Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O a Lalediwa!

O a Lalediwa!

O a Lalediwa!

O LALEDIWA kae? Gore o etele nngwe ya diofisi tsa makala a Basupi ba ga Jehofa, tse di bidiwang Bethele. Go na le makala a le 118 mo dinageng tse di farologaneng. Gantsi baeng ba tlhalosa kafa ba itumelelang ka teng se ba bonang se dirwa kwa Bethele.

Morago ga go bona batho ba bantsi ba ba direlang Jehofa ka natla ba itumetse kwa ofising ya lekala kwa Mexico, moithuti mongwe wa Baebele yo mosha ka dingwaga o ne a itumetse thata mo a neng a botsa jaana: “Ke tshwanetse go dira eng gore ke nne fano?” O ne a bolelelwa jaana: “Sa ntlha, o tshwanetse gore o kolobediwe. Go tswa foo, go ka nna molemo gore o nne mmulatsela—mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng.” Lekawana leno le ne la dira jaaka le ne le boleletswe, mme morago ga dingwaga di le pedi le ne la lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Mexico kwa le nang le dingwaga di le 20 le ntse le direla gone.

Bethele ke Eng?

Ka Sehebera, “Bethele” e kaya “Ntlo ya Modimo.” (Gen. 28:19) Dikago tse di mo makaleng a a farologaneng di dirisediwa go gatisa le go anamisa Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mmogo le go thusa diphuthego di feta 100 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ka dijo tsa semoya. Banna le basadi ba maemo a a sa tshwaneng le ba ditso tse di farologaneng, ba ka nna 20 000 ba e leng badiredi ba kwa Bethele, ba ithaopela go direla Jehofa mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ka nako e e tletseng. Ba ba nang le dingwaga di le dintsi mo tirong eno ya Bokeresete ba direla ba na le basha ba ba matlhagatlhaga. Fa go le maitseboa le ka mafelobeke, maloko a lelapa la Bethele a itumelela go kopanela le diphuthego tse di gaufi tsa Basupi ba ga Jehofa kwa dipokanong le mo bodireding jwa Bokeresete. Gape ba dirisa nako ya bone ya fa ba sa bereke gore ba nne le thuto ya Baebele, ba itlose bodutu, le go dira dilo tsa bone tsa botho.

Kgwedi le kgwedi maloko a lelapa la Bethele a amogela madi a le mannye a go duelela ditshenyegelo. Ba ja dijo tse di monate le tse di nang le dikotla e bile ba nna mo mafelong a a phepa le a a phuthologileng. Magae a Bethele ga a agiwa gore a nne manobonobo. Le fa go ntse jalo, a diretswe gore a tshwanele tiro e e dirwang mo go one. Baeng ga ba itumelele fela go bona dikago le mabala a a tlhokometsweng sentle le tiro e e rulaganeng sentle mme gape ba itumelela moya wa bopelonomi le tirisanommogo e ba e bonang kwa Bethele. Mongwe le mongwe o dira ka natla, le fa go ntse jalo botlhe ba ipha nako ya go nna botsalano. Kwa Bethele batho ga ba tlhaolane ka maemo e bile ga go na ope yo o ikgogomosang ka ntlha ya kabelo ya gagwe. Tiro nngwe le nngwe e botlhokwa, e ka tswa e le go phepafatsa, go tlhokomela tshingwana, go apaya, go dira kwa metšhineng e e gatisang kgotsa mo ofising. Badiredi ba kwa Bethele, ba dira mmogo go ema bodiredi jwa Basupi ba ga Jehofa nokeng.—Bakol. 3:23.

