Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla mo Motlheng wa Koketsego e e Boitshegang

Go Direla mo Motlheng wa Koketsego e e Boitshegang

Go Direla mo Motlheng wa Koketsego e e Boitshegang

Jaaka go boletse Harley Harris

E ne e le ka September 2, 1950 kwa toropong ya Kennett, kwa Missouri, U.S.A. Re ne re le kwa kopanong ya potologo, re dikanyeditswe ke segopa sa batho. Ratoropo o ne a romela Masole a Setšhaba go tla go re sireletsa mo mmudubudung oo o o sa laolesegeng. Mo mmileng go ne go saila masole a a neng a tshotse ditlhobolo mme tse dingwe di tlhometswe dithipa. Re ne ra ya kwa dikoloing tsa rona re ntse re tlhapadiwa mme ra leba kwa Cape Girardeau, kwa Missouri go ya go reetsa dikarolo tsa bofelo tsa thulaganyo ya kopano. Ke ne ka kolobediwa koo ke na le dingwaga di le 14. Mma ke go bolelele gore go tlile jang gore ke direle Jehofa mo nakong eno ya dikhuduego.

MO MASIMOLOGONG a bo1930, nkoko le ntatemogolo mmogo le bana ba bone ba le robedi, ba ne ba utlwa dipuo dingwe tse di gatisitsweng tsa ga Mokaulengwe Rutherford mme ba ne ba tlhomamisegile gore ba bone boammaaruri. Batsadi ba me e bong Bay le Mildred Harris, ba ne ba kolobediwa ka ngwaga wa 1935 kwa kopanong ya kwa Washington, D.C. Ruri ba ne ba itumetse tota go bo e le karolo ya “boidiidi jo bogolo,” jo go neng go sa tswa go tlhalosiwa gore ke bomang mo kopanong eo!—Tshen. 7:9, 14.

Ke ne ka tsholwa mo ngwageng o o latelang. Mme ngwaga morago ga moo, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa tshimong e e kwa thoko kwa Mississippi. Re ne re se ka re nna le ketelo ya molebedi wa potologo fa re ntse re nna kwa lefelong leo. Lelapa la gaetsho le ne le kwalelana makwalo le Bethele mme le ya dikopanong, mme ka lobaka lo lo rileng, e ne e le yone fela tsela e re neng re ikgolaganya le bakaulengwe ka yone.

Go Itshokela Pogiso

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa thata ka Ntwa ya Lefatshe II ka gonne ba ne ba sa tseye letlhakore. Re ne re fudugetse kwa Mountain Home, kwa Arkansas. Letsatsi lengwe, nna le rre re ne re neela bosupi jwa mo mmileng. Monna mongwe o ne a phamolela rre dimakasine, a bo a di tshuba ka molelo gone fela foo. O ne a re re magatlapa ka go bo re sa ye ntweng. E re ka ke ne ke na le dingwaga tse tlhano fela, ke ne ka simolola go lela. Rre o ne a leba monna yono a digile makgwafo, a sa bue sepe go fitlha monna yoo a tsamaya.

Go ne go na le batho ba bangwe ba ba molemo ba ba neng ba re tshwara sentle. Ka nako nngwe fa segopa sa batho se ne se re dikanyeditse re le mo teng ga koloi, agente ya kgotlatshekelo ya lefelo leo e ne ya feta foo. O ne a botsa jaana: “Go diragala eng fano?” Monna mongwe o ne a araba a re: “Basupi bano ba ga Jehofa ga ba batle go lwela naga ya bone!” Ka yone nako eo monna yono wa agente o ne a tlolela mo mapalamelong a a mo matlhakoreng a koloi ya rona a bo a goa a re: “Ke lole mo Ntweng ya Lefatshe I, mme ke tla lwa gape le mo go eno! Tlogelang batho bano ba tsamaye. Ga ba tshwenye ope!” Setlhopha seo se ne sa phatlalala ka setu. Ruri re ne ra itumelela go bo batho bao ba ba molemo ba ile ba re bontsha bopelonomi!—Dit. 27:3.

