Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jala Lorato Lwa go Bala le go Ithuta mo Baneng ba Gago

Jala Lorato Lwa go Bala le go Ithuta mo Baneng ba Gago

Jala Lorato Lwa go Bala le go Ithuta mo Baneng ba Gago

GO TSAYA matsapa go ruta bana ba gago go bala le go ithuta ke nngwe ya dilo tsa botlhokwatlhokwa tse o ka di dirang go ba baakanyetsa isagwe. A bo dilo tseno di ka lere boitumelo jang ne! Ba bangwe ba gakologelwa ka boitumelo nako ya fa batsadi ba bone ba ne ba ba balela fa ba sa le bannye. Go bala ka bogone go ka nna monate le matswela a gone a ka itumedisa. Batlhanka ba Modimo ba ikutlwa jalo ka gonne kgolo ya bone ya semoya e ikaegile thata ka go ithuta Baebele. Motsadi mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Dilo tse re di ratang thata ke tse di amanang le go bala le go ithuta.”

Go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta go ka thusa bana ba gago go nna le kamano e e gaufi le Modimo. (Pes. 1:1-3, 6) Le fa go itse go bala e se selo se se tlhokegang gore re bone poloko, Baebele e bontsha kafa go bala go ka re solegelang molemo ka teng semoyeng. Ka sekai, Tshenolo 1:3 ya re: “Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono.” Mo godimo ga moo, kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Timotheo e bontsha kafa go tlhoma mogopolo go leng botlhokwa thata ka teng fa motho a ithuta: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone.” Ka ntlha yang? “Gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege.”—1 Tim. 4:15.

Ke boammaaruri gore go itse go bala le go ithuta ka bogone fela ga go reye gore motho o tla solegelwa molemo. Batho ba le bantsi ba ba nang le bokgoni jo bo ntseng jalo ga ba bo dirise; go na le moo ba tlhoma mogopolo thata mo dilong tse di seng botlhokwa. Ka jalo, batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba kgatlhegele go nna le kitso e e tla ba solegelang molemo?

Lorato le Sekao sa Gago

Bana ba itumelela go ithuta fa seno se dirwa ka lorato. Owen le Claudia ba e leng banyalani ba Bakeresete, ba gakologelwa seno ka bana ba bone ba babedi: “Ba ne ba nna ba lebile pele kwa nakong ya go ithuta ka gonne e ne e le nako e e kgethegileng—ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile e bile ba phuthologile. Ba ne ba amanya nako eno le go bontshiwa lorato.” Le fa bana ba tsena mo dingwageng tsa bolesome tse di ka nnang thata, fa ba bontshiwa lorato ka nako ya thuto ya lelapa, seo se tla tswelela se ama tsela e ba ikutlwang ka yone ka go ithuta. Jaanong bana ba ga Owen le Claudia ke babulatsela mme ba ntse ba solegelwa molemo ke lorato lwa go bala le go ithuta lo lo neng lwa jalwa mo go bone.

Mo godimo ga go bontshiwa lorato, gape bana ba tshwanetse go tlhomelwa sekao. Bana ba gantsi ba bonang batsadi ba bone ba bala le go ithuta, le bone ba ka bona go le botlhokwa go dira jalo. Mme wena jaaka motsadi o ka tlhoma sekao se se molemo jang fa e le gore ga o rate go bala? O ka nna wa tshwanelwa ke go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele kana go fetola tsela e o lebang go bala ka yone. (Bar. 2:21) Fa go bala e le karolo ya botlhokwa mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi, seno se ka tlhotlheletsa bana ba gago fela thata. Tlhoafalo ya gago—segolobogolo fa o bala Baebele, o baakanyetsa dipokano, le mo thutong ya lelapa—e ka dira gore bana gago ba tseye dilo tseno di le botlhokwa.

Ka jalo, lorato le sekao sa gago di ka thusa thata go dira gore bana ba gago ba rate go bala. Mme ke dilo dife tsa botlhokwa tse o ka di dirang gore o ba thuse?

Go Thusa Bana Gore ba Nne le Lorato Lwa go Bala

Dilo dingwe tsa botlhokwa tse di ka thusang bana ba gago gore ba rate go bala ke dife? Dira gore ba nne le dibuka ba sa le bannye. Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo batsadi ba gagwe ba mo thusitseng gore a rate go bala o ne a re: “Dira gore bana ba gago ba tlwaele go tshwara le go dirisa dibuka. Fa ba dira jalo, ba tla rata dibuka mme ba di tlwaele.” Ka jalo bana ba le bantsi ba tlwaelana le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng tse di jaaka Ithute mo Morutising yo Mogolo le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, le e leng pele ga ba itse go bala. Fa o bala dikgatiso tseno le bana ba gago, ga o dire gore ba itse puo fela mme gape o dira gore ba itse le “dikgang tsa semoya le mafoko a semoya.”—1 Bakor. 2: 13.

