Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Tshwara Nako?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Tshwara Nako?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Tshwara Nako?

GA SE ka metlha go leng motlhofo go tshwara nako. Dingwe tsa dikgoreletsi tse re ka nnang ra tshwanelwa ke go lebana le tsone ke go tsamaya dikgala tse ditelele, pharakano le go nna re tshwaregile ka dilo tse dintsi. Le fa go ntse jalo, go tshwara nako go botlhokwa. Ka sekai, gantsi motho yo o tlang ka nako kwa tirong o tsewa e le motho yo o ka ikanngwang le yo o dirang ka natla. Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o gorogang thari a ka kgoreletsa tiro ya ba bangwe le boleng jwa tiro e e tshwanetseng go dirwa. Go nna thari go ka dira gore moithuti a fetwe ke dithuto mme seno se ka kgoreletsa botswelelopele jwa gagwe kwa sekolong. Go nna thari kwa ngakeng go ka ama kalafi e motho a e newang.

Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe go tshwara nako ga go tsewe go le botlhokwa. Fa re nna mo mafelong a a ntseng jalo, go ka nna motlhofo gore re tlwaele go nna thari. Fa e le gore go ntse jalo, go botlhokwa gore re lwele go tshwara nako. Go tlhaloganya botlhokwa jwa go tshwara nako go tla re thusa gore re e tshware. Mangwe a mabaka a go bo re tshwanetse go tshwara nako ke afe? Re ka kgona jang go lwantsha bothata jwa go se tshware nako? Mme re ka solegelwa molemo jang ke go tshwara nako?

Jehofa ke Modimo yo o Tshwarang Nako

Lebaka la konokono la go bo re batla go tshwara nako, ke gore re batla go etsa Modimo yo re mo obamelang. (Baef. 5:1) Jehofa o re tlhomela sekao se se molemo thata sa go tshwara nako. Ga a ke a nna thari. O latela ka tlhomamo thulaganyo ya gagwe ya go diragatsa maikaelelo a gagwe. Ka sekai, fa Jehofa a ne a dira tshwetso ya go fedisa lefatshe le le bosula ka morwalela, o ne a raya Noa a re: “Itirele araka ka dikgong tsa setlhare sa boroku.” Fa nako ya bokhutlo e ne e atamela, Jehofa o ne a laela Noa gore a tsene mo arakeng mme a mo raya a re: “Gonne mo malatsing a le supa fela a a tlang ke dira gore pula e ne mo lefatsheng malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè; mme ke tla nyeletsa sengwe le sengwe se se tshelang se ke se dirileng ke se tlosa mo godimo ga lefatshe.” Mme ka nako e a e beileng, “malatsi a le supa moragonyana go ne ga diragala gore metsi a morwalela a tle mo lefatsheng.” (Gen. 6:14; 7:4, 10) Akanya gore go ka bo go diragetseng ka Noa le lelapa la gagwe fa ba ka bo ba sa tsena mo arakeng ka nako. Ba ne ba tshwanetse go tshwara nako fela jaaka Modimo yo ba neng ba mo obamela.

Dingwaga di ka nna 450 morago ga Morwalela, Jehofa o ne a bolelela tlhogo ya lotso e bong Aborahame gore o ne a tla nna le ngwana wa mosimane yo Losika lo lo solofeditsweng lo neng lo tla tla ka ene. (Gen. 17:15-17) Modimo o ne a re Isake o ne a tla tsholwa “mo nakong e e tlhomilweng eno mo ngwageng o o tlang.” A seo se ne sa direga? Dikwalo tsa re: “Sara a ima mme a tsholela Aborahame ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe ka nako e e tlhomilweng e Modimo a neng a buile le ene ka yone.”—Gen. 17:21; 21:2.

Baebele e na le dikai di le dintsi tse di bontshang gore Modimo o tshwara nako. (Jer. 25:11-13; Dan. 4:20-25; 9:25) E re bolelela gore re nne re lebeletse letsatsi le le tlang la ga Jehofa la katlholo. Le fa mo go rona go ka bonala e kete le a “diega,” re tlhomamisediwa gore ‘ga le kitla le tla morago ga nako.’—Hab. 2:3.

Go Tshwara Nako go Botlhokwa mo Kobamelong

Banna botlhe ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse gore ba nne teng ka nako kwa lefelong le “meletlo ya dipaka ya ga Jehofa” e neng e tlile go tshwarelwa kwa go lone. (Lefi. 23:2, 4) Gape Modimo o ne a baya nako e ditlhabelo tse di rileng di neng di tshwanetse go ntshiwa ka yone. (Ekes. 29:38, 39; Lefi. 23:37, 38) A seno ga se bontshe gore Modimo o batla gore batlhanka ba gagwe ba tshware nako mo kobamelong ya bone?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa moaposetoloi Paulo a ne a laela Bakorintha gore ba tshwanetse go tshwara jang dipokano tsa Bokeresete, o ne a ba rotloetsa jaana: “A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:40) Ka jalo dipokano tsa Bokeresete tsa kobamelo di ne di tshwanetse go simolola ka nako e e tlhomilweng. Tsela e Jehofa a lebang go tshwara nako ka yone ga e ise e fetoge. (Mal. 3:6) Ka jalo, ke eng se re ka se dirang gore re kgone go tshwara nako kwa dipokanong tseno tsa Bokeresete?

