“Tshabela mo Leineng la ga Jehofa”
“Tshabela mo Leineng la ga Jehofa”
“Ke tla dira gore go sale batho ba ba ikokobeditseng ba maemo a a kwa tlase, mme ruri ba tla tshabela mo leineng la ga Jehofa.”—SEF. 3:12.
1, 2. Ke setsuatsue sefe sa tshwantshetso se se tla tlogang se wela batho?
A O KILE wa tshwanelwa ke go iphitlha mo tlase ga borogo gonne o tshaba pula ya matsubutsubu kgotsa sefako? Borogo bo ka nna jwa go sireletsa mo puleng ya matsubutsubu kgotsa mo sefakong, mme gone bo ka nna jwa se ka jwa go sireletsa go le kalo mo setsuatsueng kgotsa mo kgwanyapeng.
2 Setsuatsue sa mofuta o o farologaneng se ntse se atamela ka bofefo—setsuatsue se se ka tsenyang botshelo jwa batho mo kotsing. Ke “letsatsi la matsubutsubu” la tshwantshetso. “Letsatsi [leno] le legolo la ga Jehofa” le tla ama batho botlhe. Le fa go ntse jalo, re ka bona botshabelo jo re bo tlhokang. (Bala Sefania 1:14-18.) Re ka dira seo jang mo “letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa” le le tla tlogang le simolola?
Malatsi a Sefefo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele
3. Ke ‘phefo efe ya matsubutsubu’ e e neng ya wela bogosi jwa Iseraele jwa ditso di le lesome?
3 Letsatsi la ga Jehofa le tla simolola ka go fedisiwa ga bodumedi jotlhe jwa maaka mo lefatsheng. Fa re batla go itse gore re ka sireletsega jang, a re sekasekeng se se ileng sa diragalela batho ba Modimo ba motlha wa bogologolo. Isaia yo o neng a tshela mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., o ne a tshwantshanya katlholo e Jehofa a atlhotseng bogosi jwa Iseraele jwa ditso di le lesome tsa batlhanogi ka yone le “phefo ya matsubutsubu ya dikgadima” e batho ba neng ba ka se kgone go e thibela. (Bala Isaia 28:1, 2.) Boporofeti joo, bo ne jwa diragadiwa ka 740 B.C.E. fa Asiria e tlhasela naga e ditso tseo tse di lesome di neng di nna mo go yone, Eferaime e ne e le lone lotso lo logolo mo ditsong tseo tsotlhe.
4. “Letsatsi le legolo la ga Jehofa” le ne la wela Jerusalema jang ka 607 B.C.E.?
4 Fa Iseraele yo o sa ikanyegeng a sena go atlholwa, go ne ga latela “letsatsi le legolo la ga Jehofa” le le neng la wela Jerusalema le bogosi jwa Juda ka 607 B.C.E. Seo se diregile ka gonne batho ba Juda le bone e ne e setse e le batlhanogi. Bababelona ba ba neng ba busiwa ke Nebukadenesare ba ne ba tshosetsa Juda le motsemogolo wa yone, Jerusalema. Bajuda ba ne ba kopile thuso mo ‘botshabelong jwa maaka,’ e leng Egepeto e ba neng ba dirile kgolagano ya sepolotiki le yone. Le fa go ntse jalo, Bababelona ba ne ba gogola “botshabelo” joo fela jaaka pula e kgolo ya sefako.—Isa. 28:14, 17.
