Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Nonotshiwa go Fenya Teko Le fa E ka Nna Efe

Re Nonotshiwa go Fenya Teko Le fa E ka Nna Efe

Re Nonotshiwa go Fenya Teko Le fa E ka Nna Efe

“Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—BAFIL. 4:13.

1. Ke eng fa batho ba ga Jehofa ba lebana le mathata a le mantsi?

BATHO ba ga Jehofa le bone ba lebana le mathata a a farologaneng. Diteko dingwe di bakiwa ke gore ga re a itekanela kgotsa ke ditlamorago tsa tsamaiso eno e re tshelang mo go yone. Tse dingwe tsone di bakiwa ke bobaba jo bo leng gone fa gare ga batho ba ba direlang Modimo le ba ba sa mo direleng. (Gen. 3:15) Go tswa fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho, Modimo o ne a thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba kgone go itshokela go bogisiwa ka ntlha ya bodumedi, kgatelelo e e sa siamang ya balekane le go itshokela mefuta yotlhe ya mathata. Moya wa gagwe o o boitshepo o ka re nonotsha gore le rona re kgone go itshoka.

Re Thusiwa go Itshokela go Bogisiwa ka Ntlha ya Bodumedi

2. Ke eng fa batho ba bogisiwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone, mme ba ka bogisiwa ka ditsela dife?

2 Go bogisiwa ka ntlha ya bodumedi ke go tshwarwa makgwakgwa kgotsa go utlwisiwa botlhoko ka boomo ka ntlha ya dilo tse o di dumelang. Motho o bogisiwa jalo ka boikaelelo jwa go fedisa tumelo ya gagwe, go mo thibela go e anamisa kgotsa gore a se ka a tlhola a ikanyega mo go se a se dumelang. Pogiso eo e ka tla ka mekgwa e e farologaneng, mengwe ya yone e ka nna e e bonalang mme e mengwe e le e e bofitlha. Baebele ya re ditlhaselo tsa ga Satane di tshwana le tsa tawana le tsa kake.—Bala Pesalema 91:13.

3. Ke dipogiso dife tse di tshwanang le ditlhaselo tsa tau le tsa kake?

3 Fela jaaka tau e e bogale, gantsi Satane o tlhasela batho ka tlhamalalo a dirisa thubakanyo, go tsenngwa mo kgolegelong kgotsa go thibelwa. (Pes. 94:20) Mo kgatisong ya Yearbook e e buang ka ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa tsa mo motlheng ono go na le dipego di le mmalwa tse di tlhalosang maano ao. Mo mafelong a le mantsi, digongwana tse di dirang ditiro tse di seng kafa molaong, tse dingwe tsa tsone di eteletsweng pele ke baruti kgotsa ke batho ba ba ratang dipolotiki, di ile tsa se ka tsa tshwara batho ba Modimo sentle. Ditlhaselo tse di ntseng jalo tse di jaaka tsa tau di ile tsa dira gore bangwe ba tlogele go direla Jehofa. Fela jaaka kake, Diabolo a ka nna a tlhasela batho a le mo lefelong le le fitlhegileng gore a tsenye botlhole mo megopolong ya bone le go ba tsietsa gore ba dire thato ya gagwe. O dirisa ditlhaselo tseo go re koafatsa semoyeng kgotsa go dira gore re ineele mme re tlogele tumelo ya rona. Moya o o boitshepo wa Modimo o ka re thusa gore re emelane le mefuta eno e mebedi ya pogiso.

4, 5. Tsela e e molemo ya go ipaakanyetsa pogiso ke efe, mme ka ntlha yang? Naya sekai.

4 Ga re ka ke ra kgona go ipaakanyetsa pogiso sentle fa re tshwenyega ka mofuta wa pogiso e re ka nnang ra lebana le yone mo isagweng. Boammaaruri ke gore ga re itse gore re tla lebana le pogiso ya mofuta ofe mo isagweng, ka jalo ga go thuse go tshwenyega ka sengwe se se ka nnang sa se ka sa direga. Le fa go ntse jalo, go sengwe se re ka kgonang go se dira. Batho ba le bantsi ba ba ileng ba kgona go itshokela pogiso ba thusitswe ke go tlhatlhanya ka dikao tse di begilweng mo Baebeleng tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, le ka dithuto le sekao sa ga Jesu. Seno se ne sa ba thusa gore ba nonotshe tsela e ba ratang Jehofa ka yone. Ka jalo, lorato loo lo ne lwa ba thusa gore ba kgone go fenya teko le fa e ka nna efe e ba neng ba lebana le yone.

