhe Jwa Gago mo Thobong e Kgolo ya Semoya
‘Nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’—1 BAKOR. 15:58.
1. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re ba dire eng?
FA JESU a ne a ntse a tsamaya mo kgaolong ya Samarea go ela kwa bofelong jwa 30 C.E., o ne a ema ka lobakanyana gore a ikhutse kwa sedibeng se se neng se le gaufi le motse wa Sikara. Fa a le koo, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.” (Joh. 4:35) Jesu o ne a sa bue ka thobo ya mmatota, mme o ne a bua ka thobo ya semoya ya go phutha batho ba ba dipelo di siameng ba ba neng ba tla nna balatedi ba gagwe. Tota mafoko a gagwe a ne a tlhotlheletsa barutwa ba gagwe gore ba tseye kgato. Go ne go na le namane e tona ya tiro e e neng e tshwanetse go dirwa mme nako ya go e wetsa e ne e le nnye thata!
2, 3. (a) Ke eng se se supang gore re tshela mo nakong ya thobo? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
2 Mafoko a ga Jesu a a kaga thobo a re ama thata mo motlheng wa rona. Re tshela mo nakong e masimo a a emelang batho, a leng “masweu go ka rojwa.” Ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione ba amogela taletso ya go ithuta boammaaruri jo bo nayang botshelo, mme go kolobediwa diketekete tsa barutwa ba basha. Re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo thobong e kgolo thata go feta tsotlhe tse di kileng tsa dirwa, re kaelwa ke Mong wa thobo e bong Jehofa Modimo. A o na le “mo gontsi go go dira” mo tirong eno ya go roba?—1 Bakor. 15:58.
3 Ka nako ya fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng ka dingwaga di le tharo le sephatlho, o ne a baakanyetsa barutwa ba gagwe tiro e ba neng ba tla e dira ya go nna barobi. Mo setlhogong seno re tla tlotla ka dithuto di le tharo mo go tse dintsi tsa botlhokwa tse Jesu a neng a di ruta barutwa ba gagwe. Nngwe le nngwe ya dithuto tseno e gatelela nonofo e re e tlhokang thata fa re ntse re lwela go dira bojotlhe jwa rona mo tirong ya gompieno ya go phutha barutwa. Mma re sekaseke dinonofo tseno ka bongwe ka bongwe.
Go Nna Boikokobetso go Botlhokwa
4. Jesu o ne a bontsha jang botlhokwa jwa go nna boikokobetso?
4 Akanya ka boemo jono: Barutwa ba sa tswa go ganetsana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone botlhe. Go ka direga gore maikutlo a go se tshepane le a go galefelana a sa ntse a bonala mo difatlhegong tsa bone. Ka jalo, Jesu o bitsa ngwana yo monnye gore a eme fa gare ga bone. O bua jaana a lebile ngwana yono: “Le fa e le mang yo o tla ikokobetsang [kgotsa “yo o inyenyefatsang,” go ya ka thanolo ya Byington] jaaka ngwana yo mmotlana yono ke ene yo mogolo thata mo bogosing jwa magodimo.” (Bala Mathaio 18:1-4.) Barutwa ba ne ba sa tshwanela go leba dilo ka tsela ya lefatshe ya go tsaya motho e le wa botlhokwa ka ntlha ya taolo e a nang le yone, khumo ya gagwe, le maemo a gagwe mme ba ne ba tshwanetse go tlhaloganya gore go nna mogolo ga motho go ikaegile ka gore a ‘inyenyefatse’ mo matlhong a batho ba bangwe. Jehofa o ne a tla ba segofatsa mme a ba dirise fa fela ba ne ba bontsha boikokobetso jwa mmatota.
5, 6. Ke eng fa o tshwanetse go nna boikokobetso gore o nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go roba? Tshwantsha.
