Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlotla Lenyalo Gonne ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong

Tlotla Lenyalo Gonne ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong

Tlotla Lenyalo Gonne ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong

“Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—GEN. 2:24.

1. Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo tlotle?

GA GO pelaelo gore re tshwanetse go tlotla Jehofa Modimo gonne e le Mosimolodi wa lenyalo. E re ka e le Mmopi wa rona, Molaodimogolo, le Rraarona yo o kwa legodimong, go a tshwanela go bo a bidiwa Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jak. 1:17; Tshen. 4:11) Seno se bontsha gore o re rata fela thata. (1 Joh. 4:8) Dilo tsotlhe tse a re rutileng tsone, dilo tsotlhe tse a re kopang tsone, dilo tsotlhe tse a re neileng tsone, o dirile tseno tsotlhe gonne a batla gore re solegelwe molemo.—Isa. 48:17.

2. Jehofa o ne a naya banyalani ba ntlha ditaelo dife?

2 Baebele ya re lenyalo ke nngwe ya dimpho tse di “molemo” tse Modimo a re neileng tsone. (Ruthe 1:9; 2:12) Fa Jehofa a ne a nyadisa batho ba babedi ba ntlha e bong Adame le Efa, o ne a ba naya ditaelo tse di maleba tsa se ba tshwanetseng go se dira gore ba atlege. (Bala Mathaio 19:4-6.) Fa ba ka bo ba ikobetse taelo ya Modimo, ba ka bo ba ile ba itumela ka bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, ka boeleele ba ne ba tlhokomologa ditaelo tsa Modimo mme ba lebana le ditlamorago tse di botlhoko.—Gen. 3:6-13, 16-19, 23.

3, 4. (a) Batho ba bantsi gompieno ba tlontlolola lenyalo le Jehofa Modimo jang? (b) Re tla sekaseka dikai dife mo setlhogong seno?

3 Fela jaaka banyalani bao ba ntlha, gompieno batho ba le bantsi ba tlhokomologa ditaelo tsa ga Jehofa fa ba dira ditshwetso mo lenyalong. Bangwe ba na le maikutlo a gore ga go tlhokege gore batho ba ipofe ka lenyalo fa bangwe bone ba na le maikutlo a gore kgolagano ya lenyalo e tshwanetse go nna kafa bone ba batlang ka teng. (Bar. 1:24-32; 2 Tim. 3:1-5) Ba itlhokomolosa ntlha ya gore lenyalo ke mpho e e tswang kwa Modimong, mme fa ba tlontlolola mpho eo ba tlontlolola le Monei wa yone e leng Jehofa Modimo.

4 Ka dinako dingwe, tota le batho bangwe ba Modimo ga ba lebe lenyalo ka tsela e Jehofa a le lebang ka yone. Banyalani bangwe ba Bakeresete ba dira tshwetso ya go kgaogana kgotsa go tlhalana e se ka mabaka a Dikwalo. Seno se ka tilwa jang? Taelo ya Modimo e e mo go Genesise 2:24 e ka thusa jang banyalani ba Bakeresete gore ba nonotshe lenyalo la bone? Mme ba ba akanyetsang go tsena mo lenyalong bone ba ka le ipaakanyetsa jang? Mma re sekasekeng manyalo a le mararo a a neng a atlegile mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele a a bontshang kafa go tlotla Jehofa go ka thusang ka gone gore lenyalo le nnele ruri.

Leka ka Natla go Nna o Ikanyega

5, 6. Ke boemo bofe jo bo neng bo ka nna jwa leka Sekarea le Elisabetha, mme ba ile ba segofadiwa jang ka ntlha ya boikanyegi jwa bone?

5 Sekarea le Elisabetha ba ne ba dira dilo tsotlhe ka tsela e e tshwanetseng. Banyalani bano ba ne ba tlhophile go nyalana ka gonne boobabedi ba rata Modimo. Sekarea o ne a dira ditiro tsa gagwe tsa boperesiti ka boikanyegi, mme boobabedi ba ne ba leka ka natla go nna ba boloka Molao wa Modimo. Ruri go ne go na le dilo di le dintsi tse di neng di ba tsamaela sentle. Le fa go ntse jalo, fa o ne o ka ba etela kwa legaeng la bone kwa Juda, o ne o tla lemoga ka bonako gore go na le sengwe se se tlhaelang. Ba ne ba se na bana. Elisabetha e ne e le moopa mme boobabedi ba ne ba setse ba godile.—Luke 1:5-7.

