Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Letsatsi la ga Jehofa le Tla se Senolang

Se Letsatsi la ga Jehofa le Tla se Senolang

Se Letsatsi la ga Jehofa le Tla se Senolang

“Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, . . . mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.”—2 PET. 3:10.

1, 2. (a) Tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e tla fela jang? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

TSAMAISO eno e e boikepo ya dilo e theilwe mo maakeng a magolo a gore motho a ka kgona go busa lefatshe ka katlego kwantle ga thuso ya ga Jehofa. (Pes. 2:2, 3) A sengwe se se theilweng mo maakeng se ka nnela ruri? Le e seng! Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore re emele lefatshe la ga Satane gore le iphedise ka bolone. Go na le moo, le tla senngwa ke Modimo ka tsela ya gagwe, ka nako e a e tlhomileng. Fa Modimo a senya lefatshe leno le le boikepo, o tla bo a bontsha tshiamiso le lorato lwa gagwe ka tsela e e feletseng.—Pes. 92:7; Dia. 2:21, 22.

2 Moaposetoloi Petere o ne a re: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, le mo go lone magodimo a tla fetang ka modumo o o sumang, mme dilo tse di a bopang e re ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologa, mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.” (2 Pet. 3:10) “Magodimo” le “lefatshe” tse go buiwang ka tsone fano ke eng? “Dilo tse di a bopang” tse di tla nyerologang tsone ke eng? Mme Petere o ne a kaya eng fa a ne a re “lefatshe le ditiro tse di mo go lone” di tla “senolwa”? Go itse dikarabo tsa dipotso tseno go tla re thusa go ipaakanyetsa ditiragalo tse di boifisang tse di tla tlogang di direga.

Magodimo le Lefatshe Tse di Tla Fetang

3. “Magodimo” a a umakiwang mo go 2 Petere 3:10 ke eng, mme a tla feta jang?

3 Fa lefoko “magodimo” le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo Baebeleng, gantsi le a bo le kaya babusi ba ba ipeileng kwa godimo ga batho ba ba ba busang. (Isa. 14:13, 14; Tshen. 21:1, 2) “Magodimo a [a] tla fetang” a emela dipuso tsa batho, tse di busang batho ba ba boikepo. Go feta ga one “ka modumo o o sumang”—kana ka “go kurutla mo gogolo,” go ya ka thanolo e nngwe—go ka kaya go fedisiwa ga magodimo ano ka ponyo ya leitlho.

4. “Lefatshe” ke eng, mme le tla fedisiwa jang?

4 “Lefatshe” le emela batho ba ba kgaoganeng le Modimo. Lefatshe le le ntseng jalo le ne le le teng mo metlheng ya ga Noa, mme ka taelo ya Modimo, le ne la fedisiwa ka Morwalela. “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.” (2 Pet. 3:7) Le fa Morwalela o fedisitse batho botlhe ba ba boikepo ka nako e le nngwe, tshenyego e e tlang yone e tla direga kgato ka kgato ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:14) Mo karolong ya ntlha ya pitlagano eo, Modimo o tla tlhotlheletsa babusi ba dipolotiki ba lefatshe leno gore ba senye “Babelona o Mogolo,” ka go dira jalo ba bontsha gore ba tlhoile seaka seo sa bodumedi. (Tshen. 17:5, 16; 18:8) Go tswa foo, ka ntwa ya Haramagedona, e leng karolo ya bofelo ya pitlagano e kgolo, Jehofa ka boene o tla fedisa masalela otlhe a lefatshe la ga Satane.—Tshen. 16:14, 16; 19:19-21.

“Dilo Tse di a Bopang . . . di Tla Nyerologa”

5. Dilo tsa tshwantshetso tse di bopang magodimo di akaretsa eng?

5 ‘Dilo tse di bopang’ magodimo tse di ‘tla nyerologang’ ke dife? Dikishinare nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re ke “dilo tsa motheo.” Ya re mafoko ao “a ne a dirisiwa e le ditlhaka tsa motheo tsa puo.” Ka jalo, ‘dilo tse di bopang’ magodimo tse Petere a di umakang di kaya dilo tsa motheo tse di dirang gore lefatshe le bo le na le mekgwa, boikutlo, ditsela le mekgele e e bosula e le nang le yone. “Dilo” tseno di akaretsa “moya wa lefatshe,” o o “dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” (1 Bakor. 2:12; bala Baefeso 2:1-3.) Moya oo, o aname mo lefatsheng lotlhe la ga Satane. O tlhotlheletsa batho go akanya, go bua, go rulaganya le go dira dilo ka tsela e Satane, yo e leng “mmusi wa taolo ya moya,” yo o boikgogomoso le yo o lenyatso, a di dirang ka yone.