5 Akanya ka sekao sa bokgaitsadi ba babedi ba kwa Malawi. Segopa sengwe se se galefileng se ne sa ba itaya, sa ba apola diaparo le go ba tshosetsa ka gore se tla ba betelela fa ba sa reke dikarata tsa mokgatlho mongwe wa dipolotiki. Segopa seno se ne sa ba aketsa ka gore tota le maloko mangwe a lelapa la Bethele a rekile dikarata tsa mokgatlho oo. Bokgaitsadi bao ba ne ba reng? “Re direla Jehofa Modimo fela. Ka jalo, ga go re sepe le fa bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala ba rekile dikarata. Ga re kitla re ineela le fa lo ka re bolaya!” Fa bokgaitsadi bano ba sena go ipuelela jalo ka bopelokgale, ba ne ba gololwa.

6, 7. Jehofa o nonotsha jang batlhanka ba gagwe gore ba kgone go lebana le pogiso?

6 Moaposetoloi Paulo o ne a re Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba amogetse molaetsa wa boammaaruri ba “le mo pitlaganong e kgolo” mme ba ne ba dira seo “ka boipelo jwa moya o o boitshepo.” (1 Bathes. 1:6) Ke boammaaruri gore Bakeresete ba le bantsi ba mo nakong e e fetileng le ba motlha ono ba ba ileng ba lebana le pogiso ba bo ba e fenya ba ne ba bolela gore ka nako ya fa diteko di ne di le boima thata, ba ne ba nna le kagiso ya mogopolo e leng karolo nngwe ya dinonofo tse moya o o boitshepo wa Modimo o di tlhagisang. (Bagal. 5:22) Mme kagiso eo e ne ya ba thusa go dibela dipelo le maatla a bone a go akanya. Eleruri Jehofa o dirisa maatla a gagwe a a dirang go nonotsha batlhanka ba gagwe gore ba kgone go lebana le diteko le go dira ka botlhale fa ba welwa ke mathata. *

7 Batho ba ba lebeletseng ba ne ba gakgamadiwa thata ke tsela e batho ba Modimo ba neng ba ititeile sehuba ka yone go nna ba bolokile bothokgami tota le fa ba lebane le pogiso e e setlhogo. Go ne go bonala e kete Basupi ba tladitswe ka maatla mangwe a a fetang a batho, mme tota go ne go ntse jalo. Moaposetoloi Petere o re tlhomamisetsa jaana: “Fa lo kgobelwa leina la ga Keresete, lo itumetse, ka gonne moya wa kgalalelo, one moya wa Modimo, o ntse mo go lona.” (1 Pet. 4:14) Fa re bogisiwa gonne re tlotlomatsa melao e e siameng ya Modimo, seo se bontsha gore Modimo o a re amogela. (Math. 5:10-12; Joh. 15:20) Eleruri go amogelwa ke Jehofa jalo go lere masego!

Re Thusiwa go Fenya Kgatelelo ya Balekane

8. (a) Ke eng se se neng sa thusa Joshua le Kalebe gore ba kgone go fenya kgatelelo ya balekane? (b) Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Joshua le Kalebe?

8 Mofuta mongwe o o bofitlha thata wa kganetso o Bakeresete ba tshwanelwang ke go o itshokela ke kgatelelo e e sa siamang ya balekane. Le fa go ntse jalo, e re ka moya wa ga Jehofa o le maatla go feta wa lefatshe, re ka kgona go itshokela batho ba ba re sotlang, ba ba anamisang maaka ka rona le ba ba lekang go re pateletsa gore re tshele ka mekgwa ya bone. Ka sekai, ke eng se se neng sa thusa Joshua le Kalebe gore ba se ka ba dumalana le se se neng se buiwa ke ditlhola tse dingwe di le lesome tse di neng di romilwe kwa nageng ya Kanana? Moya o o boitshepo o ne wa ba tlhotlheletsa gore ba nne le “moya” o o farologaneng kgotsa tsela e e farologaneng ya go akanya.—Bala Dipalo 13:30; 14:6-10, 24.

9. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go ikemisetsa go farologana le batho ba bangwe ba bantsi?