6 Kwa Iseraeleng wa bogologolo, go tshola bana go ne go tseelwa kwa godimo, mme gantsi malapa a teng a ne a le magolo thata. (1 Sam. 1:2, 6, 10; Pes. 128:3, 4) Bogologolo monna wa Moiseraele o ne a ka tlhala mosadi wa gagwe ka boferefere fa a ne a sa mo tsholele bana. Le fa go ntse jalo, Sekarea o ne a tswelela a nna le Elisabetha a ikanyega. Ga ba a ka ba batla mabaka a go tswa mo lenyalong la bone. Le fa go tlhoka bana go ne go ba hutsafatsa, ba ne ba tswelela ba direla Jehofa mmogo ka boikanyegi. Fa nako e ntse e ya go ne ga direga kgakgamatso, Jehofa o ne a ba segofatsa ka ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa bone.—Luke 1:8-14.

7. Elisabetha o ne a bontsha ka tsela efe e nngwe gore o ikanyega mo monneng wa gagwe?

7 Elisabetha o ne a bontsha ka tsela e nngwe gape e e tlhomologileng gore o a ikanyega. Fa morwa Sekarea e bong Johane a ne a tsholwa, Sekarea o ne a sa kgone go bua ka gonne a ne a otlhaetswe gore o ile a belaela mafoko a moengele wa Modimo. Le fa go ntse jalo, Sekarea o tshwanetse a bo a ile a bolelela mosadi wa gagwe ka tsela nngwe gore moengele wa ga Jehofa o mo reile a re leina la mosimane e tshwanetse go nna “Johane.” Baagelani le ba masika a bone ba ne ba batla go teelela mosimane yoo ka rraagwe. Mme Elisabetha o ne a tlotla taelo ya monna wa gagwe ka boikanyegi. O ne a re: “Legoka! o tla bidiwa Johane.”—Luke 1:59-63.

8, 9. (a) Boikanyegi bo nonotsha lenyalo jang? (b) Ke ditsela dife tse monna le mosadi ba ka bontshang ka tsone gore ba a ikanyega?

8 Fela jaaka Sekarea le Elisabetha, gompieno banyalani bangwe ba lebana le dilo tse di ka ba swabisang mmogo le mathata a mangwe. Fa boikanyegi bo se yo mo lenyalong, lenyalo leo ga le ka ke la atlega. Dilo dingwe tse di jaaka go tshameka ka maikutlo a lorato a motho yo o sa nyalanang le ene, ditshwantsho tse di hepisang, boaka le dilo dingwe di ka dira gore banyalani ba se tlhole ba ikanyana. Mme fa go ikanyana go senyega mo lenyalong, lorato le lone lo simolola go fela. Tota re ka re boikanyegi mo lenyalong bo tshwana le legora le le sireletsang lelapa, le le thusang gore batho ba ba sa batlegeng ba se ka ba tsena mo lelapeng, mme le dira gore batho ba ba mo lelapeng ba sireletsege. Ka jalo, fa monna le mosadi ba ikanyega mongwe mo go yo mongwe, ba ka nna mmogo ka tshireletsego mme ba bulelana mafatlha, mme seo sa dira gore lorato lwa bone lo gole. Ee, boikanyegi bo botlhokwa.

9 Jehofa o ne a raya Adame a re: ‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe.’ (Gen. 2:24) Seo se kaya eng? Tsela e ba neng ba dirisana ka yone le ditsala le ba malapa a bone e tshwanetse go fetoga. Banyalani boobabedi ba tshwanetse go tlhomamisa gore nako ya bone ba e dirisetsa balekane ba bone ba lenyalo le go dira gore e nne bone ba ba tlang pele. Ga ba kitla ba tlhola ba fetsa nako e ntsi le ditsala kgotsa ba losika mme ka go dira jalo ba tlhokomologa lelapa la bone le lesha e bile ga ba a tshwanela go letla gore batsadi ba itshunyatshunye mo ditshwetsong le dikgotlhang tsa lelapa la bone. Jaanong, banyalani ba tshwanetse go ngaparelana. Eno ke taelo e e tswang kwa Modimong.

