Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Etelela Pele mo go Bontsheng Badumedi Ka Wena Tlotlo?

A o Etelela Pele mo go Bontsheng Badumedi Ka Wena Tlotlo?

A o Etelela Pele mo go Bontsheng Badumedi Ka Wena Tlotlo?

“Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.”—BAR. 12:10.

1, 2. (a) Paulo o naya kgothatso efe mo lekwalong le a le kwaletseng Baroma? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

MO LEKWALONG le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baroma o ne a gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng gore rona Bakeresete re bontshe ba bangwe lorato mo phuthegong. O re gakolola gore lorato lwa rona e tshwanetse go nna “lo lo se nang boitimokanyo.” Gape o umaka ‘lorato lwa bokaulengwe’ a bo a re lorato loo lo tshwanetse go bontshiwa ka “bopelonomi.”—Bar. 12:9, 10a.

2 Ee, go nna le lorato lwa bokaulengwe ga se fela go amega ka ba bangwe. Maikutlo a a ntseng jalo a tshwanetse go bontshiwa ka ditiro. Ga go na ope yo o ka itseng gore re na le lorato fa re sa lo bontshe ka ditiro. Ka jalo, Paulo gape o re kgothatsa jaana: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Bar. 12:10b) Go bontsha tlotlo go akaretsa eng? Ke eng fa go le botlhokwa gore re etelele pele mo go bontsheng badumedi ka rona tlotlo? Re ka dira seo jang?

Tlotlo

3. Lefoko “tlotlo” le kaya eng mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Baebele?

3 Lefoko le le dirisiwang thata mo Sehebereng le le rayang go “tlotla” tota le kaya “go nna bokete.” Motho yo o tlotliwang o tsewa a le bokete kana a le botlhokwa. Lone lefoko leo la Sehebera gantsi mo Dikwalong le ranolwa e le “kgalalelo,” mme le lone le kaya gore motho yo o tlotliwang o tseelwa kwa godimo. (Gen. 45:13) Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “tlotlo,” mo Baebeleng le kaya go tseelwa kwa godimo, go tlotlomadiwa le go tsewa o le botlhokwa. (Luke 14:10) Ee, batho ba re ba tlotlang ba botlhokwa mo go rona e bile re ba tseela kwa godimo.

4, 5. Go tlotla ba bangwe go akaretsa eng? Tshwantsha.

4 Go tlotla ba bangwe go akaretsa eng? Go tlotla bakaulengwe ba rona ga se fela go bontsha kafa ntle gore re a ba tlotla. Le fa go tlotla ba bangwe go bonala mo tseleng e re ba tshwarang ka yone, tota sa botlhokwa le go feta ke tsela e re ba lebang ka yone le e re ikutlwang ka yone ka bone.

5 Mokeresete a ka tlotla jang badumedi ka ene fa a sa ba tseye ba tshwanelwa ke tlotlo? (3 Joh. 9, 10) Fela jaaka semela se gola sentle e bile se tshela lobaka lo loleele fela fa se jadilwe mo mmung o o siameng, re ka kgona go tlotla ba bangwe ka tsela ya mmatota fela fa seo se tswa pelong. Go sa tlotle ba bangwe ka tsela ya mmatota ga go nnele ruri ka gonne ga go tswe pelong. Ka jalo, ke sone se Paulo a neng a simolola kgothatso ya gagwe ya go bontsha tlotlo ka mafoko ano a a utlwalang sentle: “A lorato lwa lona lo nne lo lo se nang boitimokanyo.”—Bar. 12:9; bala 1 Petere 1:22.

Tlotla Batho ba ba Bopilweng “mo Setshwanong sa Modimo”

6, 7. Ke eng fa re tshwanetse go tlotla ba bangwe?

6 E re ka re tshwanetse go tlotla ba bangwe go tswa pelong gore re kgone go ba tshwara sentle, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala mabaka a Dikwalo a go bo re tshwanetse go tlotla bakaulengwe botlhe ba rona. Ka jalo, a re sekasekeng a mabedi a mabaka ao.