Balela kwa godimo ka metlha. Itlwaetse go bala le bana ba gago letsatsi le letsatsi. Seno se ba ruta gore ba itse go bitsa mafoko sentle mme gape se dira gore ba tlwaele go bala. Mokgwa o o balang ka one le one o botlhokwa. Fa o bala ka matlhagatlhaga le bone ba tla dira jalo. E bile go ka direga gore bana ba gago ba go kope gore o ba balele polelo e le nngwe gangwe le gape. Ba balele! Fa nako e ntse e tsamaya, ba tla rata gore o ba balele dipolelo tse disha. Mme o nne kelotlhoko gore o se ka wa ba pateletsa gore ba bale. Jesu o ne a tlhoma sekao ka go ruta bareetsi ba gagwe fela “go ya kafa ba neng ba kgona go reetsa ka gone.” (Mar. 4: 33) Fa o sa ba pateletse go bala, ba tla leba pele kwa nakong e e latelang ya go bala, mme ka bonya ka bonya o tla fitlhelela mokgele wa gago wa go jala lorato lwa go bala mo go bone.

Ba rotloetse gore ba tseye karolo, mme lo tlotle ka se lo se balang. O tla itumela fa o bona bana ba gago ba babotlana ba kgona go gopola mafoko a le mantsi, ba a bitsa sentle e bile ba a tlhaloganya. Go tlotla ka se lo se balang go ka dira gore ba gatele pele thata. Fa buka nngwe e tlhalosa gore o ka thusa bana ba gago jang go nna ditswerere mo go baleng, ya re go tlotla go thusa bana gore “ba ithute mafoko a moragonyana ba tla a gopolang le go a tlhaloganya fa ba bala.” Fa e tswelela ya re: “Motlotlo o botlhokwa mo baneng ba bannye ba ditlhaloganyo tsa bone di sa ntseng di ithuta dilo—fa o na le bokao . . . o tla ba solegela molemo thata.”

Kopa bana ba gago gore ba go balele mme o ba rotloetse go botsa dipotso. O ka nna wa rata go ba botsa dipotso mme o bo o ba bontsha fa dikarabo di ka bonwang teng. Fa o dira jalo, bana ba ithuta gore dibuka ke motswedi wa tshedimosetso mme mafoko a ba a balang a na le bokao. Mokgwa ono o thusa thata segolobogolo fa se o se balang se theilwe mo Lefokong la Modimo, e leng buka e e nang le bokao go di gaisa tsotlhe.—Baheb. 4:12.

Le fa go ntse jalo, le ka motlha o se ka wa lebala gore go ithuta go bala ga se kgetsi e potlana. Go tsaya nako e bile go tlhoka gore motho a ikatise gore a kgone go bala ka botswerere. * Ka jalo, tlhomamisa gore o dira gore lorato lwa go bala lo gole mo baneng ba gago ka go ba akgola ka metlha. Fa o ba akgola, seno se ka ba kgothaletsa gore ba rate go bala.

Go Solegela Molemo e Bile go Monate

Go ruta bana ba gago tsela ya go ithuta go ka dira gore go bala go nne le bokao mo go bone. Go ithuta go akaretsa go batlisisa dintlha le go tlhaloganya gore di amana jang. Go tlhoka gore o bo o na le bokgoni jwa go rulaganya, go gakologelwa le go dirisa tshedimosetso. Fa ngwana a setse a kgona go ithuta mme a bona gore go ka mo thusa jang, go mo solegela molemo e bile go a mo natefelela.—Mor. 10:10.

Ba bontshe mekgwa e e botlhokwa ya go ithuta. Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa, go tlotla ka temana ya letsatsi, le dinako tse di jaaka tseo tsa go ithuta, di go naya ditshono tse di molemo thata tsa go ruta bana ba gago gore ba nne le bokgoni jwa ithuta. Go nna ba sa sute mme ba tsepamisitse mogopolo ka nako e khutshwane mo go se ba se ithutang, go tla ba ruta go tlhoma mogopolo e leng sengwe sa botlhokwa se se ka ba thusang fa ba ithuta. Gape o ka kopa ngwana wa gago wa mosimane gore a go bolelele gore se a sa tswang go ithuta sone se amana jang le se a setseng a se itse. Seno se mo ruta go bapisa dilo. Gape o ka kopa ngwana wa gago wa mosetsana gore a dirise mafoko a gagwe go sobokanya se a sa tswang go se bala. Seno se tla mo thusa gore a tlhaloganye bokao jwa sone le go se gakologelwa. Tsela e nngwe gape e o ka e ba rutang go bona gore a ba gakologelwa se ba ithutileng sone, ke go boeletsa dintlha tsa konokono fa ba sena go bala setlhogo sengwe. Le bana ba bannye ba ka rutiwa go kwala dintlha tse dikhutshwane ka nako ya go ithuta kgotsa kwa dipokanong tsa phuthego. Ruri seno se ka ba thusa thata gore ba kgone go tlhoma mogopolo! Mekgwa eno e e bonolo ya go ithuta e dira gore thuto e nne monate mme e nne le bokao mo go wena le mo baneng ba gago.

