Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri o Anaanela Masego a o Nang le One?

A Ruri o Anaanela Masego a o Nang le One?

A Ruri o Anaanela Masego a o Nang le One?

FA BOMORWA Iseraele ba sena go gololwa ka kgakgamatso mo bokgobeng kwa Egepeto, kwa tshimologong ba ne ba itumeletse go nna le kgololosego ya go obamela Jehofa. (Ekes. 14:29–15:1, 20, 21) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, tsela e ba neng ba leba dilo ka yone e ne ya fetoga. Ba ne ba simolola go ngongorega ka boemo jwa bone. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba simolola go akanya ka mathata a ba neng ba na le one ka ntlha ya go nna kwa nageng go na le go akanya ka se Jehofa a neng a setse a ba diretse sone. Ba ne ba raya Moshe ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo re ntshitse kwa Egepeto gore re tle go swela mo nageng? Gonne ga go na senkgwe e bile ga go na metsi, mme moya wa rona o ila senkgwe seno se se nyatsegang [mana].”—Dipa. 21:5.

Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, Kgosi Dafide wa kwa Iseraele ya bogologolo o ne a opela jaana: “Fa e le nna, ke ikantse bopelonomi jwa gago jwa lorato; a pelo ya me e ipele mo polokong ya gago. Ke tla opelela Jehofa, gonne o ntiretse ka tsela e e duelang.” (Pes. 13:5, 6) Dafide ga a ka a lebala ditiro tsa bopelonomi jwa lorato tse Jehofa a mo diretseng tsone. Go farologana le moo, o ne a akanya ka tsone ka metlha. (Pes. 103:2) Le rona Jehofa o re segofaditse, mme go molemo gore re se ka ra tseela se a re diretseng sone kwa tlase. Ka jalo, mma re sekaseke masego mangwe a Modimo a re nayang one gompieno.

“Go Atamalana Thata le Jehofa”

Mopesalema o ne a opela jaana: “Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang.” (Pes. 25:14) Ruri ke tshiamelo e kgolo gore batho ba ba sa itekanelang ba nne le kamano e e gaufiufi le Jehofa! Le fa go ntse jalo, go tweng fa re tshwaregile thata ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi mo re nnang le nako e nnye fela ya go rapela? Akanya fela ka se se tla diregang ka kamano e e molemo e re nang le yone le Jehofa. E re ka Jehofa e le Tsala ya rona, o lebeletse gore re mo ikanye, re mo tshololele dipelo tsa rona ka thapelo, re mmolelele dilo tse re di boifang, tse re di ratang le tse re tlhobaelang ka tsone. (Dia. 3:5, 6; Bafil. 4:6, 7) Ka jalo, ruri re tshwanetse go akanya ka boleng jwa dithapelo tsa rona.

Fa mosha mongwe wa Mosupi e bong Paul a ne a akanya ka dithapelo tsa gagwe, o ne a lemoga gore o tlhoka go di tokafatsa. * O ne a re: “Ke ne ke tsenwe ke mokgwa wa go boaboeletsa mafoko a le mangwe fa ke rapela Jehofa.” Paul o ne a dira dipatlisiso ka kgang eo mo go Watch Tower Publications Index, mme o ne a lemoga gore go na le dithapelo di ka nna 180 tse di kwadilweng mo Baebeleng. Mo go tsone, batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo ba ne ba tlhalosa maikutlo a bone a a kwa tengteng. Paul o ne a re: “Fa ke tlhatlhanya ka dikai tse di ntseng jalo tsa Dikwalo, ke ne ka lemoga gore tota dithapelo tsa me di tshwanetse go nna maleba. Seno se nthusitse gore ke bulele Jehofa mafatlha. Gone jaanong, ke itumelela go atamalana le ene ka thapelo.”

‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’

Tsela e nngwe e Jehofa a re segofatsang ka yone, ke ka dilo tse dintsi tse re ithutang tsone mo Baebeleng. Fa re ntse re ikotla ka motlele wa dijo tse di nonneng tsa semoya, re na le lebaka la go “goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo.” (Isa. 65:13, 14) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go disa gore re se ka ra letla ditlhotlheletso tse di sa siamang di dira gore re latlhegelwe ke tlhagafalo e re nang le yone mo boammaaruring. Ka sekai, go kgatlhegela dipego tsa maaka tsa batenegi go ka hupetsa tsela e re akanyang ka yone mme ga dira gore re se ka ra bona botlhokwa jwa ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng’ tse Jehofa a re nayang tsone a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Math. 24:45-47.

André, yo o diretseng Jehofa ka dingwaga di le dintsi o ne a nna le maitemogelo a a botlhoko a go faposiwa mo tumelong ke dikakanyo tsa batlhanogi. O ne akanya gore go gaodisa aterese ya Internet ya batlhanogi go ka se nne kotsi. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke ngokiwa ke dilo tse di bidiwang boammaaruri tse batlhanogi ba neng ba bua ka tsone. Fa ke nna ke tlhatlhoba se ba se buang, ke ne ka simolola go akanya gore go tlogela phuthego ya ga Jehofa e ne e le selo se se molemo. Mme moragonyana fa ke ntse ke dira dipatlisiso ka dilo dingwe tse batlhanogi ba neng ba di bua kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka lemoga kafa baruti ba maaka ba leng boferefere ka gone. Se ba neng ba se bitsa ‘bosupi jwa konokono’ kgatlhanong le rona, tota e ne e le dilo tse ba neng ba di sokamisitse. Ka jalo, ke ne ka dira tshwetso ya go simolola go bala dikgatiso tsa rona gape le go nna gone kwa dipokanong. Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore ke latlhegetswe go le kana kang.” Se se itumedisang ke gore André o ne a boela mo phuthegong.