Kopana le Bangwe ba Badiredi ba Kwa Bethele

Mma re itse badiredi ba ba bopang lelapa leno la ditšhabatšhaba. Ke eng se se ba tlhotlheleditseng gore ba batle go direla kwa Bethele? Akanya ka kgang ya ga Mario. Fa a ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a na le tiro e e duelang madi a le mantsi mo khampaning ya kwa Jeremane ya maemo a a kwa godimo ya dikoloi mme o ne a tla nna le tshono ya go tlhatlosiwa maemo fa nako e ntse e ya. Nakwana fela morago ga gore a kolobediwe, o ne a ithaopela go direla beke e le nngwe kwa Bethele ya kwa nageng ya gabone. O ne a newa kabelo ya go direla kwa bogatisetsong. Mario o ne a bona pharologanyo e kgolo fa gare ga batho ba a neng a dira le bone kwa Bethele le ba a berekang le bone kwa tirong ya gagwe ya boitshediso. Ka jalo o ne a dira kopo ya go direla kwa Bethele ka nako e e tletseng. Le fa ba le bantsi ba losika lwa ga Mario le badirimmogo le ene ba ne ba sa tlhaloganye tshwetso e a dirileng, jaanong o direla ka boitumelo kwa Bethele ya kwa Jeremane.

Ba le bantsi ba tsenela tirelo ya Bethele ba se na thutego kgotsa bokgoni bope jo bo kgethegileng. Go ne go ntse jalo ka Abel yo o nang le dingwaga di le 15 a direla kwa Bethele ya kwa Mexico. O ne a re: “Ke ithutile dilo tse dintsi mo Bethele. Ke ithutile go dirisa metšhine e e raraaneng thata ya go gatisa. Ke a itse gore ka kitso eno nka dira madi a le mantsi fa ke se mo Bethele, mme ke ne nka se nne le boitumelo jo ke nang le jone fano—botshelo jo bo ritibetseng, jo bo kgotsofatsang, jo bo se nang matshwenyego e bile bo se na kgaisano e e fitlhelwang mo dikhampaning tse dintsi. Ke akanya gore ke bone thuto ya maemo a a kwa godimo e e nthusitseng gore ke gole semoyeng mme ke nne le kitso. Ke ne nka se kgone go solegelwa molemo jalo semoyeng, tota le fa nka bo ke tsene kwa yunibesithing ya maemo a a kwa godimo.”

Go Etela Bethele Go ka Go Kgothatsa

Go etela Bethele ka bogone fela go ka nonotsha kamano ya motho le Modimo. Go ne ga nna jalo ka Omar wa kwa Mexico. Mmaagwe o ne a mo rutile boammaaruri jwa Baebele. Mme fa Omar a le dingwaga di le 17, o ne a kgaotsa go ya dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. Morago o ne a inaakanya le ditiro tse di maswe le go tshela botshelo jwa go rata dikhumo. Moragonyana fa Omar a ne a bereka mo khampaning ya tlhaeletsano, e ne ya nna mongwe wa batho ba khampani e neng e ba rometse kwa Bethele ya kwa Mexico go ya go bontsha kafa metšhine mengwe e dirang ka gone. Omar o ne a re: “Fa re sena go bontsha batho ba ba neng ba re amogetse kafa metšhine e dirang ka gone, ba ne ba re bontsha dikago tsa Bethele. Se ke se boneng le tsela e ke neng ke tshwerwe sentle ka yone e ne ya dira gore ke akanye ka botshelo jo ke neng ke bo tshela jwa go kgaogana le Jehofa. Ka bonako fela ke ne ka simolola go ya dipokanong gape le go ithuta Baebele. Ke ne ka kolobediwa dikgwedi di le thataro morago ga go etela kwa Bethele. Ke leboga Jehofa go bo go etela kwa Bethele go nkgothaditse jalo.”

Masahiko wa kwa Japane le ene o ne a goletse mo lelapeng la Basupi. Le fa go ntse jalo o ne a simolola go akanya gore tsela ya Bokeresete ya botshelo e na le melao e mentsi. O ne a simolola go tshwarega thata ka ditiro tsa kwa sekolong mme a kgaotsa go nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera. Masahiko a re: “Letsatsi lengwe lelapa la gaetsho mmogo le ditsala di le mmalwa tsa Bakeresete ba ne ba dira tshwetso ya go etela kwa Bethele. Ke ne ka tsamaya le bone ka gonne ba lelapa la gaetsho ba ne ba mpateletsa. Fa re ntse re bontshiwa Bethele, ke ne ka ikutlwa ke kgothala fela thata. Fa ke na le ditsala tsa me tse e seng Basupi ke ne ke ise nke ke itumele jaaka ke ne ke itumetse fa ke ne ke le mo loetong le Bakeresete ba bangwe. Keletso ya go tshela ka tsela ya Bokeresete e ne ya gola mo go nna, mme ke ne ka dira tshwetso ya gore ke kope go tshwarelwa thuto ya Baebele.” Gone jaanong Masahiko ke modiredi wa nako e e tletseng mo phuthegong ya gabone.

