Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“E Nthusa go Fitlhelela Dipelo Tsa Batho”

“E Nthusa go Fitlhelela Dipelo Tsa Batho”

“E Nthusa go Fitlhelela Dipelo Tsa Batho”

MO NAKONG e e fetileng, toropo ya Porto Alegre e e kwa borwa jwa Brazil, e ne ya tshwara khonferense ya ditšhabatšhaba e e malebana le dikgang tsa loago. Diketekete tsa batho ba ba tswang mo dinageng di le 135 ba ne ba tlile khonferenseng eo. Ka dinako tsa boikhutso, setlhopha sa Basupi se se tswang mo phuthegong nngwe ya kwa Porto Alegre se ne se bua le batho ba le bantsi ba ba neng ba tlile khonferenseng ka molaetsa wa Baebele wa Bogosi. Ba ne ba kgona jang go buisana le bone?

Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Elizabete a re: “Re ne re dirisa bukana ya Good News for People of All Nations.” Gape o ne a re: “Bontsi jwa batho bao ba ne ba ise ba utlwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi, le fa go ntse jalo ba ne ba reetsa molaetsa wa rona. Re ne ra bua le batho ba ba tswang kwa Bolivia, China, Fora, India, Iseraele le kwa Nigeria. Re ne re na le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo tsa bangwe ba batho bao, mme ba ne ba di amogela ka boitumelo.”

Kwa Mexico, mmulatsela mongwe yo o bidiwang Raúl le ene o dirisa bukana eno ka tsela e e nang le matswela. Mo nakong e e fetileng, o ne a bua le monna wa Moarabia yo o nang le dingwaga di le 80, yo o neng a sa tswa go tlhokafalelwa ke mosadi. Morago ga gore monna yoo a bale bukana eo mo tsebeng e e nang le molaetsa wa Bogosi ka Searabia, o ne a tsholola dikeledi tsa boitumelo. Ka ntlha yang? Tsholofetso ya Modimo ya gore loso lo tla bo lo seyo e e mo go Tshenolo 21:3, 4, e ne ya mo ama pelo fela thata fa a e bala ka puo ya gagwe. Mo lekgetlhong lengwe fa Raúl a ne a rera a se mo bodireding, o ne a kopana le monna mongwe yo o neng a bua Sepotokisi. Monna yoo le ene o ne a swetswe ke morwawe yo a mo ratang thata. Raúl o ne a mo kopa gore a bale bukana eo mo tsebeng e e nang le molaetsa o o kwadilweng ka puo ya Sepotokisi. Morago ga gore monna yoo a bale molaetsa oo, o ne a supa gore o batla go ithuta Baebele ka mo go oketsegileng mme a dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele.

Raúl o dirisitse bukana ya Good News for People of All Nations go neela bosupi mo go ba ba buang Se-Armenia, Se-China, Seesemane, Sefora, Se-Hindi, Sejeremane, Se-Korea, Se-Mixe, Seperesia, Se-Russia le Se-Zapotec. A re: “Ke bone gore go botlhokwa jang go dirisa bukana eno mo bodireding jwa me. E nthusa gore ke fitlhelele dipelo tsa batho le fa ke sa bue puo ya bone.”

Batho ba etela dinaga tse dingwe e bile ba fudugela kwa go tsone go feta le fa e le leng pele, ka jalo re na le ditshono tse dintsi tsa gore re kopane le batho ba ba buang puo e sele. Re tla kgona go ba bolelela molaetsa wa Bogosi fa re dirisa bukana eno ya Good News for People of All Nations. A o nna o e tshotse?

[Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Raúl a tshotse bukana e e mo thusang go fitlhelela dipelo tsa batho