Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a raya mosadi yo o neng a itsiwe e le moleofi a re maleo a gagwe a itshwaretswe?—Luke 7:37, 48.

Fa Jesu a ne a ntse ka go sekama a ja mo ntlong ya Mofarasai yo o bidiwang Simone, mosadi mongwe o ne a ‘nna kafa morago ga ga Jesu fa dinaong tsa gagwe.’ O ne a kolobetsa dinao tsa ga Jesu ka dikeledi tsa gagwe a bo a di phimola ka moriri wa tlhogo ya gagwe. Morago ga foo o ne a atla dinao tsa ga Jesu ka bonolo a bo a di tlotsa ka leokwane le le nkgang monate. Pego eno ya Efangele ya re mosadi yoo “o ne a itsiwe mo motseng e le moleofi.” Ke boammaaruri gore motho mongwe le mongwe yo o sa itekanelang ke moleofi mme gantsi Dikwalo di dirisa lefoko leno go tlhalosa motho yo maleo a gagwe a itsegeng, kgotsa yo o itsegeng ka go dira boleo. Go bonala mosadi yoo e ne e le seaka. Jesu o ne a bua le motho yo o ntseng jalo fa a ne a re: “Maleo a gago a itshwaretswe.” (Luke 7:36-38, 48) Jesu o ne a kaya eng fa a rialo? Go ne go ka kgonega jang gore a itshwarelwe fa setlhabelo sa thekololo se ne se ise se ntshiwe?

Morago ga gore mosadi yoo a tlhapise Jesu dinao le go di tlotsa, pele ga Jesu a mo itshwarela, Jesu o ne a dirisa setshwantsho go tlhalosetsa Simone yo o neng a mo amogetse mo legaeng la gagwe ntlha ya botlhokwa. Jesu o ne a bua jaana le Simone fa a ne a tshwantsha boleo le sekoloto se segolo se go leng thata go se duela: “Banna ba babedi ba ne ba kolota mongwe yo o adimang batho; yo mongwe o ne a na le molato wa didenario di le makgolo a matlhano, mme yo mongwe wa di le masome a matlhano. E rile ba se na sepe se ba ka duelang ka sone, a ba itshwarela ka bobedi a gololesegile. Jalo, ke ofe wa bone yo o tla mo ratang thata?” Fa Simone a araba o ne a re: “Ke tsaya gore ke yo a mo itshwaretseng mo gogolo a gololesegile.” Jesu a mo araba a re: “O atlhotse sentle.” (Luke 7:41-43) Rotlhe re kolota Modimo boikobo, ka jalo fa re sa mo ikobele mme re leofa, re a bo re palelwa ke go mo duela se se mo tshwanetseng. Ka jalo re a bo re ikokeletsa sekoloto. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tshwana le motho yo o adimang yo o iketleeditseng go itshwarela melato. Ke gone ka moo Jesu a neng a kgothatsa balatedi ba gagwe go rapela Modimo ba kopa jaana: “Re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.” (Math. 6:12) Lekwalo la Luke 11:4 la re melato eno ke maleo.

Modimo o ne a itshwarela maleo ka mabaka afe mo nakong e e fetileng? Tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng e tlhoka gore kotlhao ya boleo e nne loso. Ka jalo Adame o ne a duelela boleo jwa gagwe ka go swa. Le fa go ntse jalo, mo Molaong o Modimo a neng a o neile setšhaba sa Iseraele, moleofi o ne a ka itshwarelwa maleo fa a ne a ka ntshetsa Jehofa setlhabelo sa phologolo. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mo e ka nnang dilo tsotlhe di ntlafadiwa ka madi go ya ka Molao, mme kwantle ga fa madi a tsholotswe ga go boitshwarelo jo bo nnang gone.” (Baheb. 9:22) Bajuda ba ne ba sa itse tsela epe e nngwe e Modimo a neng a ka ba itshwarela maleo ka yone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba motlha wa ga Jesu ba ba neng ba lebile tiragalo eo ba ne ba le kgatlhanong le se a neng a se boleletse mosadi yoo. Ba ba neng ba ntse le Jesu ka go sekama fa tafoleng ba ne ba bua jaana mo dipelong tsa bone: “Monna yono ke mang yo e bileng a itshwarelang maleo?” (Luke 7:49) Ka jalo, maleo a mosadi yono yo o itsegeng ka boleo a ne a ka itshwarelwa ka mabaka afe?

