Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thusa Basha Gore ba Itse Phuthego ya ga Jehofa

Thusa Basha Gore ba Itse Phuthego ya ga Jehofa

Thusa Basha Gore ba Itse Phuthego ya ga Jehofa

BANA ba rata go ithuta. Akanya ka dipotso tse bana ba Baiseraele kwa Egepeto ba ka tswang ba di boditse mo bosigong jwa Tlolaganyo ya ntlha: ‘Ke eng fa kwana e ne e tshwanetse go bolawa?’ ‘Ke eng fa Rre a tshasa madi mo kgorong?’ ‘Re ya kae?’ Se Jehofa a neng a laetse borre ba Baiseraele gore ba se dire se bontsha gore Jehofa o ne a tsaya go botsa dipotso tse di ntseng jalo go siame. Jehofa o ne a ba bolelela jaana ka meletlo ya Tlolaganyo e ba neng ba tla e keteka mo isagweng: “Fa bomorwaalona ba lo raya ba re, ‘Tirelo eno e kaya eng mo go lona?’ lo re, ‘Ke setlhabelo sa tlolaganyo se se direlwang Jehofa, yo o neng a tlola matlo a bomorwa Iseraele kwa Egepeto fa a ne a leretse Baegepeto sebetso, mme o ne a golola matlo a rona.’” (Ekes. 12:24-27) Moragonyana, Jehofa o ne a gopotsa batsadi ba Baiseraele botlhokwa jwa go araba dipotso tsa bana ba bone tse di malebana le “melao le ditshwetso tsa boatlhodi” tse Jehofa a neng a di ba laetse.—Dute. 6:20-25.

Ruri Jehofa o ne a batla gore bana ba kgone go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tse di malebana le dipotso tse di kaga kobamelo ya boammaaruri—dikarabo tse di tla ba tlhotlheletsang gore ba rate Modimo wa bone le Mmoloki e bong Jehofa. Gompieno Jehofa o eletsa gore go nne jalo le ka basha ba rona. Tsela nngwe e batsadi ba ka jalang mo baneng ba bone lorato lo lo tswang pelong lwa go rata Modimo le batho ba gagwe ke ka go ba thusa gore ba itse phuthego ya ga Jehofa le go tlhaloganya gore dithulaganyo tsa yone di ba solegela molemo jang. Ka jalo, a re sekasekeng ditsela dingwe tse ka tsone basha ba ka thusiwang go ithuta go le gontsi ka phuthego ya Modimo.

Phuthego ya mo Lefelong la Lona

Basha ba tshwanetse go itse phuthego e lelapa la lona le kopanelang mo go yone. Gore lo fitlhelele seo, lona batsadi lo tlhoka go tsamaya le bana ba lona kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete. Fa lo dira jalo, lo latela sekao se Jehofa a se tlhometseng Baiseraele fa a ne a ba laela jaana: “Phutha batho, banna le basadi le ba bannye . . . , gore ba reetse le gore ba ithute, e re ka ba tshwanetse go boifa Jehofa Modimo wa lona le go tlhokomela go diragatsa mafoko otlhe a molao ono. Mme bomorwaabone ba ba iseng ba itse ba reetse, mme ba ithute go boifa Jehofa Modimo wa lona.”—Dute. 31:12, 13.

Bana ba ka simolola go ithuta se se mo Lefokong la Modimo go tswa boseeng. Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana ka Timotheo: “O itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng.” (2 Tim. 3:15) Fa re le kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, tota le bana ba bannye ba kgona go tlhaloganya se se buiwang le go itse dipina tsa Bogosi. Fa ba le koo, ba ithuta go dirisa Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le go di tlotla. Mo godimo ga moo, fa ba le kwa dipokanong ba tla lemoga nonofo e e tlhaolang balatedi ba ga Keresete ba boammaaruri—lorato lwa mmatota. Jesu o ne a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:34, 35) Bana ba tla kgatlhiwa ke lorato le tshireletsego ya mmatota tse ba di bonang kwa Holong ya Bogosi mme seo se tla dira gore go ya dipokanong tsa Bokeresete e nne karolo ya botshelo jwa bone.