Dira gore maemo a tshwanele thuto. Lefelo le go tsenang moya sentle mo go lone, le le nang le lesedi le le lekaneng, le le didimetseng, le le motho a ka nnang a phuthologile mo go lone le dira gore go nne bonolo gore a tlhome mogopolo. Ruri tsela e batsadi ba lebang go ithuta ka yone e botlhokwa thata. Mmè mongwe a re: “Go botlhokwa thata gore o iphe nako ya go bala le go ithuta ka metlha. Seno se thusa bana ba gago gore ba dire dilo ka thulaganyo. Ba ithuta gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira ka nako e e rileng.” Batsadi ba le bantsi ga ba letle gore go dirwe dilo dingwe ka nako ya go ithuta. Go ya ka mokwadi wa makasine mongwe, go dira jalo go na le tlhotlheletso e e seng kana ka sepe mo go ruteng bana gore ba nne le mekgwa e e molemo ya go ithuta.

Gatelela botlhokwa jwa go ithuta. La bofelo, thusa bana ba gago go bona gore se ba se ithutileng se ka ba solegela molemo jang. Go dirisa se ba se ithutileng go gatelela boikaelelo jwa mmatota jwa go ithuta. Mokaulengwe mongwe yo mmotlana a re: “Fa ke sa bone gore se ke se ithutang se ka ntsholegela molemo jang, go nna thata gore ke batle go se ithuta. Mme fa e le sengwe se se ka ntsholegelang molemo, ke tsaya matsapa a go batla go se tlhaloganya.” Fa bana ba tsaya go ithuta e le tsela ya go fitlhelela sengwe sa botlhokwa, ba tla rata go go dira. Ba tla simolola go nna le lorato lwa go ithuta fela jaaka ba ne ba na le lorato lwa go bala.

Tuelo e e Molemolemo

Re ka se kgone go umaka melemo yotlhe ya go jala lorato lwa go bala mo baneng ba gago. Go atlega kwa sekolong, kwa tirong, go dirisana sentle le ba bangwe, go tlhaloganya lefatshe le re tshelang mo go lone, le go nna le kamano e e lorato mo gare ga motsadi le ngwana, ke mengwe ya melemo e go bala le go ithuta go ka e tlisetsang motho, re sa bue ka kgotsofalo e a ka e bonang.

Sa botlhokwa le go feta, go rata go ithuta go ka thusa bana ba gago gore ba rate dilo tsa semoya. Go ka thusa go bula megopolo le dipelo tsa bone gore ba bone “se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa boammaaruri jwa Dikwalo. (Baef. 3:18) Eleruri, go na le dilo tse dintsi tse batsadi ba Bakeresete ba ka di rutang bana ba bone. Fa batsadi ba ipha nako le bana ba bone mme ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ba ba thuse go simolola botshelo sentle, ba solofela gore kgabagare bana ba bone ba tla tlhopha go nna baobamedi ba ga Jehofa. Fa o ruta bana ba gago mekgwa e e molemo ya go ithuta, seno se tla ba thusa gore ba nne le kamano e e atamalaneng le Modimo le gore ba tswelele ba na le yone. Tsweetswee, rapela Jehofa gore a go segofatse fa o ntse o leka ka natla go thusa bana ba gago gore ba rate go bala le go ithuta.—Dia. 22:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Go bala le go ithuta e ka nna kgwetlho mo baneng ba ba nang le mathata a go ithuta. Go bona gore batsadi ba ka ba thusa jang, bona Tsogang! ya March 8, 1997, tsebe 25-31.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Fa lo Bala . . .

• Dira gore ba nne le dibuka

• Balela kwa godimo

• Ba rotloetse gore ba tseye karolo

• Tlotlang ka se lo se balang

• Kopa bana ba gago gore ba go balele

• Rotloetsa bana ba gago go botsa dipotso

Fa lo Ithuta . . .

• Tlhoma sekao se se molemo jaaka motsadi

• Thapisa bana ba gago . . . 

○ go tlhoma mogopolo

○ go bapisa dilo

○ go sobokanya

○ go boeletsa dintlha

○ go kwala dintlha

• Dira gore maemo a tshwanele thuto

• Gatelela botlhokwa jwa go ithuta