Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Mma re Iseng Tshupelo ya ga Jehofa’

‘Mma re Iseng Tshupelo ya ga Jehofa’

FA MONGWE a go direla sengwe se se molemo o mo leboga jang? Ela tlhoko kafa dikgosana tsa masole tsa kwa Iseraele di neng tsa bontsha tebogo ka teng fa di sena go lwa le Bamidiana. Ntwa eo e lolwe fa Iseraele a sena go leofela Modimo ka go obamela Baale wa Peore. Modimo o ne a thusa batho ba gagwe gore ba fenye, mme thopo e ne ya kgaoganyediwa masole a le 12 000 le Baiseraele ba bangwe botlhe. Go ya ka se Jehofa a neng a se laetse, masole a ne a abela baperesiti karolo nngwe ya thopo ya one, mme Baiseraele ba bangwe bone ba ne ba naya Balefi karolo e e lekanang le eo.—Dipa. 31:1-5, 25-30.

Le fa go ntse jalo, dikgosana tsa masole di ne di batla go dira se se fetang seo. Ba ne ba raya Moshe ba re: “Batlhanka ba gago ba tsere palo ya banna ba ntwa ba ba mo tlhokomelong ya rona mme ga go na le fa e le a le mongwe yo o begilweng a seyo mo go rona.” Ba ne ba swetsa ka gore ba isetse Jehofa tshupelo ya gouta le mekgabiso e e farologaneng. Mekgabiso eo yotlhe ya gouta e ne e le bokete jwa dikilogerama di feta 190.—Dipa. 31:49-54.

Le gompieno, batho ba le bantsi ba tlhotlheletsega go leboga Jehofa ka se a ba diretseng sone. Tota e bile, batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng ga se bone fela ba ba ikutlwang jalo. Ka sekai, akanya ka mokgweetsi wa bese yo o neng a pegile setlhopha sa batlakopanong fa ba ya kopanong le fa ba tswa kwa kopanong ya boditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa setediamong sa Bologna kwa Italy ka 2009. E re ka a ne a kgweetsa ka kelotlhoko e bile a ritibetse maikutlo, bapagami ba ne ba swetsa ka gore ba mo neye karata le madi a go mo leboga mmogo le buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Fa mokgweetsi a sena go di amogela o ne a re: “Ke lebogela karata le buka mme madi one ke a a busa ka gonne ke rata go ntsha moneelo gore lo kgone go tswelela ka tiro e lo e dirang. Le fa ke se Mosupi wa ga Jehofa, ke batla go neela ka gonne ke bone gore lo tlhotlhelediwa ke lorato mo dilong tse lo di dirang.”

Tsela e nngwe e o ka bontshang ka yone gore o lebogela dilo tse Jehofa a go diretseng tsone, ke ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa moneelo. (Math. 24:14) Ditsela tse bangwe ba tlhophang go aba ka tsone di bontshitswe mo lebokoseng leno.