6. Moya wa lefatshe o bonala jang mo bathong?

6 Ka jalo, batho ba ba tshwaeditsweng ke moya wa lefatshe ba letla megopolo le dipelo tsa bone gore di tlhotlhelediwe ke Satane, gore ba akanye jaaka ene ba bo ba nne le boikutlo jo bo tshwanang le jwa gagwe. Ba dira jalo ba itse kana ba sa itse. Ka ntlha ya seo, ba dira se bone ba se ratang, ba se na sepe le thato ya Modimo. Fa ba lebane le maemo a a farologaneng ba a ikgogomosa kana ba ikakanyetsa ba le bosi, ga ba ikobele bolaodi mme ba ineela mo ‘keletsong ya nama le keletso ya matlho.’—Bala 1 Johane 2:15-17. *

7. Ke eng fa re tshwanetse go ‘dibela dipelo tsa rona’?

7 Ka jalo, go botlhokwa thata gore re ‘dibele dipelo tsa rona’ ka go dirisa botlhale jwa bomodimo fa re tlhopha ditsala, se re se balang, boitlosobodutu le diaterese tse go ka diregang gore re di bule mo Internet! (Dia. 4:23) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” (Bakol. 2:8) Tlhagiso eo e botlhokwa le go feta e re ka letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, ka gonne “mogote” wa lone o o boitshegang o tla nyerolosa dilo tsotlhe ‘tse di bopang’ tsamaiso ya ga Satane, mme mogote oo o tla supa gore di ka se kgone go itshokela molelo wa bogale jwa Modimo. Seno se re gopotsa mafoko ano a a mo go Malaki 4:1: “Gonne, bonang! letsatsi le etla le le tukang jaaka leubelo, mme botlhe ba ba boikgodiso le botlhe ba ba dirang boikepo ba tla nna jaaka dirite. Letsatsi le le tlang ruri le tla ba kometsa.”

“Lefatshe le Ditiro Tse Di mo Go Lone di Tla Senolwa”

8. Lefatshe le ditiro tse di mo go lone di “senolwa” jang?

8 Petere o ne a kaya eng fa a ne a re “lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa”? Lefoko “senolwa” gape le ka kaya “go bipololwa.” Petere o ne a raya gore ka nako ya pitlagano e kgolo, Jehofa o tla bipolola lefatshe la ga Satane, a senola gore le kgatlhanong le Ene le Bogosi jwa Gagwe mme ka jalo le tshwanelwa ke go senngwa. Fa Isaia 26:21 e bua ka nako eo ka tsela ya boporofeti, ya re: “Jehofa o tswa mo lefelong la gagwe go tla go sekisa tlolo ya monni wa lefatshe, mme lefatshe ruri le tla baya tshololo ya gagwe ya madi mo pontsheng mme ga le kitla le tlhola le bipa ba ba bolailweng ba lone.”

9. (a) Ke eng se re sa tshwanelang go se dira, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng se re tshwanetseng go kgaratlhela go nna le sone, mme ka ntlha yang?

9 Mo letsatsing la ga Jehofa, batho ba ba tshwaeditsweng ke lefatshe le moya wa lone o o bosula ba tla senola se tota ba leng sone, le e leng go bolaana. Tota e bile, e ka tswa e le gore mefuta e e farologaneng ya boitlosobodutu jo bo tletseng thubakanyo e e rategang thata gompieno e setse e baakanya megopolo ya batho, e e baakanyetsa nako ya fa seatla sa motho mongwe le mongwe “se tla tsogologela seatla sa molekane wa gagwe.” (Seka. 14:13) A bo go le botlhokwa jang ne gore re se ka ra bala kana ra leba sepe—difilimi, metshameko ya bidio le tse dingwe—se se ka dirang gore re nne le mekgwa e Modimo a e tsayang e le makgapha, e e jaaka boikgogomoso le go rata thubakanyo! (2 Sam. 22:28; Pes. 11:5) Go na le moo, a re kgaratlheleng go nna le dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang, ka gonne fa re na le tsone re tla kgona go emelana le molelo wa tshwantshetso wa letsatsi la ga Jehofa.—Bagal. 5:22, 23.

“Magodimo a Masha le Lefatshe le Lesha”

10, 11. “Magodimo a masha” le “lefatshe le lesha” ke eng?

