Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diipato—Jehofa o di Leba Jang?

Diipato—Jehofa o di Leba Jang?

Diipato—Jehofa o di Leba Jang?

MONNA o ne a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore a nne le nna, o ne a nnaya leungo le le tswang mo setlhareng mme ka ja.” Mme mosadi a araba a re: “Noga—e ntsieditse mme ka ja.” Mafoko ao, a batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa ba a reileng Modimo, e ne e le tshimologo ya losika lwa motho ya go dira diipato.—Gen. 3:12, 13.

Katlholo e Jehofa a neng a atlhola Adame le Efa ka yone fa ba sena go tlhoka kutlo ka boomo, e ne e bontsha gore diipato tsa bone di ne di sa amogelesege mo go ene. (Gen. 3:16-19) Ka jalo, a re ka swetsa ka gore diipato tsotlhe ga di amogelesege mo go Jehofa? Kgotsa a go na le tse dingwe tse a di amogelang? Fa go ntse jalo, re ka itse jang gore ke dife tse a di amogelang le tse a sa di amogeleng? Go araba dipotso tseno, mma re sekaseke tlhaloso ya lefoko “seipato.”

Seipato ke lebaka le mongwe a ka le nayang gore a tlhalose lebaka la go bo sengwe se dirilwe, se sa dirwa, kgotsa se ka se dirwe. Ga se tshwane le lebaka le le utlwalang la go bo motho a reteletswe ke go dira sengwe mme e bile a ka kopa maitshwarelo go tswa pelong, ka jalo ga nna le mabaka a a utlwalang a go mo tlhomogela pelo kgotsa go mo itshwarela. Le fa go ntse jalo, jaaka go diregile ka Adame le Efa, gape seipato e ka nna lebaka le le seng boammaaruri la go fitlha lebaka la mmatota. E re ka gantsi diipato di ntse jalo, ka tlwaelo di tsewa di belaetsa.

Fa re dira diipato—segolobogolo fa di amana le tirelo e re e direlang Modimo—re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra “itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya.” (Jak. 1:22) Ka jalo, a re sekasekeng dikai dingwe tse di mo Baebeleng le melaometheo e e tla re thusang gore re ‘nne re tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.’—Baef. 5:10.

Se Modimo a Lebeletseng Gore re se Dire

Mo Lefokong la Modimo go na le ditaelo tse di tlhamaletseng tse rona batho ba ga Jehofa re tshwanetseng go di ikobela. Ka sekai, balatedi botlhe ba boammaaruri ba ga Keresete ba sa ntse ba latela taelo ya ga Keresete ya gore ba ‘tsamaye mme ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.’ (Math. 28:19, 20) Tota e bile go diragatsa taelo eo go botlhokwa thata mo e leng gore moaposetoloi Paulo o ne a re: “A bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!”—1 Bakor. 9:16.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba ntseng ba ithuta Baebele le rona ka nako e telele, ba sa ntse ba okaoka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Math. 24:14) Ba bangwe ba ba kileng ba bo ba dira tiro eno ya go rera ba tlogetse go e dira. Ka dinako tse dingwe, batho ba ba sa direng tiro eno ya go rera ba ntsha mabaka afe? Jehofa o ne a ikutlwa jang ka batho ba ba neng ba okaoka go ikobela ditaelo tsa gagwe tse di tlhamaletseng mo nakong e e fetileng?

Diipato Tse Modimo A sa Di Amogeleng

“Go boima thata.” Mo bathong ba ka tlholego ba leng ditlhong, go nna le seabe mo tirong ya go rera go ka lebega go le boima thata. Le fa go ntse jalo, akanya ka se se ka ithutiwang mo sekaong sa ga Jona. O ne a newa kabelo e a neng a e tsaya e le boima thata—Jehofa o ne a mo laela gore a bolele gore motse wa Ninife o ne o tlile go senngwa. Go motlhofo go lemoga lebaka la go bo Jona a ne a fitlhela go le thata go dira kabelo eo. Ninife e ne e le motsemogolo wa Asiria, mme Baasiria ba ne ba itsege ba le setlhogo thata. Jona a ka tswa a ne a ipotsa gore: ‘Batho bano ba tla ntshwara jang? Ba tla ntirang?’ Go ise go ye kae, o ne a tlhanola direthe. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a amogela seipato sa ga Jona. Go na le moo, o ne a mo laela gape gore a ye go rerela Baninife. Mo lekgetlhong leno Jona o ne a diragatsa kabelo ya gagwe ka bopelokgale, mme Jehofa a segofatsa se a se dirileng.—Jona 1:1-3; 3:3, 4, 10.

