“Tswelela o Dira ka Bojotlhe . . . mo go Ruteng”
“Tswelela o Dira ka Bojotlhe . . . mo go Ruteng”
“LO MPITSA ‘Moruti’, le, ‘Morena’, mme lo bua sentle, gonne ke ene.” (Joh. 13:13) Fa Jesu a ne a raya barutwa ba gagwe a rialo o ne a gatelela seabe sa gagwe sa go bo e le moruti. Nakwana fela pele ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Math. 28:19, 20) Moragonyana, moaposetoloi Paulo le ene o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna barutisi ba Lefoko la Modimo. O ne a kgothatsa mogolwane wa Mokeresete e bong Timotheo a re: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng. . . . Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 Tim. 4:13-15.
Gompieno, fela jaaka go ne go ntse mo nakong e e fetileng, go ruta ke karolo ya botlhokwa mo bodireding jwa rona jwa tshimo mmogo le kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete. Ke jang re ka tswelelang re dira ka bojotlhe mo go ruteng, mme seno se tla re thusa jang go dira botswelelopele jaaka barutisi ba Lefoko la Modimo?
Etsa Morutisi yo Mogolo
Tsela e Jesu a neng a ruta ka yone e ne e ngoka batho ba le bantsi ba ba neng ba mo reetsa. Ela tlhoko kafa mafoko a gagwe a neng a ama batho ba ba neng ba tlile sinagogeng kwa Nasaretha ka teng. Mokwadi wa Efangele e bong Luke o ne a re: “Botlhe ba simolola go naya bosupi jo bo molemo ka ga gagwe le go gakgamalela mafoko a a ipedisang a a tswang mo molomong wa gagwe.” (Luke 4:22) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba latela sekao sa Mong wa bone fa ba ruta. Eleruri, moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene a re: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakor. 11:1) Paulo o ne a atlega tota mo go ‘ruteng phatlalatsa le ka ntlo le ntlo’ ka gonne o ne a etsa Jesu fa a ruta.—Dit. 20:20.
Go Ruta “Kwa Marekisetsong”
Sekai se se tlhomologileng se se bontshang kafa Paulo a neng a na le bokgoni jwa go ruta phatlalatsa ka teng se fitlhelwa mo go Ditiro kgaolo 17. Mo go yone re bala ka nako ya fa a ne a etetse kwa Athena, kwa Gerika. Gongwe le gongwe kwa Paulo a neng a latlhela bofofu gone mo motseng oo—mo mebileng, le kwa mafelong a batho botlhe—go ne go na le medingwana. Ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a tshwenyegile thata jaana! Le fa go ntse jalo, ga a ka a fekeediwa ke maikutlo. Go na le moo, o ne “a simolola go bontshana mabaka [le batho] mo sinagogeng . . . mme letsatsi lengwe le lengwe mo marekisetsong a bontshana mabaka le ba go neng go direga gore ba bo ba le gone.” (Dit. 17:16, 17) A bo a re tlhometse sekao se se molemo jang ne! Fa re bua le batho ba ba farologaneng, re sa ba nyatse, mme re bua le bone ka tlotlo, re ka dira gore bangwe ba re reetse mme kgabagare ba gololesege mo bokgobeng jwa bodumedi jwa maaka.—Dit. 10:34, 35; Tshen. 18:4.
Fa Paulo a ne a le kwa marekisetsong o ne a kopana le batho ba ba sa amogeleng molaetsa. Mo gare ga ba ba neng ba reeditse Paulo, go ne go na le bafilosofi ba tsela e ba lebang dilo ka yone e neng e sa dumalane le dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta. Fa ba mo ganetsa, o ne a akanyetsa se ba neng ba se bua. Bangwe ba ne ba mmitsa “motho yo o selaselang,” e leng leele la Segerika le le kayang “mmalabadi.” Bangwe ba ne ba re: “O bonala a le yo o itsiseng phatlalatsa medimo e sele.”—Dit. 17:18.
Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a kgobiwa marapo ke mafoko a a tlhabang a a neng a buiwa ke bareetsi ba gagwe. Go na le moo, fa a ne a kopiwa go tlhalosa dithuto tsa gagwe, o ne a dirisa tshono eo go rera ka botlhale mme seno se ne se bontsha sentle gore o na le bokgoni jwa go ruta. (Dit. 17: 19-22; 1 Pet. 3:15) Mma re sekaseke thero ya gagwe ka botlalo mme re ithute dithuto tse di ka re thusang go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta.
Bua ka Dilo Tse ba di Kgatlhegelang
Paulo o ne a re: “Banna ba Athena, ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go feta ba bangwe. Ka sekai, fa ke ne . . . ke leba ka kelotlhoko dilo tsa lona tse di obamelwang ke ne ka bona le sebeso se mo go sone go neng go kwadilwe go twe ‘Go Modimo O o Sa Itsiweng.’ Jalo se lo se nayang boineelo jwa bomodimo lo sa se itse, ke sone se ke lo bolelelang ka sone.”—Dit. 17: 22, 23.
Paulo o ne a ela tlhoko dilo tse di neng di mo dikologile. O ne a ithuta dilo di le dintsi ka batho ba a neng a ba rerela, mo dilong tse a neng a di etse tlhoko ka bone. Le rona fa re le kelotlhoko re ka ithuta sengwe ka mong wa ntlo. Ka sekai, ditshamekisi tsa bana tse di mo jarateng kgotsa matshwao a a beilweng mo lebating a ka re naya tshedimosetso e ntsi. Fa re na le lesedinyana ka maemo a mong wa ntlo, re ka ela tlhoko gore re bua le ene ka eng le mokgwa o re buang le ene ka one.—Bakol. 4:6.
Paulo o ne a sa nyatse batho fa a bua le bone. Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore “boineelo jwa bomodimo” jwa batho ba kwa Athena bo ne bo sa thewa mo kitsong ya boammaaruri. Paulo o ne a ba tlhalosetsa sentle gore ba ne ba ka obamela Modimo wa boammaaruri jang. (1 Bakor. 14:8) A bo go le botlhokwa jang ne go bua sentle le ka tsela e e utlwalang fa re bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi!
Akanyetsa Maikutlo a Batho Mme O se Ka wa Nna le Tlhaolele
Paulo o ne a tswelela ka gore: “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, e re ka, jaaka Yono a ntse, e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla, le gone ga a direlwe ke diatla tsa motho jaaka e kete o ne a tlhoka sengwe, ka gonne ene ka boene o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.”—Dit. 17:24, 25.
Fano Paulo o ne a bua ka Jehofa e le ene Moneibotshelo, a re ke “Morena wa legodimo le lefatshe,” mme a bua jalo ka botlhale. A bo e le tshiamelo jang ne go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang, ba madumedi le ditso tse di farologaneng gore ba tlhaloganye gore Jehofa Modimo ke ene Mosimolodi wa botshelo!—Pes. 36:9.
Go tswa foo, Paulo o ne a re: “Mme o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, . . . mme o ne a baya dinako tse di tlhomilweng le melelwane e e tlhomilweng ya bonno jwa batho, gore ba batle Modimo, fa ba ka apaapa ba mmatla mme ruri ba mmona, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Dit. 17:26, 27.
Tsela e re rutang ka yone e ka bontsha ba bangwe gore re obamela Modimo yo o ntseng jang. Jehofa ga a na tlhaolele mme o letla batho ba ditšhaba tsotlhe gore ‘ba apaape ba mmatle mme ruri ba mmone.’ Le rona re bua le batho botlhe ba re kopanang le bone re sa tlhaole. Re leka go thusa ba ba dumelang mo Mmoping gore ba atamalane le ene mme ba tle ba bone masego a bosakhutleng. (Jak. 4:8) Mme gone re ka thusa jang ba ba belaelang gore Modimo o teng? Ka go latela sekao sa ga Paulo. Ela tlhoko se a se buang morago ga foo.
“Ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone, le eleng jaaka bangwe ba baboki gareng ga lona ba rile, ‘Gonne gape re lotsalo lwa gagwe.’ Jalo, ka re le lotsalo lwa Modimo, ga re a tshwanela go ithaya re re Yo e Leng Modimo o tshwana le gouta kgotsa selefera kgotsa leje.”—Dit. 17:28, 29.
