Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna ke Tshwaregile mo Phuthegong ya ga Jehofa

Go Nna ke Tshwaregile mo Phuthegong ya ga Jehofa

Go Nna ke Tshwaregile mo Phuthegong ya ga Jehofa

Jaaka go Boletse Vernon Zubko

KE GOLETSE mo polasing e e gaufi le Stenen, motse o o mo kgaolong ya Saskatchewan kwa Canada. Batsadi ba me Fred le Adella ba ne ba dira ka natla go re ruta ka Modimo le go re tlamela, nna, nkgonne e bong Aurellia le bonnake Alvin, Allegra le Daryl. Go tla go fitlha mo letsatsing leno re leboga batsadi ba rona thata go bo ba re rutile boammaaruri.

Rre, yo e leng Mokeresete yo o tloditsweng, e ne e le moreri yo o pelokgale. O ne a bereka ka natla go re tlamela, mme gape o ne a tlhomamisa gore mongwe le mongwe o a itse gore ke Mosupi. Ka metlha o ne a bua ka boammaaruri. Nka se lebale sekao sa gagwe se se molemo sa tlhoafalo le bopelokgale. O ne a rata go nthaya a re: “Nna o tshwaregile mo phuthegong ya ga Jehofa, mme o tla tila mathata a mantsi.”

Gantsi re ne re dira bodiredi jwa mmila kwa Stenen le mo metseng e e gaufi. Ka dinako dingwe ke ne ke thatafalelwa ke go dira jalo. Toropo nngwe le nngwe e ne e na le batho ba yone ba ba kgerisang ba ba neng ba tla mo go rona basha ba bo ba re sotla. Nako nngwe fa ke ne ke le dingwaga di le robedi, ke ne ke eme mo sekhutlong ke tshwere Tora ya Tebelo le Tsogang! fa segopa sa basimanyana se ne se ntikaganyetsa. Ba ne ba phamola hutshe e ntšha e ke neng ke e rwele mme ba bo ba e baya mo paleng e e neng e le fa thoko ga me. Ka lesego mokaulengwe mongwe yo o godileng yo o neng a ntlhokometse o ne a bona se se neng se direga. O ne a atamela mme a botsa jaana: “Vern, a go na le bothata?” Basimanyana bao ba ne ba nyelela ka ponyo ya leitlho. Le fa maitemogelo ao a ne a sa itumedise, ke ne ka ithuta gore fa ke dira bodiredi jwa mmila ke tsamayetsamaye mme ke se ka ka ema jaaka pale. Thapiso eo ya fa ke sa ntse ke gola e nthutile gore ke nne pelokgale fa ke ntse ke rera ka ntlo le ntlo.

Ka May 1951 nna le Alvin re ne ra kolobediwa. Ke ne ke na le dingwaga di le 13. Ke sa ntse ke gakologelwa gore Mokaulengwe Jack Nathan yo o neng a neela puo ya kolobetso, o ne a re kgothatsa gore re se ka ra tlolwa ke kgwedi re sa bolela ka ga Jehofa. * Mo lelapeng la gaetsho, tirelo ya bobulatsela e ne e tsewa e le tiro ya botlhokwa e motho a ka e dirang. Ka jalo, fa ke fetsa sekolo ka 1958, ke ne ka fudugela kwa Winnipeg, kwa Manitoba go ya go bulatsela. Le fa rre a ne a itumelela gore ke dire le ene mo kgwebong ya lelapa ke dira tiro ya go rethefatsa logong, ene le mmè ba ne ba nkgothaletsa thata gore ke tsenele tirelo ya nako e e tletseng mme ba ne ba nkema nokeng fa ke fuduga.

Legae le Lesha le Modirimmogo yo Mosha

Ka 1959, ofisi ya lekala e ne ya laletsa mongwe le mongwe yo o neng a ka kgona go ya kwa Quebec kwa go neng go na le tlhokego ya baboledi gone, gore a dire jalo. Ke ne ka ya go bulatsela kwa Montreal. Jono e ne e le botshelo jo bosha gotlhelele! Bo ne bo farologane thata le sepe se nkileng ka se dira mo botshelong jwa me, e re ka ke ne ke ithuta go bua puo ya Se-Fora le go tlwaela setso sa bone. Molebedi wa rona wa potologo o ne a nthaya a re: “Le ka motlha o se ka wa re, ‘Re ne re dira dilo jaana kwa ke tswang teng.’” Eo e ne e le kgakololo e e molemo tota.—1 Bakor. 9:22, 23.