5 Go tla go fitlha gompieno, batho ba le bantsi mo lefatsheng ba tshela botshelo jotlhe jwa bone ba batla go nna le taolo, dikhumo le maemo. Ka ntlha ya seo, ba na le nako e nnye kgotsa ga ba na nako gotlhelele ya go dira dilo tsa semoya. (Math. 13:22) Mme batho ba ga Jehofa bone ba itumelela go ‘inyenyefatsa’ mo matlhong a batho ba bangwe gore Mong wa thobo a ba segofatse le go ba amogela.—Math. 6:24; 2 Bakor. 11:7; Bafil. 3:8.
6 Akanya ka sekao sa ga Francisco yo e leng mogolwane
kwa Amerika Borwa. Fa a ne a sa ntse a le mosha o ne a tlogela yunibesithi gore a nne mmulatsela. A re: “Moragonyana fa ke ne ke beeleditse kgarebe e ke neng ke tlile go e nyala, ke ne nka kgona go bona tiro e e neng e tla dira gore nna le mosadi wa me re nne le madi a mantsi. Go na le moo, re ne ra swetsa ka gore re tshele botshelo jo bo sa raraanang mme re tswelele re direla mmogo ka nako e e tletseng. Moragonyana re ne ra nna le bana mme seo se ne sa dira gore re lebane le dikgwetlho tse di oketsegileng. Mme Jehofa o ne a re thusa gore re nne re ititeile sehuba gore re tshele botshelo jo bo sa raraanang.” Francisco o konela jaana: “Ke nnile le tshiamelo ya go nna mogolwane ka dingwaga tse di fetang 30, mme gape ke ne ka nna le dikabelo tse dingwe tse dintsi tse di kgethegileng. Le ka motlha ga re ise re ko re ikwatlhaele go bo re ile ra tshela botshelo jo bo sa raraanang.”7. O lekile jang go dirisa kgakololo e e mo go Baroma 12:16?
7 Fa o gana ‘dilo tse di kwa godimo’ tsa lefatshe leno mme o itetla go ‘ya le dilo tse di kwa tlase’ o ka lebelela go bona masego a mangwe a mantsi le ditshiamelo tse dintsi mo tirong ya go roba.—Bar. 12:16; Math. 4:19, 20; Luke 18:28-30.
Go Dira ka Natla go Tlisa Masego
8, 9. (a) Tlhalosa setshwantsho sa ga Jesu sa ditalenta ka bokhutshwane. (b) Setshwantsho seno se ka kgothatsa bomang segolobogolo?
8 Nonofo e nngwe e re e tlhokang gore re kgone go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go roba ke go dira ka natla. Jesu o ne a bontsha seno ka go dira setshwantsho sa ditalenta. * Setshwantsho seo se bua kaga monna yo o neng a naya batlhanka ba gagwe ba bararo dilo tsa gagwe gore ba di tlhokomele, pele ga a tsaya loeto go ya nageng e e kgakala. O ne a naya motlhanka wa ntlha ditalenta di le tlhano mme wa bobedi a mo naya di le pedi; mme a naya motlhanka wa boraro talenta e le nngwe. Morago ga gore mong wa bone a tsamaye, batlhanka ba babedi ba ntlha ba ne ba dira ka natla mme ka yone nako eo ba “dira kgwebo” ka ditalenta tsa bone. Mme motlhanka wa boraro ene o ne a le “bobodu.” O ne a fitlha talenta ya gagwe mo mmung. Fa mong wa bone a boa, o ne a duela batlhanka ba babedi ba ntlha ka go ‘ba tlhoma gore ba okamele dilo tse dintsi.’ O ne a tsaya talenta e a neng a e neile motlhanka wa boraro mme a mo leleka mo ntlong ya gagwe.—Math. 25:14-30.
9 Ga go na pelaelo gore o ka rata go etsa sekao sa batlhanka ba ba dirang ka natla ba Jesu a buang ka bone mo setshwantshong sa gagwe mme o dire bojotlhe mo tirong ya go dira barutwa. Mme gone go tweng fa maemo a gago a gone jaanong a sa go letle go dira ka botlalo jaaka o ne o ka rata? Gongwe maemo a a boima a itsholelo a go pateletsa gore o bereke diura tse dintsi gore o kgone go tlamela lelapa la gago. Kgotsa gongwe ga o tlhole o na le matlhagatlhaga a bosha le botsogo jo bo siameng. Fa e le gore go ntse jalo,
setshwantsho sa ditalenta se na le molaetsa o o ka go kgothatsang.10. Mong yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ditalenta o ne a bontsha jang gore o a akanyetsa, mme ke eng fa seno se go kgothatsa?