Boporofeti jwa ntlha jo bo boletsweng fa banyalani ba ntlha ba sena go tsuologa, bo ne jwa umaka maikaelelo a ga Jehofa a go tsosa “losika” lo lo neng lo tla gobadiwa serethe ke Satane le “losika” lwa gagwe. (Gen. 3:15) Jesu o ne a gobadiwa jalo fa a ne a bolawa ke baba ba Modimo. (Bagal. 3:13, 16) Madi a ga Keresete a a tsholotsweng ke thekololo e e gololang batho mo boleong le mo losong. E re ka go se sepe se se ka thibelang Jehofa go diragatsa maikaelelo a gagwe, go ya ka ene, fela fa a sena go bua mafoko a a kwadilweng mo go Genesise 3:15, go ne go ntse jaaka e kete thekololo e setse e ntshitswe. Jaanong o ne a ka itshwarela ba ba dumelang mo ditsholofetsong tsa gagwe.

Mo metlheng ya pele ga Bokeresete, Jehofa o ne a bolela batho bangwe ba siame. Bangwe ba bone e ne e le Enoke, Noa, Aborahame, Rahabe, le Jobe. Ka tumelo ba ne ba lebile pele kwa go diragadiweng ga ditsholofetso tsa Modimo. Morutwa Jakobe o ne a re: “Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene.” Jakobe o ne a bua jaana ka Rahabe: “Ka one mokgwa oo a Rahabe wa seaka le ene ga a a bolelwa a siame ka ditiro?”—Jak. 2:21-25.

Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a dira maleo a le mmalwa a a masisi, mme o ne a na le tumelo e e nonofileng mo Modimong wa boammaaruri e bile a bontsha boikwatlhao jwa mmatota nako le nako fa a sena go leofa. Mo godimo ga moo, Dikwalo tsa re: “Modimo o ne a . . . tlhoma [Jesu] jaaka tshupelo ya thuanyo ka tumelo mo mading a gagwe. Seno e ne e le gore a bontshe tshiamo ya gagwe, ka gonne o ne a itshwarela maleo a a neng a dirwa mo nakong e e fetileng fa Modimo a ne a ntse a supa bopelotelele; gore a bontshe tshiamo ya gagwe mo pakeng eno ya jaanong, gore a tle a nne yo o siameng le fa a bolela motho yo o nang le tumelo mo go Jesu e le yo o siameng.” (Bar. 3:25, 26) Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se se neng se tla ntshiwa mo isagweng, Jehofa o ne a ka itshwarela Dafide maleo a gagwe kwantle ga go tlhanogela melao ya gagwe ya tshiamiso.

Kwantle ga pelaelo, boemo jwa mosadi yo o neng a tlotsa dinao tsa ga Jesu bo ne bo tshwana le joo. O ne a kile a tshela botshelo jo bo sa siamang mme o ne a ikwatlhaile. O ne a lemoga gore go botlhokwa gore a gololwe mo boleong mme a bontsha ka ditiro gore ruri o anaanela motho yo Jehofa a neng a tlisa kgololo e e ntseng jalo ka ene. Le fa setlhabelo seo se ne se ise se ntshiwe, se ne se setse se tlhomamisitswe mo e leng gore boleng jwa sone bo ne bo ka dirisiwa mo bathong ba ba jaaka mosadi yono. Ke gone ka moo Jesu a neng a ka mo raya a re: “Maleo a gago a itshwaretswe.”

Jaaka pego eno e bontsha, Jesu o ne a sa kgaphele baleofi kwa thoko. O ne a ba direla dilo tse di molemo. Mo godimo ga moo, Jehofa o iketleeditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang. A bo seo e le kgothatso e e molemo jang mo go rona batho ba ba sa itekanelang!

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ba ne ba bolelwa ba siame