Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ngwana wa Gago o Tla Araba Jang?

Ngwana wa Gago o Tla Araba Jang?

Ngwana wa Gago o Tla Araba Jang?

BATSADI: Mo kgatisong ya January 15, 2010 ya makasine ono, tsebe 16-20, re ne ra bua ka kgang ya go nna le nako ya go ikatisa le bana ba gago. Setlhogo seno se na le dikakantsho tse di ka go thusang gore o baakanyetse ngwana wa gago yo mmotlana gore a kgone go fenya dikgwetlho tsa kwa sekolong. Gongwe o ka rata gore lo dire seno mo maitseboeng a Kobamelo ya lona ya Lelapa.

BANA ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba lebana le dikgwetlho di le dintsi. Gantsi bana ba ba tsenang sekolo le bone ba ba botsa lebaka la go bo ba sa nne le seabe mo ditirong dingwe tse di jaaka, go obamela folaga, go keteka malatsi a botsalo le go dira dilo dingwe tse di amanang le malatsi a boikhutso. Fa morwao kgotsa morwadio a ka bodiwa dipotso tseno, o tla araba jang?

Bana bangwe ba Bakeresete ba araba ka gore: “Bodumedi jwa me ga bo ntetle go dira jalo.” Bana bao ba tshwanetse go akgolelwa go bo ba kgona go ikemela. Tsela e ba arabang ka yone e ka dira gore ba se ka ba tlhola ba thamathamisiwa ka dipotso. Le fa go ntse jalo, Baebele e re gakolola gore re nne re “iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o [re] batlang lebaka” la tumelo ya rona. (1 Pet. 3:15) Go dira jalo go kaya se se fetang fela go araba o re, “Bodumedi jwa me ga bo ntetle.” Tota le fa batho bangwe ba ka tswa ba sa dumalane le rona, ba bangwe ba ka nna ba rata go itse mabaka a tshwetso e re e dirileng.

Basha ba le bantsi ba Basupi ba ile ba tlotlela bana ba ba tsenang le bone sekolo ka dipego tse ba di badileng mo Baebeleng ba dirisa dikgatiso tse di jaaka, Ithute mo Morutising yo Mogolo. Dipego tseno di ka thusa go tlhalosa mabaka a go bo go na le dilo dingwe tse bana ba Basupi ba di dirang kgotsa ba sa di direng. Baithuti bangwe ba reetsa ka tlhoafalo fa ba tlotlelwa dipolelo tsa Baebele mme go ile ga simololwa dithuto di le dintsi tsa Baebele go dirisiwa mokgwa ono. Ba bangwe bone ba ka fitlhela go le thata go reetsa polelo ya Baebele go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong. Go ka nna thata gore bana ba sekolo ba tlhaloganye dipego dingwe tsa Baebele fa di sa tlhalosiwe ka botlalo. Minhee wa dingwaga di le 11, o ne a bolelela tsala ya gagwe jaana fa e ne e mo laletsa kwa moletlong wa yone wa letsatsi la botsalo: “Baebele ga e re re keteke malatsi a botsalo. Motho mongwe wa mo Baebeleng yo o bidiwang Johane Mokolobetsi, o ne a bolawa mo letsatsing la botsalo.” Le fa go ntse jalo, Minhee a re go bonala tsala eo ya gagwe e ne e sa tlhaloganye sepe se a se buileng.

Ka dinako tse dingwe go a thusa go bontsha moithuti setshwantsho kgotsa pego mo go nngwe ya dibuka tsa rona. Go tweng fa batsamaisi ba sekolo ba sa dumele gore baithuti ba bontshane dibuka tsa bodumedi? A bana ba rona ba ka kgona go neela bosupi ka tsela e e nang le matswela le fa ba sa tshwara dibuka? O ka thusa jang bana ba gago gore ba kgone go iphemela?

