Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Thekololo e re Bolokang ka Teng

Kafa Thekololo e re Bolokang ka Teng

Kafa Thekololo e re Bolokang ka Teng

“Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”—JOH. 3:36.

1, 2. Lengwe la mabaka a go bo Zion’s Watch Tower e ne ya simolola go gatisiwa la ntlha ke lefe?

KGATISO ya bonè ya makasine ono e ne ya bua jaana bogologolo ka October 1879: “Ga go na motho ope yo o ithutang Baebele ka kelotlhoko yo o ka se lemogeng kafa loso lwa ga Keresete lo leng botlhokwa ka teng.” Setlhogo seo se ne sa konela ka mafoko ano a a masisi: “Re tshwanetse go itisa mo go sengwe le sengwe se se nyatsang setlhabelo sa ga Keresete kana se se sa tseyeng loso lwa gagwe e le thuanyo ya boleo.”—Bala 1 Johane 2:1, 2.

2 Lengwe la mabaka a go bo Zion’s Watch Tower e gatisitswe la ntlha ka July 1879 e ne e le go buelela thuto ya thekololo e e theilweng mo Baebeleng. Se se neng se kwadilwe mo go yone e ne e le ‘dijo ka nako e e tshwanetseng,’ ka gonne go ela kwa bokhutlong jwa bo1800, batho ba bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba simolola go se dumele gore loso lwa ga Jesu ke yone thekololo ya maleo a rona. (Math. 24:45) Ka nako eo, ba bantsi ba ne ba simolola go dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, e leng thuto e e ganetsanang le kgang ya gore motho ga a tlhole a itekanetse. Batho ba ba dumelang thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe ba ruta gore motho o ntse a tokafala ka boene mme ga a tlhoke thekololo. Kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Timotheo e tshwanela tota: “Disa se o se neilweng gore o se tlhokomele, o furalela dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone. Gonne ka go dira mponeng ka kitso e e ntseng jalo bangwe ba fapogile mo tumelong.”—1 Tim. 6:20, 21.

3. Re tlile go sekaseka dipotso dife?

3 Kwantle ga pelaelo o ititeile sehuba gore o se ka wa ‘fapoga mo tumelong.’ Gore seo se se ka sa go diragalela, go ka nna molemo gore o sekaseke dipotso tseno: Ke eng fa ke tlhoka thekololo? Jehofa le Jesu ba latlhegetswe go le kana kang gore e nne teng? Nka solegelwa molemo jang ke thulaganyo eno e e botlhokwa e e ka mphalotsang bogale jwa Modimo?

Re ka Falola Tšhakgalo ya Modimo

4, 5. Ke eng se se bontshang gore bogale jwa Modimo bo ntse mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo?

4 Baebele le ditiragalo tse di diregileng mo nakong e e fetileng di bontsha gore fa e sa le Adame a leofa, bogale jwa Modimo “bo ntse mo” bathong. (Joh. 3:36) Re lemoga seno ka gore kgabagare batho botlhe ba a swa. Puso ya ga Satane e e kgatlhanong le ya Modimo e paletswe gotlhelele ke go sireletsa batho mo masetlapelong a a sa kgaotseng, mme ga go na puso epe ya batho e e kgonang go naya baagi botlhe dilo tsa konokono tse ba di tlhokang. (1 Joh. 5:19) Ka jalo ntwa, bokebekwa le lehuma di sa ntse di aparetse batho.

5 Go bonala sentle gore Jehofa ga a segofatse tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Paulo o ne a re “tšhakgalo ya Modimo e senolwa go tswa legodimong kgatlhanong le boikepo jotlhe.” (Bar. 1:18-20) Ka jalo, batho ba ba tshelang ka tsela e e sa itumediseng Modimo mme ba sa ikwatlhaye ba tlile go lebana le ditlamorago tsa boitshwaro jwa bone. Gompieno, tšhakgalo ya Modimo e itsisiwe ka melaetsa ya katlholo e e tshololelwang mo lefatsheng la ga Satane jaaka dipetso, mme tshedimosetso eo e fitlhelwa mo bontsing jwa dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng.—Tshen. 16:1.