9 Baaposetoloi ba ga Jesu le bone ba ne ba nonotshiwa ke moya o o boitshepo gore ba ikobele Modimo go na le go ikobela barutisi ba bodumedi ba bontsi jwa batho bo neng bo tsaya gore ke barutisi ba boammaaruri mme ba ba tlotlomatsa. (Dit. 4:21, 31; 5:29, 32) Batho ba le bantsi ba bona go le botoka go ya le mogoro gore ba tile dikgogakgogano le dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, gantsi Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanelwa ke go emela se ba itseng gore se siame. Mme le mo maemong ao, maatla a a dirang a Modimo a ba nonotsha gore ba se ka ba tshaba go farologana le batho ba bangwe. (2 Tim. 1:7) Ela tlhoko mofuta mongwe wa kgatelelo ya balekane o re sa tshwanelang go ineela mo go one.

10. Bakeresete bangwe ba ka lebana le bothata bofe?

10 Basha bangwe ga ba itse gore ba dire eng fa ba lemoga gore tsala nngwe ya bone e dirile boitshwaro jo bo kgatlhanong le dikwalo. Ba ka nna le boikutlo jwa gore fa ba kopa thuso ya bagolwane, ditsala tsa bone di ka nna tsa se ka tsa tlhola di ba tshepa; ka jalo ba akanya gore fa ba didimala ba tla bo ba ikanyega mo go tsone. Motho yo o dirileng boleo a ka nna a pateletsa ditsala tsa gagwe gore di fitlhe boleo jwa gagwe. Ke boammaaruri gore ga se basha fela ba ba lebanang le bothata jono. Batho bangwe ba bagolo le bone ba ka nna ba fitlhela go le thata go bolelela bagolwane ba phuthego ka boleo bongwe jo bo dirilweng ke tsala ya bone kgotsa ke leloko la lelapa. Mme gone, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go itshwara jang fa ba lebane le kgatelelo e e ntseng jalo?

11, 12. Ke kgato efe e e molemo e o ka e tsayang fa leloko la phuthego le go kopa gore o se ka wa senola boleo jwa lone, mme ka ntlha yang?

11 Akanya ka boemo jono. A re re lekawana le le bidiwang Lesego le lemoga gore tsala ya lone ya Mokeresete e bong Katlego o na le mokgwa wa go leba ditshwantsho tse di hepisang. Lesego o bolelela Katlego gore o tshwenyegile thata ka mokgwa ono wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Katlego o itlhokomolosa mafoko a gagwe. Fa Lesego a rotloetsa Katlego gore e bolelele bagolwane ka kgang eno, Katlego o mmolelela gore fa e le gore ke tsala ya gagwe ya mmatota ga a kitla a mo tlaleya. A Lesego o tshwanetse go tshoga gore botsala jwa bone bo tla fela? A ka nna a ipotsa gore bagolwane ba tla dumela mang fa Katlego a ka itatola kgang eo. Mme gone, boemo jono ga bo kitla bo tokafala le fa Lesego a ka didimala. Boammaaruri ke gore, bo ka senya kamano e Katlego a nang le yone le Jehofa. Go molemo gore Lesego a gopole gore “go boifa batho ke gone mo go bayang seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tla sirelediwa.” (Dia. 29:25) Ke eng gape se Lesego a ka se dirang? A ka nna a ya gape kwa go Katlego mme a bue le ene ka bothata jono, a dira seo ka tsela e e lorato mme gone a tiisitse. Seo se tla mo tlhoka bopelokgale. Aitsane go ka direga gore mo lekgetlong leno Katlego a dumele gore ba tlotle ka bothata jwa gagwe. Mme Lesego o tshwanetse go mo kgothaletsa gape gore a bolelele bagolwane a bo a mmolelele gore fa a sa ba bolelele mo lobakeng lo lo rileng ene o tla ba bolelela.—Lefi. 5:1.

12 Fa ka nako nngwe o ka tshwanelwa ke go lebana le bothata jo bo ntseng jalo, kwa tshimologong tsala ya gago e ka nna ya se ka ya anaanela maiteko a gago a go e thusa. Mme fa nako e ntse e ya, a ka nna a lemoga gore o dira seo gonne o mo rata. Fa motho yo o dirileng boleo a ka bona thuso le go e amogela, gongwe a ka nna a go lebogela go bo o ile wa nna pelokgale wa bo wa ikanyega. Mme fa a nna a go galefetse gonne o kopile bagolwane gore ba mo thuse, ipotse gore a tota o batla go nna le tsala e e ntseng jalo? Ka metlha re tshwanetse go lwela go kgatlha Tsala ya rona e kgolo, Jehofa. Fa re dira gore a tle pele, batho ba bangwe ba ba mo ratang ba tla re tlotla gonne re ikanyega mme ba nne ditsala tsa rona tsa boammaaruri. Le ka motlha ga re a tshwanela go naya Diabolo sebaka mo phuthegong ya Bokeresete. Fa re ka mo naya sebaka, re tla hutsafatsa moya o o boitshepo wa ga Jehofa fela thata. Le fa go ntse jalo, re dirisana le one fa re leka go boloka phuthego ya Bokeresete e itshekile.—Baef. 4:27, 30.