Baheb. 3:4) Go thusa beng ba matlo go akanya ka setshwantsho seno se se motlhofo go tlhaloganngwa go ka dira gore ba dumele gore se re se buang se boammaaruri. Mo therong ya ga Paulo, ela tlhoko mokgwa o mongwe o o ka dirang gore motho a atlege fa a ruta—go rotloetsa bareetsi gore ba tseye kgato.
Paulo fano o ne a dira gore batho ba kgatlhegele go reetsa se a se buang ka go nopola baboki, ba batho ba kwa Athena ba neng ba ba itse e bile ba ba rata. Le rona re tlhoka go bua ka dilo tse bareetsi ba rona ba di kgatlhegelang, tse re itseng gore ba tla di amogela. Ka sekai, setshwantsho seno se Paulo a se dirisitseng mo lekwalong le a neng a le kwalela Bahebera se sa ntse se tlhatswa batho pelo le gompieno: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Gatelela Gore Metlha e Potlakile
Paulo o ne a re: “Ke boammaaruri, Modimo o tlodisitse dinako tsa botlhokakitso jo bo ntseng jalo matlho, le fa go ntse jalo jaanong o bolelela batho gongwe le gongwe gore botlhe ba ikwatlhaye. Ka gonne o tlhomile letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng.”—Dit. 17:30, 31.
Go bo Modimo a letleletse boikepo ka nakwana go naya mongwe le mongwe wa rona tshono ya go mmontsha se tota se leng mo dipelong tsa rona. Go botlhokwa gore re gatelele kafa metlha e re tshelang mo go yone e potlakileng ka teng mme re bue re tlhatswegile pelo ka masego a a tla tlisiwang ke Bogosi jo bo setseng bo le gaufi thata.—2 Tim. 3:1-5.
Batho ba Arabela ka Ditsela Tse di Farologaneng
“Ebu, e rile ba utlwa ka tsogo ya baswi, bangwe ba simolola go sotla, fa ba bangwe bone ba ne ba re: ‘Ruri re tla go utlwa kaga seno ka nako e nngwe.’ Ka gone Paulo a tswa mo gare ga bone, mme banna bangwe ba ikopanya le ene mme ba nna badumedi.”—Dit. 17:32-34.
Batho bangwe ba amogela molaetsa wa rona ka bonako; ba bangwe bone ba ka tlhoka nako e e oketsegileng gore se re se buang se ba tlhatswe pelo. Fa re tlhalosa dithuto tsa boammaaruri ka tsela e e utlwalang sentle le e e motlhofo go tlhaloganngwa, mme seo se bo se thusa le fa e ka nna motho a le mongwe go nna le kitso ya boammaaruri ka Jehofa, re itumela tota go bo re dirisiwa ke Modimo go gogela batho kwa go Morwawe!—Joh. 6:44.
Se re Ka se Ithutang
Fa re ntse re akanya ka thero ya ga Paulo, re ka ithuta dilo tse dintsi malebana le tsela e re ka tlhalosetsang ba bangwe dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele ka yone. Fa re na le tshiamelo ya go naya dipuo tsa phatlalatsa mo phuthegong, re ka leka go etsa Paulo ka go bua ka botlhale mme seno se ka thusa motho yo o sa dumeleng go tlhaloganya le go amogela dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Re batla go ruta dithuto tseo ka tsela e e utlwalang sentle, mme re tla nna kelotlhoko gore re se ka ra tshwaya phoso dithuto tsa batho ba ba sa dumeleng ba ba ka tswang ba re reeditse. Mme gape fa re rera phatlalatsa, re leka go ruta ka tsela e e tlhatswang pelo le go bua ka botlhale. Fa re dira jalo, tota re a bo re latela kgakololo ya ga Paulo ya go ‘dira ka bojotlhe mo go ruteng.’
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Paulo o ne a ruta ke tsela e e utlwalang sentle, e e motlhofo go tlhaloganngwa le ka botlhale
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Re etsa Paulo ka go akanyetsa maikutlo a batho ba re ba rerelang