Mosupi mongwe yo o neng a nna kwa Fora o ne a fudugela kwa Moscow go ya go bereka gone. Fa a le koo ga a ka a tlhola a kopana le batho ba ga Jehofa mme o ne a koafala semoyeng. O ne a simolola go dira ditiro tse di sa siamang mme kgabagare a nyalwa ke motho yo e seng Mosupi. Mme kgaitsadi mongwe yo o neng a tswa kwa Fora o ne a tla go mo etela, mme ba ne ba tsamaya mmogo go ya kwa St. Petersburg, kwa Russia, ba ya go etela lelapa la Bethele. O ne a kwala jaana: “Re ne ra amogelwa ka lorato kwa Bethele, mme seno se ne sa nkama maikutlo. Go ne go rena kagiso. Ke ne ka utlwa moya wa ga Jehofa. Tota go ne go tlile jang gore ke dire phoso ya go katogela kgakala le phuthego ya ga Jehofa? Morago ga go etela Bethele, ke ne ka rapelela thuso ya ga Jehofa mme ka ititaya sehuba gore ke simolole go ruta bongwanake Baebele.” Mo godimo ga thuso e nngwe ya semoya e Mosupi yono yo o neng a koafetse semoyeng a ka tswang a e amogetse, o ne a kgothadiwa thata ke go etela kwa Bethele mme morago ga foo a gatela pele sentle.

Batho ba ba sa itseng Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa jang fa ba sena go etela kwa Bethele? Ka ngwaga wa 1988, Alberto yo o neng a inaakantse thata le dipolotiki, o ne a etela Bethele ya kwa Brazil. O ne a kgatlhiwa thata ke bophepa le tsela e dilo di neng di rulagane sentle ka yone, mme segolobogolo o ne a kgatlhiwa ke tsela e tiro e neng e dirwa ka yone go sa fitlhiwe sepe. Nakwana fela pele ga Alberto a etela Bethele, o ne a etela sekolo sa boruti kwa kgaitsadia mosadi wa gagwe e neng e le moruti gone. Alberto o ne a bona pharologano. A re: “Sengwe le sengwe se se neng se dirwa kwa sekolong sa boruti se ne se direlwa mo sephiring.” Morago fela ga go etela kwa Bethele, o ne a amogela thuto ya Baebele, a tlogela dipolotiki mme jaanong o direla e le mogolwane mo phuthegong.

Tla o Etele Bethele!

Ba le bantsi ba tsere matsapa a magolo gore ba etele ofisi ya lekala e e mo nageng ya bone. Ka sekai, kwa Brazil, Paulo le Eugenia ba ne ba baya madi ka dingwaga di le nnè gore ba kgone go tsaya loeto lwa malatsi a le mabedi lwa dikilomitara di le 3 000 ka bese gore ba ye go bona Bethele ya mo nageng eo. Ba re: “Loeto loo lo re solegetse molemo tota. Jaanong re tlhaloganya phuthego ya ga Jehofa sentle thata. Fa re tlhalosetsa batho ba re ithutang le bone Baebele ka tiro e e dirwang kwa Bethele, ka dinako tse dingwe ba botsa jaana, ‘A lo kile lwa ya teng?’ Jaanong re tla re ee.”

A go na le ofisi ya lekala le legae la Bethele mo nageng ya gaeno kgotsa e e gaufi? Re go laletsa gore o etele teng. Ruri o tla amogelwa ka lorato fa o etetse kwa Bethele e bile o tla kgothala thata semoyeng.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mario

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Abel

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jeremane

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Japane

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Brazil