Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Amogelwa ke Modimo go Isa Botshelong Jo bo Sa Khutleng

Go Amogelwa ke Modimo go Isa Botshelong Jo bo Sa Khutleng

Go Amogelwa ke Modimo go Isa Botshelong Jo bo Sa Khutleng

“Wena ka bowena Jehofa, o tla segofatsa ope fela yo o siameng, o tla ba dikanyetsa ka kamogelo, jaaka e kete ke ka thebe e kgolo.”—PES. 5:12.

1, 2. Elija o ne a kopa eng mo motlholagading wa kwa Sarepate mme Elija o ne a mo tlhomamisetsa eng?

MOSADI le morwawe ba ne ba tshwerwe ke tlala mme go ne go ntse jalo le ka moporofeti wa Modimo. Fa motlholagadi yono wa kwa Sarepate a ne a ipaakanyetsa go gotsa molelo gore a apeye, moporofeti Elija o ne a mo kopa metsi le senkgwe. O ne a iketleeditse go mo siela metsi, le fa go ntse jalo, dijonyana tse a neng a na le tsone e ne e le “fela bupi jo bo lekanang seatla mo nkgong e kgolo le leokwane le lennye mo nkgong e nnye.” O ne a lemoga gore ga a na dijo tse di lekaneng gore a ka naya moporofeti yoo mme o ne a mmolelela gore ga a ka ke a kgona.—1 Dikg. 17:8-12.

2 Elija o ne a mo emelela a re: “Ntirela kuku e kgolokwe pele ka se se leng teng foo, mme o e ntlisetse, mme o ka nna wa direla wena le morwao sengwe morago ga moo. Gonne Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Nkgo e kgolo ya bupi ga e na go kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e na go kgaritlhega.’”—1 Dikg. 17:13, 14.

3. Ke tshwetso efe ya botlhokwa e re tshwanelwang ke go e dira?

3 Motlholagadi yono o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso e e botlhokwa go feta fela go naya moporofeti dijonyana tsa bofelo tse di neng di setse. A o ne a tla ikanya gore Jehofa o tla mmoloka ene le morwawe kgotsa a o ne a tla baya dilo tse a di tlhokang kwa pele ga go amogelwa ke Modimo le go nna le botsalano le ene? Le rona re tshwanelwa ke go dira tshwetso e e tshwanang. A re tla bontsha gore re batla go amogelwa ke Jehofa go feta go batla dikhumo? Re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya Modimo le go mo direla. Mme go na le dilo dingwe tse re ka di dirang fa re batla gore Modimo a re amogele.

‘O Tshwanelwa ke go Obamelwa’

4. Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo obamele?

4 Jehofa o na le tshwanelo ya go lebelela gore batho ba mo direle ka tsela e a e ratang. Setlhopha sa batlhanka ba gagwe ba kwa legodimong se ne sa tlhomamisa seo fa se ne se bua jaana ka lentswe le le lengwe: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” (Tshen. 4:11) Jehofa o tshwanelwa ke gore re mo obamele ka gonne ke ene a bopileng dilo tsotlhe.

5. Ke eng fa lorato lwa Modimo lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go mo direla?

5 Lebaka le lengwe la go direla Jehofa ke gore o re rata ka lorato lo logolo lo go seng ope yo o ka re ratang ka lone. Baebele ya re: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” (Gen. 1:27) Motho o kgona go itirela ditshwetso e bile o na le tshiamelo le boikarabelo jwa go itlhophela gore a o batla go direla Modimo kgotsa nnyaa. Jehofa o ne a nna Rre wa batho botlhe fa a ne a re naya botshelo. (Luke 3:38) Fela jaaka rre yo o molemo, o dirile sengwe le sengwe go naya bomorwawe le bomorwadie se ba se tlhokang gore ba itumelele botshelo. O re ‘tlhabisetsa letsatsi’ le go re ‘nesetsa pula’ gore Lefatshe le re ntshetse dijo tse dintsi mo tikologong e ntle.—Math. 5:45.