10. Ke eng se se ka thusang balekane ba lenyalo gore ba leke ka natla go nna ba ikanyega?

10 Tota le mo malapeng a a kgaoganeng mo go tsa bodumedi go nna le ditlamorago tse di molemo fa banyalani ba ikanyega. Kgaitsadi mongwe yo o nang le monna yo o sa dumeleng a re: “Ruri ke leboga Jehofa go bo a nthutile kafa ke tshwanetseng go ikobela monna wa me ka gone le go mo naya tlotlo e e boteng. Go nna ke ikanyega go dirile gore le jaanong lenyalo la rona la dingwaga di le 47 le bo le sa ntse le na le lorato le tlotlo.” (1 Bakor. 7:10, 11; 1 Pet. 3:1, 2) Ka jalo, dira ka natla gore molekane wa gago wa lenyalo a ikutlwe a sireletsegile. Batla ditsela tse o ka mo tlhomamisetsang ka tsone, ka mafoko le ka ditiro, gore ke motho wa botlhokwa thata mo lefatsheng. Dira bojotlhe jo o ka bo kgonang gore go se ka ga nna le ope kgotsa sepe se se tsenang fa gare ga gago le molekane wa gago. (Bala Diane 5:15-20.) Ron le Jeannette ba ba nang le dingwaga tse di fetang 35 ba le mo lenyalong le le itumetseng, ba re: “E re ka re dira sengwe le sengwe se Modimo a re laelang sone ka boikanyegi, re na le lenyalo le le itumetseng le le le atlegileng.”

Go Nna Seoposengwe go Nonotsha Lenyalo

11, 12. Akhwila le Peresila ba ne ba dirisana mmogo jang (a) kwa lapeng, (b) mo tirong ya bone ya boitshediso, le (c) mo bodireding jwa Bokeresete?

11 Ka metlha fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka ditsala tsa gagwe tse dikgolo e bong Akhwila le Peresila, o ne a ba umaka boobabedi. Banyalani bano ba ba neng ba le seoposengwe ke sekao se se molemo se se bontshang gore Modimo o ne a kaya eng fa a ne a re monna le mosadi ba tshwanetse go nna “nama e le nngwe.” (Gen. 2:24) Ka metlha ba ne ba bereka mmogo mo lelapeng, fa ba dira tiro ya boitshediso le mo bodireding jwa Bokeresete. Ka sekai, fa Paulo a ne a goroga kwa Korintha lekgetlho la ntlha, Akhwila le Peresila ba ne ba mo laletsa ka bopelonomi gore a tle go nna mo legaeng la bone, le go bonalang a ile a tswelela a le dirisa ka nakwana fa a ntse a dira ditiro tsa gagwe tse dingwe. Moragonyana fa ba le kwa Efeso, ba ne ba dirisa legae la bone go tshwara dipokano tsa phuthego mme ba dira mmogo go thusa ba basha ba ba jaaka Apolose gore ba gole semoyeng. (Dit. 18:2, 18-26) Go tswa foo banyalani bano ba ba tlhagafetseng ba ne ba ya kwa Roma, mme le koo ba ne ba letla gore dipokano tsa phuthego di tshwarelwe mo legaeng la bone. Moragonyana ba ne ba boela kwa Efeso mme ba nonotsha bakaulengwe.—Bar. 16:3-5.

12 Go ne ga feta nako Akhwila le Peresila ba ntse ba bereka le Paulo mo tirong ya bone ya boitshediso ya go dira megope. Le mo lekgetlhong leno, banyalani bano ba ne ba dirisana mmogo ba sa gaisane e bile go se na dikgogakgogano mo gare ga bone. (Dit. 18:3) Ka jalo, ga go pelaelo gore nako e ba neng ba e dirisa ba le mmogo mo ditirong tsa Bokeresete, ke yone e e neng e dira gore lenyalo la bone le nonofe le bo le itumele. Ba ne ba itsege gotlhe, kwa Korintha, kwa Efeso le kwa Roma, e le “badirimmogo le . . . Keresete Jesu.” (Bar. 16:3) Gongwe le gongwe kwa ba neng ba direla teng, ba ne ba dira mmogo go tsweletsa pele tiro ya go rera ka Bogosi.

13, 14. (a) Ke maemo afe mo lenyalong a a ka dirang gore banyalani ba se ka ba nna seoposengwe? (b) Ke dilo dife tse banyalani ba ka di dirang go nonotsha sebofo sa bone jaaka “nama e le nngwe”?

13 Eleruri, go nna seoposengwe fa go dirwa mekgele le ditiro tse dingwe go nonotsha lenyalo. (Mor. 4:9, 10) Ka maswabi, banyalani ba le bantsi ba fetsa nako e nnye ba le mmogo. Mongwe le mongwe wa bone o fetsa diura tse dintsi kwa tirong ya gagwe ya boitshediso. Ba bangwe ba nna ba le mo maetong a tiro kgotsa ba fudugela kwa dinageng tse dingwe ba le bosi go ya go bereka teng gore ba nne ba romela madi kwa lapeng. Tota le kwa lapeng, banyalani bangwe ga ba kgone go dira dilo mmogo ka gonne ba fetsa nako e ntsi mo thelebisheneng, mo go itloseng bodutu, mo metshamekong, mo metshamekong ya dibidio le mo Internet. A go ntse jalo le mo lelapeng la lona? Fa go le jalo, a lo ka fetola tsela e lo dirang dilo ka yone gore lo kgone go fetsa nako lo le mmogo? Go tweng ka go dira ditiro dingwe mmogo tse di jaaka go apaya, go tlhatswa dijana kgotsa go bereka mo tshingwaneng? A lo ka dirisana mmogo go tlhokomela bana ba lona kgotsa go thusa batsadi ba lona ba ba godileng?

