Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bona Masego ka Kgosi ya Modimo e e Kaelwang ke Moya!

Bona Masego ka Kgosi ya Modimo e e Kaelwang ke Moya!

Bona Masego ka Kgosi ya Modimo e e Kaelwang ke Moya!

“Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene.”—ISA. 11:2.

1. Batho bangwe ba ile ba reng ka mathata a lefatshe?

KA 2006 moithutadinaledi, Stephen Hawking o ne a botsa jaana: “Batho ba ka kgona jang go tswelela ba tshela dingwaga tse dingwe di le 100 mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng mo go tsa dipolotiki, tsa loago le tsa tikologo?” Setlhogo se se mo lokwalopakeng lwa New Statesman sone se ne sa re: “Ga re a fedisa khumanego e bile ga re a dira gore lefatshe le nne le kagiso. Go na le moo, go bonala re dirile se se farologaneng thata le seo. Mme ga se gore ga re a dira maiteko ape. Re lekile sengwe le sengwe, go tloga ka bokomonisi go fitlha ka bokapitalisi; go tloga ka lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go fitlha ka letsholo la go kokoanya dibetsa tsa nuklea. E re ka re ne re akanya gore re ka kgona go fedisa ntwa, re lole ‘dintwa tse dintsi thata re leka go e fedisa.’”

2. Jehofa o tla tloga a bontsha jang gore o na le tshwanelo ya go busa lefatshe?

2 Batlhanka ba ga Jehofa ga ba gakgamadiwe ke dipolelo tse di ntseng jalo. Baebele e re bolelela gore batho ba ne ba sa bopelwa go ipusa. (Jer. 10:23) Jehofa ke ene fela Molaodimogolo yo o tshwanetseng. Ka jalo, ke ene fela a nang le tshwanelo ya go re beela melao, go re itsise gore re tshwanetse go nna le boikaelelo bofe mo botshelong le go re kaela gore re kgone go fitlhelela boikaelelo joo. Mo godimo ga moo, go ise go ye kae, o tla dirisa taolo ya gagwe go fedisa maiteko a batho a a foloditseng a go ipusa. Mme gape, o tla senya botlhe ba ka ntlha ya go gana tshwanelo ya gagwe ya go busa ba dirileng gore batho ba tswelele e le batlhanka ba boleo, ba bosaitekanelang le ba “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” Satane Diabolo.—2 Bakor. 4:4.

3. Ke eng se Isaia a ileng a se bolelelapele ka ga Mesia?

3 Mo lefatsheng le lesha la Paradaise, batho ba tla bontshiwa bolaodi jo bo lorato jwa ga Jehofa ka Bogosi jwa ga Mesia. (Dan. 7:13, 14) Isaia o ne a bolelelapele jaana ka Kgosi ya jone: “Go tla tswa kalana mo sesaneng sa ga Jese; mme letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa. Mme moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa.” (Isa. 11:1, 2) Modimo o ile a dirisa jang moya wa gagwe o o boitshepo go dira gore “kalana mo sesaneng sa ga Jese”—Jesu Keresete—e tshwanelegele go busa batho? Puso ya gagwe e tla lere masego afe? Mme re tshwanetse go dira eng gore re bone masego ao?

Modimo ke Ene a Dirang Gore a Tshwanelegele go Busa

4-6. Jesu o na le kitso efe ya botlhokwa e e tla mo thusang gore e nne Kgosi e e botlhale le e e kutlwelobotlhoko, Moperesiti yo Mogolo le Moatlhodi?

4 Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba itekanele ba kaelwa ke ene yo tota e leng Kgosi e e botlhale le e e kutlwelobotlhoko, Moperesiti yo Mogolo le Moatlhodi. Ke gone ka moo, Modimo a tlhophileng Jesu Keresete, mme a dirisa moya o o boitshepo go mo dira gore a tshwanelegele go diragatsa maikarabelo ao a a botlhokwatlhokwa. Akanya ka mangwe a mabaka a go bo Jesu a tla kgona go diragatsa ka botlalo dikabelo tse a di neilweng ke Modimo.

5 Jesu ke ene a itseng Modimo sentle. Morwa yo o tsetsweng a le esi o itsile Rre ka lobaka lo loleele go feta ope fela, gongwe ka dingwaga di le dibilionebilione. Mo nakong eo, Jesu o ne a nna le kitso e e boteng ka ga Jehofa mo a ileng a tlhalosiwa e le “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.” (Bakol. 1:15) Jesu ka boene o ne a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Joh. 14:9.

