Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A “Molao wa Bopelonomi Jwa Lorato” o Dibele Loleme Lwa Gago

A “Molao wa Bopelonomi Jwa Lorato” o Dibele Loleme Lwa Gago

A “Molao wa Bopelonomi Jwa Lorato” o Dibele Loleme Lwa Gago

“O butse molomo wa gagwe ka botlhale, mme molao wa bopelonomi jwa lorato o mo lolemeng lwa gagwe.”—DIA. 31:26.

1, 2. (a) Baobamedi ba ga Jehofa ba kgothalediwa gore ba kgaratlhele go nna le nonofo efe? (b) Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong seno?

MOLAETSA o o botlhokwa o Kgosi Lemuele wa bogologolo a neng a o newa ke mmaagwe o ne o akaretsa nonofo e e botlhokwa e mosadi yo o molemo a tshwanetseng go nna le yone. O ne a bolelelwa jaana: “O butse molomo wa gagwe ka botlhale, mme molao wa bopelonomi jwa lorato o mo lolemeng lwa gagwe.” (Dia. 31:1, 10, 26) Ke selo se se eletsegang fa mosadi yo o botlhale kgotsa le fa e le mang fela yo o ratang go itumedisa Jehofa Modimo a na le bopelonomi jwa lorato mo lolemeng lwa gagwe. (Bala Diane 19:22.) Baobamedi botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse go bontsha bopelonomi jwa lorato fa ba bua.

2 Bopelonomi jwa lorato ke eng? Re tshwanetse go bo bontsha bomang? Ke eng se se tla re thusang gore re nne le “molao wa bopelonomi jwa lorato” mo lolemeng lwa rona? Go dira jalo go tla ama jang tsela e re buisanang ka yone le ba malapa a rona le Bakeresete mmogo le rona?

Bopelonomi jo bo Tlhotlhelediwang ke Lorato lo lo Ikanyegang

3, 4. (a) Bopelonomi jwa lorato ke eng? (b) Bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le bopelonomi fela jo bo tlwaelegileng?

3 Lereo “bopelonomi jwa lorato” le akaretsa nonofo ya lorato le ya bopelonomi. Le akaretsa bopelonomi, ke gore, go amega ka batho ba bangwe ka namana le go bontsha kamego eo ka go ba direla dilo tse di molemo le go bua ka tsela e e bontshang go ba akanyetsa. E re ka bopelonomi jwa lorato bo akaretsa le lorato, go bo bontsha go kaya go amega ka ba bangwe ka gonne o ba rata. Le fa go ntse jalo, lefoko la puo ya ntlhantlha le le kayang bopelonomi jwa lorato ga le kaye fela bopelonomi jo re bo bontshang ka ntlha ya lorato. Go na le moo, go bontsha bopelonomi jwa lorato ke go bontsha motho yo mongwe bopelonomi ka go rata le ka boikanyegi go fitlha lebaka la go bo motho yoo a tlhoka go bo bontshiwa le fitlheletswe.

4 Bopelonomi jwa lorato bo farologana le bopelonomi fela jo bo tlwaelegileng ka tsela e nngwe gape. Bopelonomi fela jo bo tlwaelegileng ke mofuta wa bopelonomi jo motho a ka bo bontshang le batho ba a sa ba itseng. Moaposetoloi Paulo le batho ba le 275 ba a neng a thubegelwa ke sekepe a na le bone ba ne ba bontshiwa mofuta ono wa bopelonomi ke batho ba kwa setlhaketlhakeng sa Maleta—batho ba ba neng ba sa ba itse gotlhelele. (Dit. 27:37–28:2) Bopelonomi jwa lorato jone ke bopelonomi jo bo tsamaisanang le go rata ka boikanyegi motho yo o setseng o na le kamano le ene. * Bopelonomi jono ke jone jo Bakene ba neng ba bo bontsha “bomorwa Iseraele botlhe ka nako ya fa ba ne ba tswa kwa Egepeto.”—1 Sam. 15:6.

