Basha—Fenyang Kgatelelo ya Balekane
Basha—Fenyang Kgatelelo ya Balekane
“A puo ya lona . . . e nne . . . e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—BAKOL. 4:6.
1, 2. Basha ba le bantsi ba ikutlwa jang ka go se dire dilo tse balekane ba bone ba di dirang, mme ka ntlha yang?
GA GO pelaelo gore “kgatelelo ya balekane” ga se sengwe se o kileng wa utlwa fela ka sone mme o tshwanetse wa bo o kile wa lebana le yone. Gongwe ka nako nngwe mongwe o kile a go tlhotlheletsa gore o dire sengwe se o neng o itse gore se phoso. O ikutlwa jang fa seo se direga? Christopher wa dingwaga di le 14 a re: “Ka dinako dingwe e kete nka re lefatshe fatoga ke tsene, kgotsa gongwe ke nne jaaka bana ba ke tsenang sekolo le bone mme ke dire se ba se dirang.”
2 A balekane ba gago ba tlhotlheletsa thata tsela e o dirang dilo ka yone? Fa go le jalo, ka ntlha yang? A gongwe ke ka go bo o batla gore ba go amogele? Boammaaruri ke gore ga go phoso go ikutlwa ka tsela eo. Tota le bagolo ba batla go amogelwa ke balekane ba bone. Ga go motho—a ka tswa a le monnye kgotsa a le mogolo—yo o ratang go tlhokomologiwa. Mme gone, batho bangwe ga ba kitla ba go rata fa o emela se se siameng. Tota le Jesu o ne a tshwanelwa ke go lebana le maemo a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, ka metlha o ne a dira se se siameng. Le fa ba bangwe ba ne ba latela Morwa Modimo mme ba nna barutwa ba gagwe, ba bangwe bone ba ile ba mo tlhoa mme ba mo “tsaya jaaka yo e seng wa sepe.”—Isa. 53:3.
Kgatelelo ya go Kgatlha Balekane —E Maatla go le Kana Kang?
3. Ke eng fa go le phoso go itetla go dira se balekane ba gago ba reng o se dire?
3 Ka dinako tse dingwe o ka nna wa raelesega go dira se balekane ba gago ba reng o se dire e le fa o batla gore ba go amogele. Seo e tla Baef. 4:14) Bana ba bannye ba ka tlhotlhelediwa motlhofo fela. Le fa go ntse jalo, e re ka jaanong o setse o le mosha, go ise go ye kae o tla nna mogolo. Ka jalo, fa o dumela gore melao ya ga Jehofa e diretswe go go solegela molemo, go tla nna molemo gore o tshele ka yone. (Dute. 10:12, 13) Fa o sa dire se o se dumelang o tla bo o letla batho ba bangwe gore ba go laole. Tota e bile, fa o ineela mo kgatelelong ya balekane, o tla bo o tshwana le sedirisiwa se se laolwang ke mongwe se se sa kgoneng go itirela ditshwetso.—Bala 2 Petere 2:19.
bo e le phoso. Bakeresete ga ba a tshwanela go “nna masea, [ba] heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete [ba] heheutlwa ke makhubu.” (4, 5. (a) Go tlile jang gore Arone a ineele mo kgatelelong ya balekane, mme o ka ithuta eng mo go seno? (b) Ke ditsela dife tse balekane ba gago ba ka di dirisang gore ba go gatelele?
4 Nako nngwe, morwarraagwe Moshe e bong Arone, o ne a ineela mo kgatelelong ya balekane. Fa Baiseraele ba ne ba mo tlhotlheletsa gore a ba direle modingwana, o ne a o dira. Arone e ne e se legatlapa. Mo nakong e e fetileng, o ile a ema Moshe nokeng fa ba ne ba ya go bua le Faro, monna yo o neng a le maatla go gaisa kwa Egepeto. Arone o ne a bua le ene ka bopelokgale, a mo itsise molaetsa wa Modimo. Mme fa Baiseraele mmogo le ene ba ne ba mo gatelela, o ne a ineela. Ruri kgatelelo ya balekane e maatla! Arone o ne a kgona go emelana le kgosi ya Egepeto mme a palelwa ke go emelana le balekane ba gagwe.—Ekes. 7:1, 2; 32:1-4.