Fa ke ne ke fudugela kwa Quebec, ke ne ke se na motho yo ke bulang tsela le ene. Le fa go ntse jalo, kgaitsadi mongwe yo mmotlana yo ke neng nkile ka kopana le ene kwa Winnipeg e bong Shirley Turcotte, o ne a nna modirimmogo wa botshelo jotlhe fa re ne re nyalana ka February 1961. Le ene o ne a tswa mo lelapeng le le ratang Jehofa. Le fa ka nako eo ke ne ke sa lemoge ka botlalo gore o ne a tla nna motho wa botlhokwa yo o nnonotshang le yo o nkgothatsang fa dingwaga di ntse di tsamaya.

Loeto Lwa Kwa Gaspé

Dingwaga di le pedi morago ga lenyalo la rona, re ne ra tlhomiwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Rimouski, kwa Quebec. Ka dikgakologo tsa ngwaga o o latelang ofisi ya lekala e ne ya re kopa go tsaya loeto lwa go rera go ralala Sekasetlhake sa Gaspé, go bapa le lotshitshi lwa lewatle lo lo kwa botlhaba jwa Canada. Kabelo ya rona e ne e le gore re jale peo e ntsi ya boammaaruri ka mo go ka kgonegang ka teng. (Mor. 11:6) Re ne ra tlatsa koloi ya rona ka dimakasine di feta 1 000 le dibuka tse di ka nnang 400 le dijo le diaparo mme ra simolola loeto lwa go rera lwa kgwedi yotlhe. Re ne ra rera mo metseng e mennye ya kwa Gaspé ka go latelana ga yone. Seteishene sa radio sa lefelo leo se ne sa tlhagisa batho ba koo gore Basupi ba ne ba le mo tseleng, mme ba ba bolelela gore ba se ka ba amogela dikgatiso tsa rona. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa baagi ba ne ba sa utlwa tlhagiso eo sentle mme ba ne ba akanya gore radio eo e ne e bapatsa dikgatiso tsa rona, ka jalo ba ne ba di amogela.

Mo dingwageng tseo, re ne re sa tswa go newa kgololesego ya go rera mo dikarolong dingwe tsa Quebec, mme go ne go tlwaelegile gore mapodise a re emise. A ne a re emisa mo toropong nngwe e mo go yone mo e ka nnang beng ba matlo botlhe ba neng ba amogela dikgatiso tsa rona. Lepodise lengwe le ne la re kopa gore re ye le lone kwa seteisheneng sa mapodise, mme re ne ra dira jalo. Ke ne ka utlwa gore ramolao wa toropo eo o ne a ntshitse taolo e e re thibelang go rera. E re ka mookamedi wa mapodise a ne a seyo mo letsatsing leo, ke ne ka naya ramolao yoo lekwalo le le neng le kwadilwe sentle le le tswang kwa ofising ya lekala ya kwa Toronto, le le neng le tlhalosa tshwanelo e re nang le yone ya go rera. Fa ramolao yoo a sena go bala lekwalo leo, ka bonako o ne a re: “Bona, ga ke batle mathata. Moruti wa lefelo leno ke ene a mpoleletseng gore ke lo thibele.” E re ka re ne re batla gore batho ba mo tshimong eo ba lemoge gore tiro ya rona e ne e le kafa molaong, ka yone nako eo re ne ra boela kwa re neng re emisitswe ke mapodise gone mme ra tswelela ka bodiredi jwa rona.

Mo mosong o o latelang fa re ya go bona mookamedi wa mapodise, o ne a galefa fa a utlwa gore re ne re thibetswe go rera. O ne a shakgetse tota fa a ne a bua le ramolao yoo mo mogaleng! Mookamedi yoo wa mapodise o ne a re bolelela gore fa re na le bothata re bue le ene ka tlhamalalo mme o tla re thusa. Le fa re ne re le baeng e bile re sa itse puo ya Sefora sentle, batho ba koo ba ne ba le pelonomi e bile ba amogela baeng. Mme gone re ne ra ipotsa gore ‘A ba tla tsamaya ba itse boammaaruri?’ Re bone karabo morago ga dingwaga di le dintsi fa re boela kwa Gaspé re ya go aga Diholo tsa Bogosi. Re ne ra lemoga gore bontsi jwa batho ba re neng ra ba rerela, jaanong e ne e le bakaulengwe ba rona. Ruri Jehofa ke ene yo o godisang.—1 Bakor. 3:6, 7.