6 Kwantle ga Jehofa, Jesu ke ene a nang le kitso e e tseneletseng ka popo yotlhe, go akaretsa le batho. Bakolosa 1:16, 17 e balega jaana: “Dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa ka ene [Morwa Modimo] kwa magodimong le mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng . . . Gape, o nnile gone pele ga dilo tsotlhe tse dingwe mme dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa dirwa ka ene gore di nne gone.” Akanya fela ka seo! E re ka Jesu e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo, o ne a nna le seabe mo go bopeng dilo tse dingwe tsotlhe. Ka jalo, o tlhaloganya sengwe le sengwe ka lobopo lotlhe, go tswa go dikarolwana tsa atomo go ya go boboko jwa motho jo bo gakgamatsang. Ee, ruri Keresete ke botlhale jo bo mothofaditsweng!—Dia. 8:12, 22, 30, 31.

7, 8. Moya wa Modimo o ne a wa thusa Jesu mo bodireding jwa gagwe jang?

7 Jesu o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo. O ne a re: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, o ne a nthomela go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape, go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe, go rera ngwaga o o amogelesegang wa ga Jehofa.” (Luke 4:18, 19) Fa Jesu a ne a kolobediwa, go bonala moya o o boitshepo o ne wa dira gore a gakologelwe dilo tse a ithutileng tsone pele ga e nna motho, go akaretsa le se Modimo a neng a batla gore a se fitlhelele mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng e le Mesia.—Bala Isaia 42:1; Luke 3:21, 22; Johane 12:50.

8 E re ka Jesu a ne a nonotshitswe ka moya o o boitshepo e bile a itekanetse mo mmeleng le mo mogopolong, e ne e se fela motho yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng mme gape e ne e le Morutisi yo mogolo. Tota e bile, batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Math. 7:28) Jesu o ne a kgona go thusa batho le go tlhaloganya gore ke eng se se bakileng mathata a batho—boleo, bosaitekanelang, le go se nne le kitso ka Modimo. Gape o ne a kgona go bona se tota se leng mo dipelong tsa batho mme a kgona go dirisana le bone go ya ka maemo a bone.—Math. 9:4; Joh. 1:47.

9. Go akanya ka dilo tse Jesu a di dirileng fa a le mo lefatsheng, go godisa jang tsela e o tshepang ka yone gore e ka nna Mmusi?

9 Jesu o kile a tshela e le motho. Dilo tse di mo diragaletseng fa a ne a le mo lefatsheng mmogo le go tshela le batho ba ba sa itekanelang, di ne tsa mo thusa gore a tshwanelegele go nna Kgosi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “[Jesu] o ne a patelesega go tshwana le ‘bomorwarraagwe’ ka ditsela tsotlhe, gore a tle a nne moperesiti yo mogolo yo o nang le kutlwelobotlhoko le yo o ikanyegang mo dilong tse di leng ka ga Modimo, gore a tle a isetse maleo a batho setlhabelo sa thuanyo. Gonne e re ka ene ka boene a bogile fa a ne a lekwa, o kgona go tswa ba ba lekwang thuso.” (Baheb. 2:17, 18) E re ka Jesu “a ne a lekwa,” o kgona go bontsha ba ba lebaneng le diteko kutlwelobotlhoko. Tsela e Jesu a neng a le kutlwelobotlhoko ka yone e ne ya bonala sentle ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng. Batho ba ba lwalang, ba ba golafetseng le ba ba gateletsweng—tota le bana—ba ne ba sa tshabe go ya kwa go ene. (Mar. 5:22-24, 38-42; 10:14-16) Ba ba bonolo le ba ba batlang go itse ka Modimo le bone ba ne ba kgona go mo atamela. Le fa go ntse jalo, ba ba mabela, ba ba ikgogomosang le ba ba neng ba se na “lorato lwa Modimo” mo go bone, ba ne ba mo gana, ba mo tlhoa ba bo ba mo ganetsa.—Joh. 5:40-42; 11:47-53.

10. Jesu o bontshitse ka tsela efe e kgolo gore o a re rata?

10 Jesu o ne a re ntshetsa botshelo jwa gagwe. Gongwe bosupi jo bogolo jo bo bontshang gore Jesu o a tshwanelega go nna Mmusi ke ka go bo a ne a iketleeleditse go re swela. (Bala Pesalema 40:6-10.) Keresete o ne a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Joh. 15:13) Go farologana le babusi ba ba sa itekanelang ba batho, ba gantsi ba tshelang botshelo jwa manobonobo ba dirisa madi a babusiwa ba bone, Jesu ene o ne a ntshetsa batho botshelo jwa gagwe.—Math. 20:28.