6, 7. Ke tiro efe e e eteletsweng pele ke Bakeresete ba ba tloditsweng, mme batho ba e leng karolo ya lefatshe la ga Satane ba sa ntse ba bulegetswe ke tshono efe?

6 A seno se raya gore go setse go le thari gore batho ba gololesege mo taolong ya ga Satane mme ba letlane le Modimo? Nnyaa, ka gonne tsela ya go letlana le Jehofa e sa ntse e bulegile. Bakeresete ba ba tloditsweng, ba e leng “baemedi ba ba emetseng Keresete,” ba eteletse pele mo tirong ya go rera phatlalatsa e ka yone batho ba ditšhaba tsotlhe ba lalediwang jaana: “Letlanang le Modimo.”—2 Bakor. 5:20, 21.

7 Moaposetoloi Paulo o ne a re Jesu ‘o re golola mo tšhakgalong e e tlang.’ (1 Bathes. 1:10) Pontsho eo ya makgaolakgang ya bogale jwa ga Jehofa e tla felela ka gore baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ba fedisediwe ruri. (2 Bathes. 1:6-9) Go tla falola bomang? Baebele ya re: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.” (Joh. 3:36) Ee, batho botlhe ba ba tshelang e bile ba dumela mo go Jesu le mo thekololong ba tla falola letsatsi la makgaolakgang la tšhakgalo ya Modimo fa tsamaiso eno e fedisiwa.

Kafa Thekololo e Dirang ka Teng

8. (a) Adame le Efa ba ne ba tlile go nna le isagwe efe e e molemo? (b) Jehofa o itshupile jang gore ke Modimo wa tshiamiso e e feletseng?

8 Adame le Efa ba bopilwe ba itekanetse. Fa ba ka bo ba ile ba tswelela ba ikobela Modimo, jaanong lefatshe le ka bo le tletse ka bana ba bone ba ba itumetseng ba nna mmogo le bone mo Paradaiseng. Le fa go ntse jalo, ka maswabi batsadi ba rona ba ntlha ga ba a ka ba ikobela taelo ya Modimo ka boomo. Ka ntlha ya seo, ba ne ba atlholelwa loso lwa bosakhutleng mme ba lelekwa mo Paradaiseng ya kwa tshimologong. Fa Adame le Efa ba nna le bana, boleo bo ne bo setse bo tshwaeditse batho, mme kgabagare monna le mosadi wa ntlha ba ne ba tsofala mme ba swa. Seno se bontsha gore Jehofa o dira se a se buileng. Gape, ke Modimo wa tshiamiso e e feletseng. Jehofa o ne a tlhagisitse Adame gore fa a ka ja leungo le le ileditsweng o ne a tla swa—mme mafoko a gagwe ga a ka a wela fa fatshe.

9, 10. (a) Ke eng fa ditlogolwana tsa ga Adame di swa? (b) Re ka falola jang loso lwa bosakhutleng?

9 E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame, re ruile mmele o o nang le boleo le o kgabagare o swang. Fa Adame a ne a leofa, re ka re re ne re setse re le mo dirweng tsa gagwe tsa tsalo. Ka jalo le rona re ne re lebanwe ke katlholo ya loso. Fa Jehofa a ne a ka dirolola loso mme thekololo e sa ntshiwa, o ne a tla bo a sa bua boammaaruri. Tota Paulo o ne a re buelela rotlhe fa a ne a re: “Re a itse gore Molao ke wa semoya; mme nna ke wa senama, ke rekisitswe mo boleong. A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?”—Bar. 7:14, 24.