6, 7. (a) Adame o tliseditse ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe tshenyo efe? (b) Ke eng se setlhabelo sa ga Keresete se tla se direlang botlhe ba ba batlang go amogelwa ke Modimo?

6 Gape Jehofa o re golotse mo ditlamoragong tse di botlhoko tsa boleo. Fa Adame a ne a leofa, o ne a nna jaaka motho yo o betšhang, yo o utswang madi a lelapa la gagwe gore a bone madi a go betšha. Fa a ne a tsuologela Jehofa, o ne a utswa tsholofelo ya bana ba gagwe—boitumelo jo bo nnelang ruri. Bopelotshetlha jwa gagwe bo dirile gore batho e nne batlhanka ba mong yo o setlhogo, e leng bosaitekanelang. Ka jalo, batho botlhe ba a lwala, ba a hutsafala mme kgabagare ba a swa. Gore motlhanka a gololwe, go tlhokega tuelo mme Jehofa o ile a duela tlhwatlhwa go re golola mo ditlamoragong tse di botlhoko. (Bala Baroma 5:21.) Jesu Keresete o ne a dira go dumalana le thato ya ga Rraagwe ka go “ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) Go ise go ye kae, ba ba amogelwang ke Modimo ba tla bona melemo ya tuelo eo ya thekololo ka botlalo.

7 Mmopi wa rona e bong Jehofa o dirile se se fetang se ope a neng a ka se dira, go re naya botshelo jo bo itumedisang le jo bo nang le bokao. Fa Modimo a re amogela, re tla kgona go bona kafa a dirang ka gone go dirolola tshenyo yotlhe e batho ba e diretsweng. Jehofa o tla tswelela go bontsha mongwe le mongwe wa rona kafa a nnang “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo” ka gone.—Baheb. 11:6.

“Batho ba Gago ba Tla Ithaopa ka go Rata”

8. Maitemogelo a ga Isaia a re ruta eng ka go direla Modimo?

8 Gore re kgone go bona kamogelo ya Modimo, re tshwanetse go dirisa sentle kgololesego ya rona ya go itirela ditshwetso. Lebaka la seno ke ka gonne Jehofa ga a pateletse ope go mo direla. Mo motlheng wa ga Isaia, Jehofa o ne a botsa jaana: “Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?” Jehofa o ne a bontsha go tlotla moporofeti yono ka go mo naya tshwanelo ya go itlhophela. Akanya ka kgotsofalo e Isaia a neng a na le yone fa a ne a re: “Ke fano! Roma nna.”—Isa. 6:8.

9, 10. (a) Re tshwanetse go direla Modimo ka maikutlo afe? (b) Ke eng fa go tshwanela gore re direle Modimo ka pelo yotlhe?

9 Batho ba na le kgololesego ya go direla Modimo kgotsa ya go se mo direle. Jehofa o batla re mo direla ka go rata. (Bala Joshua 24:15.) Modimo ga a kitla a itumelela ope fela yo o ganang go mo obamela; e bile ga a amogele boineelo jwa ba ba mo obamelang ba batla fela go kgatlha batho ba bangwe. (Bakol. 3:22) Fa re “okaoka” go dira tirelo e e boitshepo ka go letla dilo tsa lefatshe gore di kgoreletse kobamelo ya rona, seo se tla dira gore Modimo a se ka a re amogela. (Ekes. 22:29) Jehofa o a itse gore go mo direla ka pelo yotlhe go tla re solegela molemo. Moshe o ne a rotloetsa Baiseraele gore ba tlhophe botshelo “ka go rata Jehofa Modimo wa [bone], ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.”—Dute. 30:19, 20.

10 Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo o ne a opelela Jehofa jaana: “Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole. Mo bontlentleng jwa boitshepo, go tswa mo sebopelong sa bosa, o na le setlhopha sa gago sa makau fela jaaka marothodi a monyo.” (Pes. 110:3) Batho ba le bantsi gompieno ba tshelela dikhumo le menate. Le fa go ntse jalo, mo go ba ba ratang Jehofa, tirelo ya bone e e boitshepo e tla pele ga dilo tse dingwe tsotlhe. Tlhagafalo e ba rerang dikgang tse di molemo ka yone e supa gore ke eng se se tlang pele mo matshelong a bone. Ba na le tsholofelo e e tletseng ya gore Jehofa o tla ba naya se ba se tlhokang letsatsi le letsatsi.—Math. 6:33, 34.