Dikopano Di a Re Kgothatsa

Kopano ya 1941 ya kwa St. Louis, kwa Missouri e ne ya re naya kgothatso e re neng re e tlhoka tota. Go fopholediwa gore go ne go na le batho ba feta 115 000 kwa kopanong eo. Go ne ga kolobediwa palo e e boitshegang ya batho ba le 3 903! Ke sa ntse ke gakologelwa sentle puo ya ga Mokaulengwe Rutherford e e neng e na le setlhogo se se reng “Bana ba Kgosi.” O ne a bua ka tlhamalalo le rona bana, mme rotlhe re ne ra newa buka e ntle e tala ya Children. Kopano eno e ne ya nthusa gore ke itshokele se se neng se tla direga mo ngwageng o o latelang fa ke ne ke simolola go tsena sekolo se sebotlana. Nna le bontsalake re ne ra lelekiwa kwa sekolong ka gonne re sa dumedise folaga. Re ne re ya kwa sekolong letsatsi le letsatsi go ya go bona gore a batsamaisi ba sekolo ga ba ise ba fetole mogopolo. Gantsi mo mosong re ne re ralala sekgwa fa re ya kwa sekolong mme re bo re busediwa gae fa re fitlha koo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke akanya gore ke tsela ya go bontsha boikanyegi jwa rona mo Bogosing jwa Modimo.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa United States e ne ya ntsha taolo ya gore go dumedisa folaga ga go patelediwe. Kgabagare re ne ra kgona go boela kwa sekolong. Morutabana o ne a le pelonomi ka gonne o ne a re letla gore re dire ditiro tsa sekolo tse re neng re saletse morago ka tsone. Baithutimmogo le rona le bone ba ne ba re tlotla.

Ke gakologelwa gape le kopano ya ngwaga wa 1942 kwa Cleveland, Ohio kwa Mokaulengwe Nathan H. Knorr a neng a neela puo e e reng “Kagiso—A e Tla Nnela Ruri?” Puo eo e e neng e tlhalosa Tshenolo kgaolo 17 e ne ya bontsha gore go tla nna le nako ya kagiso ka selekanyo se se rileng morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Ka jalo, go ne go lebeletswe gore go nne le koketsego e nngwe gape. Sekolo sa Gileade se ne sa bulwa ka ngwaga wa 1943, e le fa go baakanyediwa koketsego eo. Ka nako eo, ke ne ke sa itse gore Sekolo sa Gileade se ne se tlile go ama jang botshelo jwa me mo isagweng. Gone ke boammaaruri gore morago ga ntwa go ile ga nna le kagiso mme pogiso e ne ya kokobela. Le fa go ntse jalo, fa Ntwa ya kwa Korea e ne e simolola ka 1950, tiro ya rona ya go rera e ne ya simolola go ganediwa gape jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong.

Go Nna le Seabe ka Botlalo mo Koketsegong

Ka 1954 ke ne ka fetsa sekolo se segolwane mme kgwedi morago ga foo ka simolola go bulatsela. Ke ne ka lalediwa go tla Bethele ka March 1955 morago ga go direla kwa Kennett, kwa Missouri, kwa segopa sa batho se neng sa re dikanyetsa gone ka 1950. Phuthego e ke neng ke abetswe go direla kwa go yone e ne e abetswe go bereka tshimo ya Times Square e e leng mo gare ga New York City. Ruri e ne e le phetogo e kgolo fa ke bapisa botshelo jono le botshelo jwa kwa magaeng! Ke ne ke kgona go gapa kgatlhego ya batho ba ba agang ba tshwaregile ba kwa New York ka go bula makasine mo setlhogong se se kgatlhang, ke bo ke re: “A o kile wa ipotsa potso eno?” Ba le bantsi ba ne ba amogela dimakasine.

Sengwe se ke neng ke se rata thata kwa Bethele e ne e le kobamelo ya mo mosong, e e neng e tshwarwa ke Mokaulengwe Knorr. Ruri o ne a kgona go tsenya botshelo mo ditemaneng tsa Baebele le go di re tlhalosetsa sentle! Fa a bua le rona makawana a a sa nyalang, o ne a bua jaaka rre a bua le morwawe, mme gantsi o ne a re naya kgakololo e e molemo malebana le kafa re tshwanetseng go tshwara ba bong bo sele ka gone. Ka 1960 ke ne ka dira tshwetso ya go nyala.

