Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Moya o Hukutsa . . . Dilo Tse di Boteng Tsa Modimo”

“Moya o Hukutsa . . . Dilo Tse di Boteng Tsa Modimo”

“Moya o Hukutsa . . . Dilo Tse di Boteng Tsa Modimo”

“Moya o hukutsa dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo.”—1 BAKOR. 2:10.

1. Paulo o ne a gatelela seabe sefe se moya o o boitshepo o nang le sone mo go 1 Bakorintha 2:10, mme go tsoga dipotso dife?

A BO re itumelela tsela e moya o o boitshepo wa ga Jehofa o dirang ka yone jang ne! Dikwalo tsa re moya ke mothusi, mpho, o a re supela, e bile o a re rapelela. (Joh. 14:16; Dit. 2:38; Bar. 8:16, 26, 27) Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela seabe se sengwe gape sa botlhokwa se moya o o boitshepo o nang le sone, fa a ne a re: “Moya o hukutsa dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakor. 2:10) Eleruri, Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go senola dithuto tse di boteng tsa boammaaruri tsa semoya. Kwantle ga thuso eno, re ne re se kitla re kgona go tlhaloganya maikaelelo a ga Jehofa. (Bala 1 Bakorintha 2:9-12.) Le fa go ntse jalo, go sa ntse go tsoga dipotso di le mmalwa: ‘Moya o hukutsa dilo tse di boteng tsa Modimo’ jang? Jehofa o ne a dirisa bomang go senola dilo tseno mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.? Moya o hukutsa jang dilo tse di boteng mo motlheng wa rona, mme gone o dirisa bomang?

2. Moya o ne o tla dira ditiro dife tse pedi?

2 Jesu o ne a tlhalosa ditsela tse pedi tse moya o neng o tla dira ka tsone. Pele fela ga loso lwa gagwe o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe jaana: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” (Joh. 14:26) Ka jalo, moya o o boitshepo e ne e tla nna morutisi le mogopotsi. Jaaka morutisi, o ne o tla thusa Bakeresete gore ba tlhaloganye dilo tse pele ba neng ba sa di tlhaloganye. Mme jaaka mogopotsi, o ne o tla ba thusa gore ba gakologelwe le go dirisa se ba neng ba se tlhaloseditswe.

Mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

3. Jesu o ne a bua mafoko afe a a bontshang gore “dilo tse di boteng tsa Modimo” di ne di tla senolwa kgato ka kgato?

3 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe dithuto tse dintsi tsa boammaaruri tse ba neng ba sa di itse. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa ntse ba tshwanetse go ithuta dilo tse dintsi. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke sa ntseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno. Le fa go ntse jalo, fa ene yoo a goroga, moya wa boammaaruri, o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe.” (Joh. 16:12, 13) Ka jalo, Jesu o ne a bontsha gore moya o o boitshepo o ne o tla senola dilo tse di boteng tsa semoya kgato ka kgato.

4. Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E.,moya o o boitshepo o ne wa nna morutisi le mogopotsi jang?

4 Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., “moya wa boammaaruri” o ne wa goroga, mme wa tshololelwa mo Bakereseteng ba ka nna 120 ba ba neng ba phuthegile kwa Jerusalema. Go ne ga nna le bosupi jo ba bo bonang le jo ba bo utlwang jwa gore moya o o boitshepo o ne o tsholotswe. (Dit. 1:4, 5, 15; 2:1-4) Barutwa ba ne ba bua ka diteme tse di farologaneng ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Dit. 2:5-11) Jaanong e ne e le nako ya gore go senolwe sengwe se sesha. Moporofeti Joele o ne a boleletse pele kaga go tshololwa jalo ga moya o o boitshepo. (Joele 2:28-32) Batho ba ba lebeletseng ba ne ba bona polelelopele eo e diragadiwa ka tsela e ba neng ba sa e lebelela, mme moaposetoloi Petere o ne a etelela pele go tlhalosa tiragalo eno. (Bala Ditiro 2:14-18.) Ka jalo, moya o o boitshepo o ne wa nna morutisi fa o ne o tlhalosetsa Petere gore se se neng se sa tswa go diragalela barutwa, e ne e le tiragatso ya boporofeti joo jwa bogologolo. Gape moya o ne wa nna mogopotsi, ka gonne Petere ga a ka a nopola Joele fela mme gape o ne a nopola le dipesalema tse pedi tsa ga Dafide. (Pes. 16:8-11; 110:1; Dit. 2:25-28, 34, 35) Ruri se botlhe ba ba neng ba kokoane foo ba se boneng le go se utlwa, e ne e le dilo tse di boteng tsa Modimo.