O Neilwe Maatla a go Dirisa Thekololo

11. Ke eng fa re ka ikanya Morekolodi wa rona Jesu ka botlalo?

11 E re ka Jesu e le Moperesiti yo Mogolo ruri go a tshwanela gore e nne ene a dirang gore setlhabelo sa gagwe sa thekololo se re solegele molemo! Tota e bile, ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a re naya maoko a se a tla re direlang sone mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete e le Morekolodi wa rona, e leng masego a re tla itumelelang one fa fela re ikanyega. O ne a fodisa balwetse le digole, a tsosa baswi, a fepa boidiidi, a bo a laola le maemo a bosa. (Math. 8:26; 14:14-21; Luke 7:14, 15) Mo godimo ga moo, o ne a sa dire dilo tseno go itlotlomatsa le go bontsha gore o na le maatla, go na le moo o ne a bontsha gore o kutlwelobotlhoko e bile o lorato. O ne a raya molepero mongwe yo o neng a mo kopa gore a mo fodise a re: “Ke a batla.” (Mar. 1:40, 41) Jesu o tla bontsha jone boutlwelobotlhoko joo mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete—mme o tla dira seo mo lefatsheng lotlhe.

12. Isaia 11:9 e tla diragadiwa jang?

12 Keresete le babusimmogo le ene ba tla tswelela ka thulaganyo ya go ruta batho ka Modimo e Jesu a e simolotseng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Ka nako eo, mafoko ano a a mo go Isaia 11:9 a tla diragadiwa: “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” Ga go pelaelo gore thuto eo ya bomodimo e tla akaretsa ditaelo tsa kafa lefatshe le dibopiwa tsa lone tse dintsintsi di tshwanetseng go tlhokomelwa ka gone, fela jaaka Adame a ne a laetswe kwa tshimologong. Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 1 000, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jo bo boletsweng mo go Genesise 1:28 bo tla bo bo diragaditswe, mme setlhabelo sa thekololo se tla bo se dirisitswe ka botlalo.

O Neilwe Maatla a go Atlhola

13. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata tshiamo?

13 Keresete “ke Ene yo Modimo a neng a mo naya taelo ya go nna moatlhodi wa batshedi le baswi.” (Dit. 10:42) Ka gone, a bo go gomotsa jang ne go itse gore Jesu o tshiamo, le gore tshiamo le boikanyegi jwa gagwe di tshwana le moitlamo o o gatlhilweng sentle mo lothekeng lwa gagwe! (Isa. 11:5) O ne a bontsha gore o tlhoile bopelotshetlha, boitimokanyi le boikepo jo bongwe jotlhe, mme o ne a kgala batho ba ba neng ba sa kgathalele batho ba ba bogang. (Math. 23:1-8, 25-28; Mar. 3:5) Gape, Jesu o ne a bontsha gore ga a tsiediwe ke ponalo ya kafa ntle, “gonne ene ka boene o ne a itse se se neng se le mo mothong.”—Joh. 2:25.

14. Jesu o bontsha jang gone jaanong gore o rata tshiamo le tshiamiso, mme re tshwanetse go ipotsa eng?

14 Jesu o tsweletse go bontsha gore o rata tshiamo le tshiamiso ka go okamela letsholo le legolo go gaisa le le kileng la dirwa mo lefatsheng, la go rera le go ruta. Ga go motho, puso kgotsa moya ope o o boikepo o o ka thibelang gore tiro eno e dirwe ka tsela e Modimo a batlang ka yone. Ka jalo, ruri re ka tlhomamisega gore morago ga Haramagedona, Modimo o tla bo a diragaditse tshiamiso ya gagwe. (Bala Isaia 11:4; Mathaio 16:27.) Ipotse jaana: ‘Fa ke le mo bodireding, a ke bontsha boikutlo jo Jesu a neng a bo bontsha batho? A ke direla Jehofa ka bojotlhe, tota le fa ke na le mathata a botsogo kgotsa ke lebane le maemo mangwe a a thata?’

15. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gakologelwa gore re kgone go direla Modimo ka bojotlhe?

15 Re tla kgona go direla Modimo ka moya otlhe fa re nna re gakologelwa gore tiro ya go rera ke ya gagwe. Ke ene a laetseng gore e dirwe; o e kaela a dirisa Morwawe; mme o dirisa moya o o boitshepo go nonotsha ba ba e dirang. A o anaanela tshiamelo e o nang le yone ya go dira mmogo le Modimo le Morwawe yo o kaelwang ke moya? Ke Jehofa fela yo o ka tlhotlheletsang batho ba ba fetang dimilione di le supa, ba bontsi jwa bone ba tsewang ‘ba sa rutega e bile e le batho fela,’ gore ba rerele batho molaetsa wa Bogosi mo dinageng di le 236.—Dit. 4:13.