Fa o akanya gore go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo go boima thata mo go wena, gopola gore “dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mar. 10:27) O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go nonotsha fa o nna o mo kopa gore a go thuse mme o tla go segofatsa fa o ipeta sebete go diragatsa bodiredi jwa gago.—Luke 11:9-13.

“Ga ke batle go go dira.” O ka dira eng fa e le gore ga o na keletso e e tswang pelong ya go dira bodiredi jwa Bokeresete? Gakologelwa gore Jehofa a ka dira mo go wena mme a tlhotlheletsa dikeletso tsa gago. Paulo o ne a re: “Modimo ke ene yo o dirang mo teng ga lona, ka ntlha ya boipelo jwa gagwe jo bo molemo, gore lo rate lo bo lo dire.” (Bafil. 2:13) Ka jalo, o ka kopa Jehofa gore a go thuse gore o batle go dira thato ya gagwe. Kgosi Dafide o ne a dira sone seo. O ne a rapela Jehofa a re: “Ntsamaise mo boammaaruring jwa gago.” (Pes. 25:4, 5) Le wena o ka dira jalo ka go rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a go tlhotlheletse gore o batle go dira se se mo itumedisang.

Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe fa re lapile kgotsa re kgobegile marapo, re ka nna ra tshwanelwa ke go ipateletsa go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi kgotsa go nna le seabe mo bodireding. Fa go ntse jalo, a re ka swetsa ka gore ga re rate Jehofa ka tsela ya mmatota? Le e seng. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo mo nakong e e fetileng le bone ba ne ba tshwanelwa ke go leka ka natla go dira thato ya Modimo. Ka sekai, Paulo o ne a re o ne a ‘itaya mmele wa gagwe,’ ka tsela ya tshwantshetso, e le gore a ikobele ditaelo tsa Modimo. (1 Bakor. 9:26, 27) Ka jalo, le fa re tshwanelwa ke go ipateletsa gore re ye bodireding, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa. Ka ntlha yang? Ka gonne re ipateletsa go dira thato ya Modimo ka lebaka le le utlwalang—ka gonne re rata Jehofa. Fa re dira jalo re araba tatofatso ya ga Satane ya gore batlhanka ba Modimo ba tla itatola Modimo fa ba ka lekwa.—Jobe 2:4.

“Ke tshwaregile thata.” Fa o sa nne le seabe mo bodireding ka gonne o akanya gore o tshwaregile thata, ruri go botlhokwa gore o sekaseke gape gore ke dilo dife tse di tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa gago. Jesu o ne a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi.” (Math. 6:33) Gore o latele molaomotheo oo o o re kaelang, o ka nna wa tshwanelwa ke go leka go tshela botshelo jo bo sa raraanang kgotsa go ya bodireding ka nako e o neng o e dirisa go itlosa bodutu. Eleruri boitlosobodutu le dilo tse re ratang go di dira di na le mosola wa tsone, mme ga se diipato tse di utlwalang tsa gore re tlhokomologe bodiredi jwa rona. Motlhanka wa Modimo o baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gagwe.

“Ga ke tshwanelege.” O ka nna wa ikutlwa o sa tshwanelege go nna moreri wa dikgang tse di molemo. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba ikutlwa ba sa tshwanelege go dira ditiro tse Jehofa a neng a ba abetse tsone. Ka sekai, akanya ka Moshe. Fa a ne a amogela taelo e e tlhamaletseng e e tswang kwa go Jehofa o ne a re: “Intshwarele Jehofa, ga ke seleta mo puong, fa e sa le maabane kgotsa pele ga moo kgotsa fa e sa le o bua le motlhanka wa gago, gonne ke molomo o bonya le loleme lo bonya.” Le fa Jehofa a ile a mo kgothatsa, Moshe o ne a araba jaana: “Intshwarele Jehofa, tsweetswee, roma ka seatla sa yo o tlileng go mo roma.” (Ekes. 4:10-13) Jehofa o ne a dira eng?