14 Sa botlhokwa le go feta, berekang mmogo ka metlha fa lo dira ditiro tse di amanang le go obamela Jehofa. Go tlotla mmogo ka temana ya letsatsi le go nna le kobamelo ya lelapa, go lo naya ditshono tse di molemolemo tsa gore lelapa la lona le nne seoposengwe mo tseleng e lo akanyang ka yone le e lo ipeelang mekgele ka yone. Gape berekang mmogo mo bodireding. Fa go kgonega, lekang go bulatsela mmogo, le fa maemo a lona a ka lo letla go dira seo kgwedi e le nngwe kgotsa ngwaga o le mongwe fela. (Bala 1 Bakorintha 15:58.) Kgaitsadi mongwe yo o neng a bulatsela le monna wa gagwe a re: “Bodiredi ke sengwe sa dilo tse di neng di re thusa go fetsa nako mmogo le go tlotla. E re ka roobabedi re ne re na le mokgele o o tshwanang wa go thusa batho semoyeng, ke ne ke bona gore tota re seoposengwe. Ke ne ka atamalana le ene thata jaana mo ke neng ke sa mo tseye e le monna wa me fela, gape e ne e le tsala e e molemo.” Fa lo ntse lo dirisana mmogo fa lo dira ditiro tse di botlhokwa, dilo tse lo di ratang, dilo tse di tlang pele mo matshelong a lona, le tse lo tlwaetseng go di dira, ka bonya ka bonya lo tla simolola go dira dilo ka tsela e e tshwanang mme fela jaaka Akwila le Perisila lo tla akanya, lwa ikutlwa, lwa bo lwa dira dilo jaaka “nama e le nngwe.”

Itetleng go Kaelwa ke Modimo

15. Ke eng se se ka thusang gore lenyalo le atlege? Tlhalosa.

15 Jesu o ne a itse botlhokwa jwa go dira gore Modimo a tle pele mo lenyalong. O ne a bona fa Jehofa a ne a nyadisa batho ba ntlha. O ne a bona kafa Adame le Efa ba neng ba itumetse ka gone fa ba ne ba latela kaelo ya Modimo, mme o ne a iponela bothata jo bo neng jwa nna gone fa ba e tlhokomologa. Ka jalo, fa Jesu a ne a ruta batho, o ne a boeletsa taelo ya ga Rraagwe e e mo go Genesise 2:24. Gape o ne a oketsa ka gore: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:6) Ka jalo, go tlotla Jehofa ka tsela e e boteng e sa ntse e le yone tsela e e thusang gore lenyalo le itumele le bo le atlege. Batsadi ba mo lefatsheng ba ga Jesu e bong Marea le Josefa ba ne ba tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng eno.

16. Marea le Josefa ba ne ba bontsha jang mo botshelong jwa bone jwa lelapa gore ba rata dilo tsa semoya?

16 Josefa o ne a tshwara Marea ka bopelonomi e bile a mo tlotla. Lekgetlo la ntlha fa a ne a utlwa gore o moimana, o ne a batla go dirisana le ene ka bopelotlhomogi tota le pele ga moengele wa Modimo a mo tlhalosetsa gore go ne go diregile eng ka Marea. (Math. 1:18-20) Banyalani bano ba ne ba ikobela molao wa ga Kaesara e bile ba latela Molao wa ga Moshe. (Luke 2:1-5, 21, 22) Mme le fa banna e ne e le bone fela ba go lebeletsweng gore ba nne teng kwa meletlong e megolo ya bodumedi kwa Jerusalema, Josefa le Marea mmogo le maloko a lelapa la bone ba ne ba ya teng ngwaga le ngwaga. (Dute. 16:16; Luke 2:41) Banyalani bano ba ne ba leka go bontsha ka ditsela tseno le tse dingwe gore ba batla go itumedisa Jehofa le gore tota ba tlotla dilo tsa semoya. Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a tlhophile bone gore ba tlhokomele Morwawe mo karolong ya ntlha ya botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng.

17, 18. (a) Ke ditsela dife tse banyalani ba ka di dirisang go dira gore dilo tsa semoya di tle pele mo lenyalong la bone? (b) Seno se tla ba solegela molemo jang?