Go Tlhatlhanya le go Rapela go Botlhokwa

5. Ke eng se se ka re thusang go laola loleme lwa rona?

5 Go bontsha bopelonomi jwa lorato fa re bua ga go motlhofo le e seng. Fa morutwa Jakobe a ne a bua ka loleme, o ne a re: “Ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore lo kgwabofale. Ke selo se se sa laolesegeng se se utlwisang botlhoko, lo tletse botlhole jo bo bolayang.” (Jak. 3:8) Ke eng se se ka re thusang go laola karolo eno ya mmele e go leng thata jaana go e laola? Se Jesu a neng a se bolelela baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe se re naya lesedinyana. O ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Math. 12:34) Gore bopelonomi jwa lorato bo dibele loleme lwa rona, re tshwanetse go jala nonofo eno mo dipelong tsa rona—ke gore mo teng ga rona. A re boneng gore go tlhatlhanya le go rapela go ka re thusa jang go dira seo.

6. Ke eng fa re tshwanetse go tlhatlhanya ka kanaanelo ka ditiro tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jwa lorato?

6 Baebele ya re Jehofa Modimo o na le “bopelonomi jo bogolo jwa lorato.” (Ekes. 34:6) Mopesalema o ne a opela jaana: “Bopelonomi jwa gago jwa lorato, wena Jehofa, bo tladitse lefatshe.” (Pes. 119:64) Baebele e na le dipego tse dintsi tse di bontshang kafa Jehofa a neng a bontsha baobamedi ba gagwe bopelonomi jwa lorato ka teng. Go ipha nako ya go tlhatlhanya ka kanaanelo ka ‘ditiro tsa ga Jehofa’ go ka dira gore re nne le keletso ya go lwela go nna le nonofo eno ya bomodimo.—Bala Pesalema 77:12.

7, 8. (a) Jehofa o ne a bontsha Lote le lelapa la gagwe bopelonomi jwa lorato jang? (b) Dafide o ne a ikutlwa jang fa Modimo a mmontsha bopelonomi jwa lorato?

7 Ka sekai, akanya ka tsela e Jehofa a neng a boloka ka yone setlogolo sa ga Aborahame e bong Lote mmogo le lelapa la gagwe fa A ne a senya motse o ba neng ba nna mo go one wa Sodoma. Fa nako eo e ntse e atamela baengele ba ba neng ba tlile kwa go Lote ba ne ba mo rotloetsa gore a tseye lelapa la gagwe mme ba tswe mo motseng ka bonako. Baebele ya re: “E rile a nnela go diega, ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa mo go ene, [baengele] bano ba tshwara seatla sa gagwe le seatla sa mosadi wa gagwe le diatla tsa bomorwadie ba babedi mme ba mo ntsha ba mo emisa ka kwa ntle ga motse.” Ruri re amega maikutlo fa re akanya ka tsela e ba neng ba bolokiwa ka yone, e bile re tlhotlheletsega go dumela gore Modimo o ne a ba bontsha bopelonomi jwa lorato.—Gen. 19:16, 19.

8 Gape akanya ka sekai sa ga Kgosi Dafide wa kwa Iseraele wa bogologolo yo o neng a opela a re: ‘Jehofa o itshwarela tlolo ya gago yotlhe, o fodisa matlhoko a gago otlhe.’ A bo Dafide a tshwanetse a bo a ile a anaanela jang go bo a ile a itshwarelwa boleo jo a neng a bo dirile le Bathesheba! O ne a baka Jehofa a re: “Jaaka magodimo a le kwa godimo go feta lefatshe, bopelonomi jwa gagwe jwa lorato bo bogolo mo go ba ba mmoifang.” (Pes. 103:3, 11) Go tlhatlhanya ka dipego tseno le tse dingwe tse di mo Baebeleng go dira gore re anaanele bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa, mme re tlhotlheletsega go mmaka le go mo leboga. Fa re tswelela re na le kanaanelo re tla batla go nna baetsi ba Modimo wa boammaaruri.—Baef. 5:1.