5 Fela jaaka sekao sa ga Arone se bontsha, kgatelelo ya balekane ga se sengwe se se diragalelang basha fela, e bile ga se sengwe se se dirwang fela ke batho ba ba tlwaetseng go dira bosula. Kgatelelo ya balekane e ka ama le batho ba tota ba ratang go dira se se siameng, go akaretsa le wena. Balekane ba gago, ba ka leka go go pateletsa go dira sengwe se se phoso ka go go gwetlha, go go latofatsa kgotsa go go kgoba. Go thata go emelana le kgatelelo ya balekane go sa kgathalesege gore ke ya mofuta ofe. Gore o kgone go e fenya, o tshwanetse go tlhatswega pelo ka se o se dumelang.
“Nnang lo Ipontshe se Lona ka Bolona lo Leng Sone”
6, 7. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go tlhatswega pelo ka se o se dumelang, mme o ka dira eng gore o kgone go dira seo? (b) Ke dipotso dife tse o ka ipotsang tsone gore o nonotshe tsela e o tlhatswegileng pelo ka yone ka se o se dumelang?
6 Gore o kgone go fenya kgatelelo ya balekane, sa ntlha o tshwanetse wa bo o tlhatswegile pelo gore se o se dumelang le melao e o tshelang ka yone e siame. (Bala 2 Bakorintha 13:5.) Le fa gongwe o le ditlhong ka tlholego, fa o tlhatswegile pelo ka se o se dumelang o tla nna pelokgale. (2 Tim. 1:7, 8) Mme le fa motho a ka tswa a le pelokgale, go ka nna thata gore a emele sengwe se a sa se dumeleng ka pelo yotlhe. Ka jalo, ke eng fa o sa itlhatswe pelo gore tota se o se rutilweng go tswa mo Baebeleng se boammaaruri? Simolola ka dithuto tsa motheo. Ka sekai, o dumela mo Modimong mme o utlwile batho ba bangwe ba tlhalosa mabaka a go bo ba dumela gore Modimo o teng. Ka jalo ipotse, ‘Ke eng se nna se ntlhatswang pelo gore Modimo o teng?’ Boikaelelo jwa potso eo ga se go dira gore o simolole go nna le dipelaelo mme ke go nonotsha tumelo ya gago. Gape ipotse gore, ‘Ke itse jang gore Dikwalo di tlhotlheleditswe ke Modimo?’ (2 Tim. 3:16) “Ke eng fa ke tlhatswegile pelo gore eno ke ‘metlha ya bofelo’?” (2 Tim. 3:1-5) ‘Ke eng se se dirang gore ke dumele gore melao ya ga Jehofa e solegela nna molemo?’—Isa. 48:17, 18.
7 O ka nna wa okaoka go ipotsa dipotso tseo, o boifa gore ga o na o bona dikarabo. Le fa go ntse jalo, seo se tla bo se tshwana le go okaoka go leba lenaka le le supang selekanyo sa peterole mo koloing, gonne o boifa gore le supa gore peterole e a fela! Fa e le gore peterole e a fela mo tankeng o tlhoka go itse, gore o kgone go dira sengwe ka gone. Ka tsela e e tshwanang, go molemo go itse gore ke kae mo o sa tlhatswegang pelo teng mme o leke ka natla go baakanya bothata joo.—Dit. 17:11.
8. Tlhalosa gore o ka godisa jang tsela e o tlhatswegileng pelo ka yone gore go botlhale go reetsa taelo ya Modimo ya go ithiba mo kgokafalong.