7 Go farologana le dibopiwa tse dingwe mo lefatsheng, batho ba bopilwe “mo setshwanong sa Modimo.” (Jak. 3:9) Ka jalo, re kgona go bontsha dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo tse di jaaka lorato, botlhale le tshiamiso. Ela tlhoko selo se sengwe se Mmopi wa rona a re neileng sone. Mopesalema a re: “Wena Jehofa . . . , wena yo seriti sa gago se anelwang kwa godimo ga magodimo! . . . O ne wa . . . dira [motho] yo o kwa tlase go le gonnye mo go ba ba tshwanang le modimo, mme o ne wa mo rwesa serwalo sa kgalalelo le bontlentle [“tlotlo,” King James Version].” (Pes. 8:1, 4, 5; 104:1) * Modimo o rwesitse, kana o kgabisitse batho ka kakaretso ka seriti, kgalalelo le tlotlo. Ka jalo, fa re naya motho seriti, re a bo re dumela gore seriti se batho ba nang le sone tota se tswa kwa go Jehofa. Jaanong, fa e le gore re na le mabaka a a utlwalang a go tlotla batho fela ka kakaretso, re tshwanetse go tlotla badumedi ka rona le go feta!—Joh. 3:16; Bagal. 6:10.

Re Ditokololo Tsa Lelapa le le Lengwe

8, 9. Paulo o umaka lebaka lefe la go bo re tshwanetse go tlotla badumedi ka rona?

8 Paulo o umaka lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go tlotla ba bangwe. Pele fela ga a naya kgakololo ya gore re tlotle ba bangwe, a re: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi.” Mafoko a Segerika a a ranotsweng go twe “lorato lwa bopelonomi” a kaya sebofo se se nonofileng se se dirang gore lelapa le le lorato le maloko a lone a emanang nokeng, le nne seoposengwe. Ka jalo, fa Paulo a ne a dirisa mafoko ao, o ne a gatelela gore maloko a phuthego a tshwanetse go utlwana le go ratana fela jaaka lelapa le le atamalaneng thata. (Bar. 12:5) Gape, nna o gakologetswe gore fa Paulo a ne a kwala mafoko ao, o ne a a kwaletse Bakeresete ba ba tloditsweng, ba mongwe le mongwe wa bone a neng a itseetswe ke Rre a le mongwe e bong Jehofa, gore a nne Rraabone. Ka jalo tota e ne e le lelapa le le atamalaneng. Ruri Bakeresete ba ba tloditsweng ba motlha wa ga Paulo ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go tlotlana. Le batlodiwa ba dira fela jalo gompieno.

9 Go tweng ka “dinku tse dingwe”? (Joh. 10:16) Le fa Modimo a ise a ba itseele go nna bana ba gagwe, ba ka bitsana bakaulengwe le bokgaitsadi ka gonne e le karolo ya lelapa la lefatshe lotlhe la Bakeresete. (1 Pet. 2:17; 5:9) Ka jalo, fa e le gore ba dinku tse dingwe ba tlhaloganya sentle lebaka la go bo ba bitsana “mokaulengwe” kana “kgaitsadi,” le bone ba na le lebaka le le utlwalang la go tlotla badumedi ka bone go tswa pelong.—Bala 1 Petere 3:8.

Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Thata Jaana?

10, 11. Ke eng fa go tlotla ba bangwe go le botlhokwa thata jaana?

10 Ke eng fa go tlotla ba bangwe go le botlhokwa thata jaana? Lebaka ke leno: Fa re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re dira gore dilo di tsamaye sentle mo phuthegong le gore e nne seoposengwe.

11 Rona Bakeresete ba boammaaruri re lemoga gore go nna le kamano e e molemo le Jehofa le go engwa nokeng ke moya wa gagwe ke tsone dilo tse di re nayang nonofo e re e tlhokang. (Pes. 36:7; Joh. 14:26) Gape, re a kgothala fa badumedi ka rona ba bontsha gore ba a re anaanela. (Dia. 25:11) Re a nametsega fa mongwe a bua kana a dira sengwe se se bontshang gore o a re tlotla. Seo se dira gore re nne le nonofo e e oketsegileng e e tla re thusang go tswelela re tsamaya ka boipelo le ka boikemisetso mo tseleng e e isang botshelong. Le wena o tshwanetse wa bo o kile wa ikutlwa jalo.

12. Ke eng se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang go dira gore go nne le lorato mo phuthegong?

12 E re ka Jehofa a itse gore ka tlholego re tlhoka go bontshiwa tlotlo, go a tshwanela go bo mo Lefokong la gagwe a re kgothaletsa gore ‘mo go bontshaneng tlotlo re etelele pele.’ (Bar. 12:10; bala Mathaio 7:12.) Bakeresete botlhe ba ba dirisang kgakololo eo e e sa siiweng ke nako ba dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba nne le lorato mo gare ga bone. Ka jalo, re tshwanetse go ema go se nene mme re ipotse jaana, ‘Ke bontshitse leng la bofelo ka mafoko le ka ditiro gore ruri ke tlotla mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe mo phuthegong?’—Bar. 13:8.