Re Nonotshiwa go Itshokela Mefuta Yotlhe ya Mathata

13. Batho ba ga Jehofa ba lebane le mathata a mofuta ofe, mme ke eng fa mathata a a ntseng jalo a aname jaana?

13 Mathata a ka tla ka ditsela tse di farologaneng—mathata a madi, go latlhegelwa ke tiro, masetlapelo a tlholego, go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, mathata a botsogo, jalo le jalo. E re ka re tshela mo ‘dinakong tsa mathata’ re ka lebelela gore nako nngwe mo botshelong re tla tshwanelwa ke go lebana le mofuta mongwe wa teko. (2 Tim. 3:1) Fa seo se direga, go molemo gore re se ka ra tlalelwa. Moya o o boitshepo o ka re nonotsha gore re kgone go itshokela bothata le fa e ka nna bofe.

14. Ke eng se se neng sa nonotsha Jobe gore a kgone go itshokela mathata a gagwe?

14 Jobe o ne a welwa ke masetlapelo a le mantsi. O ne a latlhegelwa ke dithoto, a swelwa ke bana, a latlhegelwa ke ditsala, a lwala thata, mme mosadi wa gagwe a tlogela go tshepa Jehofa. (Jobe 1:13-19; 2:7-9) Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a bona mogomotsi wa mmatota e bong Elihu. Molaetsa wa ga Elihu le ntlha ya botlhokwa ya molaetsa wa ga Jehofa e ne e le eno: “Ema mme o ele tlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.” (Jobe 37:14) Ke eng se se thusitseng Jobe gore a kgone go itshokela diteko tse a neng a lebane le tsone? Mme ke eng se se ka re thusang gore le rona re kgone go itshokela mathata a re lebanang le one? Ke go gakologelwa le go tlhatlhanya ka ditsela tse di farologaneng tse Jehofa a re bontshitseng moya wa gagwe o o boitshepo le maatla a gagwe ka tsone. (Jobe 38:1-41; 42:1, 2) Gongwe o gopola dinako dingwe mo botshelong jwa gago fa o ne o bona bosupi jwa gore Modimo o a go kgatlhegela. Le jaanong o sa ntse a go kgatlhegela.

15. Ke eng se se neng sa nonotsha moaposetoloi Paulo gore a kgone go itshokela diteko?

15 Moaposetoloi Paulo o ne a itshokela masetlapelo a le mantsi a a neng a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing e le gore a boloke tumelo ya gagwe. (2 Bakor. 11:23-28) Ke eng se se neng sa mo thusa gore a tswelele a leba dilo sentle le go nna a ritibetse mo maikutlong mo dinakong tseo tse di thata? Ke go rapela le go ikaega ka Jehofa. O ne a kwala jaana ka nako ya fa a ne a lebane le teko e go lebegang e ne ya dira gore a bolaelwe tumelo: “Morena o ne a ema gaufi le nna mme a tsenya maatla mo go nna, gore go rera go wediwe ka nna ka botlalo le gore ditšhaba tsotlhe di go utlwe; mme ke ne ka gololwa mo molomong wa tau.” (2 Tim. 4:17) Ka jalo, ka ntlha ya se se mo diragaletseng o ne a ka kgona go tlhomamisetsa badumedi mmogo le ene gore go ne go sa tlhokege go “tlhobaela ka sepe.”—Bala Bafilipi 4:6, 7, 13.

16, 17. Naya sekai sa kafa Jehofa a nonotshang batho ba gagwe ka gone gompieno gore ba kgone go itshokela mathata.