Fa o tlwaela go fitlha go sa le gale kwa Holong ya Bogosi mme o bo o sa tsamaye ka bonako morago ga dipokano, bana ba gago ba tla nna le tshono ya go dira ditsala. Go na le gore o ba letle gore ba tsalane fela le bana ba bangwe, ke eng fa o sa ba itsise bakaulengwe le bokgaitsadi ba dingwaga tse di farologaneng? Fa bana ba gago ba tlwaelana le batho ba ba godileng, ba tla lemoga gore batho ba ba godileng ba na le maitemogelo a mantsi le botlhale. Fela jaaka Sekarea wa bogologolo yo e neng e le “motlhatlheledi wa gore go boifiwe Modimo wa boammaaruri,” a ne a tlhotlheletsa Usia yo monnye yo e neng e le kgosi ya Juda ka tsela e e molemo, le gompieno batho ba ba diretseng Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi ba tlhotlheletsa basha ka tsela e e molemo. (2 Ditir. 26:1, 4, 5) Fa lo le kwa Holong ya Bogosi, o ka tlhalosetsa bana ba gago mosola wa laeborari, lomati lwa dikitsiso, le dilo tse dingwe.

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe

Bana ba tshwanetse go itse gore phuthego ya gabone ke karolo ya mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o nang le diphuthego tse di fetang 100 000. Tlhalosa kafa mokgatlho ono o bopilweng ka teng, kafa o dirang ka teng, le gore bana ba na le seabe sefe mo go emeng tiro ya one nokeng. Ba bolelele gore ke eng fa lo letela ka tlhoafalo dikopano tsa potologo, dikopano tsa kgaolo, le ketelo ya molebedi wa potologo.—Bona lebokose la setlhogo se se reng,  “Dilo Tse Lo ka Di Sekasekang ka Nako ya Kobamelo ya Lelapa,” mo go tsebe 28.

Fa o na le tshono, o ka laletsa balebedi ba ba etang, barongwa, maloko a lelapa la Bethele, le badiredi ba bangwe ba nako e e tletseng go tla dijong kwa legaeng la gago. O se ka wa akanya gore ga ba na nako ya basha. Badiredi bano ba nako e e tletseng ba leka go etsa Jesu, yo ka dinako tsotlhe a neng a amogela bana e bile a bua le bone. (Mar. 10:13-16) Fa bana ba gago ba utlwa batlhanka bao ba ga Jehofa ba tlotla ka maitemogelo a bone mme ba lemoga kafa ba itumelelang go dira tirelo e e boitshepo ka gone, le bone ba ka ipeela mokgele wa go direla ka nako e e tletseng.

Lo ka dirang gape lo le lelapa go thusa bana ba lona gore ba itse phuthego ya ga Jehofa botoka? Dikakantsho dingwe tse lo ka di dirisang ke tseno: Itireleng thulaganyo ya lelapa ya go sekaseka buka ya Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi jwa Modimo. Gatelela boineelo, boikokobetso le boikanyegi jo batlhanka ba ga Jehofa ba ileng ba bo bontsha. Bontsha gore Jehofa o ba dirisitse jang go anamisa dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Dirisa dibidio tse di gatisitsweng ke phuthego ya ga Jehofa go ba ruta dithuto tsa botlhokwa tsa motlha wa bogologolo le tsa motlha wa gompieno. Fa go kgonega, etelang ofisi ya lekala le legae la Bethele le le mo nageng ya gaeno kgotsa magae a Bethele a a kwa dinageng tse dingwe. Maeto a a ntseng jalo a tla dira gore bana ba gago ba kgatlhegele kafa karolo ya mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa e e kaelwang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego e rulagantsweng ka gone go aba dijo tsa semoya le go kaela bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe, fela jaaka e ne e dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.—Math. 24:45-47; Dit. 15:22-31.