5, 6. (a) Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., go ne go tshwanetse ga arabiwa dipotso dife tse di botlhokwa malebana le kgolagano e ntšha? (b) Ke bomang ba ba neng ba tlhagisa dikgang tseno, mme ditshwetso di ne tsa dirwa jang?

5 Go ne go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba tlhoka go di tlhaloganya sentle. Ka sekai, go ne go na le dipotso tse di malebana le kgolagano e ntšha e e neng e sa tswa go simolola go dira ka lone letsatsi leo la Pentekosete. A kgolagano e ntšha e ne e ama fela Bajuda le batho ba ba sokologetseng mo Bojudeng? A baditšhaba le bone ba ne ba ka amogelwa mo go yone mme ba tlodiwa ka moya o o boitshepo? (Dit. 10:45) A banna ba baditšhaba ba ne ba tla tshwanelwa ke go rupisiwa pele le go ikobela Molao wa ga Moshe? (Dit. 15:1, 5) Tseno e ne e le dipotso tse di botlhokwa thata. Ba ne ba tlhoka moya wa ga Jehofa gore ba hukutse dilo tseno tse di boteng. Mme gone, ke bomang ba moya ono o neng o tla dira ka bone?

6 Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ke bone ba ba neng ba tlhagisa nngwe le nngwe ya dikgang tse di neng di tlhoka go sekasekiwa. Petere, Paulo le Barenabase ba ne ba le kwa pokanong ya setlhopha se se laolang mme ba ne ba tlhalosa kafa Jehofa a neng a ntse a dirisana ka gone le Baditšhaba ba ba sa rupang. (Dit. 15:7-12) Setlhopha se se laolang se ne sa tsaya tshwetso fa se sena go sekaseka bosupi jono, mmogo le se se buiwang mo Dikwalong tsa Sehebera mme ba ne ba thusiwa ke moya o o boitshepo. Morago ga foo ba ne ba kwalela diphuthego ba di bolelela ka tshwetso eo.—Bala Ditiro 15:25-30; 16:4, 5; Baef. 3:5, 6.

7. Dithuto tse di boteng tsa boammaaruri di ne tsa senolwa jang?

7 Dikgang tse dingwe tse dintsi di ne tsa tlhalosiwa sentle ka mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya ga Johane, Petere, Jakobe le Paulo. Mme nako nngwe morago ga gore Dikwalo tsa Bokeresete di wediwe, dimpho tsa go porofeta le kitso e e neng e senolwa ka kgakgamatso di ne tsa fela. (1 Bakor. 13:8) A moya o ne o tla tswelela o dira jaaka morutisi le mogopotsi? A o ne o tla tswelela o thusa Bakeresete go hukutsa dilo tse di boteng tsa Modimo? Boporofeti bo ne jwa bontsha gore go ne go tla nna jalo.

Mo Motlheng wa Bokhutlo

8, 9. Ke bomang ba ba neng ba tla “phatsima” ka temogo ya semoya mo motlheng wa bokhutlo?

8 Moengele o ne a bolelela pele jaana fa a ne a bua ka motlha wa bokhutlo: “Ba ba nang le temogo ba tla phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo; mme ba ba tlisang bontsi kwa tshiamong, jaaka dinaledi ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae. . . . Mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” (Dan. 12:3, 4) Ke bomang ba ba neng ba tla nna le temogo ba ba neng ba tla phatsima? Jesu o ne a re naya lesedinyana mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero. Fa a ne a bua ka “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo,” o ne a re: “Ka nako eo basiami ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.” (Math. 13:39, 43) Mo tlhalosong ya gagwe, Jesu o ne a re “basiami” ke “bana ba bogosi,” e leng Bakeresete ba ba tloditsweng.—Math. 13:38.

