Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo go Genesise 6:3, re bala jaana: “Moya wa me ga o kitla o itshokela motho ka bosakhutleng ka gore le ene ke nama. Ka jalo malatsi a gagwe a tla fitlha go dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi.” A Jehofa o ne a raya gore motho o ne a tla tshela fela dingwaga di le 120? Mme gone, a go tsere Noa dingwaga tseo go rera ka Morwalela o o neng o tla?

Karabo ya dipotso tseno tse pedi ke nnyaa.

Pele ga Morwalela, batho ba le bantsi ba ne ba tshela makgolokgolo a dingwaga. Noa o ne a na le dingwaga di le 600 fa Morwalela o tla, mme o ne a tshela go fitlha a nna dingwaga di le 950. (Gen. 7:6; 9:29) Batho ba bangwe ba ba neng ba tsholwa morago ga Morwalela le bone ba ne ba tshela dingwaga tse di fetang 120 kgakala. Arepakeshade o ne a swa a le dingwaga di le 438, mme Shela ene di le 433. (Gen. 11:10-15) Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Moshe, dingwaga tse batho ba neng ba di tshela di ne di fokotsegile go nna 70 kgotsa 80. (Pes. 90:10) Ka jalo, Genesise 6:3 e ne e sa kaye gore batho ba ne ba tla tshela fela dingwaga di le 120.

A jaanong Modimo o ne a dirisa mafoko a a mo temaneng eno go itsise Noa gore a tlhagise batho ka tshenyego e e neng e tla tla mo dingwageng di le 120? Nnyaa. Modimo o ile a bua le Noa ka makgetlo a le mmalwa. Ditemana di le lesome tse di latelang tsa pego eo di balega jaana: “Modimo a raya Noa a re: ‘Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me, ka gonne lefatshe le tletse thubakanyo.’” Mo dingwageng tse di latelang, Noa o ne a wetsa namane e tona ya tiro e a neng a lebane le yone ya go aga araka, mme ka nako eo, “Jehofa a raya Noa a re: ‘Tsena, wena le botlhe ba ntlo ya gago, mo teng ga araka.’” (Gen. 6:13; 7:1) Mme go na le makgetlo a mangwe a mo go one Jehofa a ileng a itsise Noa dilo dingwe.—Gen. 8:15; 9:1, 8, 17.

Le fa go ntse jalo, Genesise 6:3 yone ga e rialo; ga e umake sepe ka Noa e bile ga e tlhalose gore Modimo o ne a bua le ene. Tota e ka tsewa e tlhalosa boikaelelo jwa Modimo kgotsa se a neng a ikemiseditse go se dira. (Bapisa Genesise 8:21.) Tota e bile, mo dipegong dingwe tsa hisitori tse di tlhalosang dilo tse di ileng tsa direga pele ga motlha wa ga Adame, re fitlhela dipolelwana tse di jaaka: “Modimo a tswelela a re.” (Gen. 1:6, 9, 14, 20, 24) Go bonala sentle gore Jehofa o ne a sa bue le motho wa mo lefatsheng ka gonne ka nako eo batho ba ne ba ise ba bopiwe.

Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore, Genesise 6:3 e tlhalosa boikaelelo jwa Modimo jwa go fedisa tsamaiso e e boikepo ya dilo mo lefatsheng. Jehofa o ne a ntsha taelo ya gore o ne a tla tlisa katlholo eo mo dingwageng di le 120, le fa ka nako eo Noa a ne a sa itse seo. Mme gone, ke eng fa Modimo a ne a baya nako? Goreng a ne a leta?

Moaposetoloi Petere o re naya mabaka: “Bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa, fa araka e ne e sa ntse e agiwa, e mo go yone batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba neng ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.” (1 Pet. 3:20) Ee, fa Modimo a ne a tlhalosa se a ikaeletseng go se dira mo dingwageng di le 120, go ne go sa ntse go na le dilo tse dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa pele. Dingwaga di ka nna 20 moragonyana, Noa le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go tshola bana. (Gen. 5:32; 7:6) Barwa ba bone ba bararo ba ne ba gola, ba nyala mme lelapa la gola go nna “meya e le robedi.” Go tswa foo, ba ne ba tshwanelwa ke go aga araka, e e neng e tla nna namane e tona ya tiro gonne e ne e le mogobagoba wa kago fa lelapa la ga Noa lone le ne le le lennye. Ee, go nna pelotelele ga Modimo ka dingwaga di le 120 go ne ga thusa gore dilo tseo di fitlhelelwe le gore matshelo a bolokiwe mme batho ba le robedi ba ba ikanyegang ba ‘rwalwe ka pabalesego go ralala metsi.’

Baebele ga e re bolelele gore tota Jehofa o itsisitse Noa ka ngwaga ofe gore o tla tlisa Morwalela. Mo e leng gore barwa ba gagwe ba ne ba tsholwa, ba gola ba bo ba nyala, gongwe go ne ga feta dingwaga di le 40 kgotsa 50 pele ga Morwalela. Mme Jehofa o ne a raya Noa a re: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me.” O ne a bo a bolelela Noa gore o tshwanetse go aga araka e kgolo mme a tsene le ba lelapa la gagwe mo go yone. (Gen. 6:13-18) Mo masomesomeng ao a dingwaga, Noa ga a ka a tlhoma fela sekao sa go nna mosiami mo tseleng e a neng a tshela ka yone. Gape e ne e le “moreri wa tshiamo” yo o neng a tshwanetse go bolela molaetsa o o masisi o o tlhagisang batho—boikaelelo jwa Modimo jwa go senya batho ba motlha oo ba ba neng ba sa tshele ka melao ya Gagwe. Noa ga a ka a itse go sa le gale gore Morwalela o ne o tla tla mo ngwageng ofe, mme gone o ne a tlhomamisegile gore o tla tla. Le wena o a itse gore o ile wa tla.—2 Pet. 2:5.