Ke ne ka kwalela Bethele lokwalo ke ba itsise gore ke tlile go tlogela go direla teng mo malatsing a le 30, mme ga ke a ka ka newa karabo. Le fa ke ne ke le ditlhong, morago ga malatsi a le 30 ke ne ka ipeta sebete mme ka botsa gore a kopo ya me ya go tlogela go direla kwa Bethele e amogetswe. Mokaulengwe Robert Wallen o ne a araba mogala mme a tla kwa ke neng ke bereka gone. O ne a mpotsa gore ke akanyang ka bobulatsela jo bo kgethegileng kgotsa tiro ya potologo. Ke ne ka araba ka re: “Mme gone Bob, ke na le dingwaga di le 24 fela e bile ga ke na maitemogelo.”

Tiro ya Potologo

Mo bosigong joo, ke ne ka fitlhela enfelopo e kgolo mo phaposing ya me. Mo teng ga yone go ne go na le foromo ya go kopa go nna mmulatsela yo o kgethegileng le ya tiro ya potologo. Ija! Ke ne ke gamaregile tota! Mme ke ne ka nna le tshiamelo e kgolo ya go direla bakaulengwe kwa borwabophirima jwa Missouri le kwa botlhaba jwa Kansas, ke le molebedi yo o etang. Le fa go ntse jalo, pele ga ke tswa kwa Bethele ke ne ka nna gone kwa pokanong ya balebedi ba ba etang. Mokaulengwe Knorr o ne a konela pokano eo ka go re: “Go bo lo le balebedi ba potologo kgotsa ba kgaolo ga go reye gore lo itse thata go feta bakaulengwe ba bangwe. Ba bangwe ba na le maitemogelo a a fetang a lona. Mme maemo a bone ga a ba letle go nna le ditshiamelo tse lo nang le tsone. Lo ka ithuta go le gontsi mo go bone.”

A bo seno se ne se le boammaaruri jang ne! Mokaulengwe Fred Molohan le mosadi wa gagwe mmogo le mogolowe e bong Charley ba kwa Parsons, kwa Kansas, e ne e le dikao tse di molemo tota. Ba ne ba ithutile boammaaruri mo masimologong a bo1900. Ruri go ne go itumedisa tota go reetsa maitemogelo a ba nnileng le one pele ga ke tsholwa! Mokaulengwe yo mongwe e ne e le John Wristen, mokaulengwe yo o godileng yo o pelonomi wa kwa Joplin, Missouri, yo o neng a diretse ka dingwaga di le dintsi e le mmulatsela. Bakaulengwe bano ba ba rategang ba ne ba tlotla thata tsela e phuthego ya ga Jehofa e neng e tsamaisiwa ka yone. Le fa ke ne ke le mosha, ba ne ba nkanaanela jaaka molebedi wa bone wa potologo.

Ka 1962 ke ne ka nyala Cloris Knoche, mmulatsela yo o matlhagatlhaga yo o nang le moriri o mohibidu. Nna le Cloris re ne ra tswelela mmogo mo tirong ya potologo. Go nna le bakaulengwe mo malapeng a bone go ne ga re thusa gore re ba itse botoka. Re ne ra kgona go kgothatsa basha gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Jay Kosinski le JoAnn Kresyman—basha ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba neng ba le mo potologong ya rona—ba ne ba tlhoka kgothatso e e ntseng jalo. Go bereka le bone mo tirelong mme re ba tlotlela kafa botshelo jwa go intsha setlhabelo bo itumedisang ka gone, go ne ga ba tlhotlheletsa go ipeela mekgele. JoAnn o ne a nna mmulatsela yo o kgethegileng mme Jay ene o ne a direla kwa Bethele. Moragonyana ba ne ba nyalana mme gone jaanong ba na le dingwaga di ka nna 30 ba le mo tirong ya potologo.

Tirelo ya Borongwa

Ka 1966, Mokaulengwe Knorr o ne a re botsa gore a re ka kgatlhegela go ya go direla kwa dinageng di sele. Re ne ra re: “Re itumetse mo re leng teng mme fa go na le tlhokego golo gongwe, re ka ya go direla teng.” Beke morago ga moo re ne ra lalediwa kwa Sekolong sa Gileade. A bo go ne go itumedisa jang ne go boela gape kwa Bethele fa ke ntse ke le mo sekolong mme ke kopana le batho ba le bantsi ba ke neng ke ba rata le go ba tlotla! Gape re ne ra nna ditsala le baithutimmogo ba ba sa ntseng ba direla ka boikanyegi le go fitlha gompieno.