Go Fenya Kgwetlho ya go Tshwara Nako

Ba bangwe ba lemogile gore go rulaganya dilo go sa le gale go thusa thata. (Dia. 21:5) Ka sekai, fa re tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se se rileng gore re fitlhe ka nako e e beilweng, a go tla bo go le botlhale gore re tloge re saletswe ke nako e nnye fela ya go fitlha koo? A go tla bo go se botlhale go tloga metsotso e le mmalwa pele ga nako gore re se ke ra nna thari, le fa go ka nna le “tiragalo e e sa bonelwang pele” mo tseleng? (Mor. 9:11) Lekawana lengwe le le tshwarang nako e bong José * la re: “Sengwe se se ka thusang mongwe le mongwe go fitlha ka nako ke go itse sentle gore o tlhoka nako e kana kang go goroga kwa a yang teng.”

Bangwe ba ka nna ba tshwanelwa ke go dira dithulaganyo tsa go tloga kwa tirong go sa le gale gore ba kgone go goroga kwa dipokanong tsa Bokeresete ka nako. Seno ke se Mosupi mongwe wa kwa Ethiopia a neng a se dira fa a lemoga gore o ne a tla nna thari kwa dipokanong tsa phuthego ka metsotso e le 45, ka ntlha ya go bereka ka dinako tse di fetofetogang, ka gonne a refosana le ba bangwe. Mo malatsing a dipokano, o ne a rulaganya gore modirimmogo le ene, a tle tirong go sa le gale gore ene a kgone go tsamaya. Mme Mosupi yono o ne a dumela go bereka diura di le supa tse di oketsegileng a berekela modirimmogo le ene.

Fa re na le bana ba bannye, e ka nna kgwetlho tota go fitlha ka nako kwa dipokanong. Gantsi tiro ya go baakanya bana e dirwa ke mmè, le fa go ntse jalo ba bangwe mo lelapeng ba ka thusa e bile tota ba tshwanetse go thusa. Mmè mongwe wa kwa Mexico yo o bidiwang Esperanza o ntse a tlhokomela bana ba le robedi a le esi. Jaanong dingwaga tsa bone di magareng ga 5 le 23. Esperanza o tlhalosa gore lelapa la gagwe le kgona jang go tshwara nako: “Bongwanake ba bagolwane ba basetsana ba nthusa go baakanya bana ba bannye. Seno se nthusa gore ke kgone go wetsa tiro ya me ya mo gae mme ke bo ke ipaakanya gore re tloge ka nako e re e beileng ya go ya dipokanong.” Lelapa leno le beile nako ya go tswa mo ntlong, mme botlhe ba dirisana sentle gore ba kgone go e tshwara.

Go Solegelwa Molemo ke go Goroga ka Nako Kwa Dipokanong

Go akanya ka masego a re a bonang fa re fitlha ka nako kwa dipokanong tsa Bokeresete, go ka dira gore re batle go tshwara nako mme re ititeye sehuba go dira bojotlhe gore re dire jalo. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Sandra le le itlwaeditseng go fitlha kwa dipokanong go sa le gale la re: “Se ke se ratang ka go goroga go sa le gale ke gore ke nna le tshono ya go dumedisa bakaulengwe le bokgaitsadi, go tlotla le bone le go ba itse botoka.” Fa re goroga go sa le gale kwa Holong ya Bogosi, re ka solegelwa molemo fa re utlwa ka boitshoko le ka tirelo e ba ba leng gone mo dipokanong ba e dirang ka boikanyego. Gape re ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka go nna gone le ka go nna le metlotlo e e agang, re ba ‘tlhotlheletsa mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Baheb. 10:24, 25.

Pina le thapelo e e simololang pokano nngwe le nngwe ya Bokeresete, ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona. (Pes. 149:1) Dipina tsa rona di baka Jehofa, di re gopotsa dinonofo tse re tshwanetseng go lwela go nna le tsone, e bile di re kgothaletsa go nna le seabe ka boitumelo mo bodireding. Mme go tweng ka thapelo e e simololang? Mo metlheng ya bogologolo, Jehofa o ne a bitsa tempele a re ke “ntlo ya [gagwe ya] thapelo.” (Isa. 56:7) Gompieno re kopana mmogo kwa dipokanong gore re rapele Modimo. Thapelo e e simololang ga se fela go kopa kaelo ya ga Jehofa le moya o o boitshepo, mme gape e re thusa go baakanya megopolo le dipelo tsa rona gore di amogele tshedimosetso e e tla ithutiwang. Re tshwanetse go ikemisetsa go fitlha ka nako kwa dipokanong gore re nne teng fa go opelwa pina e e simololang le fa go rapelwa.

Fa Helen, yo o nang le dingwaga di le 23, a tlhalosa lebaka la go bo a fitlha go sa le gale kwa dipokanong, a re: “Ke akanya gore ke tsela e ke bontshang ka yone gore ke rata Jehofa, ka gonne ke ene a re nayang tshedimosetso yotlhe e re e rutiwang, go akaretsa dipina le thapelo e e simololang.” A ga re a tshwanela go leba dilo ka tsela e e tshwanang? Ee, re tshwanetse go dira jalo. Ka jalo, a re lekeng ka natla go itlwaetsa go tshwara nako mo dilong tsotlhe tse re di dirang, segolobogolo tse di amanang le kobamelo e re e direlang Modimo wa boammaaruri.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ipaakanye go sa le gale

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ipaakanyetse “tiragalo e e sa bonelwang pele”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Solegelwa molemo ke go fitlha go sa le gale kwa dipokanong