Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bona Leina mo Mokgatšheng

Bona Leina mo Mokgatšheng

Bona Leina mo Mokgatšheng

ST. MORITZ. A o itse leina leno? O ka tswa o le itse, ka gonne ke lefelo la bojanala le le itsegeng thata mo lefatsheng, le le kwa Engadine Valley kwa Switzerland. Le fa go ntse jalo, St. Moritz ke lengwe la mafelo a a dirileng gore ka dingwagangwaga batho ba nne ba etele kwa mokgatšheng o montle ono o o leng fa gare ga dithaba tse di apesitsweng ke kapoko tsa Alps tse di kwa borwabotlhaba jwa Switzerland gaufi le molelwane wa Italy. Gape ke kwa Swiss National Park e fitlhelwang gone, kwa go nang le mefutafuta ya dilo tsa tlholego tse dintlentle mmogo le dimela le diphologolo tse di bakang Mmopi wa rona yo Mogolo, Jehofa. (Pes. 148:7-10) Mme gape go na le masalela a dilo tsa setso tsa bogologolo tse di sa leng di le teng go tloga mo bogareng jwa lekgolo la bo17 la dingwaga.

Matlo a le mantsi a a leng mo mokgatšheng ono a na le sengwe se se sa tlwaelegang se se ka ngokang kgatlhego ya gago. Go tlwaelegile go bona leina la Modimo le gabilwe mo maribelong, gongwe kwa godimo mo kgorong e batho botlhe ba tsenang ka yone. Mo makgolokgolong a a fetileng a dingwaga, batho ba ne ba tlwaetse go kgabisa bokafantle jwa matlo a bone ka mekwalo, e ka tswa e le ka go e penta mo ntlong, go e gaba mo loboteng le le ditsweng kgotsa mo letlapeng. Fa tlase fano o kgona go bona setshwantsho sa ntlo e e mo motseng wa Bever. Mokwalo ono o ranolwa jaana: “E agilwe ka 1715. Jehofa ke tshimologo, e bile Jehofa ke bokhutlo. Dilo tsotlhe di kgonega ka Modimo mme ga go sepe se se ka diregang kwantle ga gagwe.” Ee, leina la Modimo le tlhaga gabedi mo letshwaong leno la bogologolo.

Tota le kwa motsaneng wa Madulain go na le mokwalo wa bogologolo go gaisa oo. One o balega jaana: “Pesalema 127. Fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone. Lucius Rumedius. Ngwaga wa 1654.”

Ke eng fa mo mokgatšheng ono leina la Modimo le kwadilwe mo le kgonang go bonwa ke mongwe le mongwe? Bogologolo ka nako ya Phetogo e Kgolo, go ne ga gatisiwa Baebele ka Se-Romansh, e leng puo ya Selatine e e buiwang kwa Engadine. Tota e bile e ne e le yone buka ya ntlha e e ranoletsweng mo puong eo. E re ka batho ba le bantsi ba lefelo leo ba ne ba tlhotlhelediwa ke se ba neng ba se bala mo Lefokong la Modimo, ba ne ba kwala maina a bone le dinopolo tsa Baebele tse di nang le leina la Modimo ka fa ntle ga matlo a bone.

Ee, go tla go fitlha gompieno, mekwalo eno e sa ntse e itsise leina la ga Jehofa le go mmaka, makgolokgolo a dingwaga e sena go kwalwa lekgetlho la ntlha mo matlong ao. Bajanala le batho ba ba nnang mo mokgatšheng ono ba ka ithuta go le gontsi ka Modimo yo o molemolemo e bong Jehofa; ba ka dira seo ka go etela kago e nngwe e e nang le leina la gagwe—Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa kwa Bever.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]

© Stähli Rolf A/​age fotostock