Nna le Cloris mmogo le Dennis le Edwina Crist le Ana Rodriguez le Delia Sánchez re ne ra romelwa kwa Ecuador kwa Amerika Borwa. Boorra Crist ba ne ba romelwa kwa motsemogolo kwa Quito. Ana le Delia ba ne ba romelwa mmogo le rona kwa Cuenca e leng toropo ya boraro ka bogolo kwa Ecuador. Tshimo eo e ne e akaretsa dikgaolo di le pedi. Phuthego ya ntlha ya kwa Cuenca e simolotse e tshwarela dipokano mo phaposing ya rona ya bonno. E ne e le rona re le banè mmogo le batho ba bangwe ba babedi. Re ne re ipotsa gore tota re ne re tlile go kgona jang go dira tiro ya go rera koo.

Cuenca e ne e tletse dikereke, mme mo malatsing a go neng go twe a boitshepo, toropo eo e ne e tlala ka mekoloko ya bodumedi. Le fa go ntse jalo, batho ba koo ba ne ba na le dipotso di le dintsi. Ka sekai, lekgetlo la ntlha fa ke ne ke kopana le mmampodi wa lobelo lwa dibaesekele wa kwa Cuenca e bong Mario Polo, o ne a mpotsa potso e ke neng ke sa e lebelela a re: “Seaka se go buiwang ka sone mo bukeng ya Tshenolo ke mang?”

Ka nako nngwe Mario o ne a tla kwa ntlong ya rona bosigo a tshwenyegile thata. Moruti mongwe wa kereke ya boefangele o ne a mo neile dibuka dingwe tse di neng di latofatsa Basupi ba ga Jehofa fela thata. Ke ne ka bolelela Mario gore molatofadiwa o tshwanetse go letliwa gore a ipuelele. Ka jalo, mo letsatsing le le latelang Mario o ne a ntaletsa mmogo le moruti yoo kwa lelapeng la gagwe gore ke tle go araba ditatofatso tseo. Mo pokanong eo ke ne ka kopa gore re sekaseke kgang ya Tharonngwe. Fa moruti a bala Johane 1:1, Mario e ne ya nna ene a tlhalosang se tota temana eo e se kayang. Mme o ne a tswelela a dira jalo ka temana nngwe le nngwe ya Baebele e e neng e umakiwa. Jaaka go ka lebelelwa, moruti o ne a tsamaya a paletswe ke go tlhalosa Tharonngwe. Seno se ne sa tlhatswa Mario le mosadi wa gagwe pelo gore se re se buang se boammaaruri, mme ba ne ba simolola go buelela dithuto tsa Baebele sentle thata. Ruri go ne go itumedisa tota go bona diphuthego tse di mo toropong ya Cuenca di oketsega di nna 33 mme mo tshimong e kgolo e e neng e le kabelo ya rona ya ntlha di oketsega go nna 63—koketsego e e itumedisang ruri!

Go Bona Koketsego ke le Kwa Lekaleng

Ka 1970, nna le Al Schullo re ne ra kopiwa go ya go direla kwa lekaleng la kwa Guayaquil. Roobabedi re ne re okametse tiro e e dirwang mo lekaleng. Ka nakwana Joe Sekerak o ne a paka dibuka tsa diphuthego di le 46 tsa naga yotlhe. Cloris o ne a direla ka nako e e rileng e le morongwa kwa tshimong fa nna ke ntse ke direla kwa Bethele. O kgonne go thusa batho ba le 55 gore ba kolobediwe, gantsi kwa kopanong go ne go kolobediwa batho ba a neng a ithuta le bone ba le bararo go ya go ba le batlhano.

Ka sekai, Cloris o ne a ithuta le mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Lucresia, yo monna wa gagwe a neng a mo ganetsa. Le fa go ntse jalo, kgabagare Lucresia o ne a kolobediwa mme a simolola go direla jaaka mmulatsela wa ka metlha. O ne a ruta bana ba gagwe ditsela tsa ga Jehofa. Jaanong bomorwawe ba babedi ke bagolwane mme yo mongwe ke mmulatsela yo o kgethegileng; mme morwadie ene ke mmulatsela. Ngwana wa ga morwadie o nyetswe ke mokaulengwe yo o molemo mme le bone ba direla e le babulatsela ba ba kgethegileng. Lelapa leno le thusitse batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri.