10 Ke Jehofa Modimo fela yo o neng a ka dira gore go nne le tsela e e kafa molaong ya gore a re itshwarele maleo le gore a re golole mo kotlhaong ya loso lwa bosakhutleng. O ne a dira seno ka go romela Morwawe yo o rategang go tswa kwa legodimong gore a tle go tsholwa e le motho yo o itekanetseng, yo o ka ntshang botshelo jwa gagwe go nna thekololo. Go farologana le Adame, Jesu ene o ne a nnela ruri a itekanetse. Tota e bile, “ga a ka a dira boleo bope.” (1 Pet. 2:22) Ka jalo Jesu o ne a ka kgona go nna rre wa lotso lo lo itekanetseng lwa batho. Mme go na le gore a dire jalo, o ne a letla baba ba Modimo gore ba mmolaye gore a kgone go itseela bana ba ga Adame ba ba leofileng gore e nne ba gagwe mme a dire gore ba ba dumelang mo go ene ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. Baebele ya re: “Go na le Modimo a le mongwe, le motsereganyi a le mongwe gare ga Modimo le batho, monna, e bong Keresete Jesu, yo o intshitseng thekololo e e lekanang a e ntshetsa botlhe.”—1 Tim. 2:5, 6.

11. (a) Melemo ya thekololo e ka tshwantshiwa le eng? (b) Thekololo e solegela le bomang molemo?

11 Tsela e thekololo e dirang ka yone e ka tshwantshiwa le boemo jwa batho ba banka e e sa direng dilo ka tshwanelo e ba jetseng madi otlhe a ba neng ba a bolokile mme ka jalo ba bo ba tsena mo dikolotong. Beng ba banka eo ba newa katlholo e e ba tshwanetseng ya go nna dingwaga di le dintsi mo kgolegelong. Mme go tweng ka batho ba ba se nang molato ba ba jetsweng madi? Ba aparetswe ke lehuma mme ga go na sepe se ba ka se dirang kwantle ga gore monna mongwe yo o humileng le yo o pelonomi a reke banka eo mme batho botlhe ba ba neng ba jetswe madi ba busediwe madi a bone otlhe, mme ka jalo ba ntshiwe mo sekolotong. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa Modimo le Morwawe yo o rategang ba rekile ditlogolwana tsa ga Adame mme ba phimola sekoloto sa bone sa boleo mo motheong wa madi a ga Jesu a a tsholotsweng. Ke sone se Johane Mokolobetsi a neng a bua jaana ka Jesu: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” (Joh. 1:29) Batho ba maleo a bone a phimolwang ga se batshedi fela mme ba akaretsa le baswi.

Thekololo E ne Ya Tlhoka Gore Jehofa le Jesu ba Latlhegelwe go le Kana Kang?

12, 13. Re ka ithuta eng mo tseleng e Aborahame a neng a iketleeditse ka yone go ntsha Isake setlhabelo?

12 Re ka se kgone go tlhaloganya ka botlalo gore Rraarona yo o kwa legodimong le Morwawe yo o rategang ba latlhegetswe go le kana kang gore thekololo e nne teng. Mme Baebele e umaka ditiragalo dingwe tse di ka re thusang go tlhatlhanya ka kgang eno. Ka sekai, akanya kafa Aborahame a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a tsere mosepele wa malatsi a le mararo a ya kwa Moria ka gonne a ikobela taelo eno ya Modimo: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme o tseye loeto go ya kwa lefatsheng la Moria mme o mo ise tshupelo e e fisiwang gone mo go nngwe ya dithaba e ke tla go e tlhaolelang.”—Gen. 22:2-4.