8 Akanya ka sekai seno. Baebele e go rotloetsa gore o ‘tshabe kgokafalo.’ Ipotse, ‘Ke eng fa go le botlhale go latela taelo eo?’ Akanya ka mabaka otlhe a a dirang gore balekane ba gago ba itshware ka tsela eo. Akanya gape le ka mabaka a mangwe a go bo motho yo o gokafalang a “leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakor. 6:18) Go tswa foo, sekaseka mabaka ao mme o ipotse: ‘Ke tsela efe e go leng botlhale go e latela? Tota go tla ntsholegela molemo ka eng go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?’ Akanyetsa kgang eno kwa teng mme o ipotse jaana, ‘Ke tla ikutlwa jang fa nka ineela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?’ Balekane ba gago ba ka nna ba go amogela fa o sena go dira se ba se batlang, mme o tla ikutlwa jang moragonyana fa o na le batsadi ba gago kgotsa Bakeresete mmogo le wena kwa Holong ya Bogosi? O tla nna le maikutlo afe fa o leka go rapela Modimo? A ruri o ikemiseditse gore o latlhegelwe ke kamano ya gago e e molemo le Modimo e le fela gore o kgatlhe bana ba o tsenang sekolo le bone?
9, 10. Go tlhatswega pelo ka se o se dumelang go tla go thusa jang gore o itshepe fa o na le balekane ba gago?
9 Fa e le gore o mo tshimologong ya dingwaga tsa bosha, o mo nakong e ka yone ‘maatla a gago a go akanya’ a ntseng a gola fela thata. (Bala Baroma 12:1, 2.) Dirisa nako eno go akanya ka kelotlhoko gore go nna Mosupi wa ga Jehofa go kaya eng mo go wena. Go tlhatlhanya ka seo go ka go thusa gore o tlhatswege pelo le go feta ka se o se dumelang. Mme fa o lebane le kgatelelo ya balekane, o tla kgona go ba araba ka yone nako eo e bile o tlhatswegile pelo ka se o se buang. O tla ikutlwa fela jaaka kgaitsadi mongwe yo mosha wa Mokeresete yo o neng a re: “Fa ke lwantsha kgatelelo ya balekane, ke a bo ke ba bontsha gore ke kgona go emela se ke se dumelang. Bodumedi jwa me bo botlhokwa tota mo go nna. Ke jone bo tlhotlheletsang tsela e ke akanyang ka yone, mekgele ya me, boitsholo le botshelo jotlhe jwa me.”
10 Ee, o tshwanetse go kgaratlha gore o kgone go nna o nitame le go emela se se siameng. (Luke 13:24) Mme gone, o ka tswa o ipotsa gore seo se tla go solegela molemo jang. Se lebale seno: Fa o bonala o etsaetsega kgotsa o tlhabiwa ke ditlhong ka se o se dumelang, balekane ba gago ba tla lemoga seo, mme ba ka nna ba go gatelela le go feta. Le fa go ntse jalo, fa o bua o tlhatswegile pelo o tla gakgamala go bona kafa ba tla kgaoganang le wena ka bonako ka gone.—Bapisa Luke 4:12, 13.
‘Tlhatlhanya Gore o Tle o Arabe’
11. Go ipaakanyetsa kgatelelo ya balekane go sa le gale go tla go thusa jang?
11 Kgato e nngwe e e botlhokwa e e ka go thusang go fenya kgatelelo ya balekane ke go ipaakanya go sa le gale. (Bala Diane 15:28.) Go ipaakanya go kaya go nna o akantse ka maemo a a ka nnang a tlhaga. Ka dinako tse dingwe go akanyetsa dilo kwa pele go ka go thusa gore o kgone go tila bothata bongwe jo bogolo. Ka sekai, a re re gongwe o bonela kgakala setlhopha sa bana ba o tsenang sekolo le bone ba goga. A go ka direga gore ba go neye sekerete? E re ka o lemoga bothata o tla dira eng? Diane 22:3 ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” Fa o ka tsaya tsela e sele, o ka kgona go tila bothata joo gotlhelele. Seo ga se bogatlapa; ke kgato e e botlhale.
12. O ka iphemela jang fa o lebane le kgatelelo ya balekane?
12 O tla dira eng fa e le gore ga go ka tsela e o ka tilang bothata ka yone? A re re molekane o go botsa jaana a gakgametse, “A ga o ise o tlhakanele dikobo?” Se se ka go thusang ke go latela kgakololo e e mo go Bakolosa 4:6: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” Fela jaaka temana eno e bontsha, tsela e o arabang potso eno ka yone e tla ikaega ka maemo. Gongwe ga go tlhokege gore o simolole thero ya Baebele. Karabo e e tlhamaletseng le e e motlhofo e tla bo e lekane. Ka sekai, go araba potso e e malebana le go bo o ise o tlhakanele dikobo, o ka nna wa tlhamalala fela wa re, “Ee, ga ke ise ke tlhakanele dikobo,” kgotsa wa re, “Tota eo ke kgang ya botho.”
13. Temogo e ka go thusa jang gore o kgone go araba fa o sotliwa ke balekane?
13 Gantsi Jesu o ne a araba ka bokhutshwane fa go bua dilo tse dintsi go ne go se kitla go mo solegela molemo. Tota e bile, fa Herode a ne a mmotsolotsa, Jesu o ne a itidimalela fela. (Luke 23:8, 9) Gantsi go molemo go didimala fa motho a go botsa dipotso tse di supang lonyatso. (Dia. 26:4; Mor. 3:1, 7) Mme gone, ka dinako dingwe o ka nna wa lemoga gore tota motho o eletsa go itse ka se o se dumelang—a re re gongwe ka boitsholo jwa tlhakanelo dikobo—le fa a kile a bua le wena ka go go kgoba. (1 Pet. 4:4) Fa go le jalo, go ka nna molemo gore o mo tlhalosetse ka botlalo se o se dumelang go tswa mo Baebeleng. Mo maemong a a ntseng jalo, o se ka wa didimala fela gonne o boifa. Ka metlha nna o “iketleeleditse go iphemela.”—1 Pet. 3:15.
14. Mo maemong mangwe, o ka dirisa jang botlhale go busetsa kgatelelo kwa balekaneng ba gago?
14 Mo maemong mangwe o ka nna wa iphemela ka gore le wena o ba beye mo kgatelelong. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go dira seo ka botlhale. Ka sekai fa ngwana yo o tsenang sekolo le ene a go naya sekerete, o ka nna wa re, “Nnyaa, ga ke se batle,” go tswa foo o bo o re, “Ke ne ke akanya gore o botlhale tota mo o ka se kang wa goga!” A o lemoga gore le wena o mmaya mo kgatelelong? Go na le gore o tshwanelwe ke go tlhalosetsa molekane wa gago gore ke eng fa o sa goge, tsela e o mo arabileng ka yone e mo pateletsa gore a akanye gore ke eng fa ene a goga. *
15. Ke leng go tshwanelang gore o kgaogane le balekane ba ba lekang go go gatelela, mme ka ntlha yang?
15 O tla dira eng fa kgatelelo e tswelela morago Dia. 27:11.
ga maiteko otlhe a o a dirileng? Mo maemong ao, go molemo gore o kgaogane le bone. Fa o sa kgaogane le bone, o ipaya mo kotsing ya gore ba go gatelele go fitlha o ineela. Ka jalo, itsamaele. Go dira jalo ga go reye gore o fentswe. Boammaaruri ke gore o kgonne go ikemela. Ga o a itetla go laolwa ke balekane ba gago, mme o dirile gore pelo ya ga Jehofa e ipele.—Nna le ‘Dithulaganyo Tse di Solegelang Molemo’
16. Basha bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba ka go gatelela jang?
16 Ka dinako tse dingwe, kgatelelo ya go dira se se sa siamang e ka tswa le mo basheng bangwe ba ba ipitsang batlhanka ba ga Jehofa. Ka sekai, o tla dira eng fa o goroga kwa kokoanong nngwe e e rulagantsweng ke motho yo o ntseng jalo o bo o fitlhela go se na mogolo yo o e tlhokometseng? Kgotsa go tweng fa mosha yo o ipitsang Mokeresete a tlile le bojalwa kwa kokoanong eo, mme wena le ba bangwe ba ba leng gone lo se mo dingwageng tse motho a letlelelwang go nwa bojalwa ka tsone? Go ka nna le maemo a mantsi a mo go one o tla tlhokang go kaelwa ke segakolodi sa gago se se thapisitsweng ke Baebele. Mosha mongwe wa Mokeresete a re: “Nna le nnake, re ne ra tswa filimi nngwe e e neng e tletse ka puo e e leswe e tsweletse. Basha bangwe ba re neng re tsamaile le bone ba ne ba sala. Batsadi ba rona ba ne ba re akgolela se re se dirileng. Le fa go ntse jalo, bangwe mo setlhopheng ba ne ba galefile ka gonne ba re re itira botoka.”
17. Fa o ya kwa kokoanong, ke dilo dife tse o ka di dirang gore o kgone go ikobela melao ya Modimo?
17 Fela jaaka re bone mo dirapeng tse di fetileng, go reetsa segakolodi sa gago se se thapisitsweng ke Baebele go ka go tsenya mo maemong a a go lekang tumelo. Mme gone, kgomarela se o itseng gore se siame. Ipaakanye go sa le gale. Fa o ya kwa kokoanong, nna le leano la go betsega fa dilo di sa tsamaye ka tsela e o neng o e lebeletse. Basha bangwe ba dumalane le batsadi ba bone gore fa dilo di sa tsamaye sentle, ba tla ba leletsa mogala mme ba tle go ba tsaya ka yone nako eo. (Pes. 26:4, 5) ‘Dithulaganyo tseo di ne tsa ba solegela molemo.’—Dia. 21:5.
‘Ipele mo Bosheng Jwa Gago’
18, 19. (a) Ke eng fa o ka tlhomamisega gore Jehofa o batla gore o itumele? (b) Modimo o ikutlwa jang ka ba ba kgonang go fenya kgatelelo ya balekane?
18 Jehofa o go bopetse gore o ipelele botshelo mme o batla go go bona o itumetse. (Bala Moreri 11:9.) Se lebale gore se bontsi jwa balekane ba gago ba se dirang ke “go ja monate wa boleo ka nakwana” fela. (Baheb. 11:25) Modimo wa boammaaruri o batla gore o nne le sengwe se se fetang seo kgakala. O batla gore o itumele ka bosakhutleng. Ka jalo, fa o raelesega go dira sengwe se o itseng gore Modimo ga a se rate, se lebale gore se Jehofa a batlang gore o se dire, kgabagare se tla solegela wena molemo.
19 Wena mosha, ela tlhoko gore tota le fa o ka dira se balekane ba gago ba se batlang e le gore ba go amogele, mo dingwageng tse di tlang, bontsi jwa bone ba tla bo ba sa tlhole ba gakologelwa le leina la gago. Le fa go ntse jalo, fa o emelana le kgatelelo ya balekane, Jehofa o bona seo mme ene ga a kitla a go lebala kgotsa a lebala boikanyegi jwa gago. O tla go ‘bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo a bo a go tshololela lesego go fitlha o sa tlhole o tlhoka sepe.’ (Mal. 3:10) Mo godimo ga moo, o go naya moya o o boitshepo ka bopelotshweu gore a go thuse mo o ka tswang o tlhaela gone. Ee, Jehofa a ka go thusa go fenya kgatelelo ya balekane!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 14 Bona tšhate e e reng, “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane,” e e mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, tsebe 132 le 133.
A o A Gakologelwa?
• Kgatelelo ya balekane e maatla go le kana kang?
• Go tlhatswega pelo ka se o se dumelang go ka go thusa jang gore o emelane le kgatelelo ya balekane?
• O ka ipaakanya jang gore o kgone go fenya kgatelelo ya balekane?
• O itse jang gore Jehofa o anaanela thata boikanyegi jwa gago?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Ke eng fa Arone a ile a ineela mme a dira namane ya gouta?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ipaakanye—akanya go sa le gale gore o tla reng