10 Ela tlhoko gore mong yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o ne a lemoga gore batlhanka ba gagwe ba na le bokgoni jo bo sa tshwaneng. O ne a bontsha seno ka go abela “mongwe le mongwe” wa batlhanka bano ditalenta ‘go ya ka bokgoni jwa bone.’ (Math. 25:15) Jaaka go ne go lebeletswe, motlhanka wa ntlha o ne a atisa ditalenta thata go gaisa motlhanka wa bobedi. Le fa go ntse jalo, mong o ne a lemoga gore boobabedi ba ne ba dirile ka natla mme a ba bitsa batlhanka ba ba “molemo le ba ba ikanyegang” mme a ba naya tuelo e e lekanang. (Math. 25:21, 23) Ka tsela e e tshwanang, Mong wa thobo e bong Jehofa Modimo, o itse gore maemo a gago a laola se o kgonang go se dira mo tirelong ya gagwe. Ruri o tla anaanela maiteko a o a dirang ka pelo yotlhe fa o ntse o mo direla mme o tla go naya tuelo e e tshwanetseng.—Mar. 14:3-9; bala Luke 21:1-4.
11. Bontsha kafa go dira ka natla mo maemong a a thata go ka felelang ka masego a magolo ka gone.
11 Sekao sa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o nnang kwa Brazil, e bong Selmira, se bontsha gore motho ga a tshwanela go direla Modimo ka natla fela fa dilo di mo tsamaela sentle mo botshelong. Dingwaga di le masomeamabedi tse di fetileng, monna wa ga Selmira o ne a thuntshiwa ke dikebekwa dingwe, mme Selmira a tshwanelwa ke go sala a godisa bana ba bararo. Tiro ya gagwe ya go bereka mo magaeng a batho e ne e dira gore a bereke diura tse dintsi mme a tsamaye lobaka lo loleele ka dipalangwa tse di tletseng thata. Le fa a ne a na le mathata ao, o ne a baakanya maemo a gagwe gore a kgone go nna mmulatsela wa ka metlha. Moragonyana bana ba gagwe ba babedi le bone ba ne ba nna babulatsela. A re: “Fa dingwaga di ntse di ya, ke ile ka ithuta Baebele le batho ba ba fetang 20 mme ba ne ba nna jaaka e kete ke ba lelapa la me. Go tla go fitlha gompieno, ke itumelela lorato lwa bone le botsala jwa bone. Ke letlotlo le le ka se rekweng ka madi.” Ruri Mong wa thobo o duetse Selmira ka ntlha ya go dira ka natla!
12. Re ka dira jang ka natla mo tirong ya go rera?
12 Fa e le gore maemo a gago a jaanong a botshelo ga a go letle go nna le nako e ntsi mo bodireding, o sa ntse o ka kgona go oketsa seabe sa gago mo tirong ya thobo ka go dira gore bodiredi jwa gago bo nne le matswela. Fa o leka go dirisa dikakantsho tse di molemo tse re di newang beke le beke kwa Pokanong ya Tirelo, o ka tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go rera mme wa leka ditsela tse disha tsa go naya bosupi. (2 Tim. 2:15) Gape, fa go kgonega o ka nna wa beela kwa thoko ditiro tse di seng botlhokwa gore o kgone go ya bodireding jwa tshimo ka metlha le phuthego.—Bakol. 4:5.