9 A Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ne ba tla “phatsima”? Ee, ba ne ba tla phatsima ka tsela nngwe, e re ka Bakeresete botlhe ba ne ba tla tsaya karolo mo go rereng, mo go direng barutwa le mo go kgothatsaneng kwa dipokanong. Batlodiwa ba ne ba tla tlhoma sekao mo go seo. (Seka. 8:23) Le fa go ntse jalo, mo godimo ga moo dilo tse di boteng di ne di tla senolwa mo motlheng wa bokhutlo. Bone boporofeti jo Daniele a bo kwadileng bo ne bo “kannwe” go fitlha ka nako eo. (Dan. 12:9) Moya o ne o tla hukutsa dilo tseno tse di boteng jang mme gone o dirisa bomang?

10. (a) Moya o senola dithuto tse di boteng tsa boammaaruri ka bomang mo metlheng ya bofelo? (b) Tlhalosa gore dithuto tsa boammaaruri tse di malebana le tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya di ne tsa tlhalosiwa jang ka tsela e ntšha.

10 Fa e le nako ya go tlhalosa kgang nngwe ya semoya ka tsela e ntšha mo motlheng wa rona, moya o o boitshepo o thusa baemedi ba ba nang le maikarabelo ba “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ba ba kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe go lemoga dithuto tse di boteng tsa boammaaruri tse pele di neng di sa tlhaloganngwe. (Math. 24:45; 1 Bakor. 2:13) Setlhopha sotlhe se se Laolang se sekaseka ka kelotlhoko dikgang tse di tlhalosiwang ka tsela e ntšha. (Dit. 15:6) Ba gatisa se ba se fitlhelelang fa ba sena go dira dipatlisiso gore se solegele botlhe molemo. (Math. 10:27) Fa nako e ntse e ya, go ka nna ga tlhokega gore dintlha tseo di tlhalosiwe ka tsela e ntšha gape, mme le tsone di tlhalosiwa ka boikanyegi.—Bona lebokose la setlhogo se se reng  “Kafa Moya o Neng wa Senola Bokao Jwa Tempele ya Semoya ka Teng.

Go Solegelwa Molemo ke Seabe sa Moya Gompieno

11. Bakeresete botlhe gompieno ba solegelwa molemo jang ke seabe sa moya o o boitshepo mo go senoleng dilo tse di boteng tsa Modimo?

11 Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba solegelwa molemo ke seabe sa moya o o boitshepo mo go senoleng dilo tse di boteng tsa Modimo. Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira, le rona gompieno re a ithuta mme moragonyana re gakologelwa le go dirisa tshedimosetso e moya o o boitshepo o re thusang gore re e tlhaloganye. (Luke 12:11, 12) Ga go tlhokege gore re bo re rutegile thata gore re tlhaloganye dithuto tse di boteng tsa boammaaruri tsa semoya tse di gatisitsweng. (Dit. 4:13) Re ka kgona jang go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang dilo tse di boteng tsa Modimo ka yone? Sekaseka dikakantsho di le mmalwa.

12. Re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo leng?

12 Rapelela moya o o boitshepo. Pele ga re sekaseka tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng, re tshwanetse go simolola ka go rapela re kopa moya o o boitshepo gore o re kaele. Re tshwanetse go dira seno le fa re le rosi kgotsa re na le nako e khutshwane fela ya go ithuta. Dithapelo tseo tse re di rapelang ka boikokobetso ruri di tla itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong. Fela jaaka Jesu a ile a bontsha, Jehofa o tla re naya moya o o boitshepo ka bopelotshweu fa re o kopa ka bopeloephepa.—Luke 11:13.

13, 14. Go baakanyetsa dipokano go re thusa jang go tlhaloganya dilo tse di boteng tsa Modimo?

13 Baakanyetsa dipokano. Setlhopha sa motlhanka se re naya “dijo ka nako e e tshwanetseng.” “Motlhanka” o diragatsa kabelo ya gagwe ka go re naya tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng, ka go rulaganyetsa dipokano tse tshedimosetso eno e tla ithutiwang mo go tsone, le ka go re naya thulaganyo ya se se tla ithutiwang nako nngwe le nngwe. Go na le mabaka a a akanyeditsweng sentle a go bo “bakaulengwe botlhe” ba kopiwa gore ba ithute tshedimosetso nngwe. (1 Pet. 2:17; Bakol. 4:16; Jude 3) Re dirisana sentle le moya o o boitshepo fa re dira sotlhe se re se kgonang go latela kaelo e re e newang.—Tshen. 2:29.