5. Ke eng se se tla diragalelang batho ba Modimo e le setlhopha fa bodumedi jotlhe jwa maaka bo senngwa?
5 Letsatsi le legolo la ga Jehofa le le neng la wela Jerusalema le ne le bontsha katlholo e e tla Tshen. 7:14; 18:2, 8; 19:19-21.
tlelang madumedi a botlhanogi a mo motlheng wa rona a a ipitsang a Bokeresete. Mo godimo ga moo, “Babelona o Mogolo,” e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka o tla nyelediwa. Go tswa foo, dikarolo tse di setseng tsa tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane di tla senngwa. Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ba tla falola e le setlhopha ka gonne ba tshabela kwa go Jehofa.—Botshabelo Jwa Semoya le Jwa Mmatota
6. Batho ba ga Jehofa ba ka bona jang botshabelo?
6 Tota le jaanong mo motlheng ono wa bofelo, batho ba Modimo ba ka bona jang botshabelo? Re bona botshabelo jwa semoya ka go ‘akanya ka leina la Modimo’ ka thapelo le go mo direla ka tlhagafalo. (Bala Malaki 3:16-18.) Le fa go ntse jalo, o tla lemoga gore re tlhoka go dira se se fetang fela go akanya ka leina la gagwe. Re bala jaana: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (Bar. 10:13) Re ka tlhomamisega gore fa re bitsa leina la ga Jehofa, o tla re boloka. Mme batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba kgona go bona pharologano fa gare ga Bakeresete ba boammaaruri, ba ka tlotlo ba “akanyang ka leina la gagwe” mme ba direla e le Basupi ba gagwe, le batho ba ba sa mo direleng.
7, 8. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bona jang botshabelo jwa mmatota, mme seo se tshwana jang le se se tla diregang mo motlheng ono?
7 Mme gone, ga re tlhoke botshabelo jwa semoya fela gore re bolokege. Batho ba Modimo ba solofediwa botshabelo jwa mmatota. Re bona bosupi jwa seno mo go se se neng sa direga ka 66 C.E. fa masole a Roma a a neng a eteletswe pele ke Cestius Gallus a sena go tlhasela Jerusalema. Jesu o ne a boleletse pele gore malatsi a tlalelo eo a ne a tla “khutshwafadiwa.” (Math. 24:15, 16, 21, 22) Seno se ne sa direga fa masole a Roma a a neng a dikaganyeditse motse a ne a tsamaya go sa lebelelwa, mme tiragalo eno ya thusa gore “nama” nngwe, e leng Bakeresete ba boammaaruri, e ‘bolokwe.’ Ba ne ba kgona go tswa mo motseng le mo mafelong a a gaufi. Bangwe ba bone ba ne ba kgabaganya Joredane mme ba bona botshabelo mo dithabeng tse di kwa botlhaba jwa noka eo.
8 Re kgona go lemoga kafa Bakeresete bao ba tshwanang ka gone le batho ba Modimo ba motlha wa gompieno. Mo nakong e e fetileng, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba senka botshabelo, mme le gompieno batlhanka ba Modimo ba dira fela jalo. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno ga go kitla go tlhokega gore ba tshabe ka tsela ya mmatota ba tshabela kwa lefelong le le rileng, ka gonne Bakeresete ba boammaaruri ba gasame le lefatshe lotlhe. Mme gone, fa batho “ba ba tlhophilweng,” mmogo le ditsala tsa bone tse di ikanyegang ba tshabela kwa go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe e e jaaka thaba, ba tla falola ka tsela ya mmatota fa madumedi a a ipitsang a Bokeresete a botlhanogi a fedisiwa.