13 Kgabagare Aborahame o ne a goroga kwa lefelong le a neng a le tlhaoletswe. Akanya kafa Aborahame a tshwanetseng a bo a ne a phatlogile pelo ka teng fa a ne a bofa Isake diatla le maoto mme a mo rapalatsa mo sebesong se a neng a se dirile. Aborahame o tshwanetse a bo a ne a ngomogile pelo tota fa a ne a tsholetsa thipa e a neng a tlile go bolaya morwawe ka yone! Akanya kafa Isake a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a rapaletse mo sebesong, a emetse go utlwa botlhoko jo bo tseneletseng jo kgabagare bo neng bo tlile go mmolaya. Moengele wa ga Jehofa o ne a emisa Aborahame pele fela ga a bolaya morwawe. Se Aborahame le Isake ba se dirileng fano se re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o tshwanetse a bo a latlhegetswe go le kana kang ka go letla baemedi ba ga Satane gore ba bolaye Morwawe. Tsela e Isake a neng a ikobetse Aborahame ka yone e bontsha kafa Jesu a neng a iketleeditse ka teng go boga mo boemong jwa rona le go re swela.—Baheb. 11:17-19.

14. Ke tiragalo efe e e diragetseng mo botshelong jwa ga Jakobe e e ka re thusang go tlhaloganya gore Jehofa le Jesu ba latlhegetswe go le kana kang gore thekololo e nne teng?

14 Tiragalo e e diragetseng mo botshelong jwa ga Jakobe le yone e ka bontsha gore Jehofa le Jesu ba latlhegetswe go le kana kang gore thekololo e nne teng. Jakobe o ne a rata Josefa thata go gaisa bana ba bangwe botlhe ba gagwe. Mme ka maswabi bomogolowe Josefa ba ne ba mo fufegela e bile ba mo tlhoile. Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a dumela gore rraagwe a mo romele go ya go bona gore bomogolowe ba ne ba tsoga jang. Ka nako eo ba ne ba disitse letsomane la ga Jakobe dikilometara di ka nna 100 kwa bokone jwa legae la bone kwa Heberone. Akanya kafa Jakobe a neng a ikutlwa ka teng fa bomorwawe ba ne ba boa ba tshotse seaparo sa ga Josefa se se tletseng madi! O ne a re: “Ke seaparo se seleele sa ga morwaake! Sebatana se se bogale sa naga se tshwanetse sa bo se mo komeditse! Ruri Josefa o gagogantswe!” Seno sotlhe se ne se utlwisitse Jakobe botlhoko thata mme o ne a hutsafalela Josefa ka malatsi a mantsi. (Gen. 37:33, 34) Jehofa ga a itshware ka tsela e batho ba ba sa itekanelang ba itshwarang ka yone fa ba diragalelwa ke dilo. Le fa go ntse jalo, go tlhatlhanya ka tiragalo eno e e diragetseng mo botshelong jwa ga Jakobe go ka re thusa go tlhaloganya ka selekanyo se se rileng, kafa Modimo a tshwanetseng a bo a ne a ikutlwa ka teng fa Morwawe yo o rategang a ne a tshwarwa makgwakgwa a bo a bolawa setlhogo mo lefatsheng.

Go Solegelwa Molemo ke Thekololo

15, 16. (a) Jehofa o bontshitse jang gore o amogela thekololo? (b) Thekololo e go solegetse molemo jang?

15 Jehofa Modimo o ne a tsosa Morwawe yo o ikanyegang ka mmele o o galalelang wa moya. (1 Pet. 3:18) Jesu yo o tsositsweng o ne a bonala kwa barutweng ba gagwe ka malatsi a le 40, a nonotsha tumelo ya bone e bile a ba baakanyetsa tiro e kgolo ya go rera e e neng e larile kwa pele. Go tswa foo o ne a tlhatlogela kwa legodimong. Fa a le koo o ne a naya Modimo boleng jwa madi a gagwe a a tsholotsweng, a a neng a tshwanetse go dirisiwa mo boemong jwa balatedi ba gagwe ba boammaaruri, ba ba dumelang mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo. Jehofa Modimo o ne a bontsha gore o amogela thekololo ya ga Keresete ka go mo naya kabelo ya gore a tshololele moya o o boitshepo mo barutweng ba gagwe ba ba neng ba phuthegile kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E.—Dit. 2:33.