Nnang le Nako ya go Ikatisa

Go a thusa go nna le nako ya go ikatisa kwa gae, mme fa lo ikatisa, batsadi e nne bone bana ba sekolo. Fa bana ba ntse ba leka go femela tumelo ya bone, batsadi ba tshwanetse go ba akgolela maiteko a ba a dirang mme ba ba bontshe gore ba ka tokafatsa jang tsela e ba ipuelelang ka yone le lebaka la go bo go dira jalo go le molemo. Ka sekai, akantsha gore ba dirise mafoko a baithuti ba dingwaga tsa bone ba ka a tlhaloganyang. Mosimanyana mongwe wa dingwaga di le robongwe yo o bidiwang Joshua, a re bana ba a tsenang sekolo le bone ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a a jaaka “segakolodi” le “boikanyegi.” Ka jalo, o ile a tshwanelwa ke go dirisa mafoko a ba ka kgonang go a tlhaloganya fa a bua le bone.—1 Bakor. 14:9.

Fa o araba ka go bua lolololo, bana bangwe ba sekolo ba ka felelwa ke kgatlhego ntswa e le bone ba boditseng potso. Gore ba tswelele ba kgatlhegela motlotlo, basha ba Basupi ba tshwanetse go ba akaretsa mo motlotlong le go dira gore ba ntshe maikutlo a bone. Mosetsanyana wa dingwaga di le lesome e bong Haneul a re: “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba rata gore ke tlotle le bone e seng gore ke ba tshwarele thero.” Gore lo nne le motlotlo, ba botse dipotso mme o reetse ka tlhoafalo fa ba ntsha maikutlo a bone.

Metlotlo e e fa tlase e bontsha kafa bana ba Bakeresete ba ka buisanang ka gone le baithutimmogo le bone. Ga go tlhokege gore ba tshware metlotlo eno ka tlhogo—bana ga ba tshwane, ka jalo ba tla laolwa ke seemo gore ba arabe jang. Jaanong Mosupi yo mmotlana o tshwanetse go tlhaloganya se se buiwang, a se beye ka mafoko a gagwe go tswa foo a se tlhalose ka tsela e e tshwanelang boemo le e e tshwanelang baithutimmogo le ene. Fa e le gore lo na le bana ba ba tsenang sekolo, lekang go dira terama lo dirisa dipuisano tseno.

Go thapisa bana go tlhoka nako le maiteko. Batsadi ba Bakeresete ba batla go tsenya melaometheo ya Baebele mo baneng ba bone le go ba tlhotlheletsa gore ba tshele ka yone.—Dute. 6:7; 2 Tim. 3:14.

Mo maitseboeng a a latelang a Kobamelo ya Lelapa, leka go boeletsa metlotlo e e bontshitsweng fano le bana ba gago. Bona kafa seno se ka ba solegelang molemo ka gone. Se lebale, boikaelelo ga se gore ba tshware dikarabo kgotsa mafoko ano ka tlhogo. Tota e bile, lo ka nna lwa dira terama ka seemo se se rileng ka makgetlo a le mmalwa mme mo lekgetlong lengwe le lengwe o arabe ka tsela e e farologaneng gore o bone fa bana ba gago ba ka kgona go fetofetoga le boemo. Fa ba ntse ba leka go tlhalosa se ba se dumelang, ba thuse gore ba nne tekatekano ba bo ba akanyetse maikutlo a batho ba bangwe. Fa nako e ntse e ya, o tla ruta bana ba gago gore ba ka dirisa seno jang go femela se ba se dumelang mo baneng ba ba tsenang sekolo le bone, mo baagelaning le mo barutising.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

GO KETEKA MALATSI A BOTSALO

Omolemo: Dumela Gosiame. Ke na le moletlo kwa lapeng, ke kopa gore o tle.

Gosiame: Ke leboga taletso, Lemo. A o ko o mpolelele, ke moletlo wa eng?

Omolemo: Ke wa letsatsi la me la botsalo. Ruri o tlile go o itumelela.

Gosiame: Ke maswabi tlhe, ke solofela gore nka se go utlwise botlhoko, mme gone nka se kgone go tla ka gonne ga ke keteke malatsi a botsalo.

Omolemo: Lebaka? Kana meletlo e monate tlhe.

Gosiame: Le nna ke rata meletlo. Le fa go ntse jalo, rona Basupi ba ga Jehofa re latela Jesu mme o ne a sa keteke malatsi a botsalo. Ke lone lebaka le le nna ke sa a ketekeng.