14 Fa re baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete, go ka nna molemo gore re bale ditemana tse di umakilweng mme re bo re leka go bona gore di tsamaisana jang le kgang e e sekasekiwang. Go dira jalo go tla dira gore kgabagare re tlhaloganye Baebele botoka. (Dit. 17:11, 12) Go bala ditemana tseno go gatisa sengwe mo megopolong ya rona se moya o o boitshepo o tla re thusang gore re se gakologelwe. Mo godimo ga moo, fa re bona temana mo Baebeleng re tla nna re gakologelwa gore e fa kae, mme re kgone go e bona fa re e tlhoka.

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bala dikgatiso tsotlhe, mme wena o dira seno jang?

15 Bala dikgatiso tsotlhe. Go na le dikgatiso dingwe tse re sa di baleng kwa dipokanong mme le tsone di kwaletswe gore di re solegele molemo. Tota le dikgatiso tse re di tsamaisetsang batho di gatisitswe go akantswe ka rona. Mo lefatsheng leno la ditshwarego, gantsi re tshwanelwa ke go letela mongwe kgotsa sengwe. Fa re ka nna re tshotse kgatiso nngwe e re iseng re e bale kgotsa e re e badileng go sekae fela, re ka nna ra dirisa ditshono tseno go bala karolwana e e rileng mo go yone. Ba bangwe ba reetsa dikgatiso tsa rona tse di rekotilweng fa ba ntse ba tsamaya ka maoto kgotsa ba le mo koloing. Ka gonne go tserwe matsapa go dira dipatlisiso gore dikgatiso tseno di nne teng, e bile di kwaletswe gore batho botlhe ba itumelele go di bala, di ka re thusa go tlhaloganya le go anaanela dilo tsa semoya ka tsela e kgolwane.—Hab. 2:2.

16. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go kwala dipotso tse re ipotsang tsone mme re bo re dira dipatlisiso ka tsone?

16 Tlhatlhanya. Iphe nako ya go akanya fa o bala Baebele kgotsa dikgatiso tse di theilweng mo go yone. Fa o ntse o latelela mooko wa kgang e o balang ka yone, o ka nna wa ipotsa dipotso. O ka nna wa kwala dipotso tseo mme morago ga foo wa dira dipatlisiso tse di oketsegileng. Gantsi re ithuta mo go tseneletseng fa re batlisisa dikgang tse re di kgatlhegelang. Mme tshedimosetso e re e bonang fa re dira dipatlisiso e nna letlotlo le re ka epang mo go lone fa go tlhokega.—Math. 13:52.

17. O na le thulaganyo efe ya go ithuta o le esi kgotsa lo le lelapa?

17 Rulaganyetsa nako ya kobamelo ya lelapa. Setlhopha se se Laolang se re rotloeditse gore rotlhe re beele maitseboa mangwe kwa thoko kgotsa nako nngwe beke le beke gore re ithute re le rosi kgotsa re le lelapa. Thulaganyo e e fetotsweng ya dipokano e dira gore re nne le nako ya go dirisa kgakololo eno. Lo ithuta eng ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa? Bangwe ba bala Baebele, ba batlisisa ditemana tse di tsosang dipotso mo ditlhaloganyong tsa bone mme ba bo ba kwala dintlhanyana tse di amanang le kgang eo mo Dibaebeleng tsa bone. Malapa a mantsi a ipha nako ya go sekaseka gore a ka dirisa jang se a se ithutileng. Bakaulengwe bangwe ba e leng ditlhogo tsa malapa ba tlhopha tshedimosetso nngwe e ba akanyang gore lelapa le tlhoka go e sekaseka kgotsa e e buang ka dikgang kgotsa dipotso dingwe tse lelapa le kopileng gore di sekasekiwe. Ga go na pelaelo gore fa nako e ntse e ya lo tla akanya ka ditlhogo tse dingwe tse lo ka di sekasekang. *

18. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya matsapa go ithuta dithuto tse di boteng tsa boammaaruri tse di mo Lefokong la Modimo?