9. Baobamedi ba ga Jehofa ba na le lebaka lefe le le utlwalang la go bontsha bopelonomi jwa lorato mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi?

9 Dikai tse di mo Baebeleng di bontsha gore Jehofa o bontsha botlhe ba ba setseng ba na le kamano e e molemo le ene bopelonomi jwa gagwe jwa lorato—lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang. Mme go tweng ka ba ba se nang kamano e e ntseng jalo le Modimo yo o tshelang? A Jehofa o peloethata mo go bone e bile ga a ba bontshe bopelonomi? Le e seng. Luke 6:35 ya re: “[Modimo] o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo.” “[O] tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile [o] nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Math. 5:45) Pele ga re ithuta boammaaruri re bo re bo dirisa mo matshelong a rona, re ne ra amogela bopelonomi jwa Modimo kgotsa bopelonomi jo Modimo a bo bontshang mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, e re ka re le baobamedi ba gagwe, o re bontsha lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang—bopelonomi jwa gagwe jwa lorato jo bo sa fetogeng. (Bala Isaia 54:10.) A bo re itumelela seo jang ne! Mme a bo e le lebaka le le utlwalang thata jang ne la go bo re tshwanetse go bontsha bopelonomi jwa lorato fa re bua, le fa re dira dilo tse dingwe mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi!

10. Ke eng fa thapelo e ka re thusa thata go dira gore bopelonomi jwa lorato e nne karolo ya botho jwa rona?

10 Sengwe sa botlhokwa thata se se ka re thusang go bontsha bopelonomi jwa lorato ke tshiamelo ya thapelo. Go ntse jalo ka gonne lorato le bopelonomi—tse di bopang bopelonomi jwa lorato—ke dingwe tsa dinonofo tse moya o o boitshepo wa ga Jehofa o di tlhagisang. (Bagal. 5:22) Re ka tsenya bopelonomi jwa lorato mo dipelong tsa rona ka go letla moya oo gore o re tlhotlheletse. O ka amogela moya o o boitshepo wa ga Jehofa ka tlhamalalo fa o o kopa ka thapelo. (Luke 11:13) Go a tshwanela gore ka metlha re rapelele moya wa Modimo mme re ikobele kaelo ya one. Ee, gore re nne le molao wa bopelonomi jwa lorato mo lolemeng lwa rona, go botlhokwa gore re tlhatlhanye le go rapela.

Mo Lolemeng Lwa Banyalani

11. (a) Re itse jang gore Jehofa o lebeletse gore banna ba bontshe basadi ba bone bopelonomi jwa lorato? (b) Molao wa bopelonomi jwa lorato o ka thusa monna jang gore a dibele loleme lwa gagwe?

11 Moaposetoloi Paulo o gakolola banna ba ba nyetseng jaana: “Tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baef. 5:25) Gape Paulo o ba gakolola se Jehofa a se boleletseng Adame le Efa. Moaposetoloi yono a re: “Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.” (Baef. 5:31) Go bonala sentle gore Jehofa o lebeletse gore banna ba kgomarele basadi ba bone ka boikanyegi, ba ba bontshe bopelonomi jwa lorato ka dinako tsotlhe. Monna yo loleme lwa gagwe lo laolwang ke lorato lo lo ikanyegang ga a senole makoa a mosadi wa gagwe mo bathong e bile ga a bue le ene ka tsela e e mo nyenyefatsang. O itumelela go mmaka. (Dia. 31:28) Fa go ka direga gore go nne le kgotlhang fa gare ga bone, bopelonomi jwa lorato bo dira gore monna a tile go bua le mosadi wa gagwe ka tsela e e mo digang seriti.