Naya Ngwana Mongwe le Mongwe Tshedimosetso E e Mo Lekaneng

Fa o ruta ngwana wa gago, gopola tsela e Jesu a neng a ruta baaposetoloi ba gagwe ka yone. Nako nngwe o ne a ba raya a re: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke sa ntseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno.” (Joh. 16:12) Jesu ga a ka a imetsa barutwa ba gagwe ka tshedimosetso e ntsi. Go na le moo, o ne a ba ruta dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri kgato ka kgato gore ba kgone go di tlhaloganya sentle. Ka tsela e e tshwanang, le wena o se ka wa imetsa bana ba gago. Fa o ba ruta dilo tse di malebana le phuthego ya ga Jehofa ka metlha, kgato ka kgato, o tla dira gore ba nne le kgatlhego, mme o tla dira gore ba itumelele go ithuta ka phuthego ya Bokeresete. Fa bana ba gago ba ntse ba gola, o ka nna wa boeletsa se ba setseng ba ithutile sone mme wa oketsa tshedimosetso eo.

Phuthego ya Bokeresete ke lefelo le le ka re thusang thata go nonotsha botsalano jwa rona le Modimo mme basha ba ba nnang le seabe ka matlhagatlhaga mo ditirong tsa yone ba tlhomelelwa gore ba lwantshe tlhotlheletso ya lefatshe la ga Satane. (Bar. 12:2) Re na le tsholofelo ya gore o tla itumelela go thusa bana ba gago gore ba itse phuthego ya ga Jehofa. E kete Modimo yo o lorato yo re mo direlang a ka ba segofatsa gore ba nne ba mo kgomaretse ka boikanyegi e bile ba kgomaretse phuthego ya gagwe.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

 Dilo Tse Lo ka Di Sekasekang ka Nako ya Kobamelo ya Lelapa

Dingwe tsa dilo tse di tsamaisanang le phuthego ya ga Jehofa tse lo ka di sekasekang ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ke tseno.

▪ Tlotlang ka kgang ya gore phuthego ya lefelo la lona e simologile kae. E simologile leng mme jang? Ke Diholo dife tsa Bogosi tse di farologaneng tse phuthego e kileng ya di dirisa? Fa lo tlotla ka seno, ke eng o sa laletse mongwe yo o nang le nako e telele e le leloko la phuthego ya lona go tla kwa legaeng la lona go tla go araba dipotso tsa bana ba gago?

▪ Tlhalosa boikaelelo jwa dipokano tse di farologaneng tsa phuthego mmogo le dikokoano tse dikgolo le gore bana ba ka solegelwa molemo jang mo go tsone.

▪ Sekaseka botlhokwa jwa dikolo tse di farologaneng tse di tlhomilweng ke phuthego ya ga Jehofa. Tlotlang ka maitemogelo a a bontshang matswela a a molemo a ba ba alogileng mo dikolong tseno ba nnang le one.

▪ Thusa basha gore ba lemoge botlhokwa jwa go nna baboledi ba ka metlha ba dikgang tse di molemo. Ba bontshe gore ke eng se ba ka se dirang gore ba balelwe mo pegong ya lefatshe lotlhe e e gatisiwang mo bukeng ya Yearbook of Jehovah’s Witnesses.

▪ Sekaseka mefuta e e farologaneng ya tirelo ya nako e e tletseng e e leng gone mo phuthegong ya ga Jehofa e basha ba ka e tsenelang. Kgaolo 10 ya buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa e re naya tshedimosetso ya botlhokwa malebana le seno.

▪ Thusa basha gore ba tlhaloganye gore ke eng fa mo phuthegong dilo di dirwa ka ditsela tse di rileng. Ba tlhalosetse gore ke eng fa ba sa tshwanela go itirela maratwaepelo mo phuthegong ya ga Jehofa, le fa e ka nna ka ditsela tse dinnye. Ba bontshe gore ba ka dira jang go thusa gore dilo di tsamaye ka thulaganyo mo phuthegong fa ba latela kaelo ya bagolwane.

[Setshwantsho]

Bana ba gago ba tla solegelwa molemo fa ba nna ditsala le batho ba ba nnileng mo tirelong ka nako e telele

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Jaaka kwa Iseraele wa bogologolo, gompieno batsadi ba leka ka natla go naya bana ba bone dikarabo tse di kgotsofatsang fa ba ba botsa dipotso ka phuthego ya ga Jehofa