9. Ke bomang ba ba ileng ba leka go dira gore batho ba lebale leina la ga Jehofa? Naya sekai.
9 Kafa letlhakoreng le lengwe, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a tshwanelwa ke tshenyego e e tlang ka gonne ga a a ka a ruta maloko a one boammaaruri ka Modimo le ka melao ya gagwe e bile a ile a gana go dirisa leina la Modimo. Go tloga ka ngwaga wa 500 C.E. go ya mo e ka nnang ka 1500 C.E., leina la Modimo le ne le itsege thata kwa Yuropa. Leina leo le le emelwang ke ditlhaka di le nnè tsa Sehebera tse di bidiwang Thaterakeramatone tse gantsi di ranolwang e le YHWH (kgotsa JHVH), le ne le kwadiwa mo mading a tshipi, mo maribelong, mo dibukeng di le dintsi le mo Dibaebeleng, tota le mo dikerekeng dingwe tsa Katoliki le tsa Porotesetanta. Le fa go ntse jalo, mo metlheng ya gompieno leina la Modimo le tlositswe mo dithanolong tsa Baebele e bile ga le tlhole le dirisiwa. Bosupi bongwe jwa seo ke Lekwalo la June 29, 2008 le le neng le kwaletswe Khonferense ya Bobishopo le le buang ka ‘Leina la Modimo,’ le le tswang kwa Phuthegong ya Vatican ya go Obamela Modimo le Phuthego e e Neng e Tlhokomela Ditirelo Tsa Kereke ya Katoliki. Mo lekwalong leo Kereke ya Roma Katoliki e ne e laela gore ditlhaka di le nnè tsa Sehebera le dithanolo dingwe tse di amanang le tsone, di ntshiwe mme go tsenngwe “Morena.” Vatican e ne ya laela gore leina la Modimo ga le a tshwanela go dirisiwa kana go umakiwa mo difeleng le mo dithapelong ka nako ya ditirelo tsa bodumedi
tsa Katoliki. Mme baeteledipele ba madumedi a e seng a Bokeresete le a a ipitsang a Bokeresete le bone ba dirile gore baobamedi ba le dimilionemilione ba se ka ba itse gore Modimo wa boammaaruri ke mang.Go Sirelediwa Ga ba Ba Itshepisang Leina la Modimo
10. Leina la Modimo le tlotlomadiwa jang gompieno?
10 Basupi ba ga Jehofa ba farologane thata le madumedi a mangwe ka gonne bone ba tlotla leina la Modimo e bile ba a le galaletsa. Ba le itshepisa ka go le dirisa ka tsela e e tlotlegang. Jehofa o itumedisiwa ke batho ba ba mo ikanyang mme o nna sengwe le sengwe se se tlhokegang go segofatsa batho ba gagwe le go ba sireletsa. “O itse ba ba batlang botshabelo mo go ene.”—Nah. 1:7; Dit. 15:14.
11, 12. Ke bomang ba ba ileng ba tlotlomatsa leina la ga Jehofa kwa Juda wa bogologolo, mme ke bomang ba ba le tlotlomatsang mo motlheng wa rona?
11 Le fa bontsi jwa Bajuda ba bogologolo e ne e setse e le batlhanogi, go ne go na le bangwe ba ba neng ba “tshabela mo leineng la ga Jehofa.” (Bala Sefania 3:12, 13.) Ee, fa Modimo a ne a otlhaya Bajuda ba ba se nang tumelo ka go letla Bababelona gore ba gape naga ya bone le go ba thopa, batho bangwe ba ba jaaka Jeremia, Baruke le Ebede-meleke ba ne ba bolokwa. Ba ne ba tshela “mo gare ga” setšhaba sa batlhanogi. Go na le batho bangwe ba le bone ba ileng ba nna ba ikanyega fa ba ntse ba le kwa botshwarwa. Ka 539 B.C.E., Bameda le Baperesia ba ba neng ba busiwa ke Kurose ba ne ba fenya Babelona. Moragonyana fela ga foo, Kurose o ne a ntsha taelo ya gore masalela a Bajuda a boele kwa nagagaeng ya one.
12 Sefania o ne a bolelela pele gore Jehofa o tla boloka le go ipedisiwa ke ba ba tla itumelelang go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri. (Bala Sefania 3:14-17.) Go ne ga direga sone seo le mo motlheng wa rona. Fa Bogosi jwa Modimo bo sena go tlhomiwa kwa legodimong, Jehofa o ne a golola masalela a a ikanyegang a batlodiwa mo botshwarong jwa semoya jwa Babelona o Mogolo. Mme ba ntse ba mo ipedisa go tla go fitlha le gompieno.
