Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa Moshe a ne a galefela bomorwa Arone e bong Eliasare le Ithamare morago ga loso lwa bomorwarraabone e bong Nadabe le Abihu, mme ke eng se se neng sa reba bogale jwa gagwe?—Lefi. 10:16-20.

Nakwana fela morago ga go tlhomiwa ga baperesiti gore ba direle kwa motlaaganeng, Jehofa o ne a bolaya bomorwa Arone e bong Nadabe le Abihu ka gonne ba ne ba mo iseditse ditlhabelo tse di seng kafa molaong. (Lefi. 10:1, 2) Moshe o ne a laela bomorwa Arone ba ba setseng gore ba se ka ba lelela bomorwarraabone ba ba suleng. Nakwana fela morago ga foo, Moshe o ne a galefela Eliasare le Ithamare ka gonne ba ne ba sa ja podi e e neng e ntshitswe tshupelo ya boleo. (Lefi. 9:3) Ke eng fa Moshe a ile a itshwara ka tsela eno?

Melao e Jehofa a neng a e neile Moshe e ne e bontsha gore moperesiti yo o ntshang tshupelo ya boleo o ne a tshwanetse go jela karolo ya yone mo lolwapeng lwa mogope wa bokopanelo. Go dira jalo go ne go tsewa e le go sikara maleo a ba ba ntshitseng ditlhabelo. Le fa go ntse jalo, fa mangwe a madi a setlhabelo a ne a ka isiwa kwa Lefelong le le Boitshepo, mo karolong ya ntlha ya lefelo le le boitshepo, setlhabelo seo se ne se sa tshwanelwa go jewa. Go na le moo, se ne se tshwanetse go fisiwa.—Lefi. 6:24-26, 30.

Go bonala e kete, morago ga ditiro tse di botlhoko tse di diragetseng mo letsatsing leo, Moshe o ne a bona go le botlhokwa go tlhomamisa gore melao yotlhe ya ga Jehofa e ne e latelwa. Fa a ne a lemoga gore podi ya tshupelo ya boleo e ne e fisitswe, o ne a botsa Eliasare le Ithamare ka bogale gore ke eng ba sa e ja fela jaaka a ne a ba laetse, ka gonne madi a yone a ne a sa isiwa fa pele ga ga Jehofa kwa Lefelong le le Boitshepo.—Lefi. 10:17, 18.

Arone o ne a araba potso ya ga Moshe, e re ka go bonala baperesiti ba ba setseng ba ne ba dira seo ka gonne a ne a ba neile tetla ya go se dira. E re ka Arone a ne a bona gore bomorwawe ba babedi ba bolailwe, a ka tswa a ile a ipotsa gore a tota baperesiti bape fela ba ka kgona go ja tshupelo ya boleo ka segakolodi se se molemo mo letsatsing leo. Gongwe o ne a akanya gore go ja tshupelo eo go ne go ka se ipedise Jehofa, le fa gone ba ne ba sa ikarabelele phoso e e dirilweng ke Nadabe le Abihu.—Lefi. 10:19.

Arone segolobogolo a ka tswa a ile a akanya gore mo letsatsing le maloko a lelapa la gagwe a neng a simolola go dira ditiro tsa boperesiti ka lone, ba ka bo ba ile ba ela tlhoko gore ba itumedisa Modimo tota le ka dilo tse dinnye. Le fa go ntse jalo, Nadabe le Abihu ba ne ba itshekolotse leina la ga Jehofa, mme bogale jwa Modimo bo ne bo ba tuketse. Ka jalo, Arone a ka tswa a ile a akanya gore maloko a lelapa la boperesiti le le neng le dirile boleo, a ne a sa tshwanela go ja tshupelo eo e e boitshepo.

Go bonala Moshe a ile a amogela karabo ya ga morwarragwe ka gonne temana eo e konela ka gore: “E rile Moshe a utlwa moo, foo ga itshupa go kgatlha mo matlhong a gagwe.” (Lefi. 10:20) Go lebega Jehofa le ene a ile a kgotsofalela karabo ya ga Arone.