Re Amogela Boswa

Morwadiarona e bong Lisa o ne a tsholwa ka 1970. Boswa jono jo bo tswang kwa go Jehofa bo ne jwa oketsa boipelo jwa rona. Shirley le Lisa ba ne ba dira mmogo le nna mo diporojekeng di le dintsi tsa dikago tsa Diholo tsa Bogosi. Fa Lisa a sena go fetsa sekolo, o ne a re: “Mama le Papa, ka gonne ke lo ntshitse ka nakwana mo tirelong ya nako e e tletseng, ke tla leka go tswala phatlha eo ka gore ke nne mmulatsela.” Dingwaga di feta 20 morago ga foo, Lisa o sa ntse a direla e le mmulatsela, mme o direla mmogo le monna wa gagwe e bong Sylvain. Boobabedi ba nnile le tshiamelo ya go bereka mo diporojekeng di le mmalwa tsa go aga mo dinageng tse di farologaneng. Maikaelelo a rona re le lelapa ke go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go ithaopela tirelo ya ga Jehofa. Ga ke ise ke lebale mafoko a Lisa a a buileng fa a ne a simolola go bulatsela. Tota e bile, o ne a nthotloetsa go boela gape mo tirelong ya nako e e tletseng ka 2001, mme ke ntse ke bulatsela fa e sa le ka nako eo. Bobulatsela bo sa ntse bo nthusa gore ke ikanye Jehofa mo go sengwe le sengwe se ke se dirang le go tshela botshelo jo bo sa raraanang le jo bo itumedisang.

Diporojeke Tsa Dikago di Tlhoka Gore Motho a Bontshe Lorato Mme a Ikanyege

Jehofa o nthutile gore fa re ithaopela go amogela kabelo nngwe le nngwe e a re nayang yone, re tla bona masego a le mantsi. Go direla mo Komiting ya Kago ya Kgaolo le mo diporojekeng tsa kago mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi mo Quebec le kwa mafelong a mangwe ke tshiamelo e kgolo mo go nna.

Le fa baithaopi bangwe ba sa neye dipuo ka matlhagatlhaga fa ba le kwa seraleng, fa ba le kwa diporojekeng tsa go aga Diholo tsa Bogosi ba dira tiro e e duleng diatla. Bakaulengwe bano ba ba rategang ba dira tiro ya bone ka pelo yotlhe, mme bokgoni jwa bone bo a tlhagelela. Seno se felela ka gore go nne le kago e ntle e e tla dirisiwang mo kobamelong ya ga Jehofa.

Batho ba na le go mpotsa gore, “Ke dinonofo dife tsa botlhokwa tse moithaopi wa porojeke ya Holo ya Bogosi a tshwanetseng go nna le tsone?” Go ya ka se ke se iponetseng, sa ntlha motho o tshwanetse go rata Jehofa le Morwawe mmogo le bakaulengwe. (1 Bakor. 16:14) Sa bobedi, o tshwanetse go ikanyega. Fa dilo di sa re tsamaele sentle—mme seno se tla direga—motho yo o ikanyegang o tla tswelela a ema thulaganyo ya puso ya Modimo nokeng. Boikanyegi bo tla tlhotlheletsa motho yoo gore a ithaopele go dira mo diporojekeng tsa mo isagweng.

Ke Leboga Jehofa

Le fa rre a tlhokafetse ka 1985, ga ke lebale kgakololo ya gagwe ya gore ke nne ke tshwaregile mo phuthegong ya ga Jehofa. Ga go na pelaelo gore rre o ntse a dira ka natla fela jaaka ba bangwe ba ba amogetseng kabelo ya bone ya go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa ya kwa legodimong. (Tshen. 14:13) Mmè o na le dingwaga di le 97 gone jaanong. Ka gonne a iteilwe ke seterouku, ga a kgone go bua sentle; mme fela o sa ntse a itse Baebele. Mo makwalong a a re kwalelang one o nopola ditemana mme o re kgothaletsa gore re tswelele re direla Jehofa ka boikanyegi. Ruri rona rotlhe bana re itumelela go bo re nnile le batsadi ba ba lorato jalo!

Gape ke leboga Jehofa go bo a nneile mosadi le modirimmogo yo o ikanyegang e bong Shirley. Ga a lebale kgakololo e mmaagwe a mo neileng yone ya gore, “Vern o tla nna a tshwaregile thata mo boammaaruring, mme wena o tla tshwanelwa ke go ithuta gore le batho ba bangwe ba tlhoka nako ya gagwe.” Fa re ne re nyalana dingwaga di le 49 tse di fetileng, re ne ra ikaelela gore re tla tsofala mmogo re direla Jehofa, mme fa re ka falola bofelo jwa tsamaiso eno mmogo, re tla nna basha mmogo mme re tla tswelela re mo direla mmogo ka bosakhutleng. Ruri re nnile le mo “gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Ruri Jehofa o re tlhokometse a bo a tlhomamisa gore le ka motlha ga re tlhoke sepe se se molemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1990, tsebe 10-14, go bala ka polelo ya botshelo jwa ga Jack Halliday Nathan.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Maikaelelo a rona re le lelapa ke go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go ithaopela tirelo ya ga Jehofa”