Jehofa ga a ka a re Moshe a se ka a tlhola a dira kabelo eo. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhoma Arone gore a thuse Moshe go dira tiro eo. (Ekes. 4:14-17) Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse di neng tsa latela, Jehofa o ne a ema Moshe nokeng a bo a mo naya sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka gore a kgone go atlega mo dikabelong tsa gagwe tse a di neilweng ke Modimo. Gompieno, le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tlhotlheletsa badumedi mmogo le wena ba ba nang le maitemogelo gore ba go thuse go dira bodiredi jwa gago. Sa botlhokwa le go feta, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla dira gore re tshwanelege go dira tiro e a re laetseng go e dira.—2 Bakor. 3:5; bona lebokose la setlhogo se se reng,  “Dingwaga Tse di Itumedisang Thata Tsa Botshelo Jwa Me.”

“Mongwe o nkgopisitse.” Bangwe ba kgaotsa go rera kgotsa go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ka go bo ba kgopisegile, ba akanya gore ruri Jehofa o tla amogela seipato seno sa go bo ba tsidifetse. Le fa go utlwala gore re utlwe botlhoko fa mongwe a re kgopisa, a tota seo ke seipato se se utlwalang sa go kgaotsa go nna le seabe mo ditirong tsa Bokeresete? Paulo le modumedimmogo le ene e bong Barenabase ba ka tswa ba ne ba utlwile botlhoko morago ga go se dumalane mo go dirileng gore go nne le “kgalefelano e e botlhoko.” (Dit. 15:39) A mme ba ne ba kgaotsa go nna le seabe mo bodireding ka ntlha ya seo? Le go ka!

Ka tsela e e tshwanang, fa o kgopisitswe ke modumedimmogo, gakologelwa gore mmaba wa gago ga se mokaulengwe wa gago yo o sa itekanelang wa Mokeresete mme go na le moo ke Satane, yo o batlang go go kometsa. Le fa go ntse jalo, Diabolo ga a kitla atlega fa o ‘ganetsana le ene, o nonofile mo tumelong.’ (1 Pet. 5:8, 9; Bagal. 5:15) Fa o na le tumelo e e ntseng jalo, ruri ga o kitla o “swaba.”—Bar. 9:33.

Fa re Sa Kgone go Dira Sotlhe se re Batlang go se Dira

Dikai tseno tse mmalwa tsa diipato, di bontsha sentle gore ga go na mabaka a Dikwalo a a utlwalang a gore re se ka ra latela ditaelo tse di tlhamaletseng tsa ga Jehofa, go akaretsa taelo ya go rera dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, re ka tswa re na le mabaka a a utlwalang a go bo re sa kgone go dira sotlhe se re ka ratang go se dira mo tirelong ya rona. Maikarabelo a rona a mangwe a Dikwalo a ka fokotsa nako e re ka e beelang kwa thoko go dira tiro ya go rera. Gape, ka dinako dingwe ruri re ka ikutlwa re lapile thata kgotsa re lwala thata mo re sa kgoneng go dira sotlhe se re ka ratang go se dira mo tirelong ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o itse keletso ya rona e e tswang pelong mme o akanyetsa ditlhaelo tsa rona.—Pes. 103:14; 2 Bakor. 8:12.

Ka jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra ikatlhola kgotsa ra atlhola ba bangwe ka tsela e e seng yone mo dikgannyeng tseno. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Wena o mang o atlholang motlhanka wa ntlo wa motho yo mongwe? Go ema ga gagwe le go wa ke ga mong wa gagwe.” (Bar. 14:4) Go na le gore re bapise boemo jwa rona le jwa ba bangwe, re tshwanetse go gakologelwa gore “mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Bar. 14:12; Bagal. 6:4, 5) Fa mongwe le mongwe wa rona a rapela Jehofa mme a mmolelela diipato tsa gagwe, o batla go dira jalo ka “segakolodi se se ikanyegang.”—Baheb. 13:18.