13. Batho ba ditšhaba tsotlhe ba ipelela kgololesego efe?
13 Ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le bone ba dule mo go Babelona o Mogolo mme ba itumelela go gololesega mo dithutong tsa maaka tsa bodumedi. (Tshen. 18:4) Ka jalo, Sefania 2:3 e diragadiwa ka tsela e kgolwane mo motlheng wa rona: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe.” Batho ba ba bonolo ba ditšhaba tsotlhe, ba ka tswa ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, jaanong ba tshabela mo leineng la ga Jehofa.
Leina la Modimo ga se Pheko
14, 15. (a) Ke eng se batho bangwe ba ileng ba se dirisa jaaka pheko? (b) Ke eng se se sa tshwanelang go dirisiwa jaaka pheko?
14 Baiseraele bangwe ba ne ba tsaya tempele e le pheko e e tla ba sireletsang mo babeng ba bone. (Jer. 7:1-4) Pelenyana ga foo, Baiseraele ba ne ba tsaya letlole la kgolagano e le pheko e e tla ba sireletsang mo ntweng. (1 Sam. 4:3, 10, 11) Constantine yo Mogolo o ne a taka ditlhaka tse pedi tsa ntlha tsa Segerika khi le rho, tse di tlhagang mo leineng “Keresete” ka Segerika mo dithebeng tsa masole a gagwe a solofetse gore ba tla sireletsega mo ntweng. Mme go akanngwa gore Kgosi Gustav Adolph II wa kwa Sweden, yo o loleng mo Ntweng ya Dingwaga di le Masome a Mararo o ne a apere seaparo sa ntwa se se bontshitsweng mo tsebe 7. Ela tlhoko gore leina Iehova le tlhageletse sentle mo kholorong eo.
15 Batho bangwe ba Modimo ba ba neng ba tlhaselwa ke madimona ba ile ba tshabela kwa go Jehofa ka go biletsa leina la gagwe kwa godimo. Le fa go ntse jalo, selo se se nang le leina la Modimo ga se a tshwanela go tsewa e le pheko e motho a ka e dirisang letsatsi le letsatsi, jaaka e kete se na le maatla mangwe a boselamose a a ka mo sireletsang. Seno ga se se go tshabela mo leineng la ga Jehofa go se kayang.
Go Bona Botshabelo Gompieno
16. Re ka bona jang tshireletsego ya semoya gompieno?
16 Gompieno re bona tshireletsego ya semoya e e itumelelwang ke batho botlhe ba Modimo. Pes. 91:1) Modimo o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” mmogo le bagolwane mo phuthegong go re tlhagisa ka mekgwa ya lefatshe e e ka tsenyang tshireletsego eo mo kotsing. (Math. 24:45-47; Isa. 32:1, 2) Akanya fela gore ke gakae re tlhagisiwa ka go rata dikhumo, mme o akanye kafa ditlhagiso tseo di re sireleditseng ka gone gore re se ka ra wela mo masetlapelong a semoya. Mme go tweng ka kotsi ya go nna le mokgwa wa go goga dinao, o o ka dirang gore re tsidifale mo tirelong ya ga Jehofa? Lefoko la Modimo la re: “Go tsaya botshelo motlhofo ga dimatla ke gone mo go tla ba senyang. Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.” (Dia. 1:32, 33) Go lwela go nna re le phepa mo boitsholong le gone go re thusa go nna re sireletsegile semoyeng.
(17, 18. Gompieno batho ba le dimilionemilione ba thusiwa ke eng gore ba tshabele mo leineng la ga Jehofa?
17 Akanya gape le ka kgothatso e re e newang ke motlhanka yo o boikanyego ya gore re latele taelo ya ga Jesu ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni. (Math. 24:14; 28:19, 20) Sefania o ne a umaka phetogo nngwe e e neng e tla thusa batho go tshabela mo leineng la Modimo. Re bala jaana: “Ka nako eo ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.”—Sefa. 3:9.