10 Bala 2 Petere 3:13. “Magodimo a masha” ke Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong, jo bo tlhomilweng ka ngwaga wa 1914 fa “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di khutla. (Luke 21:24) Mo pusong eno ya bogosi go tla bo go busa Keresete Jesu le babusimmogo le ene ba ba 144 000, ba bontsi jwa bone ba setseng ba amogetse tuelo ya bone kwa legodimong. Mo bukeng ya Tshenolo, ba ba tlhophilweng bano ba tlhalosiwa e le “motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha, o fologa o tswa legodimong kwa Modimong e bile o baakantswe jaaka monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe.” (Tshen. 21:1, 2, 22-24) Fela jaaka puso e ne e tlhomilwe kwa Jerusalema kwa Iseraele wa bogologolo, Jerusalema yo Mosha le Monyadi wa gagwe ke bone ba tla bong ba busa mo tsamaisong e ntšha ya dilo. Motse ono wa selegodimo o tla “fologa o tswa legodimong” mme seno se kaya gore o tla bo o lebisa tlhokomelo ya one mo lefatsheng.

11 “Lefatshe le lesha” le kaya setšhaba se sesha sa batho ba ba tla bong ba bontshitse gore ba ineela ka go rata mo Bogosing jwa Modimo. Kgabagare paradaise ya semoya e batho ba Modimo ba setseng ba e itumelela gone jaanong e tla bo e le mo boemong jwa yone jo bo tshwanetseng mo ‘lefatsheng [leo le lentle] le le nang le banni le le tla tlang.’ (Baheb. 2:5) Re ka nna jang karolo ya tsamaiso eo e ntšha ya dilo?

Ipaakanyetse Letsatsi le Legolo la ga Jehofa

12. Ke eng fa letsatsi la ga Jehofa le tlile go gakgamatsa lefatshe?

12 Paulo le Petere ba ne ba bolelela pele gore letsatsi la ga Jehofa le ne le tla tla “jaaka legodu”—le kukunela, le sa lebelelwa. (Bala 1 Bathesalonika 5:1, 2.) Tota le Bakeresete ba boammaaruri, ba ba nnang ba lebeletse letsatsi leo, ba tla gakgamadiwa ke go tla ga lone ka tshoganyetso. (Math. 24:44) Mme lefatshe lone le tlile go thanya lo le tsebeng. Paulo o ne a re: “Motlhang ba [ba kgaoganeng le Jehofa ba] reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.”—1 Bathes. 5:3.

13. Re ka tila jang go forwa ke mafoko a a reng: “Kagiso le polokesego!”?

13 Mafoko a a reng “Kagiso le polokesego!” e tla bo e le maaka a mangwe gape a a tlhotlhelediwang ke madimona; mme batlhanka ba ga Jehofa bone ga ba na go forwa ke maaka ao. Paulo o ne a re: “Ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang ka tshoganyetso jaaka le ne le ka wela magodu, gonne lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba motshegare.” (1 Bathes. 5:4, 5) Ka jalo a re nneng re le mo leseding, re le kgakala thata le lefifi la lefatshe la ga Satane. Petere o ne a re: “Baratwa, ka lo na le kitso eno go sa le gale, nnang lo itisitse gore lo se ka lwa ya le bone [barutisi ba maaka ba ba mo phuthegong ya Bokeresete] ka go fapoga ga batho ba ba tlhokomologang molao mme lwa wa mo go nitameng ga lona.”—2 Pet. 3:17.

14, 15. (a) Jehofa o re tlotla jang? (b) Re tshwanetse go tsaya mafoko afe a a tlhotlheleditsweng tsia?

14 Ela tlhoko gore Jehofa ga a re bolelele fela gore re ‘nne re itisitse’ go bo go felela foo. Go na le moo, o a re tlotla ka gore ka bopelonomi a re neye ‘kitso go sa le gale’ mme o dira jalo ka go re tlhalosetsa se se tlileng go direga mo isagweng.

15 Le fa go ntse jalo, ka maswabi, bangwe ga ba tseye dikgakololo tsa gore re nne re disitse tsia kana ga ba bone bomasisi jwa dikgakololo tse di malebana le botlhokwa jwa go nna re tsogile. Ba ka nna ba re, ‘Ke leng go buiwa jalo!’ Le fa go ntse jalo, batho bao ba tshwanetse go nna ba gakologetswe gore fa ba bua jalo ba a bo ba belaela Jehofa le Morwawe, ba sa belaele fela setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego. Jehofa o rile: “Nna o . . . lebeletse.” (Hab. 2:3) Jesu le ene o ne a re: “Nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.” (Math. 24:42) Mo godimo ga moo, Petere o ne a re: “Lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!” (2 Pet. 3:11, 12) Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le Setlhopha sa sone se se Laolang se ka se tsoge se tsere mafoko ao a a masisi motlhofo!

