Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga go Ise go Nne Thari go Direla Modimo

Ga go Ise go Nne Thari go Direla Modimo

Ga go Ise go Nne Thari go Direla Modimo

Kwa Málaga e e kwa borwa jwa Spain, mmè le morwadie, ba ba bidiwang Ana boobabedi, ba ne ba kolobediwa ka December 19, 2009. E ne e le bangwe ba batho ba le 2 352 ba ba ileng ba kolobediwa kwa Spain ka 2009. Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se kgatlhang thata ka mmè yono le morwadie—dingwaga tsa bone. Mmè o ne a na le dingwaga di le 107 mme morwadie ene di le 83!

Ke eng se se dirileng gore ba ineele mo go Jehofa ka kolobetso? Mo masimologong a bo1970, moagelani mongwe o ne a tle a laletse Ana yo mmotlana go tla kwa Thutong ya Buka ya Phuthego e e neng e tshwarelwa kwa legaeng la Mosupi mongwe. Gantsi Ana o ne a ya. Le fa go ntse jalo, tiro e a neng a e bereka e ne ya dira gore a se ka a gatela pele semoyeng.

Mo e ka nnang dingwaga di le lesome moragonyana, bana bangwe ba ga Ana ba ne ba simolola go ithuta Baebele mme fa nako e ntse e ya, ba nna batlhanka ba ga Jehofa. Kgabagare, mongwe wa bone e bong Mari Carmen o ne a dira gore mmaagwe a rate boammaaruri jwa Baebele gape, mme a mo thusa gore a nne le thuto ya Baebele. Morago ga foo, mmèmogoloagwe Mari Carmen e bong Ana yo mogolwane le ene o ne a simolola go kgatlhegela Baebele. Kgabagare, maloko a le lesome a lelapa leno a ne a kolobediwa.

BoAna boobabedi, e bong mmè le morwadie ba ne ba rumaruma ka boitumelo mo letsatsing le ba kolobeditsweng ka lone. Ana wa dingwaga di le 107 o ne a re: “Ruri Jehofa o nnile molemo mo go nna ka go ntetla gore ke mo itse.” Morwadie o ne a oketsa ka gore: “Ke batla go direla Jehofa ka natla, ke dire thato ya gagwe ke bo ke rere dikgang tse di molemo pele paradaise e tla.”

Batlholagadi bano ba babedi ba itumedisiwa thata ke go nna teng kwa dipokanong. Mongwe wa bagolwane ba phuthego ya bone a re: “Ga o ka ke wa ba tlhoka kwa dipokanong. Ka metlha ba a akgela mo Thutong ya Tora ya Tebelo.”

Sekao sa bone sa boikanyegi se re gopotsa motlholagadi mongwe yo o bidiwang Ana, “yo o neng a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare ka go itima dijo le mekokotlelo.” Seno se ne sa dira gore a nne le tshiamelo ya go bona lesea Jesu. (Luke 2:36-38) Ana yo o neng a na le dingwaga di le 84 o ne a sa tsofala thata mo a neng a ka palelwa ke go direla Jehofa, e leng sone se se dirwang ke boAna ba go buiwang ka bone mo setlhogong seno.

A o na le ba losika ba ba ka ratang go reetsa molaetsa wa Baebele? A kgotsa o kopane le mogodi mongwe yo o itumelelang go go reetsa fa o mo etela kwa legaeng la gagwe? Bagodi bao ba ka feleletsa ba tshwana le boAna ba go buiwang ka bone mo setlhogong seno, ka gonne ga go ise go nne thari go direla Modimo wa boammaaruri, Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

“Ruri Jehofa o nnile molemo mo go nna”

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

‘Ke batla go direla Jehofa pele Paradaise e tla’