Ka 1980 go ne go na le baboledi ba ka nna 5 000 kwa Ecuador. Ofisi ya rona e nnye e ne e sa tlhole e re lekane. Mokaulengwe mongwe o ne a re naya setsha sa diheketara di le 32 ka kwa ntle ga Guayaquil. Ka 1984 re ne ra simolola go aga ofisi e ntšha ya lekala mmogo le Holo ya Dikopano mo setsheng seno, mme di ne tsa neelwa ka 1987.

Ba le Bantsi ba Ithaopela go Nna le Seabe mo Koketsegong

Fa dingwaga di ntse di feta, go ntse go kgothatsa go bona baboledi ba le bantsi le babulatsela ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba tla mo Ecuador go tla go thusa mo tlhokego ya baboledi ba Bogosi e leng kgolo gone. Sekai se ke sa se lebaleng ke sa ga Andy Kidd, yo o tswang kwa Canada, yo o rotseng marapo a borutabana. Ka 1985 o ne a fudugela kwa Ecuador a na le dingwaga di le 70 mme a direla ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala ka 2008 a le dingwaga di le 93. Fa ke ne ke kopana le ene lekgetlho la ntlha mo kabelong ya gagwe, e ne e le ene fela molebedi mo phuthegong e nnye. O ne a neela puo ya phatlalatsa a bo a tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo le fa a ne a sa itse puo ya Se-Spain sentle. Gape o ne a tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo a bo a baya bontsi jwa dipuo tsa Pokano ya Tirelo! Gompieno go na le diphuthego tse pedi tse di gatelang pele sentle koo tse di nang le baboledi ba ka nna 200 le bagolwane ba le bantsi ba mo lefelong leo.

Mokaulengwe yo mongwe e bong Ernesto Diaz, yo ene le lelapa la gagwe ba neng ba fudugela kwa Ecuador ba tswa kwa United States o ne a bua jaana morago ga dikgwedi di le robedi ba le koo: “Bana ba rona ba ba bararo ba ithutile puo ya Se-Spain mme jaanong ke barutisi ba ba nang le bokgoni. Jaaka rre, ke fitlheletse mokgele o go neng go lebega nka se kgone go o fitlhelela mo tsamaisong eno—go nna mmulatsela wa ka metlha, ke le mo tirelong ya nako e e tletseng mmogo le lelapa la me. Rotlhe re le lelapa re na le dithuto tsa Baebele di le 25. Seno sotlhe se dirile gore lelapa la rona le nne seoposengwe le go feta, mo godimo ga moo se dirile gore ke atamalane le Jehofa ka tsela e ke neng ke ise ke atamalane le ene ka yone.” A bo re anaanela bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba rategang jang ne!

Lekala le ne la okediwa gape ka 1994, la atolosiwa go menagane gabedi. Ka 2005 palo ya baboledi e ne ya feta 50 000 mme seno se ne sa dira gore lekala le tlhoke go okediwa gape. Katoloso eno e ne e akaretsa go atolosa Holo ya Dikopano, go aga moago o mosha wa bonno le diofisi tsa thanolo. Dikago tseno tse disha di ne tsa neelwa ka October 31, 2009.

Fa ke ne ke lelekiwa kwa sekolong ka 1942, go ne go na le Basupi ba ka nna 60 000 kwa United States. Jaanong ba feta milione kgakala. Ka 1966 fa re ne re tla mo Ecuador go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 1 400. Jaanong ba feta 68 000. Palo ya bone e sa ntse e tla oketsega ka gonne go tshwarwa dithuto tsa Baebele di le 120 000 e bile go ne go na le batho ba ba fetang 232 000 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 2009. Ruri Jehofa o segofaditse batho ba gagwe ka tsela e re neng re ka se ka ra e akanya. A bo go itumedisa jang ne go tshela mo nakong le mo lefelong le go nnileng le koketsego e e boitshegang! *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 34 Harley Harris o ne a tlhokafala a ikanyega mo go Jehofa fa setlhogo seno se ne se baakanyediwa gore se gatisiwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Re tshwaretse kopano mo lebaleng (1981) mme Holo ya Dikopano ya Guayaquil (2009) e agilwe mo setsheng seo