13. Ke eng se se ka go thusang gore o lwele go dira ka natla mme o tswelele o dira jalo?
13 Gakologelwa gore o ka kgona go dira ka natla fa o na le kanaanelo e e tswang pelong. (Pes. 40:8) Motlhanka wa boraro yo o umakilweng mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a boifa mong wa gagwe, a mo leba jaaka motho yo o batlang dilo ka kgang le yo o sa akanyetseng. Ka jalo, monna yoo o ne a fitlha talenta ya gagwe mo mmung go na le gore a e dirise go oketsa dilo tsa mong wa gagwe. Gore re tile go nna le boikutlo jo bo tshwanang le joo jwa go se kgathale, re tshwanetse go lwela go nna le kamano e e gaufi le Mong wa thobo, Jehofa, mme re e boloke e ntse jalo. Iphe nako ya go ithuta le go tlhatlhanya ka dinonofo tsa gagwe tse di rategang—lorato, bopelotelele, le kutlwelobotlhoko. Fa o dira jalo, pelo ya gago e tla go tlhotlheletsa gore o dire sotlhe se o ka se kgonang mo tirelong ya gagwe.—Luke 6:45; Bafil. 1:9-11.
“Lo Nne Boitshepo”
14. Batho ba ba batlang go nna barobi ba tshwanetse go dira eng sa botlhokwa?
14 Moaposetoloi Petere o ne a nopola go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera mme a tlhalosa se Modimo a ratang gore batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng ba se dire, fa a ne a re: “Tumalanong le Moitshepi yo o neng a lo bitsa, le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona, ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.’” (1 Pet. 1:15, 16; Lefi. 19:2; Dute. 18:13) Mafoko ano a bontsha gore barobi ba tshwanetse go nna phepa semoyeng le mo boitsholong. Go tsaya dikgato gore re ntlafadiwe ka tsela ya tshwantshetso go ka re thusa go dira selo seno sa botlhokwa. Seo se ka dirwa jang? Lefoko la Modimo la boammaaruri le ka re thusa go dira jalo.
15. Dithuto tsa boammaaruri tsa lefoko la Modimo di na le maatla a go re direla eng?
15 Lefoko la Modimo la boammaaruri le tshwantshiwa le metsi a a ntlafatsang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a re phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e phepa mo matlhong a Modimo, jaaka monyadiwa yo o itshekileng wa ga Keresete, yo o e ntlafaditseng “ka metsi a a tlhatswang, ka lefoko . . . , gore e tle e nne boitshepo e bile e se na molato.” (Baef. 5:25-27) Pelenyana, Jesu le ene o ne a buile ka maatla a a ntlafatsang a lefoko la Modimo, le a neng a le itsise batho. Fa Jesu a ne a bua le barutwa ba gagwe o ne a re: “Lo setse lo le phepa ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona.” (Joh. 15:3) Ka jalo, dithuto tsa boammaaruri tsa lefoko la Modimo di na le maatla a go ntlafatsa motho semoyeng le mo boitsholong. Modimo o tla amogela kobamelo ya rona fa fela re letla boammaaruri jwa gagwe gore bo re ntlafatse ka tsela eno.
16. Re ka ipoloka jang re le phepa semoyeng le mo boitsholong?
16 Ka jalo, gore re nne barobi mo thobong ya Modimo, sa ntlha re latlha mekgwa yotlhe e e leswafatsang bomoya le boitsholo jwa rona. Ee, gore re tswelele re tshwanelegela tshiamelo ya go nna barobi, re tshwanetse go tlhoma sekao ka go tseela kwa godimo melao ya ga Jehofa e e siameng ya boitsholo le ya semoya. (Bala 1 Petere 1:14-16.) Fela jaaka re itlhokometse gore re nne re le phepa mo mmeleng, ka metlha re tshwanetse go letla lefoko la Modimo la boammaaruri gore le re itshekise. Seno se akaretsa go bala Baebele le go ya dipokanong tsa Bokeresete. Go kaya le gore re tshwanetse go dira maiteko a go dirisa dikgakololo tsa Modimo mo matshelong a rona. Go dira jalo go tla re thusa gore re lwantshe tshekamelo ya rona ya go dira boleo mme re tile tlhotlheletso e e leswafatsang ya lefatshe leno. (Pes. 119:9; Jak. 1:21-25) A bo go gomotsa jang ne go itse gore Lefoko la Modimo la boammaaruri le ka re thusa gore re ‘tlhapisiwe mme re nne phepa’ le fa re dirile boleo jo bo masisi tota!—1 Bakor. 6:9-11.