17 A tsela e lelapa la gago le dirang dilo ka yone e bontsha gore le lona lo kaelwa ke go rata dilo tsa semoya? Ka sekai, fa lo dira ditshwetso tsa botlhokwa, a lo batlisisa pele gore melaometheo ya Baebele ya reng ka tsone, lo rapela ka kgang eo le go batla kgakololo ya Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng? Kgotsa a lo rarabolola mathata go ya kafa lo ikutlwang ka gone kgotsa go ya kafa ba lelapa le ditsala tsa lona ba akanyang ka gone? A lo leka ka natla go dirisa dikgakololo tse dintsintsi tse di malebana le botshelo jwa lenyalo le jwa lelapa tse di gatisitsweng ke motlhanka yo o boikanyego? Kgotsa a lo latela tlwaelo e batho ba mo lefelong la lona ba tshelang ka yone kgotsa dikgakololo tsa metswedi ya tshedimosetso? A ka metlha lo rapela le go ithuta mmogo, lo ipeela mekgele ya semoya le go bua ka dilo tse lelapa la lona le tshwanetseng go dira gore di tle pele?

18 Ray o ne a bua jaana ka lenyalo la bone le le itumetseng la dingwaga di le 50: “Ga re ise re nne le bothata jo re palelwang ke go bo rarabolola ka gonne ka metlha re dira gore Jehofa e nne karolo ya ‘mogala o o menaganeng seraro’ mo lenyalong la rona.” (Bala Moreri 4:12.) Danny le Trina le bone ba dumalana le seo. Ba re: “Lenyalo la rona le ne la nonofa fa re ntse re direla Modimo mmogo.” Ba na le dingwaga tse di fetang 34 ba le mo lenyalong le le itumetseng. Fa ka metlha o dira gore Jehofa a tle pele mo lenyalong la gago, o tla go thusa gore o atlege mme o tla go segofatsa fela thata.—Pes. 127:1.

Tswelelang lo Tlotla Mpho ya Modimo

19. Ke eng fa Modimo a re neile mpho ya lenyalo?

19 Gompieno batho ba le bantsi ba amegile fela ka boitumelo jwa bone. Mme motlhanka wa ga Jehofa ene ga a bone dilo ka tsela eo. O a itse gore Modimo o dirile lenyalo e le mpho gore a tsweletse boikaelelo jwa Gagwe. (Gen. 1:26-28) Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba tlotla mpho eo, lefatshe lotlhe le ka bo le ile la nna paradaise e e nang le batlhanka ba Modimo ba ba siameng le ba ba itumetseng.

20, 21. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tsaya lenyalo le le boitshepo? (b) Re tlile go ithuta ka mpho efe mo bekeng e e tlang?

20 Mo godimo ga tsotlhe, batlhanka ba Modimo ba tsaya lenyalo e le tshono ya go baka Jehofa. (Bala 1 Bakorintha 10:31.) Jaaka re bone, boikanyegi, go nna seoposengwe le go dira gore Modimo a tle pele mo lenyalong, ke dinonofo tse di kgatlhang Jehofa mme di nonotsha lenyalo. Ka jalo, go sa kgathalesege gore re ipaakanyetsa lenyalo, re a le nonotsha kgotsa re leka go dira gore le atlege, sa ntlha re tshwanetse go tlhaloganya se lenyalo e leng sone: gore ke thulaganyo e e boitshepo ya Modimo. Fa re sa lebale ntlha eo, re tla tlhotlheletsega go dira bojotlhe gore fa re dira ditshwetso mo lenyalong re kaelwe ke Lefoko la Modimo. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore ga re tlotle fela mpho ya lenyalo, mme re tlotla le Monei wa yone, Jehofa Modimo.

21 Ke boammaaruri gore lenyalo ga se lone fela mpho e Jehofa a re neileng yone, e bile ga se yone fela tsela e e dirang gore motho a itumele mo botshelong. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka mpho e nngwe gape e e molemolemo e e tswang kwa Modimong—mpho ya go nna o se mo lenyalong.

O Tla Araba Jang?

• Bakeresete ba ba mo lenyalong ba tshwanetse go tlhotlhelediwa jang ke boikanyegi?

• Ke eng fa go dira dilo mmogo lo le seoposengwe go ka nonotsha lenyalo?

• Ditsela dingwe tse banyalani ba ka itetlang go kaelwa ke Modimo ka tsone ke dife?

• Re ka bontsha jang gore re tlotla Mosimolodi wa lenyalo, Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go dira dilo mmogo go thusa banyalani gore ba nne ba le seoposengwe