16 Gone fela foo balatedi bano ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ne ba simolola go kgothaletsa batho gore ba falole tšhakgalo ya Modimo ka go kolobediwa mo leineng la ga Jesu Keresete gore ba itshwarelwe maleo. (Bala Ditiro 2:38-40.) Go simolola ka letsatsi leo le le sa lebalesegeng go tla go fitlha gompieno, batho ba bantsi ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba kgonne go nna le kamano le Modimo ka gonne ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. (Joh. 6:44) Go tla go fitlha jaanong re tshwanetse go sekaseka dipotso tse dingwe tse pedi: A go na le ope mo go rona yo o neilweng tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di molemo? Fa re setse re na le tsholofelo eno e e molemo, a go ka direga gore e re latlhegele?

17. O tshwanetse go leba jang tshiamelo e kgolo ya go nna tsala ya Modimo?

17 Ruri thekololo e ne e sa re tshwanela gotlhelele. Mme gompieno batho ba bantsi ke ditsala tsa Modimo e bile ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise ka gonne ba dumela mo go yone. Le fa go ntse jalo, go nna ditsala tsa ga Jehofa ga go reye gore re tla nna re le tsone. Gore re falole letsatsi le le tlang la tšhakgalo ya Modimo, re tshwanetse go nna re bontsha gore re anaanela thata “thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.”—Bar. 3:24; bala Bafilipi 2:12.

Tswelela o Dumela mo Thekololong

18. Go dumela mo thekololong go akaretsa eng?

18 Temana e setlhogo sa thuto eno se theilweng mo go yone ya Johane 3:36 e bontsha gore go dumela mo go Morena Jesu Keresete go akaretsa go mo ikobela. Go anaanela thekololo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go tshela go dumalana le dithuto tsa ga Jesu, go akaretsa se a se rutileng ka boitshwaro. (Mar. 7:21-23) “Bogale jwa Modimo bo tlela” batho botlhe ba ba dirang kgokafalo, ba ba buang puo ya nyao e e ferosang sebete le ba ba dirang “boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe,” jo bo akaretsang go nna le mokgwa wa go leba ditshwantsho tse di hepisang, mme ba dira dilo tseno ba sa ikwatlhaye.—Baef. 5:3-6.

19. Re ka bontsha gore re dumela mo thekololong ka go dira ditiro dife tse di molemo?

19 Go anaanela thekololo go tshwanetse ga dira gore re nne re tshwaregile mo ‘ditirong tsa boineelo jwa bomodimo.’ (2 Pet. 3:11) A re ipheng nako e e lekaneng ya go rapela ka metlha le ka tlhoafalo, go ithuta Baebele re le rosi, go nna teng kwa dipokanong, go nna le kobamelo ya lelapa le go dira tiro ya go rera ka Bogosi ka tlhoafalo. A re ‘se lebaleng go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.’—Baheb. 13:15, 16.

20. Batho botlhe ba ba tswelelang ba dumela mo thekololong ba ka solofela go bona masego afe mo isagweng?

20 Fa bogale jwa ga Jehofa bo tlela tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, re tla itumelela go bo re ile ra nna le tumelo mo thekololong e bile re ile ra tswelela re bontsha gore re a e anaanela! Mme kwa lefatsheng le lesha la Modimo le le solofeditsweng, re tla tswelela re anaanela ka bosakhutleng thulaganyo eno e e molemo e e re faloditseng bogale jwa Modimo.—Bala Johane 3:16; Tshenolo 7:9, 10, 13, 14.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re tlhoka thekololo?

• Jehofa le Jesu ba latlhegetswe go le kana kang gore thekololo e nne teng?

• Thekololo e re solegela molemo jang?

• Re bontsha jang gore re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Tsela ya go letlana le Jehofa e bulegile

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go tlhatlhanya ka ditiragalo tse di diragetseng mo botshelong jwa ga Aborahame, Isake le Jakobe go ka re thusa go tlhaloganya gore Jehofa le Jesu ba latlhegetswe go le kana kang gore thekololo e nne teng