12. Tsela e mosadi a buang ka yone e ka bontsha jang gore molao wa bopelonomi jwa lorato o laola loleme lwa gagwe?

12 Loleme lwa mosadi le lone lo tshwanetse go laolwa ke molao wa bopelonomi jwa lorato. Tsela e a buang ka yone ga e a tshwanela go tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe. E re ka a bontsha “tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe,” o mmua sentle fa a le mo gare ga batho mme o dira gore ba bangwe ba tlotle monna wa gagwe le go feta. (Baef. 5:33) Ka gonne a batla gore bana ba tswelele ba tlotla rraabone, ga a ngangisane le ene e bile ga a nyatse dikakantsho tsa gagwe fa pele ga bone. O rarabolola dikgang tse di ntseng jalo kwa thoko. Baebele ya re: “Mosadi yo o botlhale tota o agile ntlo ya gagwe.” (Dia. 14:1) Legae la gagwe ke lefelo le le lapolosang, le lelapa lotlhe le ipelelang go nna mo go lone.

13. Molao wa bopelonomi jwa lorato o tshwanetse go dirisiwa kae thata, mme seno se ka dirwa jang?

13 Tota le fa banyalani ba le bosi kwa gae, ba tshwanetse go tswelela ba dirisa loleme lwa bone ka tsela e e bontshang gore ba a tlotlana. Paulo o ne a re: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona.” Gape o ne a re: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. . . . Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakol. 3:8, 12-14) Fa bana ba tlwaetse go utlwa batsadi ba bua ka lorato le ka bopelonomi, ba tla gola sentle gape ba ka nna ba etsa tsela e batsadi ba bone ba buang ka yone.

14. Ba e leng ditlhogo tsa malapa ba ka dirisa jang loleme go gomotsa ba ba mo tlhokomelong ya bone?

14 Mopesalema o ne a kwala jaana ka Jehofa: “Tsweetswee a bopelonomi jwa gago jwa lorato bo nkgomotse.” (Pes. 119:76) Tsela e e tlhomologileng e Jehofa a gomotsang batho ba gagwe ka yone ke ka go ba rotloetsa le ka go ba kaela. (Pes. 119:105) Ba e leng ditlhogo tsa malapa ba ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Rraarona yo o kwa legodimong mme ba dirisa loleme go gomotsa ba ba mo tlhokomelong ya bone? Ba ka dira jalo ka go ba naya kaelo le ka go ba kgothatsa fa go tlhokega. A bo maitseboa a Kobamelo ya Lelapa e le nako e e molemo jang ya go bapala letlotlo la kitso ya semoya!—Dia. 24:4.

Bontsha Badumedimmogo le Wena Lorato lo lo Ikanyegang

15. Bagolwane le batho ba bangwe ba ba godileng semoyeng ba ka dirisa jang loleme lwa bone go sireletsa ba bangwe mo phuthegong?

15 Kgosi Dafide o ne a rapela jaana: “A bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago di ntibele ka metlha.” (Pes. 40:11) Bagolwane ba Bakeresete le batho ba bangwe ba ba godileng semoyeng mo phuthegong ba ka etsa Jehofa jang mo ntlheng eno? Ruri re a bo re bontsha bopelonomi jwa lorato fa re dirisa loleme lwa rona go tlhokomedisa motho yo re buang le ene se Dikwalo di se buang.—Dia. 17:17.

16, 17. Dingwe tsa ditsela tse re ka bontshang ka tsone gore puo ya rona e laolwa ke molao wa bopelonomi jwa lorato ke dife?