18 Jesu o ne a re moya o tla nna mothusi. Ka jalo, re tshwanetse go tsaya matsapa go ithuta dithuto tse di boteng tsa boammaaruri tse di mo Lefokong la Modimo. Dithuto tseo ke karolo ya “kitso ya Modimo” e e tlhwatlhwakgolo mme re kgothalediwa gore re di hukutse. (Bala Diane 2:1-5.) Di re senolela mo gontsi ka “dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.” Fa re ntse re dira maiteko a go ithuta mo go oketsegileng ka Lefoko la ga Jehofa, moya o boitshepo o tla re thusa, e re ka “moya o hukutsa dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo.”—1 Bakor. 2:9, 10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Bona gape le Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2008, tsebe 8.

O ka Araba Jang?

• Moya o re thusa ka ditsela dife tse pedi gore re hukutse “dilo tse di boteng tsa Modimo”?

• Moya o o boitshepo o ne wa senola dithuto tse di boteng tsa boammaaruri ka bomang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

• Moya o o boitshepo o tlhalosa jang dikgang ka tsela e ntšha mo motlheng wa rona?

• O ka dirang gore o solegelwe molemo ke seabe se moya o nang le sone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 22]

 Kafa Moya o Neng wa Senola Bokao Jwa Tempele ya Semoya ka Teng

Sengwe sa “dilo tse di boteng tsa Modimo” tse di senotsweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le gore motlaagana, mme moragonyana ditempele, di ne di tshwantshetsa sengwe se segolwane sa semoya se Paulo a neng a re ke “mogope wa boammaaruri o Jehofa a o tlhomileng e seng motho.” (Baheb. 8:2) Eno e ne e le tempele e kgolo ya semoya, thulaganyo ya go atamela Modimo e e ileng ya nna teng ka setlhabelo le boperesiti jwa ga Jesu Keresete.

“Mogope wa boammaaruri” o ne wa simolola go nna gone ka 29 C.E. fa Jesu a ne a kolobediwa mme Jehofa a mo amogela e le yo o tla nnang setlhabelo se se itekanetseng. (Baheb. 10:5-10) Fa Jesu a sena go swa a bo a tsosiwa, o ne a tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo la tempele ya semoya mme a isa boleng jwa setlhabelo sa gagwe “fa pele ga Modimo ka namana.”—Baheb. 9:11, 12, 24.

Mo ditemaneng tse dingwe, moaposetoloi Paulo o ne a re Bakeresete ba ba tloditsweng ba “gola [go] nna tempele e e boitshepo ya ga Jehofa.” (Baef. 2:20-22) A tempele eno e ne e tshwana le “mogope wa boammaaruri” o moragonyana a neng a o tlhalosa mo lekwalong le a neng a le kwalela Bahebera? Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba akanya gore di a tshwana ka masomesome a dingwaga. Go ne go lebega e kete Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba baakanngwa mo lefatsheng gore ba ye go nna “maje” kwa tempeleng ya ga Jehofa ya selegodimo.—1 Pet. 2:5.

Le fa go ntse jalo, pelenyana fela ga ngwaga wa 1971 maloko a a nang le maikarabelo a setlhopha sa motlhanka a ne a simolola go lemoga gore tempele e Paulo a buileng ka yone mo go Baefeso e ka se nne tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa. Fa e le gore “mogope wa boammaaruri” e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsositsweng, o ne o tla nna gone la ntlha morago ga gore tsogo ya bone e simolole ka nako ya ‘go nna gone ga Morena.’ (1 Bathes. 4:15-17) Mme fa Paulo a ne a bua ka motlaagana o ne a re: “One mogope ono ke setshwantsho sa nako e e tlhomilweng e jaanong e gorogileng.”—Baheb. 9:9.

Fa go ne go bapisiwa ditemana tseno le tse dingwe ka kelotlhoko, go ne ga bonala sentle gore tempele ya semoya ga e ise e simolole go agiwa mme Bakeresete ba ba tloditsweng ga se “maje” a a baakanngwang mo lefatsheng gore a ye go nna kwa go yone. Go na le moo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba direla mo lolwapeng le mo lefelong la Boitshepo la tempele ya semoya, ba isetsa Modimo ‘setlhabelo sa pako’ letsatsi le letsatsi.—Baheb. 13:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Re ka tokafatsa jang tsela e re tlhaloganyang ka yone “dilo tse di boteng tsa Modimo”?