Ditlhabelo Tse Modimo a di Amogelang

11. Baiseraele ba ne ba lebeletse gore ba tla solegelwa molemo jang fa ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo?

11 Mo kgolaganong ya Molao, batho ba Modimo ba ne ba ntsha ditlhabelo tse di amogelesegang gore a ba amogele. Lefitiko 19:5 ya re: “Jaanong fa go direga gore lo ntshetse Jehofa setlhabelo sa kabalano, lo se ntshetse go iponela kamogelo.” Mo go yone buka eo, re bala jaana: “Fa go direga gore lo ntshetse Jehofa setlhabelo sa go ntsha ditebogo, lo se ntshe gore lo iponele kamogelo.” (Lefi. 22:29) Fa Baiseraele ba ne ba ntsha ditlhabelo tse di tshwanetseng tsa diphologolo mo sebesong sa ga Jehofa, mosi o o neng o kua o ne o tshwana le “lonko lo lo ritibatsang” lo lo yang kwa Modimong wa boammaaruri. (Lefi. 1:9, 13) Modimo o ne a ikutlwa a ritibetse e bile a lapologetswe fa batho ba gagwe ba ne ba mmontsha lorato ka ditsela tseo. (Gen. 8:21) Mo dikarolong tseno tsa Molao, re bona molaomotheo o o sa ntseng o dira le gompieno. Jehofa o amogela batho ba ba mo ntshetsang ditlhabelo tse di amogelesegang. Ke ditlhabelo dife tse a di amogelang? Akanya ka dikarolo tse pedi tsa botshelo: boitsholo le puo ya rona.

12. Ke ditiro dife tse di ka dirang gore ‘go isa mebele ya rona setlhabelo’ go kgopise Modimo?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwaletse Baroma: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Bar. 12:1) Gore motho a amogelwe ke Modimo o tshwanetse go boloka mmele wa gagwe o amogelesega mo Modimong. Fa motho a ne a ka iteswafatsa ka motsoko, betel nut, diokobatsi tse di seng kafa molaong kgotsa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, setlhabelo sa gagwe se ne se ka se nne le boleng. (2 Bakor. 7:1) Mo godimo ga moo, e re ka motho yo o “dirang kgokafalo [a] leofela mmele wa gagwe,” boitsholo bope fela jo bo sa siamang jo a bo dirang bo dira gore setlhabelo sa gagwe se kgopise Jehofa. (1 Bakor. 6:18) Gore motho a itumedise Modimo o tshwanetse go ‘nna boitshepo mo boitshwarong jotlhe.’—1 Pet. 1:14-16.

13. Ke eng fa go tshwanela gore re bake Jehofa?

13 Setlhabelo se sengwe se Jehofa a se itumelelang se amana le tsela ya rona ya go bua. Batho ba ba ratang Jehofa ga ba a bolo go nna ba bua bontle ka ene fa ba na le batho ba bangwe le fa ba le nosi kwa magaeng a bone. (Bala Pesalema 34:1-3.) Bala Dipesalema 148-150 mme o ele tlhoko makgetlho a dipesalema tseno tse tharo di re kgothaletsang gore re bake Jehofa ka one. E le ruri, “pako e a tshwanela mo go ba ba thokgameng.” (Pes. 33:1) Mme Motlhomasekao wa rona, Jesu Keresete o ne a gatelela botlhokwa jwa go baka Modimo ka go rera dikgang tse di molemo.—Luke 4:18, 43, 44.

14, 15. Hosea o ne a rotloetsa Baiseraele gore ba ntshe ditlhabelo tsa mofuta ofe mme Jehofa o ne a ikutlwa jang ka bone?