Se Rotlhe re Tshwanetseng go se Dira

13. (a) Ke bomang ba ba tshwanetseng go etelela pele mo go bontsheng tlotlo? (b) Mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 1:7 a bontsha eng?

13 Ke bomang ba ba tshwanetseng go etelela pele mo go bontsheng tlotlo? Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Bahebera, o tlhalosa bagolwane ba Bakeresete a re ke “ba ba etelelang pele mo gare ga lona.” (Baheb. 13:17) Ke boammaaruri gore bagolwane ba etelela pele mo ditirong tse dintsi. Le fa go ntse jalo, e re ka e le badisa ba letsomane, eleruri ba tshwanetse go etelela pele mo go tlotleng badumedi ka bone—go akaretsa bagolwane ba bangwe. Ka sekai, fa bagolwane ba kopane go tlotla ka dilo tse phuthego e di tlhokang semoyeng, ba bontshana tlotlo ka gore botlhe ba reetsane ka kelotlhoko. Gape, ba bontsha tlotlo ka gore fa ba dira tshwetso ba akanyetse maikutlo a bagolwane botlhe le se ba se buileng. (Dit. 15:6-15) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore lekwalo le Paulo a neng a le kwaletse Baroma, le ne le sa lebisiwa mo bagolwaneng fela, mme le ne le lebisitswe mo phuthegong yotlhe. (Bar. 1:7) Ka jalo, kgothatso ya gore re etelele pele mo go bontshaneng tlotlo e lebisitswe mo go rona rotlhe gompieno.

14. (a) Dira setshwantsho go bontsha pharologanyo fa gare ga go bontsha tlotlo le go etelela pele mo go bontsheng tlotlo. (b) Re ka ipotsa potso efe?

14 Gape ela tlhoko ntlha eno e e mo kgakololong ya ga Paulo. O ne a kgothaletsa badumedi mmogo le ene ba kwa Roma gore ba etelele pele mo go bontsheng tlotlo, e seng fela gore ba bontshe tlotlo. Pharologanyo ke eng foo? Akanya ka sekai seno. A morutabana o ne a ka kgothaletsa setlhopha sa baithuti ba ba itseng go bala gore ba ithute go bala? Nnyaa. Ba setse ba itse go bala. Go na le moo, morutabana a ka thusa baithuti bao gore ba tokafatse tsela e ba balang ka yone. Ka tsela e e tshwanang, ka gonne re ratana mme seo se re tlhotlheletsa go bontsha ba bangwe tlotlo, re setse re na le letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Joh. 13:35) Le fa go ntse jalo, fela jaaka baithuti ba ba itseng go bala ba ka tswelela ba tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go bala, le rona re ka tokafatsa tsela e re etelelang pele ka yone mo go bontsheng tlotlo. (1 Bathes. 4:9, 10) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go dira jalo. Re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A ke dira jalo—a ke etelela pele mo go bontsheng ba bangwe tlotlo mo phuthegong?’

Tlotla “ba ba Kwa Tlase”

15, 16. (a) Fa re bontsha tlotlo, ga re a tshwanela go tlhokomologa bomang, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng se se ka bontshang gore re bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe tlotlo e e tswang pelong?

15 Fa re bontsha tlotlo, ke bomang ba re sa tshwanelang go ba tlhokomologa? Lefoko la Modimo la re: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” (Dia. 19:17) Molaomotheo o o mo mafokong ao o tshwanetse go re ama jang fa re ntse re leka go etelela pele mo go bontsheng tlotlo?

16 O tla dumela gore batho ba bantsi ba kgona go bontsha batho ba ba ba fetang ka maemo tlotlo, mme ba ka tshwara batho ba ba ba tseelang kwa tlase ka go tlhoka tlotlo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a nna jalo. A re: “Ba ba ntlotlang ke tla ba tlotla.” (1 Sam. 2:30; Pes. 113:5-7) Jehofa o tlotla batho botlhe ba ba mo direlang le ba ba mo tlotlang. Ga a tlhokomologe “ba ba kwa tlase.” (Bala Isaia 57:15; 2 Ditir. 16:9) Re batla go etsa Jehofa. Ka jalo, fa re batla go bona gore re dira jang mo ntlheng ya go bontsha ba bangwe tlotlo ya mmatota, go ka nna molemo gore re ipotse jaana, ‘Ke tshwara jang batho ba ba sa tlhagelelang, kana ba ba se nang maikarabelo mo phuthegong?’ (Joh. 13:14, 15) Tsela e re arabang potso eo ka yone e tla senola gore tota re bontsha ba bangwe tlotlo e e tswang pelong go le kana kang.—Bala Bafilipi 2:3, 4.