Omolemo: Ga go re sepe o ka nna wa tla fela. Ga o tlhoke go nkeleletsa masego kgotsa go ntlela mpho.

Gosiame: Nnyaa tota nka se kgone. Go botlhokwa gore ke reetse se Baebele e se buang. Aitsane, ya re Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba sa keteke malatsi a botsalo e bile ba ne ba sa ye meletlong ya mofuta oo.

Omolemo: A o raya gore ke se ka ka keteka letsatsi la me la botsalo?

Gosiame: Go tswa mo go wena. Nna kwa gaetsho ga re keteke malatsi a botsalo.

Omolemo: A jaanong batsadi ba gago ga ba ke ba go rekela dimpho?

Gosiame: Nnyaa, ba a nthekela. Ga go tlhokege gore ba lete letsatsi la me la botsalo, nako nngwe le nngwe fa ba kgona, ba a nthekela. Lemo wee, a o ka rata go itse gore meletlo ya malatsi a botsalo e simologile jang?

Omolemo: A wena o a itse?

Gosiame: Ka moso ke tla go tlotlela kgang nngwe ya bogologolo e e monate e e amanang le letsatsi la botsalo.

GO OBAMELA FOLAGA

Boipelo: Masego, goreng o sa obamele folaga?

Masego: Ke leboga go bo o mpoditse. Mma ke go botse, goreng wena o e obamela?

Boipelo: Ka gonne ke rata naga ya me.

Masego: Boipelo, ke a itse gore o rata mmaago. Mme ga o mo obamele ga ke re?

Boipelo: Ee gone. Mme ke obamela folaga ka gonne ke e tlotla. A wena ga o e tlotle?

Masego: Ee ke a e tlotla. Mme gone ga re obamele mongwe le mongwe kgotsa sengwe le sengwe se re se tlotlang ga ke re?

Boipelo: O nepile ke tlotla morutisi wa rona mme ga ke mo obamele. Ga ke tlhole ke itse gore ke reng jaanong, tota ga ke na lebaka la go bo ke e obamela.

Masego: Batho ba le bantsi ba akanya gore folaga e emela naga ya bone. Ka jalo, fa ba e obamela ba kaya gore ba ka direla naga ya bone sengwe le sengwe. Tota ga se kafa nna ke ikutlwang ka gone. Ga nkake ka ntshetsa naga ya me botshelo jwa me ka gonne ke bo filwe ke Modimo. Ke neile ene botshelo jwa me. Le fa gone ke tlotla folaga, ga ke e obamele.

Boipelo: Ke a bona jaanong.

Masego: Ke itumelela go bo re tlotlile ka kgang eno Boipelo. Mme fa o batla go itse lebaka la go bo ke dira dilo dingwe kgotsa ke sa di dire, o se ka wa tshaba go mpotsa. A o ne o itse gore Baebele ya re bogologolo kgosi nngwe ya Babelona e ne ya laela batho gore ba obamele setshwantsho? Bangwe ba ne ba gana go se obamela le fa ba ne ba tlile go bolawa.

Boipelo: Ehe! Go ne ga direga eng ka bone?

Masego: Ke tla go tlotlela ka nako ya dijo tsa motshegare.

DIPOLOTIKI TSA KWA SEKOLONG

Boikobo: Kanaanelo, o akanya gore ke mang yo o tshwanetseng go nna moetapele wa tlelase ya rona?

Kanaanelo: Tota nna ga ke mo letlhakoreng la ga ope.

Boikobo: Goreng?

Kanaanelo: Ke setse ke na le moetapele yo o molemo go gaisa. Nna ke Mokeresete, ke dirile maikano a gore ke tla latela Jesu. Ka jalo, nka se ka ka tlhopha moetapele yo mongwe. A o a itse gore ke ka ntlha yang fa ke akanya gore ke Moetapele yo o molemo go gaisa?

Boikobo: Nnyaa, ga ke itse e bile ga ke batle le go itse.

Kanaanelo: Go siame, motlhang o batla go itse ke tla go bolelela.

[Setshwantsho]

“Dumela Gosiame. Ke kopa gore o tle kwa moletlong wa me wa letsatsi la botsalo”

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Goreng o sa obamele folaga?”