16 Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Roxana, o ne a iponela ka boene kafa Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka gone. Fa a ne a kopa mothapi wa gagwe gore a mo neye tetla ya go tsaya malatsi a boikhutso gore a kgone go ya kopanong, mothapi yoo o ne a araba a galefile a mmolelela gore fa a ka ya, o tla mo leleka mo tirong. Le fa go ntse jalo, Roxana o ne a ya, mme a rapela ka tlhoafalo gore a se ka a latlhegelwa ke tiro. Morago ga moo, o ne a ikutlwa a ritibetse maikutlo. Fela jaaka mothapi wa gagwe a ne a buile, ka Mantaga wa morago ga kopano, o ne a mo leleka. Roxana o ne a tshwenyegile thata. Le fa tiro eo e ne e sa duele madi a le mantsi, o ne a e tlhoka gore a kgone go tlamela ba lelapa la gagwe. O ne a rapela gape mme a ikgomotsa ka gore Modimo o ile a mo tlamela semoyeng kwa kopanong, ka jalo ga go pelaelo gore o ne a tla mo tlamela le ka dilo tse a di tlhokang mo botshelong. Fa a le mo tseleng a boela gae, o ne a bona letshwao le le reng, “Re Tlhoka Modiri,” go ne go batlega motho yo o itseng go dirisa metšhine e megolo ya go roka mme o ne a tsenya kopo ya tiro eo. Manejara o ne a lemoga gore ga a na maitemogelo mme gone a mo naya tiro eo e e neng e tla mo duela madi a a batlang a feta gabedi a a neng a a amogela pele. Roxana o ne a bona gore dithapelo tsa gagwe di ne di arabilwe. Le fa go ntse jalo, tshegofatso e kgolo go gaisa e a neng a e bona ke gore o ne a kgona go rerela bontsi jwa batho ba a neng a bereka le bone. Ba le batlhano ba bone, go akaretsa le manejara ba ne ba amogela boammaaruri mme ba kolobediwa.

17 Ka dinako dingwe, go ka nna ga bonala e kete dithapelo tsa rona ga di arabiwe—gongwe e se ka yone nako eo kgotsa ka tsela e re neng re lebeletse ka yone. Fa go le jalo, ga go pelaelo gore go na le lebaka le le utlwalang la seo. Jehofa o a le itse, mme rona re ka nna ra le lemoga fa nako e ntse e ya. Mme gone re ka tlhomamisega ka selo se le sengwe—Modimo ga a ke a latlha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.—Baheb. 6:10.

Re Thusiwa go Fenya Diteko le Dithaelo

18, 19. (a) Ke eng fa re tshwanetse go lebelela gore re tla lebana le diteko le dithaelo? (b) Ke eng se se ka go thusang gore o kgone fenya diteko?

18 Batho ba ga Jehofa ga ba gakgamale fa ba lebana le dithaelo, go kgobega marapo, go bogisiwa le kgatelelo ya balekane. Ga go pelaelo gore lefatshe le re tlhoile. (Joh. 15:17-19) Le fa go ntse jalo, moya o o boitshepo o ka re thusa gore re kgone go fenya bothata le fa e ka nna bofe jo re ka lebanang le jone fa re ntse re direla Modimo. Jehofa ga a kitla a letla gore re raelwe go feta kafa re ka kgonang go itshoka ka gone. (1 Bakor. 10:13) Le ka motlha ga a kitla a re tlogela kgotsa a re latlha. (Baheb. 13:5) Go ikobela Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng go a re sireletsa le go re nonotsha. Mo godimo ga moo, moya wa Modimo o tlhotlheletsa badumedi mmogo le rona gore ba re thuse mo nakong e tota re tlhokang thuso ka yone.

19 E kete rotlhe re ka tswelela re senka moya o o boitshepo ka thapelo le ka go ithuta Baebele. A re nneng re ‘dirwa maatla ka maatla otlhe mo re bileng re na le thata ya Modimo e e galalelang gore re itshoke ka botlalo le gore re itshware ka bopelotelele ka boipelo.’—Bakol. 1:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona dikai tsa seo leba makasine wa Tora ya Tebelo ya May 1, 2001, tsebe 16; le wa Tsogang! ya February 8, 1993, tsebe 21 le 22, (ka Seesemane).

O Tla Araba Jang?

• O ka ipaakanya jang gore o kgone go itshokela pogiso?

• O tshwanetse go dira eng fa mongwe a go kopa gore o se ka wa senola boleo bongwe?

• O ka tlhomamisega ka eng fa o lebane le mofuta le fa e ka nna ofe wa bothata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Re ka ithuta eng mo go Joshua le Kalebe?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

O ka thusa jang tsala e e dirang boleo?