Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ntsha Matlho Dinameng go Lere Diphelelo Tse di Molemo

Go Ntsha Matlho Dinameng go Lere Diphelelo Tse di Molemo

Go Ntsha Matlho Dinameng go Lere Diphelelo Tse di Molemo

A O NNA o ntshitse matlho dinameng fa go tlhaga tshono e o neng o sa e lebelela ya gore o rere mo tshimong ya phuthego ya lona? Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete kwa toropong e e itsegeng ya boemakepe ya Turku, kwa Finland, ba ne ba ntshitse matlho dinameng mme seo se ne sa lere diphelelo tse di molemo.

Mo nakong e e fetileng, bakaulengwe ba kwa Turku ba ne ba lemoga gore setlhopha sa banna ba kwa Asia se ne se tlile mo toropong ya bone go tla go feleletsa tiro mo sekepeng se segolo sa bojanala se se neng se agiwa kwa lefelong le go agelwang dikepe kwa go lone. Moragonyana, mokaulengwe mongwe o ne a bona gore badiri bao ba batswakwa ba ne ba nna kwa dihoteleng dife. Gape o ne a lemoga gore badiri bano ba ne ba tsewa ka dibese go tswa kwa dihoteleng tsa bone tse di kwa toropong, ba bo ba isiwa kwa boemakepe go sa le phakela. Ka bonako fela o ne a itsise bakaulengwe ba ba mo phuthegong ya Seesemane ya kwa Turku.

Bagolwane ba phuthego eo ba ne ba lemoga gore go tla ga batswakwa ba le bantsi jalo, go ne go ba naya tshono e ba neng ba sa e lebelela ya gore ba ba bolelele molaetsa wa Bogosi, mme ka bonako ba ne ba rulaganya letsholo le le kgethegileng la go ba rerela. Ka Sontaga wa yone beke eo, baboledi ba le lesome ba ne ba phuthegela gaufi le boemelabese ka ura ya bosupa mo mosong. Kwa tshimologong badiri ba ne ba sa bonale. Bakaulengwe ba ne ba ipotsa jaana, ‘A re thari? A ba setse ba tsamaile mo Turku?’ Mme go tswa foo go ne ga tla modiri mongwe yo o neng a apere diaparo tsa go bereka. Go ne ga latela modiri yo mongwe, mme go tswa foo ba tla ka bontsi. Go ise go ye kae boidiidi jwa badiri bo ne bo phuthegile gaufi le boemelabese. Baboledi ba ne ba semelela mme ba simolola go ba rerela ba dirisa dikgatiso tsa puo ya Seesemane. Go ne ga tsaya badiri bano botlhe mo e ka nnang ura pele ba bona manno a bone mo dibeseng mme seno se ne sa naya bakaulengwe nako e e lekaneng ya gore ba rerele bontsi jwa bone. Fa dibese di tsamaya, ba ne ba ba neile dibukana di le 126 le dimakasine di le 329!

Diphelelo tseno tse di molemo di ne tsa dira gore bakaulengwe ba boeletse letsholo leo mo bekeng e e latelang, fa ba ne ba etetswe ke molebedi wa potologo. Molebedi wa potologo o ne a tshwara pokano ya tirelo ya tshimo ka 6:30 mo mosong, pula e na, mme go tswa foo baboledi ba le 24 ba ne ba ya kwa boemelabeseng. Mo lekgetlhong leno, baboledi ba ne ba tshotse dibuka tsa puo ya Se-Tagalog ka gonne ba ne ba lemogile gore bontsi jwa batswakwa bao ba ne ba tswa kwa Philippines. Mo mosong oo, fa dibese di tloga di ya kwa boemakepe, badiri ba ne ba tshotse dibuka di le 7, dibukana di le 69, le dimakasine di le 479. Akanya kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnileng le seabe mo letsholong leno ba neng ba ipela e bile ba itumetse ka teng!

Pele badiri bao ba boela kwa dinageng tse ba tswang kwa go tsone, bakaulengwe ba ne ba kgona go etela ba le mmalwa ba bone kwa dihoteleng tse ba neng ba nna kwa go tsone mme ba ba rerela molaetsa wa Bogosi ka botlalo. Bangwe ba badiri bao ba ne ba re ba kile ba kopana le Basupi kwa dinageng tse dingwe. Badiri bao ba ne ba bolelela bakaulengwe gore ba itumeletse go bo ba ile ba tsaya matsapa a go bua le bone fa ba ne ba le kwa Finland.

A o ntshitse matlho dinameng gore o dirise ditshono tse di tlhagang o sa di lebelela mo tshimong ya phuthego ya lona? A o tsaya matsapa a go bua le batho ba ba farologaneng? Fa go le jalo, le wena o ka nna le maitemogelo a a tshwanang le a bakaulengwe ba kwa Turku.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 32]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

FINLAND

HELSINKI

Turku