18 Puo eno e e itshekileng ke eng? Ke boammaaruri ka ga Jehofa Modimo le boikaelelo jwa gagwe jo bo fitlhelwang mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Ka tsela nngwe o a bo o dirisa puo eo fa o thusa batho gore ba tlhaloganye sentle se Bogosi jwa Modimo e leng sone le kafa bo tla itshepisang leina la gagwe ka gone, fa o buelela go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Modimo, le fa ka boitumelo o bua ka masego a a nnelang ruri a batho ba ba ikanyegang ba tla itumelelang one. E re ka batho ba le bantsi ba bua puo eno ya tshwantshetso, palo ya batho ba ba ‘bitsang leina la ga Jehofa’ le ba ‘ba mo direlang ba le seoposengwe’ e ntse e gola. Eleruri, gone jaanong batho ba le dimilionemilione go dikologa lefatshe ba tshabela kwa go Jehofa.—Pes. 1:1, 3.
19, 20. Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, ke jang go ikanya “botshabelo jwa maaka” go neng ga se ka ga thusa?
19 Batho mo lefatsheng ba tshwanelwa ke go lebana le mathata a go bonalang a le magolo. E re ka ba batla go a rarabolola ba batla thuso mo bathong ba ba sa itekanelang. Kgotsa ba na le tsholofelo ya gore mekgatlho ya dipolotiki e tla ba rarabololela one, fela jaaka ka dinako dingwe Iseraele wa bogologolo a ne a batla thuso mo ditšhabeng tsa boagelani e bile a dira kgolagano le tsone. Le fa go ntse jalo, o a itse gore go dira jalo ga go a ka ga thusa Iseraele. Le gompieno ga go mokgatlho ope wa dipolotiki, tota le one mokgatlho wa Ditšhaba Tse di Kopaneng, o o ka rarabololang mathata a batho ka botlalo. Ka jalo, ga go lebaka la gore motho a tseye gore mekgatlho ya dipolotiki le dikgolagano tsa yone e ka mo sireletsa. Fa Baebele e ne e bolelela pele ka yone ya re ke “botshabelo jwa maaka.” Tota go a tshwanela go e leba jalo ka gonne batho botlhe ba ba solofetseng mo go yone, ba tla swaba fela thata.—Bala Isaia 28:15, 17.
Isaia 28:17 ya re: “Sefako se tla gogola botshabelo jwa maaka, le metsi a tla rwalelela lone lefelo la go iphitlha.”
20 Go ise go ye kae pula ya tshwantshetso ya sefako ya letsatsi la ga Jehofa e tla wela lefatshe. Maano a batho, tota le dibetsa tse di maatla tsa nuklea kgotsa dikhumo ga di kitla di kgona go ba sireletsa.21. Re tla solegelwa molemo jang fa re tsaya temana ya ngwaga ya 2011 tsia?
21 Gone jaanong le mo isagweng, batho ba Modimo ba tla bona tshireletsego ya mmatota mo Modimong wa bone, Jehofa. Leina la ga Sefania le le kayang “Jehofa o Subile,” le raya gore ke ene lefelo la mmatota la go iphitlha. Ka jalo, go a tshwanela go bo temana ya ngwaga ya 2011 e bo e le kgakololo eno e e botlhale: “Tshabela mo leineng la ga Jehofa.” (Sefa. 3:12) Tota le jaanong re ka kgona go tshabela mo leineng la ga Jehofa e bile re tshwanetse go tshabela mo go lone, re mo ikanye ka botlalo. (Pes. 9:10) A letsatsi le letsatsi re nne re akantse ka mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a a re tlhomamisetsang jaana: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.”—Dia. 18:10.
A o A Gakologelwa?
• Re ka tshabela jang mo leineng la ga Jehofa gone jaanong?
• Ke eng fa re sa tshwanela go ikanya “botshabelo jwa maaka”?
• Re tlhomamisediwa ka botshabelo bofe mo isagweng?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Temana ya ngwaga ya 2011 ya re: “Tshabela mo leineng la ga Jehofa.” —Sefania 3:12.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
Thüringer Landesmuseum Heidecksburg Rudolstadt, Waffensammlung “Schwarzburger Zeughaus”