Itshegofatse ka Keresete!

16. Masego a Modimo a a tlhalosiwang mo go Genesise 22:18 a kaya eng?

16 Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.” (Gen. 22:18) Seno se kaya gore ba ba tsayang go direla Modimo go le botlhokwa ba ka tlhomamisega ka masego a Losika lwa Bomesia lo tla ba leretseng one mo isagweng. Ka jalo, ba direla Modimo ka tlhoafalo gompieno ba akantse ka masego ao.

17, 18. Re bala ka tsholofetso efe ya ga Jehofa mo go Duteronome 28:2, mme e kaya eng mo go rona?

17 Nako nngwe Modimo o ne a raya losika lwa Aborahame lwa nama, e leng setšhaba sa Iseraele a re: “Ditshegofatso tseno tsotlhe [tse di kwadilweng mo kgolaganong ya Molao] di tla go tlela di bo di go wela ka tshoganyetso, ka gonne o nna o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago.” (Dute. 28:2) Go ka buiwa jalo le ka batlhanka ba Modimo gompieno. Fa o batla ditshegofatso tsa ga Jehofa, “nna o reetsa” lefoko la gagwe. Mme ditshegofatso tsa gagwe “di tla go tlela di bo di go wela ka tshoganyetso.” Mme gone, go “reetsa” go akaretsa eng?

18 Tota go reetsa go akaretsa go tsaya tsia se se buiwang mo Lefokong la Modimo le go tsaya tsia dijo tsa semoya tse a re nayang tsone. (Math. 24:45) Gape go raya go ikobela Modimo le Morwawe. Jesu o ne a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” (Math. 7:21) Go reetsa Modimo go raya go ikobela ka go rata thulaganyo e a e tlhomileng e leng phuthego ya gagwe ya Bokeresete e e nang le bagolwane ba ba tlhomilweng, “dimpho tse e leng banna.”—Baef. 4:8.

19. Re ka dira eng gore re bone tshegofatso?

19 Mo ‘dimphong tseo tse e leng banna’, go na le maloko a Setlhopha se se Laolang a e leng baemedi ba phuthego yotlhe ya Bokeresete. (Dit. 15:2, 6) Tota e bile, tsela e re tshwarang bomorwarraagwe Keresete ba semoya ka yone, e tla nna le seabe se segolo mo tseleng e re tla atlholwang ka yone mo pitlaganong e kgolo e e tlang. (Math. 25:34-40) Ka jalo, tsela nngwe e re ka bonang tshegofatso ka yone ke ka go ema nokeng batlodiwa bano ba Modimo ka boikanyegi.

20. (a) “Dimpho tse e leng banna” di na le boikarabelo bofe jo bogolo? (b) Re ka bontsha jang gore re anaanela bakaulengwe bano?

20 “Dimpho tse e leng banna” di akaretsa le maloko a Dikomiti tsa Lekala, balebedi ba ba etang le bagolwane ba diphuthego—mme botlhe ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo. (Dit. 20:28) Boikarabelo jo bogolo jwa bakaulengwe bano ke go nonotsha batho ba Modimo “go fitlha [botlhe ba] fitlhelela bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e boammaaruri ka ga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.” (Baef. 4:13) Gone ke boammaaruri gore ga ba a itekanela fela jaaka rona rotlhe. Le fa go ntse jalo, re solegelwa molemo fa re anaanela tsela e e lorato e ba re disang ka yone.—Baheb. 13:7, 17.

21. Ke eng fa go le botlhokwa gore re ikobele Morwa Modimo?

21 Go ise go ye kae Keresete o tla tsaya kgato ka tsamaiso e e boikepo ya ga Satane. Ka nako eo, matshelo a rona a tla bo a le mo diatleng tsa ga Jesu, gonne Modimo o mo neile taolo ya go kaela “boidiidi jo bogolo” “kwa metsweding ya metsi a botshelo.” (Tshen. 7:9, 16, 17) Ka jalo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang gone jaanong go ikobela ka go rata Kgosi ya ga Jehofa e e kaelwang ke moya le go e anaanela.

O Ithutile Eng mo go  . . .

Isaia 11:1-5?

Mareko 1:40, 41?

Ditiro 10:42?

Genesise 22:18?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Boutlwelobotlhoko jwa ga Jesu bo ne jwa bonala fa a ne a tsosa morwadia Jairo mo baswing

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu Keresete o okametse letsholo la go rera le legolo go gaisa otlhe a a kileng a nna teng