16. Re tshwanetse go tila go nna le boikutlo bofe, mme ka ntlha yang?

16 Eleruri, “motlhanka yo o bosula” ke ene a swetsang ka gore Mong o a diega. (Math. 24:48) Motlhanka yoo yo o bosula ke mongwe wa batho ba go buiwang ka bone mo go 2 Petere 3:3, 4. Petere o ne a re: “Mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli” ba “go ya ka dikeletso tsa bone,” ba sotlang ba ba kutlo ba ba nnang ba akantse thata ka letsatsi la ga Jehofa. Ee, go na le gore basotli bao ba nne ba tshwaregile ka dilo tse di direlwang Bogosi, ba itebile bone fela le go diragatsa dikeletso tsa bone tsa bogagapa. A le ka motlha re se ka ra nna le boikutlo joo jo bo kotsi jwa go tlhoka kutlo! Go na le moo, e kete re ka ‘tsaya bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko’ ka go tshwarega mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa mme re se ka ra tlhobaela mo go feteletseng ka gore ditiragalo tseno di tla direga leng, ka gonne eo ke kgang ya ga Jehofa Modimo.—2 Pet. 3:15; bala Ditiro 1:6, 7.

Ikanye Modimo wa Poloko

17. Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba tsaya kgato efe fa Jesu a ne a ba tlhagisa gore ba tshabe kwa Jerusalema, mme ka ntlha yang?

17 Fa masole a Roma a sena go tlhasela Judea ka 66 C.E., Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba tsaya tlhagiso ya ga Jesu tsia mme ba tshaba mo motseng wa Jerusalema ka potlako. (Luke 21:20-23) Ke eng fa ba ne ba tsaya kgato ka bonako jalo ba sa okaoke? Kwantle ga pelaelo ba ne ba nna ba akantse thata ka tlhagiso ya ga Jesu. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba lebeletse gore tshwetso e ba e dirileng e tla ba bakela mathata mangwe, jaaka Keresete a ile a ba tlhagisa pele ga foo. Mme gape ba ne ba itse gore le ka motlha Jehofa o ne a ka se latlhe batho ba gagwe ba ba ikanyegang.—Pes. 55:22.

18. Mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 21:25-28 a dira gore o ikutlwe jang ka pitlagano e kgolo e e tlang?

18 Le rona re tshwanetse go ikanya Jehofa ka botlalo, ka gonne ke ene fela a ka re bolokang fa tsamaiso eno ya dilo e welwa ke pitlagano e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa wela batho. Nako nngwe pele ga pitlagano e kgolo e simologa, mme e le pele ga Jehofa a diragatsa katlholo mo lefatsheng lotlhe, batho ba tla “tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni.” Le fa go ntse jalo, fa baba ba Modimo ba roroma ka ntlha ya poifo, batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang bone ba tla bo ba sa boife sepe. Go na le moo, ba tla itumela ka gonne ba itse gore kgololo ya bone e atametse.—Bala Luke 21:25-28.

19. Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Ee, batho ba ba nnang ba se karolo ya lefatshe le ‘dilo tse di le bopang’ ba tlile go nna le isagwe e e molemo tota! Le fa go ntse jalo, jaaka setlhogo se se latelang se tlhalosa, fa re batla go bona botshelo, ga se fela gore re tshwanetse go tila go dira se se bosula. Re tshwanetse go kgaratlhela go nna le dinonofo tse di itumedisang Jehofa le go dira ditiro tse a di amogelang.—2 Pet. 3:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona tlhaloso e e feletseng ya mekgwa e moya wa lefatshe o rotloetsang batho go nna le yone, bona buka ya Go Fetolana ka Dikwalo, tsebe 304-308.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng se se emelang . . . 

‘magodimo le lefatshe’ tsa gone jaanong?

“dilo tse di a bopang”?

“magodimo a masha le lefatshe le lesha”?

• Ke eng fa re ikanya Modimo ka botlalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

O ka “dibela pelo ya gago” jang mme wa nna o se karolo ya lefatshe?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Re bontsha jang gore re ‘tsaya bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko’?