17. Gore re nne re le phepa re tshwanetse go tsaya kgakololo efe ya Baebele tsia?
17 A o letla lefoko la Modimo la boammaaruri gore le go ntlafatse? Ka sekai, o itshwara jang fa o tlhagisiwa ka dikotsi tsa boitlosobodutu jo bo leswafatsang jwa lefatshe leno? (Pes. 101:3) A o tila go tsalana go sa tlhokege le bana ba o tsenang sekolo le bone kgotsa batho ba o berekang le bone ba ba sa dumeleng? (1 Bakor. 15:33) A o dira maiteko a go fenya makoa a o nang le one a a ka dirang gore o se ka wa itsheka mo matlhong a ga Jehofa? (Bakol. 3:5) A ga o tseye karolo mo dikgogakgoganong tsa dipolotiki tsa lefatshe leno e bile ga o na moya wa bosetšhaba o o fitlhelwang mo bontsing jwa metshameko ya dikgaisano?—Jak. 4:4.
18. Go nna phepa semoyeng le mo boitsholong go tla re thusa jang gore re kgone go nna barobi ba ba atlegang?
18 Fa o ikobela kaelo e re e newang mo dikgannyeng tseno o tla solegelwa molemo. Jesu o ne a bua jaana a tshwantshanya barutwa ba gagwe le dikala tsa mofine: “Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng maungo [Rara] o a e tlosa, mme nngwe le nngwe e e ungwang maungo o a e phepafatsa, gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng.” (Joh. 15:2) Fa o itetla gore o ntlafadiwe ka metsi a a emelang boammaaruri jwa Baebele, o tla ungwa maungo a a oketsegileng.
Re Bona Masego Gone Jaanong le mo Isagweng
19. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba bona masego afe ka ntlha ya maiteko a ba neng ba a dira mo tirong ya go roba?
19 Barutwa ba ba ikanyegang ba ba neng ba amogela thapiso ya ga Jesu ba ne ba newa maatla ke moya o o boitshepo moragonyana ka Pentekosete Dit. 1:8) Ba ne ba direla e le maloko a setlhopha se se laolang, barongwa, le bagolwane ba ba etang, mme ba ne ba nna le seabe sa botlhokwa mo go rereng dikgang tse di molemo mo “popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakol. 1:23) A bo ba ne ba bona masego a mantsi jang mme ba tlisetsa batho ba bangwe boipelo!
ya 33 C.E. gore e nne basupi “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (20. (a) O bone masego afe ka ntlha ya go dira bojotlhe mo thobong ya semoya? (b) O ititeile sehuba go dira eng?
20 Ee, fa re le boikokobetso, re dira ka natla, e bile re tseela melao e e mo Lefokong la Modimo kwa godimo, re tla tswelela re itumelela go dira bojotlhe mo thobong e kgolo ya semoya e e ntseng e tsweletse. Fa batho ba bantsi ba utlwisiwa botlhoko e bile ba kgobiwa marapo ke mokgwa wa botshelo wa lefatshe leno wa go rata dikhumo le menate, rona re na le boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo. (Pes. 126:6) Sa botlhokwa le go feta, ‘tiro ya rona e re e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.’ (1 Bakor. 15:58) Mong wa thobo, Jehofa Modimo, o tla re duela ka bosakhutleng ka ntlha ya ‘tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la gagwe.’—Baheb. 6:10-12.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 8 Setshwantsho sa ditalenta se bua thata ka tsela e Jesu a dirisanang ka yone le barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng, le fa go ntse jalo se na le melaometheo e Bakeresete botlhe ba ka e dirisang.
A o A Gakologelwa?
Fa o ntse o dira bojotlhe gore o nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go roba . . .
• ke eng fa go le botlhokwa go nna boikokobetso?
• o ka kgaratlhela jang gore o dire ka natla mme o tswelele o dira jalo?
• ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o nne o le phepa semoyeng le mo boitsholong?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go nna boikokobetso go ka re thusa gore re tshele botshelo jo bo sa raraanang mme re beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele