Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Reetsa Selelo Sa yo O Pelo e Phatlogileng

Jehofa o Reetsa Selelo Sa yo O Pelo e Phatlogileng

Jehofa o Reetsa Selelo Sa yo O Pelo e Phatlogileng

JAAKA Kgosi e e botlhale ya kwa Iseraele wa bogologolo e bong Solomone e ile ya tlhalosa, “botlhe [re] diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Mor. 9:11) Tiragalo e e setlhogo kgotsa teko e e utlwisang botlhoko e ka re sulafaletsa botshelo. Ka sekai, go swelwa ka tshoganyetso ke mongwe yo re atamalaneng le ene wa losika go ka re ngomola pelo fela thata. Mo dibekeng le dikgwedi tse di latelang, maikutlo a go hutsafala le go tlalelwa a ka re fekeetsa. Motho a ka tlalelwa thata mo a bileng a ikutlwa a sa tshwanelege go rapela Jehofa.

Mo maemong a a ntseng jalo, motho o tlhoka go kgothadiwa, go akanyediwa le go bontshiwa lorato. Mopesalema Dafide o ne a re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, e bile o tsholetsa botlhe ba ba inameng.” (Pes. 145:14) Baebele e re bolelela gore, “matlho a ga [Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditir. 16:9) O na “le yo moya wa gagwe o gateletsweng e bile o le kwa tlase, gore [a] rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.” (Isa. 57:15) Jehofa o ema nokeng le go gomotsa ba ba gateletsweng le ba ba moya o o kwa tlase jang?

“Lefoko ka Nako ya Lone e e Tshwanetseng”

Tsela nngwe e Jehofa a re thusang ka yone ka nako e e tshwanetseng ke ka bakaulengwe ba Bakeresete. Bakeresete ba gakololwa gore ba ‘bue ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathes. 5:14) Mafoko a a bontshang go amega ka mongwe le a a lorato a a tswang mo badumeding ka rona ba ba kutlwelobotlhoko, a ka thusa go nonotsha mongwe ka nako ya fa a ngomogile pelo e bile a hutsafetse. Mafoko a a gomotsang a a ka buiwang le mo motlotlong o mo khutshwane a ka kgothatsa motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong. Mafoko ao a a akanyeditsweng sentle a ka buiwa ke mongwe yo le ene a kileng a itshokela tlalelo e e tshwanang le e o lebaneng le yone mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Kgotsa e ka tswa e le mafoko a a botlhale a a tswang mo tsaleng e e nang le maitemogelo a botshelo. Jehofa a ka dirisa ditsela tseno tse di molemo go tsosolosa moya wa motho yo o pelo e phatlogileng.

Akanya ka kgang ya mogolwane mongwe wa Mokeresete e bong Alex yo o neng a sa tswa go nyala, yo o neng a swelwa ke mosadi wa gagwe a sa lebelela ka gonne a ne a na le bolwetse jo bo sa alafegeng. Molebedi mongwe wa potologo yo o kutlwelobotlhoko o ne a ipha nako ya go bua le Alex mme a mo gomotsa. Le ene o ne a swetswe ke mosadi mme a nyetse gape. Molebedi yono wa potologo o ne a tlhalosa kafa khutsafalo ya gagwe e neng e mo amile ka gone. O ne a ikutlwa a le botoka fa a na le batho ba bangwe kwa bodireding le kwa dipokanong tsa phuthego. Le fa go ntse jalo, fa a le nosi kwa lapeng o ne a jewa ke bodutu fela thata. Alex a re: “Ruri ke ile ka wela makgwafo fa ke utlwa gore maikutlo a ke neng ke nna le one a tlwaelegile mme go na le bangwe ba ba kileng ba nna le one.” Eleruri, tota “lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng” le ka gomotsa motho yo o mo tlalelong.—Dia. 15:23.

Mogolwane yo mongwe wa Mokeresete yo o neng a itse batho ba le mmalwa ba ba neng ba swetswe ke balekane, o ne a tlhotlheletsega go kgothatsa Alex. O ne a bua le ene ka lorato a bontsha gore o mo utlwela botlhoko, mme a mmontsha gore Jehofa o itse se re se tlhokang le kafa re ikutlwang ka teng. Mokaulengwe yoo o ne a re: “Fa o ka ikutlwa o tlhoka molekane mo dikgweding kgotsa mo dingwageng tse di tlang, itse gore Jehofa o dirile thulaganyo e e lorato ya go nyala gape.” Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o swetsweng ke molekane mme a batla go nyala gape, yo o ka kgonang go nyala. Mme fa Alex a akanya ka se mokaulengwe yoo a se buileng o ne a re: “Go gopodiwa gore thulaganyo eno ke ya ga Jehofa, go dira gore o se ka wa ikutlwa molato gore o tla bo o sa ikanyege mo molekaneng wa gago kgotsa mo thulaganyong ya ga Jehofa ya lenyalo fa o ka nyala gape mo isagweng.”—1 Bakor. 7:8, 9, 39.

Mopesalema Dafide yo le ene a neng a lebana le diteko di le dintsi le mathata o ne a re: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.” (Pes. 34:15) Ruri ka nako e e tshwanetseng, Jehofa a ka araba selelo sa yo o pelo e phatlogileng a dirisa mafoko a a botlhale le a temogo a Bakeresete ka ene ba ba kutlwelobotlhoko le ba ba godileng semoyeng. Thulaganyo eno e lorato e bile e molemo.

Thuso E re E Bonang mo Dipokanong Tsa Phuthego

Go motlhofo gore motho yo o kgobegileng marapo a nne le dikakanyo tse di sa tshwanelang tse di ka dirang gore a itlhaole mo bathong. Le fa go ntse jalo, Diane 18:1 e tlhagisa jaana: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” Alex o ne a re: “Fa o latlhegelwa ke molekane, mogopolo wa gago o tlala ka dikgopolo tse di sa tshwanelang.” O gakologelwa gore o ne a tle a ipotse jaana: “‘A nkabo ke ile ka tokafatsa tsela e ke neng ke dira dilo ka yone? A nka bo ke ile ka leka ka natla go mo akanyetsa le go mo tlhaloganya botoka?’ Ke ne ke sa batle go nna ke le nosi. Ke ne ke sa rate go nna ke se mo lenyalong. Go thata go tlogela go akanya ka tsela eno ka gonne letsatsi le letsatsi go direga dilo tse di go gopotsang gore o setse o le nosi.”

Mo nakong eno motho yo o moya o o kwa tlase o tlhoka thata go kopana le batho ba ba tla mo kgothatsang. Seno se bonwa kwa dipokanong tsa phuthego. Fa re le koo re utlwa dikakanyo tsa Modimo tse di molemo le tse di agang.

Dipokano tsa Bokeresete di re thusa go leba boemo jo re leng mo go jone ka tsela e e tshwanetseng. Fa re ntse re reeditse ditemana tsa Baebele le go tlhatlhanya ka tsone, re tsepamisa megopolo ya rona mo dikgannyeng tsa botlhokwatlhokwa—go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisiwa ga leina la gagwe—e seng fela mo mathateng a re lebaneng le one. Mo godimo ga moo, fa re ntse re rutiwa ka Jehofa kwa dipokanong tsa Bokeresete, re kgothadiwa ke go itse gore le fa ba bangwe ba sa lemoge tlalelo e re lebaneng le yone kgotsa ba sa tlhaloganye kafa re ikutlwang ka gone, Jehofa ene o a tlhaloganya. O a itse gore “go na le moya o o hutsafetseng ka ntlha ya pelo e e botlhoko.” (Dia. 15:13) Modimo wa boammaaruri o batla go re thusa, mme seno se a re kgothatsa le go re nonotsha gore re kgone go tswelela ka botshelo.—Pes. 27:14.

Fa Kgosi Dafide a ne a lebane le kgatelelo e kgolo e e tswang kwa babeng ba gagwe, o ne a ikuela kwa Modimong a re: “Moya wa me o koafala mo teng ga me; pelo ya me e itshupa e kgwaraletse mo teng ga me.” (Pes. 143:4) Gantsi mathata a monya motho maatla mo mmeleng le mo maikutlong, a bo a mo kgwaralatsa le pelo tota. Go ngomoga pelo go ka bakiwa ke bolwetse kgotsa go nna bokoa mo mmeleng ka lobaka lo loleele. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re thusa go itshoka. (Pes. 41:1-3) Le fa gompieno Modimo a sa fodise ope ka kgakgamatso, o naya motho yo o bogang botlhale le maatla a a a tlhokang gore a kgone go itshokela boemo jo a lebaneng le jone. Se lebale gore fa Dafide a ne a imetswe ke diteko o ne a kopa thuso kwa go Jehofa. O ne a opela jaana: “Ke gakologetswe malatsi a bogologolo; ke tlhatlhantse ka tiro ya gago yotlhe; ke ne ka itlhophela go nna ke tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa gago.”—Pes. 143:5.

Lebaka la go bo mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a kwadilwe mo Lefokong la Modimo le bontsha gore Jehofa o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone. Mafoko ano a re tlhomamisetsa gore o reetsa dikopo tsa rona. Fa re amogela thuso ya gagwe, ‘ene o tla re tshegetsa.’—Pes. 55:22.

‘Rapela o sa Kgaotse’

Jakobe 4:8 ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” Tsela nngwe e re ka atamelang Modimo ka yone ke ka thapelo. Moaposetoloi Paulo o re gakolola gore re ‘rapele re sa kgaotse.’ (1 Bathes. 5:17) Tota le fa re feletswe ke mafoko, “moya ka boone o a re rapelela ka go fegelwa mo go sa buiweng.” (Bar. 8:26, 27) Ruri Jehofa o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone.

Monika yo o atamalaneng thata le Jehofa a re: “Go rapela, go bala Baebele, le go ithuta ke le nosi go dirile gore Jehofa e nne Tsala ya me e kgolo. O nnile motho wa mmatota jaana mo go nna mo ka metlha ke kgonang go bona seatla sa gagwe se nthusa. Ruri go a gomotsa go itse gore le fa ke sa kgone go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka gone, o a ntlhaloganya. Ke a itse gore bopelonomi jwa gagwe le masego a gagwe ga a fele.”

Ka jalo, a re amogeleng kgomotso e e lorato ya Bakeresete mmogo le rona, re dirise kgakololo e e molemo le e e nonotshang tumelo e re e utlwang kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme re bulele Jehofa mafatlha a rona ka thapelo. Dilo tseno tsotlhe tse Jehofa a re nayang tsone ka nako e e tshwanetseng di bontsha gore o a re kgathalela. Alex o bua ka se se mo diragaletseng fa a re: “Fa re dira seabe sa rona gore ka metlha re dirise dikakantsho tsotlhe tse Jehofa Modimo a re nayang tsone gore re nne re nonofile semoyeng, re tla nna le ‘maatla a a fetang a a tlwaelegileng’ a go itshokela teko nngwe le nngwe e re ka lebanang le yone.”—2 Bakor. 4:7.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mafoko a a Gomotsang yo o Pelo e Phatlogileng

Dipesalema di tletse ka mafoko a a bontshang kafa batho bangwe ba neng ba ikutlwa ka gone le a a re tlhomamisetsang gantsintsi gore Jehofa o reetsa selelo sa yo o pelo e phatlogileng yo o imetsweng ke mathata. Ela tlhoko ditemana tse di latelang:

“Mo matshwenyegong a me ke ne ka nna ka bitsa Jehofa, ke ne ka nna ka goela kwa Modimong wa me ke kopa thuso. Mme o ne a utlwa lentswe la me go tswa mo tempeleng ya gagwe, go goa ga me fa pele ga gagwe ke kopa thuso go ne ga tla mo ditsebeng tsa gagwe.”—Pes. 18:6.

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pes. 34:18.

“[Jehofa] o fodisa ba ba pelo e phatlogileng, O ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.”—Pes. 147:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ruri “lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng” le ka gomotsa tota mo motlheng wa tlalelo!