Go Bontsha Tlotlo ka go Ipha Nako le Batho ba Bangwe

17. Tsela e nngwe ya botlhokwa e re ka etelelang pele ka yone mo go bontsheng tlotlo ke efe, mme ke eng fa go ntse jalo?

17 Ke tsela efe ya botlhokwa e re ka etelelang pele ka yone mo go bontsheng botlhe mo phuthegong tlotlo? Ka go ipha nako le ba bangwe. Ke eng fa go ntse jalo? Rona Bakeresete re nna re tshwaregile, mme go dira ditiro tsa rona tse dintsi tsa botlhokwa tsa phuthego go re jela nako e ntsi. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo re tsaya nako e le botlhokwa thata jaana. Gape re lemoga gore ga re a tshwanela go lebelela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba nne ba dirisa nako e ntsi ya bone ba re thusa. Ka tsela e e tshwanang, re a anaanela fa ba bangwe mo phuthegong ba tlhaloganya gore ga ba a tshwanela go nna ba lebeletse gore re dirise nako ya rona re ba thusa.

18. Jaaka re bona mo setshwantshong se se mo tsebe 18, re ka bontsha jang gore re iketleeditse go dirisa nako ya rona go thusa badumedi ka rona?

18 Le fa go ntse jalo, gape re tlhaloganya gore go bo re iketleeditse go emisa ditiro tsa rona gore re dirise nako ya rona go thusa badumedi ka rona go bontsha gore re a ba tlotla (segolobogolo rona ba re direlang re le badisa mo phuthegong). Jang? Fa re emisa ditiro tsa rona re bo re dirisa nako ya rona go thusa bakaulengwe, go tshwana le fa re re: ‘O botlhokwa thata mo go nna mo e leng gore ke bona go le botlhokwa gore ke dirise nako ya me go go thusa go na le gore ke tswelele ka se ke ntseng ke se dira.’ (Mar. 6:30-34) Le rona re tla ikutlwa jalo fa ba re direla jalo. Fa re okaoka go emisa ditiro tse re di dirang gore re dirise nako ya rona go thusa mokaulengwe, re ka dira gore a ikutlwe e se motho wa botlhokwa mo go rona. Ee gone, go a utlwala gore ka dinako tse dingwe go ka se kgonege gore re kgaosetse tiro nngwe ya botlhokwa. Mme gone, go iketleetsa ga rona—kana go okaoka—go dirisa nako ya rona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, go ka bontsha gore re ba tlotla go tswa pelong go le kana kang.—1 Bakor. 10:24.

Ititeye Sehuba Gore o Tla Etelela Pele

19. Re ka bontsha ka tsela efe e nngwe gore re tlotla badumedi ka rona, kwantle ga go dirisa nako ya rona go ba thusa?

19 Go na le ditsela tse dingwe tsa botlhokwa tse re ka bontshang ka tsone gore re tlotla badumedi ka rona. Ka sekai, fa re dirisa nako ya rona go ba thusa, gape re tshwanetse go ba reetsa. Jehofa o tlhoma sekao le mo ntlheng eno. Mopesalema Dafide a re: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.” (Pes. 34:15) Re leka ka natla go etsa Jehofa ka gore re se ka ra tlhokomologa bakaulengwe ba rona mme re ba reetse, segolobogolo ba ba kopang thuso ya rona. Fa re dira jalo, re ba bontsha tlotlo.

20. Re tshwanetse go nna re akantse ka dikgakololo dife malebana le go bontsha tlotlo?

20 Jaaka re setse re ithutile, re batla go nna re akantse ka mabaka a go bo re tshwanetse go tlotla badumedi ka rona go tswa pelong. Gape, re batla ditsela tsa go etelela pele mo go bontsheng botlhe tlotlo, go akaretsa batho ba ba kwa tlase. Fa re dira jalo, re tla nonotsha sebofo sa lorato lwa bokaulengwe le sa kutlwano mo phuthegong. Ka jalo, a rotlhe re tswelele re bontshana tlotlo mme mo godimo ga moo, re etelele pele mo go bontshaneng tlotlo. A o ikemiseditse go dira fela jalo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Mafoko a ga Dafide a a mo Pesalemeng ya bo8 gape ke a boporofeti, a lebisitse mo mothong yo o itekanetseng, Jesu Keresete.—Baheb. 2:6-9.

A o A Gakologelwa?

• Go tlotla ba bangwe go akaretsa eng?

• Ke eng fa re tshwanetse go tlotla badumedi ka rona?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore re bontshane tlotlo?

• Re ka bontsha badumedi ka rona tlotlo ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Re ka bontsha jang gore re tlotla badumedi ka rona?