14 Fa re rera ka tlhoafalo, re supa gore re rata Jehofa e bile re eletsa gore a re amogele. Ka sekai, akanya kafa moporofeti Hosea a neng a tlhagisa ka gone Baiseraele ba ba neng ba simolotse kobamelo ya maaka mme ba sa tlhole ba amogelwa ke Modimo. (Hos. 13:1-3) Hosea o ne a ba raya a re ba kope Jehofa jaana: “E kete o ka itshwarela tlolo; mme o amogele se se molemo, mme le rona re tla go isetsa dipowana tsa dipounama tsa rona.”—Hos. 14:1, 2.

15 Poo e ne e le phologolo ya tlhwatlhwa e e kwa godimo go di gaisa tsotlhe e Moiseraele a neng a ka e ntshetsa Jehofa. Ka jalo, polelwana “dipowana tsa dipounama tsa rona” e ne e raya mafoko a a tswang pelong a a akanyeditsweng sentle a a neng a buiwa go baka Modimo wa boammaaruri. Jehofa o ne a ikutlwa jang ka ba ba neng ba ntsha ditlhabelo tse di ntseng jalo? O ne a re: “Ke tla ba rata ka go rata ga me.” (Hos. 14:4) Jehofa o ne a itshwarela ba ba neng ba mo ntshetsa ditlhabelo tse di ntseng jalo tsa pako, a ba amogela mme e nna tsala ya bone.

16, 17. Fa tumelo mo Modimong e tlhotlheletsa motho go rera dikgang tse di molemo, Jehofa o ikutlwa jang ka pako ya motho yoo?

16 Kobamelo ya boammaaruri ga e a bolo go itsege ka go baka Jehofa phatlalatsa. Go galaletsa Modimo wa boammaaruri go ne go le botlhokwa thata mo go mopesalema mo a neng a kopa Modimo jaana: “Tsweetswee ipelele ditshupelo tse ke di dirang ka go rata tsa molomo wa me, tlhe Jehofa.” (Pes. 119:108) Go tweng ka gompieno? Isaia o ne a porofeta jaana fa a ne a bua ka boidiidi jwa batho ba mo motlheng wa rona: “Mme di tla itsise dipako tsa ga Jehofa. . . . [dimpho tsa bone] di tla tla mo sebesong sa [Modimo wa me] ka kamogelo.” (Isa. 60:6, 7) Dimilionemilione tsa batho di diragatsa boporofeti jono ka go ntshetsa Modimo “setlhabelo . . . sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.”—Baheb. 13:15.

17 Go tweng ka wena? A o ntshetsa Modimo ditlhabelo tse di amogelesegang? Fa go sa nna jalo, a o tla dira diphetogo tse di tlhokegang mme o simolole go baka Jehofa phatlalatsa? Fa tumelo e go tlhotlheletsa gore o simolole go rera dikgang tse di molemo, setlhabelo sa gago “se tla itumedisa Jehofa go feta poo.” (Bala Pesalema 69:30, 31.) Tlhomamisega gore “lonko lo lo ritibatsang” lwa setlhabelo sa gago sa pako lo tla fitlha kwa go Jehofa mme o tla go amogela. (Esek. 20:41) Boipelo jo o tla nnang le jone bo ka se lekanngwe le sepe.

‘Jehofa ka Boene o Tla Segofatsa Ope Fela yo o Siameng’

18, 19. (a) Gompieno batho ba le bantsi ba leba jang go direla Modimo? (b) Go latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo go felela ka eng?

18 Gompieno batho ba le bantsi ba ikutlwa jaaka batho bangwe ba motlha wa ga Malaki, ba re: “Ke lefelafela go direla Modimo, go re thusa eng fa re tshegeditse ditaelo tsa one.” (Mal. 3:14, Baebele ya Tswana Central) E re ka ba tlhotlhelediwa ke go rata dikhumo, ba leba boikaelelo jwa Modimo e le sengwe se se sa kgonegeng le melao ya gagwe e sa tlhole e le mosola. Mo go bone, go rera dikgang tse di molemo ke tshenyo ya nako le sengwe se se tenang.