“Bakaulengwe Botlhe”

Jehofa o re segofaditse ka kutlwano le lorato lwa bokaulengwe. (Pes. 133:1) Moaposetoloi Petere o ne a na le lebaka le le utlwalang la go kwala jaana: “Ratang bakaulengwe botlhe.” (1 Pet. 2:17) E re ka re le karolo ya bakaulengwe ba Bakeresete, re itumelela lorato le kemonokeng ya borre, bommè, bomorwarre le bomorwadiarre ba semoya ba re nang le bone mo boammaaruring.—Mar. 10:29, 30.

Le fa go ntse jalo, maemo a a farologaneng ka dinako dingwe a ka koafatsa kamano e re nang le yone le bakaulengwe le bokgaitsadiarona. Ka sekai, go motlhofo go tenwa ke bosaitekanelang jwa motho mongwe mme o bo o simolola go mo leba ka tsela e sele. Fa seno se direga, a go ka se nne molemo go gakologelwa gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe le fa ba sa itekanela? Mo godimo ga moo, “fa re bua polelo e e reng: ‘Ga re na boleo,’ re a itsietsa e bile boammaaruri ga bo yo mo go rona.” (1 Joh. 1:8) A ga re a tshwanela go leka ka natla go ‘tswelela re itshokelana e bile re itshwarelana re gololesegile’?—Bakol. 3:13.

Mosha mongwe yo o bidiwang Ann o ne nna le maitemogelo a a botlhoko a a neng a mo ruta botlhokwa jwa go tsalana le Bakeresete. O ne a tshwana le morwa sesenyi wa mo setshwantshong sa ga Jesu, o ne a katogela kgakala le phuthego ya Bokeresete. Fa nako e ntse e ya o ne a itharabologelwa mme a boela mo boammaaruring. (Luke 15:11-24) Ann o ne a ithuta eng ka se se mo diragaletseng? A re: “E re ka jaanong ke boetse mo phuthegong ya ga Jehofa, ke tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba le botlhokwa go sa kgathalesege bosaitekanelang jwa bone. Mo nakong e e fetileng ke ne ke ba tshwaya diphoso ka bonako. Mme gone jaanong, ke ikaeletse gore ke se ka ka letla sepe gore se nthibele go bona masego a go nna mo gare ga badumedimmogo. Ga go sepe kwa lefatsheng se motho a ka latlhang paradaise ya rona ya semoya mo boemong jwa sone.”

Anaanela Masego a o Nang le One ka Metlha

Tsholofelo e re nang le yone ya gore Bogosi jwa Modimo ke jone bo tla rarabololang mathata a batho ke letlotlo le legolo thata. Fa re ne re simolola go nna le tsholofelo eo, a bo dipelo tsa rona di ne tsa tlala ka kanaanelo jang ne! Re ne re ikutlwa fela jaaka mogwebi wa mo setshwantshong sa ga Jesu yo o neng a “rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone” gore a kgone go reka “perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo.” (Math. 13:45, 46) Jesu ga a ka a re mogwebi yono o ne a se ka a tlhola a anaanela perela eo. Ka tsela e e tshwanang, a le ka motlha re se ka ra tlogela go anaanela tsholofelo e e molemolemo e re nang le yone.—1 Bathes. 5:8; Baheb. 6:19.

Akanya ka sekai sa ga Jean, yo o nang le dingwaga di feta 60 a ntse a direla Jehofa. A re: “Se se neng sa nthusa gore ke tswelele ke akantse ka Bogosi jwa Modimo ke go nna ke bolelela ba bangwe ka jone. Fa ke bona kafa matlho a bone a phatsimang ka gone fa ba ithuta gore Bogosi ke eng, seo se nna le matswela a a molemo mo go nna. Go bona kafa boammaaruri jwa Bogosi bo fetolang botshelo jwa seithuti sa Baebele, go dira gore ke akanye gore, ‘Ruri ke tshwanetse go bolelela batho ka boammaaruri jo bo molemo!’”

Re na le mabaka a a utlwalang a go anaanela masego a mantsi a semoya a re nang le one. Le fa re lebana le diteko tse di jaaka go ganediwa, bolwetse, botsofe, go tshwenyega thata mo maikutlong, go swelwa ke mongwe yo re mo ratang le mathata a ikonomi, re a itse gore ke tsa nakwana fela. Mo Bogosing jwa Modimo, re tla newa masego a mmatota mo godimo ga masego a semoya a re nang le one. Mathata a re ka tswang re tshwanelwa ke go itshokela one gone jaanong, a tla fedisiwa mo tsamaisong e ntšha ya dilo.—Tshen. 21:4.

Fa re ntse re letile, a re anaaneleng masego a semoya a re nang le one mme re bontshe kanaanelo e e tshwanang le ya mopesalema yo o neng a opela jaana: “O dirile dilo di le dintsi, Wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona; ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa ke ne nka sekamela go di bolela le go bua ka tsone, di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.”—Pes. 40:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Re segofaditswe ka kemonokeng ya semoya mo nakong ya diteko