Lebaka La go Bo go Direla Jehofa go re Leretse Boitumelo

Rotlhe re ka kgona go direla Jehofa ka boitumelo jo bo tswang pelong ka gonne dilo tse a batlang gore re di dire—go sa kgathalesege gore maemo a rona a botshelo a eme jang—ka metlha di tekatekano e bile re ka kgona go di dira. Ke eng fa re ka rialo?

Lefoko la Modimo la re: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.” (Dia. 3:27) O lemogile eng ka seane seno malebana le dilo tse Modimo a batlang gore re di dire? Jehofa ga a go laele gore o lwele go lekanya maatla a gago le a a ka tswang a le mo seatleng sa mokaulengwe wa gago, go na le moo o go laela gore o mo direle ka se se “mo maatleng a seatla sa gago.” Ruri mongwe le mongwe wa rona—go sa kgathalesege gore seatla sa gagwe se bokoa kgotsa se maatla go le kana kang—a ka kgona go direla Jehofa ka pelo yotlhe.—Luke 10:27; Bakol. 3:23.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

 “Dingwaga Tse di Itumedisang Thata Tsa Botshelo Jwa Me”

Le fa re na le mathata a a masisi mo mmeleng kgotsa mo maikutlong, ga re a tshwanela go potlakela go swetsa ka gore dilo tseno di tla re thibela go nna le seabe ka botlalo mo bodireding. Go tshwantsha seno, akanya ka se se diragaletseng Ernest, mokaulengwe mongwe wa Mokeresete wa kwa Canada.

Ernest o ne a sa kgone go bua sentle mme a le ditlhong thata. Morago ga go gobala thata mo mokwatleng, o ne a tshwanelwa ke go tlogela tiro ya gagwe ya go aga. Le fa a ne a golafetse, o ne a kgona go fetsa nako e ntsi a le mo bodireding. Kgothatso ya go tsaya bobulatsela jo bo thusang e e neng ya neelwa kwa dipokanong tsa phuthego e ne ya mo tlhotlheletsa fela thata. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ikutlwe a tshwanelegela go dira bodiredi jo bo ntseng jalo.

Gore a iponele gore a o ne a ka kgona go nna mmulatsela yo o thusang, o ne a dira kopo ya go direla e le mmulatsela yo o thusang ka kgwedi e le nngwe. O ne a gakgamala fa a ne a iphitlhela a kgonne go wetsa tirelo ya gagwe ka katlego. Go tswa foo o ne a ipolelela gore, ‘Ke a itse gore nka se tlhole ke kgona go dira seo gape.’ Go bona gore a o ne a ka kgona, o ne a dira kopo gape mo kgweding ya bobedi—mme o ne a fitlhelela mokgele wa gagwe gape.

Ernest o ne a direla e le mmulatsela yo o thusang ka ngwaga o le mongwe, mme o ne a re: “Tota ke a itse gore nka se tsoge ke kgonne go nna mmulatsela wa ka metlha.” Le mo lekgetlhong leno o ne a dira kopo ya tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha, e le fa a batla go bona gore a o ne a ka kgona. O ne a gakgamala fa a ne a kgona go wetsa ngwaga wa gagwe wa ntlha e le mmulatsela wa ka metlha. O ne a swetsa ka gore a tswelele ka tirelo eo mme a segofadiwa ka boitumelo jwa go direla e le mmulatsela wa ka metlha ka dingwaga di le pedi, go fitlha a tlhokafala ka ntlha ya mathata a a amanang le kgobalo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, pele a tlhokafala, o ne a tle a reye baeng ba gagwe a geletse dikeledi a re: “Dingwaga tse ke diretseng Jehofa ka tsone ke le mmulatsela, e ne e le dingwaga tse di itumedisang thata tsa botshelo jwa me.”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Re ka kgona go fenya dilo dipe tse di ka re thibelang go nna le seabe mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa o a itumela fa re mo direla ka moya otlhe, re dira sotlhe se maemo a rona a re letlang go se dira