Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga se Matsapa a Bophiri Fela!

Ga se Matsapa a Bophiri Fela!

Ga se Matsapa a Bophiri Fela!

KOBAMELO YA LELAPA le thuto ya Baebele di botlhokwa thata gore bana ba godisetswe “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Mme gone fa e le gore o motsadi, o a itse gore bana ba felelwa ke kgatlhego ka bonako. O ka dira eng gore ba kgone go nna ba tlhomile mogopolo ka nako ya thuto? Ela tlhoko se batsadi bangwe ba ileng ba se dira.

George, wa kwa California, U.S.A a re: “Fa bana ba rona ba ne ba sa ntse ba le bannye, nna le mosadi wa me re ne re leka go dira gore thuto ya lelapa ya Baebele e nne monate. Ka dinako dingwe rotlhe re ne re apara jaaka batho bangwe ba mo Baebeleng mme re bo re diragatsa pego nngwe fa re ntse re e bala mo bukeng ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Re ne ra bo ra itirela didirisiwa tsa terama—ditšhaka, dinthe, diroto le tse dingwe. Gape re ne re tshameka metshameko ya go fopholetsa maina a batho ba ba mo Baebeleng mme ra itirela motshameko wa boto e e nang le dipotso tse di farologaneng tsa Baebele, dingwe tsa tsone di le thata mme tse dingwe di le motlhofo. Gape re ne re itirela diporojeke tse di jaaka go aga sekaelo sa araka ya ga Noa kgotsa re kwala ditiragalo tsa Baebele ka tatelano ya tsone. Ka dinako dingwe re ne re taka ditshwantsho tsa batho ba ba mo Baebeleng kgotsa tsa dipolelo tsa Baebele. Gone jaanong re rulaganya porojeke ya go taka diaparo tsa tlhabano tsa semoya tse di tlhalositsweng mo go Baefeso 6:11-17, mme mongwe le mongwe wa rona o tla tlhalosa gore karolo nngwe le nngwe ya seaparo seo e emela eng. Mekgwa eno e re thusitse gore re itumelele thuto ya rona ya lelapa ya Baebele.”

Mmè mongwe wa kwa Michigan, U.S.A., e bong Debi a re: “Nna le monna wa me re ne re sa kgone go fitlhelela pelo ya morwadiarona fa a ne a le dingwaga di le tharo. Ka jalo, letsatsi lengwe fa re ne re balela kgang ya ga Isake le Rebeka kwa godimo go tswa mo bukeng ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, ke ne ka tsaya bompopi ba babedi mme ka simolola go ba dirisa gore ba diragatse mo kgannyeng eo, ke ba dira e kete ba a bua. Jaanong, o ne a reetsa lefoko lengwe le lengwe ka kelotlhoko! Mo dikgweding tse di latelang bompopi bao e ne ya nna batho ba le bantsi ba ba mo Baebeleng. Morago ga go bala pego e e rileng, morwadiarona o ne a phuruphutsa ntlo a batla ditshamekisi kgotsa dilo dingwe tse a ka di dirisang go diragatsa polelo nngwe. E ne e kete o batla matlotlo! Lebokose la ditlhako le lente e khibidu di ne tsa nna ntlo ya ga Rahabe e e nang le mogala o o bohibidu jo bo letlhololo. Noga ya setshamekisi e e boleele jwa metara o le mongwe le halofo e e neng e tshopagantswe mo koteng ya lofeelo e ne ya nna noga ya kopore e e mo go Dipalo 21:4-9. Re ne ra baya didirisiwa tseo tsa terama mo kgetsing e kgolo ya seile. Re ne re itumela ka gonne morwadiarona o ne a rata go nna mo phaposing ya bonno a bo a phuruphutsa ‘kgetsi ya gagwe ya dipolelo tsa Baebele.’ A bo go ne go itumedisa jang ne go bona a diragatsa dipolelo ka tselanyana ya gagwe!”

Go godisa bana ke kgetsi e tona ya tiro, mme gore o tsenye lorato lwa go direla Jehofa mo go bone ga se sengwe se o ka se dirang gangwe fela mo bekeng. Mme gone, kobamelo ya lelapa le thuto ya Baebele e ka nna motheo wa dithuto dingwe tsa semoya. Ga go pelaelo gore seno ga se matsapa a bophiri fela!