19 Boikutlo jo bo ntseng jalo bo sa le bo simologa bogologolo kwa tshimong ya Edene. Satane ke ene a neng a tlhotlheletsa Efa gore a itlhokomolose bokao jwa mmatota jwa botshelo jo bo itumedisang jo Jehofa a neng a mo neile jone mme a latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo. Gompieno Satane o nna a leka go tlhotlheletsa batho gore ba dumele gore ba ka se solegelwe molemo fa ba dira thato ya Modimo. Le fa go ntse jalo, Efa le monna wa gagwe ba ne ba lemoga gore go latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo go ne go kaya go latlhegelwa ke botshelo jwa bone. Ba ba latelang sekao sa bone se se bosula, le bone ba tla di gama ba sa di tlhapela.—Gen. 3:1-7, 17-19.

20, 21. (a) Motlholagadi wa kwa Sarepate o ne a dira eng mme matswela e ne ya nna afe? (b) Re ka etsa motlholagadi yono jang mme ka ntlha yang?

20 Bapisa ditlamorago tse di sa itumediseng tse Adame le Efa ba neng ba lebana le tsone le matswela a ditiragalo tse di umakilweng pelenyana ka ga Elija le motlholagadi wa kwa Sarepate. Morago ga go utlwa mafoko a ga Elija a a kgothatsang, mosadi yono o ne a simolola go baka senkgwe mme a se tsholela moporofeti pele, le fa a ne a saletswe ke thathana ya bofelo. Go tswa foo Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso e a neng a e buile a dirisa Elija. Pego eno ya re: “A tswelela go ja, mosadi mmogo le ene le ba ntlo ya gagwe, malatsi a le mantsi. Nkgo e kgolo ya bupi ga e a ka ya kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e a ka ya kgaritlhega, go ya ka lefoko la ga Jehofa le a neng a le buile ka Elija.”—1 Dikg. 17:15, 16.

21 Motlholagadi wa kwa Sarepate o ne a dira sengwe se batho ba le mmalwa mo go ba le dimilionemilione ba ba tshelang gompieno ba iketleeleditseng go se dira. O ne a ikanya Modimo wa poloko ka botlalo mme Modimo ga a ka a mo phuaganya. Pego eno mmogo le tse dingwe tse di mo Baebeleng di tlhomamisa gore Jehofa o tshwanelwa ke gore re mo ikanye. (Bala Joshua 21:43-45; 23:14.) Matshelo a Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ke bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Modimo ga a kitla a latlha ba a ba amogelang.—Pes. 34:6, 7, 17-19. *

22. Ke eng fa go potlakile gore re batle kamogelo ya Modimo ka bonako?

22 Letsatsi la Modimo la katlholo le ‘le tla tlelang botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe’ le gaufi thata. (Luke 21:34, 35) Ga go tsela e re ka le tshabelang ka yone. Dikhumo le dithoto ga di ka ke tsa nna botlhokwa go feta go utlwa Moatlhodi wa Modimo a re: “Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng.” (Math. 25:34) Ee, ‘Jehofa ka boene o tla segofatsa ope fela yo o siameng; o tla ba dikanyetsa ka kamogelo, jaaka e kete ke ka thebe e kgolo.’ (Pes. 5:12) Ruri re tshwanetse go batla kamogelo ya Modimo!

[Ntlha e e kwa tlase]

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke kobamelo ya rona e e tswang pelong?

• Jehofa o amogela ditlhabelo dife gompieno?

• Polelwana “dipowana tsa dipounama tsa rona” e kaya eng mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go di isetsa Jehofa?

• Ke eng fa re tshwanetse go senka kamogelo ya Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Moporofeti wa Modimo o ne a kopa mmè yo o humanegileng, yo o tshwerweng ke tlala go dira tshwetso efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fa re isetsa Jehofa setlhabelo sa pako, re tla solegelwa molemo jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa o ikanya Jehofa ka botlalo, ga a kitla a go swabisa