16 Re tshwanetse go dirang fa re bona Mokeresete a dira dilo tse di sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele? A bopelonomi jwa lorato bo ka se re tlhotlheletse gore re dirise loleme lwa rona go leka go mo gakolola? (Pes. 141:5) Fa go direga gore re itse gore modumedimmogo o dirile boleo bongwe jo bo masisi, lorato lo lo ikanyegang lo tla re tlhotlheletsa gore re rotloetse motho yo o dirileng phoso gore a “biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme . . . ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa.” (Jak. 5:14) Fa motho yo o dirileng phoso a sa ipege kwa bagolwaneng, re a bo re sa mmontshe lorato e bile re sa mmontshe bopelonomi fa re sa bege kgang eo. Bangwe mo go rona ba ka tswa ba kgobegile marapo, ba jewa ke bodutu, ba boga ka ntlha ya go ikutlwa e se batho ba sepe, kana ba utlwile botlhoko ka go bo dilo dingwe di sa ba tsamaele sentle. Tsela e e molemo e re ka bontshang ka yone gore molao wa bopelonomi jwa lorato o mo lolemeng lwa rona ke ka go “[bua] ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.”—1 Bathes. 5:14.

17 Re tshwanetse go itshwara jang fa baba ba Modimo ba anamisa magatwe ka badumedimmogo le rona? Go na le go belaela boikanyegi jwa bakaulengwe ba rona, re tshwanetse go fedisa magatwe ao ka go se arabe, kgotsa fa e le gore motho yo o a buang o na le tlhogo e e fodileng re ka mmotsa gore a tota o tlhomamisegile ka se a se buang. Fa baba ba ga Jehofa ba batla go itse gore bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba kwa kae ka maikaelelo a gore ba ba gobatse, go rata bakaulengwe ba rona ka lorato lo lo ikanyegang go tla dira gore re se ka ra ba naya tshedimosetso eo.—Dia. 18:24.

Motho yo o Nang le “Bopelonomi Jwa Lorato o Tla Bona Botshelo”

18, 19. Ke eng fa molao wa bopelonomi jwa lorato o sa tshwanela go tloga mo lolemeng lwa rona fa re dirisana le badumedimmogo le rona?

18 Re tshwanetse go bontsha lorato lo lo ikanyegang ka metlha fa re dirisana le batho ba re obamelang Jehofa mmogo le bone. Tota le fa re le mo maemong a a thata, molao wa bopelonomi jwa lorato ga o a tshwanela go tloga mo lolemeng lwa rona. Jehofa ga a ka a itumela fa bopelonomi jwa lorato jwa Baiseraele bo ne bo nna jaaka “monyo o o nyelelang phakela.” (Hos. 6:4, 6) Mme gone o a itumela fa re bontsha bopelonomi jwa lorato ka metlha. Akanya kafa a segofatsang batho ba ba lekang ka natla go bontsha bopelonomi jwa lorato ka gone.

19 Diane 21:21 ya re: “Yo o latelelang tshiamo le bopelonomi jwa lorato o tla bona botshelo, tshiamo le kgalalelo.” Mangwe a masego a motho yo o ntseng jalo a tla a bonang ke go bona botshelo—e seng go tshela ka nakwana fela, mme o tla bona botshelo jo bo se nang bokhutlo. Jehofa o mo thusa gore a “tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Tim. 6:12, 19) Ka jalo a re lekeng ka natla go “direlan[a] bopelonomi jwa lorato.”—Seka. 7:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng mabapi le gore bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le boikanyegi, lorato, le bopelonomi, bona Tora ya Tebelo ya May 15, 2002, tsebe 12-13, 18-19.

A o Ka Tlhalosa?

• O ka tlhalosa jang bopelonomi jwa lorato?

• Ke eng se se tla re thusang go nna le molao wa bopelonomi jwa lorato mo lolemeng lwa rona?

• Banyalani ba ka bontsha jang lorato lo lo ikanyegang fa ba bua?

• Re ka bontsha jang gore molao wa bopelonomi jwa lorato o mo lolemeng lwa rona fa re dirisana le badumedi mmogo le rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dafide o ne a baka Jehofa ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A lo nna le Kobamelo ya Lelapa ka metlha?